Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri ga bo Tlise “Kagiso” Mme bo Tlisa “Tšhaka”

Boammaaruri ga bo Tlise “Kagiso” Mme bo Tlisa “Tšhaka”

“Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng; ke tlile go tlisa, e seng kagiso, mme tšhaka.”—MATH. 10:34.

PINA: 125, 135

1, 2. (a) Re ka itumelela kagiso efe gone jaanong? (b) Ke eng se se re thibelang go nna le kagiso e e feletseng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

ROTLHE re batla go tshela ka kagiso re sa tlhobaele ka sepe. Ruri re leboga go bo Jehofa a re naya “kagiso ya Modimo” e e re thusang gore re se ka ra nna le dikakanyo tse di tlhobaetsang! (Bafil. 4:6, 7) E re ka re ineetse mo go Jehofa, re itumelela “kagiso le Modimo” e e kayang go nna le kamano e e molemo le ene.—Bar. 5:1.

2 Le fa go ntse jalo, nako ya gore Modimo a tlise kagiso e e feletseng ga e ise e tle. Mo metlheng eno ya bofelo, go tletse dintwa e bile batho ba na le mekgwa e e maswe. (2 Tim. 3:1-4) Ka jalo, re tshwanetse go lwa le Satane le dithuto tsa maaka tse a di rutang batho. (2 Bakor. 10:4, 5) Le fa go ntse jalo, selo se gantsi se ka senyang kagiso ya rona ke go ganediwa ke ba masika a rona ba e seng Basupi. Bangwe ba ka nna ba bua dilo tse di sa siamang ka se re se dumelang, ba re latofatsa ka go kgaoganya malapa kgotsa ba re bolelela gore ba tla re itatola fa re sa tlogele bodumedi jwa rona. Re tshwanetse go ikutlwa jang fa re ganediwa ke ba masika? Re ka lebana jang le dikgwetlho tsa bothata jono?

 FA RE GANEDIWA KE BA MASIKA

3, 4. (a) Dithuto tsa ga Jesu di baka eng? (b) Ke leng go neng go tla nna thata go nna molatedi wa ga Jesu?

3 Jesu o ne a itse gore dithuto tsa gagwe di ne di tla kgaoganya batho le gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlhoka go nna pelokgale fa ba ganediwa ke batho ba bangwe. Kganetso eno e ka dira gore go se ka ga nna le kagiso fa gare ga ba masika. Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng; ke tlile go tlisa, e seng kagiso, mme tšhaka. Gonne ke tlile go baka kgaogano, monna kgatlhanong le rraagwe, le morwadi kgatlhanong le mmaagwe, le mosadi yo mmotlana kgatlhanong le matsalaagwe. Eleruri, baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.”—Math. 10:34-36.

4 Fa Jesu a ne a re, “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go tlisa kagiso,” o ne a raya gore bangwe ba bareetsi ba gagwe ba ne ba tlhoka go akanya ka dilo tse di neng di tla ba diragalela fa ba tlhopha go nna balatedi ba gagwe. Molaetsa wa gagwe o ne o ka kgaoganya batho. Gone maikaelelo a ga Jesu e ne e le go bolelela batho molaetsa wa Modimo e seng go tsosa dikgotlhang mo malapeng kgotsa mo ditsaleng. (Joh. 18:37) Le fa go ntse jalo, go nna molatedi yo o ikanyegang wa ga Keresete go ne go tla nna thata fa e le gore motho o ganediwa ke ditsala kgotsa ba lelapa la gagwe.

5. Balatedi ba ga Jesu ba diragaletswe ke eng?

5 Jesu o ne a tlhalosa gore go ganediwa ke ba masika e ne e tla nna karolo ya pogiso e balatedi ba gagwe ba neng ba tla tlhoka go e itshokela. (Math. 10:38) E re ka balatedi ba gagwe ba ne ba batla go itshupa ba ikanyega, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela go sotlwa ka mafoko kgotsa go itatolwa ke ba malapa a bone. Le fa go ntse jalo, ba nnile le masego a a fetang dilo tsotlhe tse di ba latlhegetseng.—Bala Mareko 10:29, 30.

6. Re tshwanetse go gopola eng fa ba malapa a rona ba sa batle gore re obamele Jehofa?

6 Re tshwanetse go tswelela re rata ba masika a rona le fa gone ba sa batle gore re obamele Jehofa, le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore go rata Modimo le Keresete go tshwanetse ga tla pele. (Math. 10:37) Mme gape re tlhoka go gopola gore Satane o tla dira gore tsela e re ratang ba malapa a rona ka yone e dire gore re se tlhole re ikanyega. Mma re tlotle ka maemo mangwe a a amanang le go ganediwa ke ba malapa a rona mme re bone gore re ka lebana le bothata jono jang.

MOLEKANE WA LENYALO YO E SENG MOSUPI

7. Batho ba ba nang le balekane ba e seng Basupi ba tshwanetse go ikutlwa jang ka balekane ba bone?

7 Baebele e tlhalosa gore banyalani ba “tla nna le pitlagano mo nameng.” (1 Bakor. 7:28) Fa e le gore o na le molekane yo e seng Mosupi, o ka tlhobaela le go tshwenyega mo maikutlong go feta banyalani ba bangwe. Mme gone, go botlhokwa gore o lebe boemo jwa gago jaaka Jehofa a bo leba. Kgang ya gore molekane wa gago ga a batle go nna molatedi wa ga Keresete ga se lebaka la gore o kgaogane le ene kgotsa o mo tlhale. (1 Bakor. 7:12-16) Le fa gone monna yo e seng Mosupi a sa etelele pele mo dilong tsa kobamelo, o tshwanetse go newa tlotlo ka gonne ke ene tlhogo ya lelapa. Ka tsela e e tshwanang, mosadi yo e seng Mosupi o tshwanetse go ratwa le go tlhokomelwa ke monna wa gagwe yo e leng Mosupi.—Baef. 5:22, 23, 28, 29.

8. O ka ipotsa dipotso dife fa molekane wa gago a leka go go thibela go dira ditiro dingwe tsa kobamelo?

8 Gotweng fa molekane wa gago a go thibela go dira ditiro dingwe tsa kobamelo? Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a bolelelwa ke monna wa gagwe gore a ye bodireding ka malatsi a a rileng mo bekeng. Fa o lebane le boemo jo bo tshwanang, ipotse jaana: ‘A molekane wa me o batla gore ke tlogele go obamela Jehofa? Fa go sa nna jalo, a nka dira se a se batlang?’ Go nna tekatekano go ka go thusa go tila dikgogakgogano tse di sa tlhokegeng.—Bafil. 4:5.

9. Bakeresete ba ka ruta jang bana ba bone gore ba tlotle motsadi wa bone yo e seng Mosupi?

 9 Go ruta bana e ka nna kgwetlho tota fa o na le molekane yo e seng Mosupi. Ka sekai, o tshwanetse go ruta bana ba gago gore ba ikobele taelo eno ya Baebele: “Tlotla rrago le mmago.” (Baef. 6:1-3) Mme gotweng fa molekane wa gago a sa ikobele melao ya Baebele? Tlhoma sekao se se molemo ka go tlotla molekane wa gago. Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa gagwe mme o mmontshe gore o lebogela dilo tse di molemo tse a go direlang tsone. O se ka wa mmua maswe fa pele ga bana ba lona. Go na le moo, tlhalosetsa bana ba gago gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhophela gore a o tla direla Jehofa kana jang. Tsela e ntle e bana ba itshwarang ka yone e ka dira gore molekane yo e seng Mosupi a kgatlhegele boammaaruri.

Ruta bana ba gago Baebele fa o nna le tshono ya go dira jalo (Bona serapa 10)

10. Batho ba ba nang le balekane ba e seng Basupi ba ka ruta bana ba bone boammaaruri jang?

10 Ka dinako dingwe, molekane yo e seng Mosupi a ka pateletsa molekane wa gagwe gore a letle bana ba bone gore ba keteke meletlo ya boheitane kgotsa gore ba rutwe dithuto tsa maaka tsa bodumedi. Banna bangwe ba ka nna ba thibela basadi ba bone ba Basupi gore ba se ka ba ruta bana ba bone Baebele. Le fa go ntse jalo, mosadi wa Mokeresete o dira se a ka se kgonang gore a rute bana ba gagwe dithuto tsa boammaaruri. (Dit. 16:1; 2 Tim. 3:14, 15) Ka sekai, monna yo e seng Mosupi a ka nna a thibela mosadi wa gagwe gore a ithute Baebele le bana ba bone ba bannye kgotsa gore a tsamaye le bone go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa gone a tlotla ditshwetso tsa gagwe, o sa ntse a ka bolelela bana ba gagwe ka dilo tse a di dumelang fa a nna le tshono ya go dira jalo, mme seno  se tla dira gore a kgone go ba thusa gore ba itshware sentle le gore ba itse ka Jehofa. (Dit. 4:19, 20) Mme gone, bana ba gagwe ba tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso ya gore a ba tla direla Jehofa kgotsa jang.—Dute. 30:19, 20. *

FA BA MASIKA BA GANETSA KOBAMELO YA BOAMMAARURI

11. Ke eng se se ka dirang gore o se ka wa utlwana le ba losika ba e seng Basupi?

11 Kwa tshimologong re ka nna ra bo re sa bolelela ba malapa a rona gore re ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa tumelo ya rona e ntse e nonofa, re ne ra lemoga gore go botlhokwa gore re bolelele mongwe le mongwe ka se re se dumelang. (Mar. 8:38) Fa e le gore kgang eno e dirile gore o se ka wa tlhola o utlwana le ba losika ba e seng Basupi, akanya ka dilo tse o ka di dirang gore o fokotse dikgotlhang le gore o nne o ikanyega.

12. Ke eng fa ba losika ba e seng Basupi ba ka re ganetsa, mme re ka bontsha jang gore re a ba akanyetsa?

12 Akanyetsa ba losika ba e seng Basupi. Le fa gone re itumeletse dilo tse re di ithutileng mo Baebeleng, ba masika a rona ba ka nna ba akanya gore gongwe re tsieditswe kgotsa re karolo ya setlhopha sa bodumedi jo bo sa siamang. Ba ka nna ba tsaya gore ga re sa tlhole re ba rata ka gonne ga re keteke malatsi a boikhutso le bone. Ba ka nna ba bo ba ipotsa gore a mme re tla tshela sentle. Re tshwanetse go ba akanyetsa ka go leka go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang le ka go ba reetsa fa ba re bolelela gore ba tshwenyegile ka eng. (Dia. 20:5) Moaposetoloi Paulo o ne a leka go tlhaloganya ‘batho ba mefuta yotlhe’ gore a tle a kgone go ba rerela dikgang tse di molemo, mme fa le rona re dira se se tshwanang re ka nna le diphelelo tse di molemo.—1 Bakor. 9:19-23.

13. Re tshwanetse go bua jang le ba masika ba e seng Basupi?

13 Bua ka bonolo. Baebele ya re: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.” (Bakol. 4:6) Re ka kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo gore re kgone go nna bonolo fa re bua le ba masika a rona. Ga re a tshwanela go ngangisana le bone ka dithuto tsa bone tsa maaka. Fa ba re utlwisa botlhoko ka se ba se buang kgotsa se ba se dirang, re ka etsa sekao sa baaposetoloi. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa re gobololwa, re a segofatsa; fa re bogisiwa, re a itshoka; fa re senngwa leina, re a rapela [kgotsa re araba ka bonolo].”—1 Bakor. 4:12, 13.

14. Go nna le diphelelo dife tse di molemo fa re nna re itshwere sentle?

14 Tswelela o itshwere sentle. Le fa gone go nna bonolo go ka re thusa go dirisana sentle le ba masika ba e seng Basupi, fa re itshwara sentle, seo se ka thusa le go feta. (Bala 1 Petere 3:1, 2, 16.) Tshela ka tsela e e tla dirang gore ba masika a gago ba lemoge gore Basupi ba ga Jehofa ba na le malapa a a itumetseng, ba tlhokomela bana ba bone, ba phepa e bile ba itshwere sentle. Le fa ba masika a rona ba e seng Basupi ba ka se amogele boammaaruri, re ka itumelela go itse gore re itumedisa Jehofa ka boikanyegi jwa rona.

15. Re ka ipaakanyetsa jang maemo a a ka dirang gore go nne le dikgogakgogano?

15 Rulaganya dilo go sa le gale. Akanya ka dilo tse di ka bakang dikgogakgogano mme o leke go bona gore o ka di rarabolola jang. (Dia. 12:16, 23) Kgaitsadi mongwe wa kwa Australia a re: “Rratsale o ne a sa rate boammaaruri. Pele ga nna le monna wa me re mo founela, re ne re kopa Jehofa gore a re thuse gore re se ka ra ipusolosetsa fa a bua le rona ka bogale. Re ne re akanya ka dilo tse re ka tlotlang ka tsone gore re se ka ra feleletsa re ngangisana. Re ne re lekanyetsa loeto lwa rona gore re se ka ra  nna le metlotlo e meleele e e tla dirang gore re ngangisane ka bodumedi.”

16. O ka dira eng gore o se ka wa ikutlwa molato fa go tsoga dikgotlhang fa gare ga gago le ba losika?

16 Gone o ka se lebelele gore o tile gotlhelele go nna le dikgotlhang le ba masika ba e seng Basupi. Tota e bile, dikgotlhang tseno di ka dira gore o ikutlwe molato segolobogolo ka gonne o rata ba masika a gago fela thata e bile ga o bolo go leka go ba itumedisa. Fa o ikutlwa jalo, dira gore go ikanyega mo go Jehofa go nne botlhokwa go feta go rata ba lelapa la gago. Go dira jalo go ka thusa ba masika a gago go bona gore go dirisa melaometheo ya Baebele ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Gopola gore o ka se pateletse ope go amogela boammaaruri. Thusa ba lelapa la gago go bona gore go ikobela melao ya ga Jehofa go mosola. Modimo wa rona yo o lorato o ba naya tshono ya go itlhophela gore ba tla dira eng.—Isa. 48:17, 18.

FA MONGWE MO LELAPENG A TLOGELA JEHOFA

17, 18. Ke eng se se ka go thusang go itshoka fa mongwe mo lelapeng a tlogela Jehofa?

17 Fa mongwe mo lelapeng a tlositswe kgotsa a tlogela phuthego, go ka utlwala e kete o tlhabiwa ka lerumo mo pelong. O ka itshokela jang botlhoko jono?

18 Nna le thulaganyo ya letsatsi le letsatsi ya go nonotsha tumelo ya gago. Nonotsha tumelo ya gago ka go bala Baebele ka metlha, go baakanyetsa dipokano le go nna gone kwa go tsone, go ya bodireding le go rapelela nonofo ya gore o kgone go itshoka. (Jude 20, 21) Gotweng fa o akanya gore thulaganyo e o nang le yone ya go inonotsha tumelo ke seomodiro fela ka gonne o sa ntse o utlwile botlhoko? O se ka wa ineela! Go nna le thulaganyo e e molemo go ka go thusa gore o laole dikakanyo le maikutlo a gago. Akanya ka maitemogelo a mokwadi wa Pesalema 73. O ne a simolotse go leba dilo ka tsela e e sa siamang e bile o ne a ngomogile pelo, le fa go ntse jalo, o ne a kgona go baakanya tsela e a akanyang ka yone fa a tsena kwa lefelong la Modimo la kobamelo. (Pes. 73:16, 17) Fa o direla Jehofa ka boikanyegi, o ka kgona go dira se se tshwanang.

19. O ka bontsha jang gore o tlotla thulaganyo ya ga Jehofa ya kotlhao?

19 Tlotla kotlhao ya ga Jehofa. Thulaganyo ya ga Jehofa e ka solegela batho botlhe molemo go akaretsa le motho yo o dirileng phoso, le fa gone seo se ka mo utlwisa botlhoko kwa tshimologong. (Bala Bahebera 12:11.) Ka sekai, Jehofa o re laela gore re “tlogele go ikopanya” le batho ba ba dirang diphoso mme ba gana go ikwatlhaya. (1 Bakor. 5:11-13) Le fa gone re utlwile botlhoko, re tshwanetse go tila go dirisana le motho yo o tlositsweng e ka ne e le ka founo, go mo romelela melaetsa, go mo kwalela makwalo kgotsa go ikgolaganya le ene ka Internet.

20. Re ka nna le tsholofelo efe?

20 Tswelela o na le tsholofelo. Lorato “lo solofela dilo tsotlhe,” seo se raya gore batho ba ba tlogetseng Jehofa ba ka boela kwa go ene. (1 Bakor. 13:7) Fa o lemoga gore mongwe mo lelapeng o simolola go dira diphetogo, o ka rapelela gore go ithuta Dikwalo go mo nonotshe le gore a tsibogele kopo eno e e lorato ya ga Jehofa: ‘Boela kwa go nna.’—Isa. 44:22.

21. Ke eng se o ka se dirang fa o ganediwa ke ba losika?

21 Jesu o ne a re fa re ka dira gore motho ope a nne botlhokwa go feta ene, ga re kitla re tshwanelegela go nna molatedi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhomamisegile gore barutwa ba gagwe ba tla nna le bopelokgale jo bo tla ba thusang gore ba tswelele ba ikanyega mo go ene le fa gone ba ganediwa ke ba losika. Fa e le gore go nna molatedi wa ga Jesu go dirile gore lelapa la lona lo kgaogane, ikaege ka Jehofa gore a go thuse go lebana le kgwetlho eno ka tsela e e molemo. (Isa. 41:10, 13) O ka itumelela go itse gore Jehofa le Jesu ba motlotlo ka wena le gore ba tla go segofatsa ka gonne o nna o ikanyega.

^ ser. 10 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go ruta bana ba ba mo lelapeng le go nang le motsadi mongwe yo e seng Mosupi, bala setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 2002.