Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo se Ka Lwa Lebala go Tshola Baeng”

“Lo se Ka Lwa Lebala go Tshola Baeng”

“Lo se ka lwa lebala go tshola baeng.”—BAHEB. 13:2.

PINA: 124, 79

1, 2. (a) Batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba lebana le dikgwetlho dife? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Moaposetoloi Paulo o ile a re gakolola gore re dire eng, mme seo se tsosa dipotso dife?

DINGWAGA di feta 30 tse di fetileng, Osei [1] o ne a ya kwa Yuropa a tswa kwa Ghana mme ka nako eo e ne e se Mosupi. A re: “Ke ne ka lemoga ka bonako gore batho ba ne ba sa nkgathalele. Gape go ne go le tsididi thata. Fa ke tswa kwa boemafofaneng, ke ne ke sitwa thata jaana mo ke neng ka lela.” Go ne ga feta ngwaga Osei a sa bone tiro ka gonne o ne a sa bue puo ya koo. E re ka a ne a le kgakala le ba lelapa la gaabo, o ne a gopotse kwa gae fela thata.

2 Fa o ka bo o le mo boemong jo bo tshwanang le joo, o ne o ka rata gore batho ba go tshware jang? A o ne o ka se rate go amogelwa ka lorato kwa Holong ya Bogosi, go sa kgathalesege gore o tswa kwa nageng efe? Tota e bile, Baebele e gakolola Bakeresete ba mmatota jaana: “Lo se ka lwa lebala go tshola baeng.” (Baheb. 13:2) A re sekasekeng dipotso tse di latelang:  Jehofa o leba jang batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe? Goreng re tlhoka go fetola tsela e re lebang batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ka yone? Mme re ka thusang jang batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe gore ba ikutlwe ba phuthologile mo phuthegong ya rona?

JEHOFA O LEBA BATHO BA DINAGA TSE DINGWE JANG?

3, 4. Go ya ka Ekesodo 23:9, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tshwara batswakwa jang mme ka ntlha yang?

3 Fa Jehofa a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto, o ne a ba naya melao e e neng e solegela batho ba e neng e se Baiseraele molemo. (Ekes. 12:38, 49; 22:21) E re ka gantsi batswakwa ba se na ditshiamelo, Jehofa o ne a ba naya ditshiamelo dingwe. Ka sekai, ba ne ba na le tshiamelo ya go ronopa mo masimong a batho ba bangwe.—Lefi. 19:9, 10.

4 Jehofa ga a ka a pateletsa Baiseraele go tshwara batswakwa sentle, go na le moo, o ne a ba kopa gore ba ba bontshe kutlwelobotlhoko. (Bala Ekesodo 23:9.) Ba ne ba itse gore go ntse jang go nna “moagi wa moeng.” Tota le pele Baegepeto ba dira Baiseraele makgoba, ba ne ba ba tlhaola ka ntlha ya bodumedi le lotso lwa bone. (Gen. 43:32; 46:34; Ekes. 1:11-14) Le fa Baiseraele ba kile ba tshela botlhoko e le batswakwa, Jehofa o ne a lebeletse gore ba tshware motswakwa jaaka ‘motho wa mo lefatsheng la bone.’—Lefi. 19:33, 34.

5. Ke eng se se tla re thusang go bontsha batho ba ditso tse dingwe kutlwelobotlhoko jaaka Jehofa?

5 Le gompieno Jehofa o sa ntse a amega ka batho ba ditso tse di farologaneng ba ba tlang mo dipokanong tsa rona. (Dute. 10:17-19; Mal. 3:5, 6) Fa re akanya ka dikgwetlho tse ba lebanang le tsone tse di jaaka go tlhaolwa le go ithuta puo e nngwe, re tla tlhotlheletsega go ba bontsha bopelonomi le kutlwelobotlhoko.—1 Pet. 3:8.

A RE TLHOKA GO FETOLA TSELA E RE LEBANG BATHO BA DINAGA TSE DINGWE KA YONE?

6, 7. Ke eng se se bontshang gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba kgona go fenya tlhaolele?

6 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kgona go fenya tlhaolele e Bajuda ba neng ba na le yone. Ka Pentekosete ya ngwaga wa 33, Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba bontsha Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba kwa dinageng tse dingwe bopelonomi. (Dit. 2:5, 44-47) Tsela e Bakeresete bao ba neng ba bontsha bopelonomi ka yone, e ne e bontsha gore ba itse gore “go tshola baeng” kgotsa go tshwara batswakwa ka bopelonomi go kaya eng.

7 Fa phuthego e ntse e gola, go ne ga tsoga kgang nngwe ya tlhaolele. Bakeresete ba ba buang Segerika ba ne ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba ne ba tlodisiwa matlho. (Dit. 6:1) Go rarabolola kgang eno, baaposetoloi ba ne ba tlhoma banna ba le supa gore ba tlhomamise gore ga go ope yo o tlodisiwang matlho. Ba ne ba tlhoma banna ba maina a bone e neng e le a Segerika, gongwe maikaelelo a bone e le go rarabolola tlhaolele e e ka tswang e ne e le teng mo Bakereseteng ba ba buang Segerika le ba ba buang Sehebera.—Dit. 6:2-6.

8, 9. (a) Ke eng se se ka bontshang gore re tlhaola batho ka lotso? (b) Ke boikutlo bofe jo re sa tshwanelang go nna le jone? (1 Pet. 1:22)

8 Rotlhe re tlhotlhelediwa ke setso sa rona. (Bar. 12:2) Tota e bile, re tlhola re utlwa baagelani, badirimmogo kgotsa batho ba re tsenang sekolo le bone ba bua dilo tse di bontshang gore ba tseela ba bangwe kwa tlase gongwe ka gonne e le ba morafe o mongwe, ba tswa kwa nageng e nngwe kgotsa ba godile ka tsela e e farologaneng le ya bone. A dilo tse batho bao ba di buang di dira gore le wena o batle go tlhaola ba bangwe? Re itshwara jang fa mongwe a bua dilo tse re sa di rateng  ka naga e re nnang mo go yone, gongwe a feteletsa dilo dingwe tse di dirwang mo setsong sa rona?

9 Nako nngwe moaposetoloi Petere o ne a tlhaola batho ba e seng Bajuda, mme fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go fetola tsela e a ba lebang ka yone. (Dit. 10:28, 34, 35; Bagal. 2:11-14) Fa re lemoga gore ga re rate batho bangwe ba ba tswang mo ditsong tse dingwe, re tshwanetse go leka ka natla go fenya maikutlo ao. (Bala 1 Petere 1:22.) Re tshwanetse go gopola gore rotlhe re baleofi go sa kgathalasege gore re tswa kwa nageng efe. (Bar. 3:9, 10, 21-24) Ka jalo, ga re na lebaka la go akanya gore re botoka go na le batho ba bangwe. (1 Bakor. 4:7) Re tshwanetse go ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a gakolola Bakeresete ba ba tloditsweng gore ‘ga e tlhole e le batswakwa le baagi ba baeng, mme ke . . . maloko a ba ntlo ya Modimo.’ (Baef. 2:19) Go dira maiteko a go fetola tsela e re lebang batho ba ba sa tshwaneng le rona ka yone, go tla re thusa go apara botho jo bosha.—Bakol. 3:10, 11.

BONTSHA BATHO BA DINAGA TSE DINGWE BOPELONOMI

10, 11. Tsela e Boase a neng a dirisana le Ruthe ka yone e bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ditso tse dingwe?

10 Tsela e Boase a neng a dirisana le Ruthe wa Momoabe ka yone e bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ditso tse dingwe. Fa Boase a ne a tla go tlhola masimo a gagwe ka nako ya thobo, o ne a bona mosadi yo o dirang ka natla wa lotso lo longwe a ronopa kwa morago ga barobi. Fa Boase a sena go utlwa gore Ruthe o ne a kopile tetla ya go ronopa le fa gone a ne a na le tshwanelo ya go dira jalo, o ne a mmontsha bopelotshweu mme a mo letla gore a ronope mo diakong tsa mabele.—Bala Ruthe 2:5-7, 15, 16.

11 E re ka Ruthe a ne a tswa kwa lotsong lo longwe, Boase o ne a bua le ene ka tsela e e bontshang gore o amegile ka ene le ka boemo jwa gagwe. O ne a mo kopa gore a nne gaufi le makgarebe gore makau a a berekang mo tshimong a se ka a mo tshwenya. Gape o ne a tlhomamisa gore o newa dijo le metsi fela jaaka badiri ba mo tshimong. Mo godimo ga moo, Boase ga a ka a bua le ene ka tsela e e bontshang gore o mo tseela kwa tlase, go na le moo o ne a mo kgothatsa.—Ruthe 2:8-10, 13, 14.

12. Go ka nna le diphelelo dife tse di molemo fa re bontsha batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe bopelonomi?

12 Boase ga a ka a kgatlhiwa fela ke gore Ruthe o ne a rata matsalaagwe e bong Naomi, gape o ne a kgatlhilwe ke gore Ruthe o ne a nna moobamedi wa ga Jehofa. Bopelonomi jwa ga Boase bo ne bo bontsha gore Jehofa o ne a rata mosadi yono yo o neng a tlile go ‘senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa Modimo wa Iseraele.’ (Ruthe 2:12, 20; Dia. 19:17) Le gompieno fa re le pelonomi, re ka thusa “batho ba mefuta yotlhe” go itse boammaaruri le go lemoga gore Jehofa o a ba rata.—1 Tim. 2:3, 4.

A re dumedisa batho ba e leng lantlha ba tla kwa Holong ya Bogosi? (Bona serapa 13 le 14)

13, 14. (a) Goreng re tshwanetse go dira maiteko a go dumedisa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ba tlang mo dipokanong? (b) O ka dira eng fa o ikutlwa o sa phuthologa go dumedisa batho ba ditso tse dingwe?

13 Fa re dumedisa batho ba ditso tse dingwe ba e leng la ntlha ba tla mo Holong ya Bogosi, re tla bo re ba bontsha bopelonomi. O ka tswa o lemogile gore batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ditlhong e bile ba rata go itlhaola. Ba ka tswa ba itseela kwa tlase fa ba ipapisa le batho ba ditso kgotsa ba dinaga tse dingwe ka ntlha ya tsela e ba godileng ka yone kgotsa ka ntlha ya maemo a bone. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya kgato pele go ba bontsha gore re a ba rata e bile re a ba kgatlhegela. Fa e le gore app ya JW Language e teng ka puo ya gago, e ka go thusa go itse kafa o ka dumedisang ka gone batho ba ba simololang go tla mo phuthegong  ya lona ka puo ya bone.—Bala Bafilipi 2:3, 4.

14 O ka nna wa ikutlwa o sa phuthologa fa o tshwanelwa ke go dumedisa batho ba ditso tse dingwe. Sengwe se se ka go thusang go fenya maikutlo ao, ke go ba bolelela sengwe ka wena. Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore lo rata dilo tse di tshwanang le gore ditso tsotlhe di na le makoa le dilo tse di molemo tse di itsegeng ka tsone.

BA THUSE GORE BA IKUTLWE BA PHUTHOLOGILE

15. Ke eng se se tla re thusang go nna pelonomi fa re dirisana le batho ba ba lekang go tlwaela naga ya rona?

15 Fa o batla go thusa ba bangwe gore ba ikutlwe ba phuthologile mo phuthegong, ipotse jaana: ‘Fa nkabo ke le kwa nageng e nngwe, ke ne ke tla batla gore batho ba bangwe ba ntshware jang?’ (Math. 7:12) Nna pelotelele fa o dirisana le batho ba ba lekang go tlwaela naga ya lona. Kwa tshimologong, re ka nna ra se ka ra tlhaloganya sentle tsela e ba akanyang le e ba dirang dilo ka yone. Mme go na le go lebelela gore ba dire dilo ka tsela e re di dirang ka yone, goreng re sa ba amogele jaaka ba ntse?—Bala Baroma 15:7.

16, 17. (a) Re ka dira eng gore re atamalane le batho ba ditso tse dingwe? (b) Re ka thusa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ba mo phuthegong ya rona ka ditsela dife?

16 Fa re ipha nako ya go ithuta ka ditso le ka dinaga tsa batho ba bangwe, seno se ka re thusa gore re tlwaelane le bone. Ka nako ya kobamelo ya lelapa, re ka dira dipatlisiso ka ditso tse re sa tlwaelanang le tsone tsa batho bangwe ba ba mo phuthegong kgotsa mo tshimong ya rona. Sengwe gape se se ka re thusang go atamalana le batho ba setso se sengwe, ke go ba laletsa go tla go ja le rona kwa malapeng a rona. E re ka Jehofa a “buletse ditšhaba kgoro e e isang kwa tumelong,” re ka mo etsa ka go amogela “ba ba amanang le rona mo tumelong” kwa malapeng a rona.—Dit. 14:27; Bagal. 6:10; Jobe 31:32.

A re laletsa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe kwa malapeng a rona? (Bona serapa 16 le 17)

 17 Fa re fetsa nako le lelapa le le tswang kwa nageng e nngwe, seno se ka re thusa go lemoga matsapa a ba a tsayang go tlwaela setso sa rona. Gape re tla lemoga gore ba tlhoka gore re ba thuse go ithuta puo ya rona. Mo godimo ga moo, re ka ba thusa ka go ba bolelela ka mafapha a puso a a ka ba thusang go bona ntlo kgotsa tiro. Go dira jalo go ka thusa modumedimmogo le rona fela thata.—Dia. 3:27.

18. Batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ka etsa sekao sa ga mang?

18 Gone ke boammaaruri gore batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba tla tsaya matsapa go tlwaela setso sa rona. Ruthe o ba tlhometse sekao se se molemo. Sa ntlha, o ne a bontsha gore o tlotla meetlo ya naga e a neng a le kwa go yone ka go kopa tetla ya go ronopa. (Ruthe 2:7) Le fa gone a ne a na le tshwanelo eo, ga a ka a ipagololela mogodu. Sa bobedi, o ne a bontsha gore o leboga bopelonomi jo a neng a bo bontshiwa. (Ruthe 2:13) Fa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba dira dilo ka tsela eno, go tla nna motlhofo gore baagi le badumedimmogo le bone ba ba tlotle.

19. Goreng re tshwanetse go amogela batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe?

19 Re itumelela gore Jehofa o bontsha batho ba ditšhaba tsotlhe bopelonomi jo bogolo ka go ba letla gore ba utlwe dikgang tse di molemo. Gongwe kwa dinageng tsa bone ba ka tswa ba ne ba sa kgone go ithuta Baebele kgotsa go kopanela le batho ba ga Jehofa. E re ka ba na le tshono ya go kopanela le rona, a re ba thuseng gore ba ikutlwe ba phuthologile fa ba na le rona. Fa re ba bontsha bopelonomi, le fa re ka tswa re na le mo gonnye kgotsa re sa kgone go ba thusa go le kalo, seo se bontsha gore Jehofa o a ba rata. E re ka re le “baetsi ba Modimo,” a re direng sotlhe se re ka se kgonang go amogela batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe.—Baef. 5:1, 2.

^ [1] (Serapa 1) Maina a fetotswe.