Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotsha Tumelo ya Gago Mo go Se o Se Solofetseng

Nonotsha Tumelo ya Gago Mo go Se o Se Solofetseng

“Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng.”—BAHEB. 11:1.

PINA: 81, 134

1, 2. (a) Tsholofelo e batho ba Modimo ba nang le yone e farologana jang le ya batho ba ba sa mo direleng? (b) Re tla sekaseka dipotso dife tse di botlhokwa?

RURI Bakeresete ba boammaaruri ba na le tsholofelo e e itumedisang! E ka ne re batlodiwa kgotsa ba “dinku tse dingwe,” rotlhe re na le tsholofelo ya go bona boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong bo diragadiwa le go bona leina la ga Jehofa le itshepisiwa. (Joh. 10:16; Math. 6:9, 10) Eno ke tsholofelo e e itumedisang tota. Gape re letetse go amogela botshelo jo bo sa khutleng, re ka tswa re le karolo ya “magodimo a masha” kgotsa ya “lefatshe le lesha.” (2 Pet. 3:13) Fa re ntse re letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tseno, re na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla nna a re kaela le go re ema nokeng.

2 Batho ba ba sa direleng Modimo le bone ba na le tsholofelo, mme ga ba a tlhomamisega gore a dilo tse ba di solofetseng di tla diragala. Ka sekai, bontsi jwa batho ba ba betšhang ba solofela gore letsatsi lengwe ba tla fenya lothari, mme gone ga ba a tlhomamisega gore a seo se tla tsamaya se direga. Ka fa letlhakoreng le lengwe, tumelo ya mmatota ke “go lebelela ka tlhomamisego” dilo tse Jehofa a re solofeditseng tsone. (Baheb. 11:1) Mme gone, o ka dira eng go nonotsha tumelo ya gago mo dilong tse re di solofetseng? O tla solegelwa molemo jang fa o na le tumelo e e nonofileng?

3. Bakeresete ba na le lebaka lefe la go nna le tumelo?

3 E re ka re na le boleo, ga re tsholwe re na le tumelo e bile ga go  itiragalele fela gore re nne le yone. Go na le moo, re nna le yone fa fela re tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo. (Bagal. 5:22) Baebele ga e rute gore Jehofa o na le tumelo kgotsa gore o a e tlhoka. E re ka Jehofa a na le maatla e bile a le botlhale, ga go sepe se se ka mo thibelang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Rrarona yo o kwa legodimong o iketleeditse go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo e leng gore mo go ene di setse di diragaditswe. Ka jalo a re: “Di diragetse!” (Bala Tshenolo 21:3-6.) Re na le tumelo ka gonne re a itse gore Jehofa ke ‘Modimo yo o ikanyegang’ e bile ka metlha o diragatsa se a se solofeditseng.—Dute. 7:9.

GO ITHUTA MO BATHONG BA BA NENG BA NA LE TUMELO

4. Banna le basadi ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa ga Jesu ba ne ba na le tsholofelo efe?

4 Bahebera kgaolo 11 e bua ka banna le basadi ba le 16 ba ba neng ba na le tumelo. Mokwadi wa yone o ne a bua ka bone le ka ba bangwe ba go neng “ga neelwa bosupi ka ga bone ka tumelo ya bone.” (Baheb. 11:39) Ba ne ba tlhomamisegile gore Modimo o tla dirisa “losika” lo lo solofeditsweng go fedisa Satane le go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong. (Gen. 3:15) Batlhanka bao ba ba ikanyegang ba ne ba swa pele “losika” e bong Jesu Keresete a dira gore go kgonege gore batho bangwe ba ye go tshela kwa legodimong. (Bagal. 3:16) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di ikanyegang, ba tla tsosiwa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Pes. 37:11; Isa. 26:19; Hos. 13:14.

5, 6. Aborahame le ba lelapa la gagwe ba ne ba tlhomile mogopolo mo tsholofetsong efe, mme ba ne ba dira eng gore ba tswelele ba na le tumelo e e nonofileng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Bahebera 11:13 e bua jaana ka batho bangwe ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa ga Jesu: “Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela.” Mongwe wa bone e ne e le Aborahame. A o ne a nna a akantse ka tsholofelo ya go tshela mo pusong ya “losika” lo lo solofeditsweng? Re bona karabo mo mafokong ano a ga Jesu fa a ne a araba baganetsi ba gagwe: “Aborahame rraalona o ne a itumelela thata tebelelo ya go bona letsatsi la me, mme o ne a le bona a bo a itumela.” (Joh. 8:56) Go ne go ntse jalo le ka Sara, Isake, Jakobe le ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba tlhomile mogopolo mo tsholofetsong ya Bogosi, jo ‘moagi le modiri wa jone e leng Modimo.’—Baheb. 11:8-11.

6 Aborahame le ba lelapa la gagwe ba ne ba dira eng gore ba tswelele ba na le tumelo e e nonofileng? Go ka direga gore ba ile ba ithuta ka Modimo ka go reetsa batlhanka ba gagwe ba ba godileng ba ba neng ba ikanyega, ka go reetsa molaetsa o Modimo a neng a ba senolela one ka kgakgamatso kgotsa ka go bala mekwalo ya bogologolo e e ikanyegang. Sa botlhokwa le go feta, ga ba a ka ba lebala dilo tse ba neng ba di ithutile mme ba ne ba nna ba akantse ka ditsholofetso le melao ya Modimo e bile ba tlhatlhanya ka yone. E re ka ba ne ba tlhomamisegile gore Modimo o tla diragatsa se a se solofeditseng, banna bano le basadi bano ba ne ba ikemiseditse go itshokela mathata ape fela gore ba kgone go tswelela ba ikanyega mo Modimong.

7. Ke dilo dife tse Jehofa a re diretseng tsone gore re tswelele re na le tumelo e e nonofileng, mme re tshwanetse go dira eng?

7 Jehofa o re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele gore re tswelele re na le tumelo e e nonofileng. Fa re batla go “itumela” le go “atlega,” re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka metlha, tota e bile fa go kgonega re tshwanetse go dira jalo letsatsi le letsatsi. (Pes. 1:1-3; bala Ditiro 17:11.) Mme fela jaaka baobamedi ba ga Jehofa ba bogologolo, re tshwanetse go nna re tlhatlhanya ka ditsholofetso tsa Modimo le go ikobela melao ya gagwe. Jehofa o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re tlamela ka dithuto di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng. (Math. 24:45) Ka jalo, fa re dirisa se re se ithutang mo dithulaganyong tsa kobamelo tse Jehofa a re diretseng tsone, re  tla tshwana le batho ba bogologolo ba ba neng ba na le tumelo e bile ba ‘lebeletse ka tlhomamisego’ go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Bogosi.

8. Thapelo e ka nonotsha tumelo ya rona jang?

8 Go rapela go ne ga thusa batlhanka ba Modimo ba bogologolo gore ba tswelele ba na le tumelo e e nonofileng. Tumelo ya bone e ne ya nonofa le go feta fa ba lemoga gore Modimo o araba dithapelo tsa bone. (Neh. 1:4, 11; Pes. 34:4, 15, 17; Dan. 9:19-21) Le rona re ka bulela Jehofa mafatlha, re tlhomamisegile gore o tla re utlwa le go re nonotsha gore re kgone go itshoka ka boipelo. Mme fa Jehofa a araba dithapelo tsa rona, tumelo ya rona e nonofa le go feta. (Bala 1 Johane 5:14, 15.) E re ka tumelo e le karolo ya leungo la moya, re tshwanetse go ‘nna re kopa’ moya wa Modimo, jaaka Jesu a ile a re kgothaletsa go dira jalo.—Luke 11:9, 13.

9. Ntle le go ithapelela, re tshwanetse go rapelela le bomang gape?

9 Le fa go ntse jalo, fa re rapela ga re a tshwanela go rapela ka mathata a rona fela. Re ka leboga le go baka Jehofa letsatsi le letsatsi ka gonne ‘ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang di dintsi go gaisa ka mo re ka anelang ka teng!’ (Pes. 40:5) Gape, dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re ‘nna re gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo jaaka e kete re golegilwe le bone.’ Mo godimo ga moo, re tshwanetse go rapelela bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe, segolobogolo ‘ba ba eteletseng pele mo gare ga rona.’ Tumelo ya rona e a nonofa fa re bona kafa Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka gone!—Baheb. 13:3, 7.

BA NE BA NNA BA IKANYEGA

10. Go na le dikai dife tsa batlhanka ba Modimo ba ba neng ba tswelela ba ikanyega, mme ke eng se se neng sa ba thusa gore ba kgone go dira jalo?

10 Mo go Bahebera kgaolo 11, moaposetoloi Paulo o bua ka diteko tse batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ba sa umakiweng ka maina ba ileng ba lebana le tsone. Ka sekai, o bua ka basadi ba ba nang le tumelo ba ba neng ba tlhokafalelwa ke bana ba bone, le fa go ntse jalo, moragonyana bana bao ba ne ba tsosiwa. Gape o bua ka bangwe ba ba neng ba “se ka ba amogela kgololo ka thekololo nngwe, gore ba tle ba bone tsogo e e botoka.” (Baheb. 11:35) Le fa gone re sa tlhomamisega gore Paulo o ne a bua ka bomang, batho bangwe ba ba jaaka Nabothe le Sekarea, ba ne ba kgobotlediwa ka maje ka gonne ba ne ba ikobela Modimo e bile ba dira thato ya gagwe. (1 Dikg. 21:3, 15; 2 Ditir. 24:20, 21) Ga go pelaelo gore Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba tla “amogela kgololo” fa ba ne ba ka tlogela go ikanyega. Go na le moo, re ka re tumelo ya bone mo maatleng a Modimo, e ne ya dira gore ba kgone go “tswala molomo wa ditau” le go “itshokela maatla a molelo.”—Baheb. 11:33, 34; Dan. 3:16-18, 20, 28; 6:13, 16, 21-23.

11. Baporofeti bangwe ba ne ba itshokela diteko dife ka ntlha ya se ba se dumelang?

11 Baporofeti ba ba jaaka Mikaia le Jeremia “ba ne ba amogela go lekwa ka ditshotlo . . . le dikgolegelo” ka ntlha ya se ba se dumelang. Ba bangwe, jaaka Elija, “ba ne ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng le mo dikgageng le mo mengobong ya lefatshe.” Ba ne ba kgona go itshoka ka gonne ba ne ba ‘lebeletse ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng.’—Baheb. 11:1, 36-38; 1 Dikg. 18:13; 22:24-27; Jer. 20:1, 2; 28:10, 11; 32:2.

12. Ke mang yo o tlhomileng sekao se se di gaisang tsotlhe sa go itshokela diteko, mme ke eng se se neng sa mo thusa go dira jalo?

12 Fa Paulo a se na go bua ka banna le basadi ba tumelo, o ne a bua ka sekao sa tumelo se se di gaisang tsotlhe, e bong Morena wa rona Jesu Keresete. Bahebera 12:2 ya re: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” Eleruri, re tshwanetse go ‘akanya ka kelotlhoko’ ka sekao sa ga Jesu sa tumelo fa re lebane le diteko tse dikgolo. (Bala Bahebera 12:3.) Fela jaaka Jesu, baswelatumelo ba bogologolo ba Bakeresete jaaka morutwa Antipase, ba ne ba nna ba ikanyega. (Tshen. 2:13) Ba ne ba tla tsosediwa go ya go  tshela kwa legodimong, e leng tsogo e e gaisang “tsogo e e botoka,” e banna ba bogologolo ba tumelo ba neng ba lebile pele go yone. (Baheb. 11:35) Fa Bogosi jwa Modimo bo se na go tlhomiwa ka 1914, Bakeresete bano botlhe ba ba tloditsweng, ba ba neng ba tlhokafetse, ba ne ba tsosiwa e le dibopiwa tsa semoya gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong.—Tshen. 20:4.

BATLHANKA BA MODIMO BA GOMPIENO BA BA NANG LE TUMELO

13, 14. Rudolf Graichen o ne a lebana le diteko dife, mme ke eng se se neng sa mo thusa go itshoka?

13 Gompieno baobamedi ba le bantsi ba Modimo ba latela sekao sa ga Jesu ka go nna ba akantse ka ditsholofetso tsa Modimo e bile ga ba letle diteko gore di koafatse tumelo ya bone. Akanya ka sekai sa ga Rudolf Graichen yo o tsholetsweng kwa Jeremane ka 1925. O ne a gopola ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Baebele tse di neng di manegilwe mo leboteng kwa legaeng la gaabo. O ne a kwala jaana: “Go ne go na le setshwantsho sengwe se se bontshang phiri le kwanyana, lengau le potsane, namane le tawana e e seriri, di nna mmogo ka kagiso e bile di eteletswe pele ke mosimanyana. . . . Ga ke bolo go nna ke akanya ka ditshwantsho tseno.” (Isa. 11:6-9) Le fa gone Rudolf a ne a bogisiwa setlhogo dingwaga di le dintsi ke Nazi Gestapo mme moragonyana a bogisiwa gape ke Communist  Stasi ya kwa Botlhaba jwa Jeremane, o ne a nna a akantse ka tsholofetso ya gore lefatshe le tla fetolwa paradaise.

14 Diteko tse dingwe tse di boima tse Rudolf a neng a lebana le tsone e ne e le go tlhokafalelwa ke mmaagwe yo a mo ratang, yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa typhus a le kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Ravensbrück le go bona tumelo ya ga rraagwe e koafala mo a neng a saena gore ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. Fa Rudolf a sena go gololwa kwa kgolegelong, o ne a nna le tshiamelo ya go direla e le molebedi wa potologo mme morago ga moo, a lalediwa kwa Sekolong sa Gileade. O ne a newa kabelo ya go nna morongwa kwa Chile, mme fa a le koo o ne a direla e le molebedi wa potologo gape. Mme diteko tsa gagwe di ne di ise di fele. O ne a nyala morongwa mongwe e bong Patsy mme morago ga ngwaga, ba ne ba tlhokafalelwa ke ngwana wa bone yo monnye wa mosetsana. Moragonyana, mosadi wa gagwe yo a mo ratang o ne a tlhokafala, a na le dingwaga di le 43. Rudolf o ne a itshokela diteko tseno tsotlhe mme fa kgang ya gagwe ya botshelo e ne e tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 1997, tsebe 20-25, e ne e le mmulatsela wa ka metlha e bile e le mogolwane le fa a ne a godile e bile a lwala. [1]

15. Go na le dikai dife tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba tswelelang ba ikanyega le fa ba bogisiwa?

15 Basupi ba ga Jehofa ba itumelela ditsholofetso tse ba nang le tsone le fa gone ba bogisiwa ka tsela e e setlhogo. Ka sekai, bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Eritrea, Singapore le kwa Korea Borwa ba mo kgolegelong ka gonne ba ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba se ka ba tshola dibetsa. (Math. 26:52) Bangwe ba bakaulengwe bano ke Isaac, Negede le Paulos ba ba sa bolong go nna kwa kampeng ya kgolegelo e e kwa Eritrea dingwaga di feta 20! Le fa ba sa kgone go thusa batsadi ba bone ba ba godileng kgotsa go nyala, bakaulengwe bano ba sa ntse ba ikanyega le fa ba bogisiwa setlhogo. Tsela e ba nyenyang ka yone, jaaka ba bonala mo website ya jw.org, e bontsha gore ba na le tumelo e e nonofileng. Tota le batlhokomedi ba kgolegelo ba tlotla bakaulengwe bano.

A o solegelwa molemo ke sekao sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le tumelo ba mo phuthegong ya lona? (Bona serapa 15 le 16)

16. Go nna le tumelo e e nonofileng go ka go thusa jang?

16 Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ga ba ise ba ko ba lebane le pogiso e e setlhogo. Ba ile ba lebana le diteko tsa tumelo tse di farologaneng. Ba le bantsi ba bone ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela khumanego kgotsa ba ile ba boga ka ntlha ya dintwa kgotsa masetlapelo a tlholego. Ba bangwe ba ile ba tlogela botshelo jwa manobonobo kgotsa go tuma fela jaaka Moshe le ditlhogo tsa lotso. Ba leka ka natla go tila go gagamalela dikhumo kgotsa go tshela botshelo jwa boithati. Ke eng se se ba thusang go dira jalo? Ke ka gonne ba rata Jehofa e bile ba dumela gore o tla fedisa tshiamololo yotlhe a bo a segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—Bala Pesalema 37:5, 7, 9, 29.

17. O ikemiseditse go dira eng, mme re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Mo setlhogong seno, re bone kafa go rapela ka metlha le go tlhatlhanya ka ditsholofetso tsa Modimo go ka nonotshang tumelo ya rona ka gone. Go nna le tumelo e e nonofileng go tla re thusa go itshokela diteko tsa tumelo le go tlhoma mogopolo mo ditsholofetsong tsa Modimo, re tlhomamisegile gore di tla diragadiwa. Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, Baebele e tlhalosa tumelo ka tsela e e oketsegileng.

^ [1] (serapa 14) Bona gape kgang ya botshelo ya ga Andrej Hanák wa kwa Slovakia, ya setlhogo se se reng, “Despite Trials, My Hope Has Remained Bright” mo makasineng wa Tsogang! wa April 22, 2002 ka Seesemane.