Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa

Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa

“Tumelo ke . . . pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.”—BAHEB. 11:1.

PINA: 54, 125

1. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tumelo e re nang le yone?

TUMELO ke nonofo e e tlhwatlhwakgolo. Ga se batho botlhe ba ba nang le nonofo eno. (2 Bathes. 3:2) Le fa go ntse jalo, Jehofa o neile baobamedi botlhe ba gagwe “selekanyo sa tumelo.” (Bar. 12:3; Bagal. 5:22) Batho botlhe ba ba nang le nonofo eno ba tshwanetse go lebogela seo.

2, 3. (a) Batho ba ba nang le tumelo ba letetswe ke masego afe? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Jesu Keresete o ne a re Rraagwe yo o kwa legodimong o gogela batho kwa go ene a dirisa Morwawe. (Joh. 6:44, 65) Ka jalo, go nna le tumelo mo go Jesu, go dira gore motho a itshwarelwe maleo. Mme seo se dira gore motho a kgone go nna le kamano e e nnelang ruri le Jehofa. (Bar. 6:23) A re tshwanelwa ke go amogela masego ao? E re ka re le baleofi, re tshwanelwa ke loso. (Pes. 103:10) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bona sengwe se se molemo mo go rona. O ne a re bontsha bopelonomi jo bogolo ka go re thusa gore re rate dikgang tse di molemo. Ka jalo, re ne ra simolola  go bontsha tumelo mo go Jesu re na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Bala 1 Johane 4:9, 10.

3 Mme gone, tumelo ke eng? A ke go itse fela ka masego a Jehofa a re solofetsang one? Mme sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse go bontsha tumelo ya rona ka ditsela dife?

“DUMELA MO PELONG YA GAGO”

4. Tlhalosa gore ke eng fa tumelo e akaretsa se se fetang go itse fela ka boikaelelo jwa Modimo?

4 Tumelo e akaretsa se se fetang go itse fela ka boikaelelo jwa Modimo. Ke maatla a a tlhotlheletsang motho go dira dilo go dumalana le thato ya Modimo. Go nna le tumelo mo thulaganyong e Modimo a re diretseng yone go re boloka, go tlhotlheletsa Mokeresete gore a rerele ba bangwe dikgang tse di molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne fa o bolela ‘lefoko leo le le mo molomong wa gago’ phatlalatsa, gore Jesu ke Morena, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa. Gonne motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.”—Bar. 10:9, 10; 2 Bakor. 4:13.

5. Ke eng fa tumelo e le botlhokwa, mme re ka dira eng gore e nne e nonofile? Tshwantsha.

5 Gore re kgone go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo, re tshwanetse go nna le tumelo le go tswelela re e nonotsha. Fela jaaka semela se tlhoka metsi, tumelo ya rona le yone e tlhoka go nonotshiwa. Semela se se tshelang ga se tshwane le se se itiretsweng ke batho ka gonne se se tshelang sone se nna se ntse se fetoga. Fa semela se se tshelang se sa nosediwe se a omelela se bo se swa mme fa se nosediwa ka metlha se a gola. Semela se se kileng sa bo se gola sentle se ka swa fa se sa tlhole se nosediwa sentle. Tumelo ya rona le yone e ntse jalo. Fa re sa e nonotshe, e tla koafala e bo e swa. (Luke 22:32; Baheb. 3:12) Mme fa re e nonotsha, e tla nna e “gola” mme re tla ‘itekanela mo tumelong.’—2 Bathes. 1:3; Tito 2:2.

KAFA BAEBELE E TLHALOSANG TUMELO KA GONE

6. Bahebera 11:1 e tlhalosa tumelo ka ditsela dife tse pedi?

6 Bahebera 11:1 (E bale.) e tlhalosa gore tumelo ke eng. Tumelo e akaretsa dilo tse pedi tse re sa kgoneng go di bona: (1) “Dilo tse di solofetsweng”—seno se akaretsa dilo tse Jehofa a re solofetsang gore di tla direga mo isagweng, jaaka go fedisiwa ga bosula jotlhe le go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise. (2) “Dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” Mo pegong eno, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “pontsho e e bonalang sentle” le kaya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore go na le dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe, jaaka gore Jehofa Modimo, Jesu Keresete le baengele ke dibopiwa tsa mmatota le gore Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong ke puso ya mmatota. (Baheb. 11:3) Re ka bontsha jang gore tumelo ya rona e nonofile le gore re dumela dilo tse di sa bonweng tse go buiwang ka tsone mo Lefokong la Modimo? Re ka bontsha seo ka mafoko le ka ditiro tsa rona ka gonne fa re sa dire jalo tumelo ya rona e tla bo e tlhaela.

7. Sekao sa ga Noa se re thusa jang go tlhaloganya gore go nna le tumelo go kaya eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Bahebera 11:7 e bua ka tumelo ya ga Noa yo ‘morago ga go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, a neng a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.’ Noa o ne a bontsha gore o na le tumelo ka go aga araka e kgolo. Ga go pelaelo gore baagelani ba gagwe ba ile ba mmotsa gore ke eng fa a aga moago o mogolo jalo. A Noa o ne a moma molomo kgotsa a ba bolelela gore ba tlogele go itshunya nko mo dikgannyeng tsa  gagwe? Nnyaa! Tumelo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a rere ka bopelokgale le go tlhagisa batho ba a neng a tshela le bone ka katlholo e e tlang ya Modimo. Go ka direga gore Noa o ne a ba bolelela mafoko ano a ga Jehofa: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone . . . ke tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng gore ke senye nama yotlhe kafa tlase ga magodimo e maatla a botshelo a dirang mo go yone. Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tla swa.” Gape, ga go na pelaelo gore Noa o ne a tlhalosetsa batho bao gore ba ka falola jang, gongwe a boeletsa taelo eno ya Modimo: ‘Tsena mo teng ga araka.’ Le mo lekgetlhong leno, Noa o ne a bontsha tumelo ya gagwe ka go nna “moreri wa tshiamo.”—Gen. 6:13, 17, 18; 2 Pet. 2:5.

8. Morutwa Jakobe o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa eng malebana le tumelo ya mmatota?

8 Go ka direga gore buka ya Jakobe e ne ya kwalwa nako nngwe morago ga gore Paulo a tlhotlhelediwe go kwala tlhaloso ya gagwe ya tumelo. Fela jaaka Paulo, Jakobe le ene o ne a tlhalosa gore go nna le tumelo ga se kgang ya go dumela fela; motho o tshwanetse go bontsha seo ka ditiro. Jakobe o ne a kwala jaana: “Mpontshe tumelo ya gago kwantle ga ditiro, mme nna ke tla go bontsha  tumelo ya me ka ditiro tsa me.” (Jak. 2:18) Go tswa foo, Jakobe o tlhalosa pharologanyo magareng ga go dumela fela le go bontsha tumelo ka ditiro. Madimona a dumela gore Modimo o teng, mme ga a na tumelo ya mmatota. Go na le moo, madimona a dira dilo tse di bontshang gore a kgatlhanong le go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo. (Jak. 2:19, 20) Go farologana le seo, fa Jakobe a ne a bua ka monna yo mongwe wa bogologolo yo o neng a na le tumelo, o ne a botsa jaana: “A Aborahame rraarona ga a a bolelwa a siame ka ditiro fa a sena go isa Isake morwawe tshupelo mo godimo ga sebeso? O a bona gore tumelo ya gagwe e ne e dira mmogo le ditiro tsa gagwe mme ka ditiro tsa gagwe tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa.” O ne a oketsa jaana, a gatelela ntlha ya gore tumelo e bonala ka ditiro: “Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.”—Jak. 2:21-23, 26.

9, 10. Moaposetoloi Johane o re thusa jang go tlhaloganya botlhokwa jwa go bontsha tumelo?

9 Dingwaga di feta 30 moragonyana, moaposetoloi Johane o ne a kwala efangele ya gagwe le makwalo a mangwe a le mararo. A o ne a tlhaloganya se tumelo ya mmatota e leng sone fela jaaka bakwadi ba bangwe ba Baebele ba ile ba tlhotlhelediwa go e tlhalosa? Johane o ne a dirisa lediri la Segerika le gantsi le ranolwang e le “go bontsha tumelo” go feta bakwadi ba bangwe ba Baebele.

10 Ka sekai, Johane o ne a re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.” (Joh. 3:36) Tumelo ya mmatota e akaretsa go ikobela melao ya ga Jesu. Gantsi Johane o ne a nopola mafoko a ga Jesu a a bontshang gore go botlhokwa go tswelela re bontsha tumelo.—Joh. 3:16; 6:29, 40; 11:25, 26; 14:1, 12.

11. Re ka bontsha jang gore re lebogela go itse boammaaruri?

11 Re leboga go bo Jehofa a dirisitse moya wa gagwe o o boitshepo go re senolela boammaaruri le go re thusa go dumela dikgang tse di molemo! (Bala Luke 10:21.) A ka metlha re leboge Jehofa go bo a dirisitse morwawe yo e leng ‘Moemedi yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona,’ gore re kgone go atamalana le ene. (Baheb. 12:2) Re tshwanetse go rapela ka metlha le go ithuta Lefoko la Modimo e le go bontsha gore re lebogela bopelonomi jo bogolo jwa ga Jehofa.—Baef. 6:18; 1 Pet. 2:2.

Dirisa tshono nngwe le nngwe go bontsha tumelo ka go rera dikgang tse di molemo (Bona serapa 12)

12. Re ka bontsha tumelo ya rona ka ditsela dife?

12 Re tshwanetse go tswelela re bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. Ba bangwe ba tshwanetse go bona seno ka ditiro tsa rona. Ka sekai, re tswelela re rera ka Bogosi jwa Modimo le go dira batho barutwa. Gape re nna re ‘dira se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.’ (Bagal. 6:10) Mo godimo ga moo, re dira ka natla go ‘apola botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone,’ gape re tila sepe fela se se ka koafatsang kamano ya rona le Modimo.—Bakol. 3:5, 8-10.

GO DUMELA MO MODIMONG KE KAROLO YA MOTHEO WA RONA

13. “Tumelo mo Modimong” e botlhokwa go le kana kang mme ka ntlha yang?

13 Baebele ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Baheb. 11:6) Baebele e tlhalosa “tumelo mo Modimong” e le karolo ya “motheo” o o tlhokegang gore motho e nne Mokeresete wa boammaaruri e bile a tswelele e le ene. (Baheb. 6:1) Bakeresete ba tshwanetse go ‘tsenya mo tumelong ya bone’ dinonofo tse dingwe tse di  botlhokwa gore ba nne ba ‘ipolokile mo loratong lwa Modimo.’—Bala 2 Petere 1:5-7; Jude 20, 21.

14, 15. Tumelo e botlhokwa go le kana kang fa e bapisiwa le lorato?

14 Bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba tlhalosa botlhokwa jwa go nna le tumelo ka go bua ka yone makgetlo a le mmalwa. Ga go na nonofo e nngwe gape e go buiwang thata ka yone jaaka eno. A seno se raya gore tumelo ke nonofo e e botlhokwa go gaisa dinonofo tse dingwe tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone?

15 Paulo o ne a kwala jaana a bapisa tumelo le lorato: “Fa ke na le tumelo yotlhe mo ke ka tlhomang dithaba go sele, mme ke se na lorato, ga ke sepe.” (1 Bakor. 13:2) Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go rata Modimo fa a ne a araba potso eno: “Taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” (Math. 22:35-40) Lorato lo akareletsa dinonofo di le dintsi tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone, go akaretsa le tumelo. Baebele ya re: lorato “lo dumela dilo tsotlhe.” Lo dumela dilo tse di mo Lefokong la Modimo.—1 Bakor. 13:4, 7.

16, 17. Dikwalo di tlhalosa jang botlhokwa jwa tumelo le lorato, mme ke efe e e botlhokwa thata, ka ntlha yang?

16 E re ka tumelo le lorato di le botlhokwa, bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba bua thata ka tsone, mme gantsi e le mo seeleng se le sengwe. Paulo o ne a kgothaletsa bakaulengwe go ‘apara seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato.’ (1 Bathes. 5:8) Petere o ne a kwala jaana: “Le fa lo ise lo ke lo mmone [Jesu], lo a mo rata. Le fa lo sa mo leba gone jaanong, le fa go ntse jalo lo dumela mo go ene.” (1 Pet. 1:8) Jakobe o ne a botsa Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Modimo o ne a tlhopha bone ba ba humanegileng mabapi le lefatshe gore ba nne bahumi mo tumelong le baruaboswa ba bogosi, jo a neng a bo solofetsa ba ba mo ratang, a ga a dira jalo?” (Jak. 2:5) Johane o ne a re: “Eno ke taelo ya gagwe [Modimo], gore re nne le tumelo mo leineng la Morwawe e bong Jesu Keresete re bo re ratane.”1 Joh. 3:23.

17 Le fa gone tumelo e le botlhokwa, ga re kitla re tlhola re tlhoka dikarolo dingwe tsa nonofo eno fa ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwa mo isagweng. Mme gone re tla tshwanela ke go nna re rata Modimo le moagelani. Ke gone ka moo Paulo a neng a kwala jaana: “Jaanong, . . . go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.”—1 Bakor. 13:13.

GO BONTSHA TUMELO YA MMATOTA

18, 19. Ke dilo dife tse di bontshang gore Bakeresete ba na le tumelo ya mmatota mme ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomadiwa ka ntlha ya seno?

18 Gompieno, batho ba ga Jehofa ba bontsha tumelo mo Bogosing jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Seno se dirile gore go nne le paradaise ya tshwantshetso ya lefatshe lotlhe ya baagi ba feta dimilione di le robedi. Ke lefelo le batho ba lone ba bontshang dinonofo tse moya o di tlhagisang. (Bagal. 5:22, 23) Eleruri Bakeresete ba bontsha tumelo le lorato lwa mmatota!

19 Ga go motho ope yo o ka kgonang go dira seno. Ke Jehofa Modimo fela. Tiro eno e e molemo ke “sengwe se se itsegeng mo go Jehofa, sesupo sa bosakhutleng seo se se kitlang se kgaolwa.” (Isa. 55:13) Ruri ke “mpho ya Modimo” gore re ‘bolokiwe ka tumelo.’ (Baef. 2:8) Paradaise ya tshwantshetso e tla tswelela e gola go fitlha lefatshe lotlhe le tlala ka batho ba ba se nang boleo, ba ba siameng le ba ba itumetseng mme seno se tla dira gore leina la Modimo le galalediwe go ya go ile. A re tsweleleng re bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa!