Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A ke boammaaruri gore mo metlheng ya bogologolo mongwe o ne a ka jala mofero mo tshimong ya motho yo mongwe?

Buka eno (Digest) ya ngwaga wa 1468 e e gatisitsweng ke Mmusimogolo Justinian, ke nngwe ya mekwalo e e thusang batho go itse ka dikgang tsa molao tsa mo metlheng ya bogologolo

MO GO Mathaio 13:24-26, Jesu o ne a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya. E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone.” Bakwadi ba ba farologaneng ba belaela kgang ya gore setshwantsho seno sa korong le mofero se tlhalosa tiragalo ya mmatota mme mekwalo ya bogologolo ya molao wa Roma e bontsha gore kgang eno ke tiragalo e e neng e tle e direge.

Dikishinare nngwe ya Baebele ya re: “Go ya ka molao wa Roma, go jala mofero mo tshimong ya motho yo mongwe ka maikaelelo a go ipusolosetsa, . . . e ne e le tlolomolao. Molao ono o ne wa tlhomiwa ka gonne kgang eno e ne e direga gantsi.” Ramolao mongwe e bong Alastair Kerr o tlhalosa gore ka 533 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Justinian, o ne a gatisa buka ya molao e e sobokanyang molao wa kwa Roma le mekwalo ya baitsemolao ba ba neng ba tshela ka nako e e itsegeng thata ya molao (mo e ka nnang ka 100-250 C.E.). Go ya ka buka eno, ramolao mongwe e bong Ulpian o ne a umaka kgetsi nngwe e e neng ya sekasekiwa ke radipolotiki mongwe wa kwa Roma e bong Celsus, yo o neng a tshela ka lekgolo la bobedi la dingwaga. Mo kgetsing eno, mongwe o ne a jetse mofero mo tshimong ya motho yo mongwe mme dijalo di ne tsa swa. Buka eno e umaka dikgato tsa semolao tse mong wa tshimo a tshwanetseng go di tsaya gore motho yo o mo senyeditseng tshimo a mo duele.

Bosenyi joo jo bo maswe jo bo neng bo direga bogologolo kwa Mmusomogolong wa Roma, ruri bo bontsha gore kgang e Jesu a neng a e tlhalosa e ne e le tiragalo e e neng e tle e direge.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, naga ya Roma e ne e naya balaodi ba Bajuda taolo e e kana kang mo dikgannyeng tsa semolao?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga, Judea e ne e laolwa ke Baroma, mme ba ne ba emelwa ke molaodi le masole a gagwe. Tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go phuthela Baroma lekgetho le go tlhomamisa gore go nne go na le kagiso le gore dilo di dirwe ka thulaganyo. Baroma ba ne ba batla go fedisa ditiro tse di seng ka fa molaong le go otlhaya ope fela yo o neng a kgoreletsa tiro ya bone. Ntle le moo, Baroma ba ne ba letlelela balaodi ba mo Judea gore ba laole ditiro tse dingwe tsotlhe tsa mo kgaolong eo.

Go sekiwa kgetsi mo Sanehederineng ya Bajuda

Sanehederine e ne e le kgotlatshekelo ya makgaolakgang le lekgotla le le laolang dikgang tsa semolao tsa Bajuda. Kwa Judea, go ne go na le dikgotlatshekelo tse dingwe tse dinnye. Go ka direga gore bontsi jwa dikgetsi tsa selegae le tsa tlolomolao di ne di atlholelwa mo dikgotlatshekelong tseno mme balaodi ba Roma ba ne ba sa nne le seabe sepe mo go tsone. Le fa go ntse jalo, dikgotlatshekelo tseno di ne di thibetswe go atlholela dikebekwa loso—eno e ne e le tshwetso e e neng e tsewa ke Baroma fela. Le fa go ntse jalo, nako nngwe seno ga se a ka sa direga fa maloko a Sanehederine a ne a sekisa Setefane a bo a dira gore a kgobotlediwe ka maje.—Dit. 6:8-15; 7:54-60.

Ka jalo, Sanehederine ya Bajuda e ne e na le taolo e kgolo mo dikgannyeng tsa semolao. Mokanoki mongwe e bong Emil Schürer o ne a kwala jaana: “Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo eno e ne e na le bothata bongwe jo bo masisi, balaodi ba Roma ba ne ba ka tlhopha gore ka nako epe fela e nne bone ba atlholang kgetsi ka bobone, jaaka ba ile ba dira fa ba ne ba belaela gore mongwe o batla go menola puso.” Sekai sengwe sa kgang eno ke fa molaodi wa sesole e bong Claudius Lysias a ne a tshwara moaposetoloi Paulo, yo e neng e le moagi wa kwa Roma.—Dit. 23:26-30.