Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44

Dira ka Natla Gore o Nne le Ditsala Pele Bokhutlo bo Tla

Dira ka Natla Gore o Nne le Ditsala Pele Bokhutlo bo Tla

“Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe.”—DIA. 17:17.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Re tlile go tlhoka ditsala ka nako ya “pitlagano e kgolo” (Bona serapa 2) *

1-2. Go ya ka 1 Petere 4:7 le 8, ke eng se se tla re thusang go itshokela mathata?

FA METLHA ya bofelo e ntse e ya kwa bokhutlong re ka nna ra lebana le mathata a a boima. (2 Tim. 3:1) Ka sekai, morago ga ditlhopho kwa nageng nngwe kwa Afrika, go ile ga tsoga dintwa. Go ne ga feta dikgwedi di le thataro bakaulengwe le bokgaitsadi ba sa kgone go dira sepe ka ntlhaya dintwa tseo. Ke eng se se ba thusitseng go itshoka? Bangwe ba ile ba siela kwa magaeng a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang kwa mafelong a mangwe. Mokaulengwe mongwe a re: “Ka nako eo ke ile ka lemoga gore go botlhokwa go nna le ditsala. Re ne re kgothatsana.”

2 Ka nako ya “pitlagano e kgolo,” go nna le ditsala go tla re thusa. (Tshen. 7:14) Ka jalo go botlhokwa gore re nne le ditsala gone jaanong. (Bala 1 Petere 4:7, 8.) Re ka ithuta go le gontsi mo go Jeremia. Ditsala tsa gagwe di ile tsa mo thusa go itshokela mathata fa Jerusalema e ne e tloga e senngwa. * Re ka mo etsa jang?

ITHUTE MO GO SE SE DIRAGALETSENG JEREMIA

3. (a) Ke eng se se neng se ka dira gore Jeremia e nne motshelanosi? (b) Jeremia o ne a tlhola a bolelela Baruke eng, mme go ile ga felela jang?

3 Go ne ga feta dingwaga di feta 40 Jeremia a nna le batho ba ba sa ikobeleng Jehofa. Bangwe ba bone e ka tswa e ne e le baagisani le ba masika ba ba neng ba nna kwa Anathothe. (Jer. 11:21; 12:6) Le fa gone a ne a tshela le batho ba ba  ntseng jalo, e ne e se motshelanosi. O ne a tlhola a bolelela Baruke gore o ikutlwa jang. Mme le rona re a itse gore o ne a ikutlwa jang ka gonne tsela e a neng a ikutlwa ka yone e kwadilwe mo Baebeleng. (Jer. 8:21; 9:1; 20:14-18; 45:1) Ga go pelaelo gore fa Baruke a ntse a kwala dilo tsotlhe tse di neng tsa diragalela Jeremia, ene le Jeremia e ne ya nna ditsala tse di ntshanang se inong.—Jer. 20:1, 2; 26:7-11.

4. Jehofa o ile a naya Jeremia tiro efe, mme tiro eo e ile ya thusa jang Jeremia le Baruke gore ba atamalane le go feta?

4 Jeremia o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a bolelela Baiseraele gore Jerusalema e tlile go senngwa. (Jer. 25:3) Jehofa o ne a batla gore batho ba tlogele go dira dilo tse di bosula, ka jalo o ile a laela Jeremia gore a ba tsibose gape ka go ba kwalela ditlhagiso tseo. (Jer. 36:1-4) E re ka Baruke e ne e le mokwaledi wa ga Jeremia, ba ile ba bereka mmogo mo tirong eno e ba neng ba e neilwe ke Jehofa, e e ka tswang e tsere dikgwedi di le dintsinyana. Fa ba ntse ba bereka mmogo, ga go pelaelo gore ba ile ba tlotla ka dilo tse di ileng tsa nonotsha tumelo ya bone.

5. Baruke o ile a dirang go bontsha gore ke tsala e e molemo?

5 Fa ba fetsa go kwala ditlhagiso tse di tswang kwa go Jehofa, Baruke ke ene a ileng a ya go di bolelela batho ka gonne Jeremia o ne a tshwerwe. (Jer. 36:5, 6) Baruke ga a ka a tshaba go ba bolelela molaetsa oo le fa go dira jalo go ne go le kotsi. Jeremia o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa Baruke a ne a ya kwa tempeleng a ya go bolelela batho molaetsa o o neng o tswa kwa go Jehofa. (Jer. 36:8-10) Fa dikgosana tsa Juda di utlwa gore Baruke o ntse a balela batho molaetsa o o tswang kwa go Jehofa, ba ile ba mo laela gore le bone a ba balele. (Jer. 36:14, 15) Go tswa foo ba ile ba ya go bolelela kgosi Jehoiakime molaetsa  oo o o tswang kwa go Jehofa. Gape ba ile ba raya Baruke ba re: “Tsamaya, o iphitlhe, wena le Jeremia, gore ope a se ka a itse gore lo kae.” (Jer. 36:16-19) Kgakololo eo e ile ya thusa Jeremia le Baruke fela thata.

6. Jeremia le Baruke ba ile ba dira eng fa kgosi e ne e laela gore ba tshwarwe?

6 Fa Kgosi Jehoiakime a ne a balelwa dilo tse Jeremia a neng a di kwadile, o ile a galefa tota. O ne a fisa momeno o molaetsa oo o neng o kwadilwe mo go one a bo a laela gore Baruke le Jeremia ba tshwarwe. Mme gone, Jeremia e ne e se legatlapa. O ne a naya Baruke momeno o mongwe a bo a mo kopa gore a boe a kwale molaetsa wa ga Jehofa gape. Baebele ya re Baruke o ne a kwala “mafoko otlhe a buka e Jehoiakime kgosi ya Juda a e fisitseng mo molelong.”—Jer. 36:26-28, 32.

7. Go ka tswa go ile ga diregang fa Jeremia le Baruke ba ne ba bereka mmogo?

7 Fa batho ba lebana le mathata ba bo ba thusana go a itshokela, go le ga ntsi botsala jwa bone bo a tia. Gongwe seo ke se se ileng sa direga fa Kgosi Jehoiakime a ne a fisa momeno o Baruke le Jeremia ba neng ba o kwadile. Fa ba ntse ba bereka mmogo ba kwala momeno o mongwe, ba ile ba itsane botoka mme ba ile ba atamalana le go feta. Re ka ithuta eng mo go bone?

BOLELELA DITSALA TSA GAGO GORE O IKUTLWA JANG

8. Ke eng se se ka dirang gore o se ka wa nna le ditsala mme ke eng fa go le botlhokwa gore o nne le ditsala?

8 O ka tswa o tshaba go bolelela batho gore o ikutlwa jang ka gonne mongwe a ile a go utlwisa botlhoko morago ga go mmolelela tsela e o ikutlwang ka yone. (Dia. 18:19, 24) Kgotsa o ka tswa o akanya gore ga o kgone go nna le ditsala. Mme gone, ga re a tshwanela go akanya jalo. Fa re batla gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re thuse ka nako ya mathata, re tshwanetse go ba bontsha gore re a ba tshepa gone jaanong ka go ba bolelela gore re ikutlwa jang.—1 Pet. 1:22.

9. (a) Jesu o ile a bontsha jang gore o tshepa ditsala tsa gagwe? (b) Go bolelela ba bangwe gore o ikutlwa jang go ka go thusa jang gore o nne le ditsala? Naya sekai.

9 Jesu o ne a bontsha gore o tshepa ditsala tsa gagwe ka gonne o ne a ba bolelela sengwe le sengwe. (Joh. 15:15) Re ka mo etsa jang? Ka go bolelela ditsala tsa rona sengwe le sengwe. Re tshwanetse go ba bolelela dilo tse di re itumedisang, tse di re utlwisang botlhoko le tse di re tshwenyang. Fa mongwe a go bolelela gore o ikutlwa jang, mo reetse, ka gonne o ka nna wa fitlhela e le gore lo ikutlwa ka tsela e e tshwanang kgotsa lo eletsa go dira dilo tse di  tshwanang. Akanya ka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Cindy. Le fa a na le dingwaga di le 29, o ile a tsalana le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Marie-Louise yo o nang le dingwaga di le 67. Cindy a re: “Ke rata go tlotla le ditsala tsa me ka dikgang tse di botlhokwa ka gonne seno se nthusa gore ke ba itse botoka.” Fa o bolelela ditsala tsa gago gore o ikutlwa jang e bile o ba reetsa fa le bone ba go bolelela gore ba ikutlwa jang, lo tla atamalana thata. Fela jaaka Cindy, fa o bulela ditsala tsa gago mafatlha, lo tla ratana.—Dia. 27:9.

BEREKA LE BONE

Ditsala tse di ratanang di bereka mmogo mo bodireding (Bona serapa 10)

10. Go ya ka Diane 27:17, ke eng se se ka nnang sa direga fa re bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

10 Fela jaaka go ile ga direga ka Jeremia le Baruke, fa re bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re ithuta go le gontsi mo go bone e bile re atamalana thata le bone. (Bala Diane 27:17.) Ka sekai, a re re o bereka le tsala ya gago mo tshimong, o bo o utlwa a tlhalosetsa batho lebaka la go bo a dumela se a se dumelang kgotsa a bua a tlhatswegile pelo ka dilo tse Jehofa a tlileng go re direla tsone. O ne o tla ikutlwa jang? Ga go pelaelo gore o tla mo rata le go feta.

11-12. Go bereka le ditsala tsa rona mo bodireding go ka re thusa jang? Naya sekai.

11 Gantsi fa batho ba bereka mmogo mo bodireding, ba a atamalana. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 23 yo o bidiwang Adeline o ne a kopa tsala ya gagwe e e bidiwang Candice go tsamaya le ene mo bodireding. A re: “Re ne re batla go dira sengwe se se neng se tla re thusa go tswelela re direla Jehofa ka natla.” Go bereka mmogo go ile ga ba thusa jang? Adeline a re: “Letsatsi le letsatsi fa re tswa tshimong, re ne re tlotla ka ditiragalo tsa letsatsi e bile re tlotla ka tsela e Jehofa a re thusitseng ka yone mo letsatsing leo. Re ne re rata go tlotla, mme seo se ile sa re thusa gore re itsane botoka.”

12 Bokgaitsadi bangwe ba kwa Fora e bong Laïla le Marianne ba ile ba fetsa dibeke di le tlhano ba rera kwa toropong nngwe  e e nang le batho ba le bantsi kwa Central African Republic. Laïla a re: “Le fa nna le Marianne re ne re tlhola re kopana le mathata, re ne re buisana sentle, ka jalo re ile ra atamalana thata. Fa ke lemoga gore o kgona go tshela mo maemong mangwe le mangwe, o rata bodiredi e bile o rata batho, ke ne ka mo rata le go feta.” Ga o tlhoke go fudugela kwa nageng e nngwe gore o itumelele go bereka le ba bangwe mo bodireding. Nako le nako fa o bereka le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe mo bodireding, o bulegelwa ke tshono ya go mo itse botoka.

AKANYA KA DILO TSE DINTLE TSE BA DI DIRANG E BILE O SE KA WA BOLOKA SEKGOPI

13. Go ka nna ga diregang fa re bereka le ditsala tsa rona?

13 Ka dinako tse dingwe fa re bereka le ditsala tsa rona, ga re lemoge fela dilo tse di ntle tse ba di dirang, gape re bona le makoa a bone. Fa seo se direga, ke eng se se ka re thusang? Akanya gape ka Jeremia. Ke eng se se mo thusitseng go bona dilo tse di ntle tse ditsala tsa gagwe di neng di di dira le go tlhokomologa makoa a bone?

14. Jeremia o ile a ithuta eng ka Jehofa, mme seo se ile sa mo thusa jang?

14 Jeremia ke ene a kwadileng buka ya Baebele ya Jeremia. Gape a ka tswa a kwadile le Dikgosi wa Ntlha le Dikgosi wa Bobedi. Fa a ntse a kwala dibuka tseo, o ile a lemoga gore Jehofa o kgona go itshwarela batho fa ba dirile diphoso. Ka sekai, fa Kgosi Ahabe a sena go ikwatlhaela maleo a gagwe, Jehofa o ne a mo itshwarela. Gape Jehofa ga a ka a fedisa ba lelapa la ga Ahabe ka nako ya fa a sa ntse a tshela. (1 Dikg. 21:27-29) Gape Jeremia o ne a itse gore Kgosi Manase o ne a le bosula go feta Kgosi Ahabe. Le fa go ntse jalo, le ene Jehofa o ile a mo itshwarela fa a ne a ikwatlhaya. (2 Dikg. 21:16, 17; 2 Ditir. 33:10-13) Dipego tseno di ile tsa thusa Jeremia fa a ne a dirisana le ditsala tsa gagwe. Di ile tsa mo thusa gore a nne pelotelele le gore a nne kutlwelobotlhoko.—Pes. 103:8, 9.

15. Jeremia o ile a etsa Jehofa jang fa Baruke a ne a simolola go iteega tsebe?

15 Akanya ka tsela e Jeremia a ileng a thusa Baruke ka yone fa Baruke a ne a simolola go iteega tsebe. Jeremia ga a ka a tlhoboga tsala ya gagwe, go na le moo, o ne a mmolelela molaetsa wa tlhagiso o o tswang kwa go Jehofa. (Jer. 45:1-5) Pego eno e re ruta eng?

Ditsala tse di ratanang di a itshwarelana (Bona serapa 16)

16. Go ya ka Diane 17:9, re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re na le ditsala?

16 Ga re a tshwanela go lebelela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba se ka ba dira diphoso. Ka jalo, fa re setse re na le ditsala, re tshwanetse go leka ka natla gore botsala jwa rona bo se ka jwa fela. Fa ditsala tsa rona di dira diphoso, re ka nna ra tshwanelwa ke go ba gakolola re dirisa Baebele. (Pes. 141:5) Mme fa ba re utlwisitse botlhoko, re tshwanetse go ba itshwarela. Fa re setse re ba itshwaretse, ga re a tshwanela go boa re bua ka kgang eo gape. (Bala Diane 17:9.) Go botlhokwa tota gore re akanye ka dilo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang sentle go na le go nnela go akanya ka dilo tse ba sa di direng sentle. Fa re dira jalo, re tla atamalana le bone mme seno se botlhokwa thata ka gonne ka nako ya pitlagano e e kgolo, re tlile go tlhoka ditsala.

BA RATE GO TSWA PELONG

17. Jeremia o ile a bontsha jang gore ke tsala ya mmatota fa go ne go le thata?

17 Moporofeti Jeremia o ile a dira dilo dingwe tse di neng di bontsha gore ke tsala ya mmatota ka dinako tsa mathata. Ka sekai,  nako nngwe Jeremia o ile a latlhelwa mo khuting e e tletseng seretse mme Ebede-meleke o ne a ya go mo ntsha. Moragonyana, Ebede-meleke o ne a tshaba gore dikgosana tsa Juda di tlile go mmolaya ka ntlha ya se a se dirileng. Fa Jeremia a utlwa ka kgang eno, ga a ka a dula fela a sa dire sepe, gongwe a ipolelela gore Ebede-meleke o tla kgona go itshoka. Le fa gone a ne a tshwerwe, o ile a kgothatsa Ebede-meleke ka go mmolelela molaetsa wa kgomotso o o neng o tswa kwa go Jehofa.—Jer. 38:7-13; 39:15-18.

Ditsala tse di ratanang di a thusana ka dinako tsa mathata (Bona serapa 18)

18. Go ya ka Diane 17:17, re tshwanetse go dira eng fa tsala ya rona e na le mathata?

18 Gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kopana le mathata a le mantsi. Ka sekai, ba le ba ntsi ba a boga ka ntlha ya dintwa kgotsa masetlapelo a tlholego. Fa ba tlhagelwa ke mathata ano, bangwe ba rona ba ka kgona go ba amogela mo magaeng a bone. Ba bangwe ba ka kgona go ba thusa ka moneelo. Mme rotlhe re tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba thuse. Fa re lemoga gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe o kgobegile marapo, re ka tswa re sa itse gore re mo reye re reng kgotsa re direng. Mme gone, re tshwanetse go mo thusa. Ka sekai, re ka nna ra mo etela, ra mo reetsa fa a re bolelela gore o ikutlwa jang re bo re mmalela lekwalo lengwe le le gomotsang mo Baebeleng. (Isa. 50:4) Selo sa botlhokwa ke gore re nne teng fa ditsala tsa rona di re tlhoka.—Bala Diane 17:17.

19. Go nna le ditsala gone jaanong go tla re thusa jang mo nakong e e tlang?

19 Re tshwanetse go leka ka natla go nna le ditsala gone jaanong. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ba sa re rateng, ba tlile go leka go re kgaoganya. Ba tla leka go dira gore re se ka ra tlhola re tshepana e bile re se ka ra thusana. Mme maano a bone a tla itaya se fololetse ka gonne re ratana go tswa pelong. Ga go na sepe se ba ka se dirang se se tla dirang gore re kgaogane. Tota e bile, re tla tswelela re le ditsala go ya go ile.

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

^ ser. 5 E re ka bokhutlo bo ntse bo atamela, re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le ditsala mo phuthegong. Mo setlhogong seno re tla bona gore re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jeremia. Gape re tla bona gore go nna le ditsala go tla re thusa jang fa re lebana le mathata.

^ ser. 2 Ditiragalo tse di mo bukeng ya Jeremia ga di a kwalwa go ya ka tatelano.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSWANTSHO: Setshwantsho seno se re bontsha se se ka nnang sa direga ka nako ya “pitlagano e kgolo.” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo ntlong ya mokaulengwe mongwe mme ba a kgothatsana ka nako eo e e thata. Ditshwantsho tseno di bontsha gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano e ne e ntse e le ditsala pele pitlagano e kgolo e simolola.