Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bopelonomi—Bo Bontshiwa ka Mafoko le ka Ditiro

Bopelonomi—Bo Bontshiwa ka Mafoko le ka Ditiro

RE A gomotsega fa re bontshiwa bopelonomi. Fa re lemoga gore mongwe o a re rata, re a itumela. E re ka rotlhe re batla go bontshiwa bopelonomi, re ka nna jang le nonofo eno e e kgatlhang?

Gore re nne pelonomi, re tshwanetse go rata batho ba bangwe e bile re tshwanetse go bontsha seno ka go bua le go ba direla dilo tse di tla ba thusang. E re ka bopelonomi bo bontshiwa ka ditiro, ga re a tshwanela go dira dilo tse di molemo ka gonne re batla go kgatlha ba bangwe. Go na le moo, re tshwanetse go dira jalo ka gonne re rata batho e bile re ba akanyetsa. Mo godimo ga moo, bopelonomi ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo mme Bakeresete botlhe ba kgothalediwa gore ba leke ka natla go nna le nonofo eno. (Bagal. 5:22, 23) E re ka re tshwanetse go nna pelonomi, mma re bone gore Jehofa le Morwawe ba ile ba bontsha jang nonofo eno le gore re ka etsa sekao sa bone jang.

JEHOFA O BONTSHA BATHO BOTLHE BOPELONOMI

Jehofa o bontsha batho botlhe bopelonomi, go akaretsa “ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo.” (Luke 6:35) Ka sekai, o “tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Math. 5:45) Ka jalo, tota le batho ba ba ganetsang gore Jehofa ke Mmopi ba solegelwa molemo ke dilo tse Jehofa a di dirileng gore re kgone go tshela e bile ba a di itumelela.

Jehofa o ile a bontsha Adame le Efa bopelonomi. Fa ba sena go tlola molao wa gagwe, ba ne ba “rokaganya matlhare a difeige ba itirela dilo tse ba ipipang matheka ka tsone.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore ba ne ba tla tlhoka diaparo gore ba kgone go tshela kwa ntle ga tshimo ya Edene e re ka mmu one o hutsitswe ka “mitlwa le sitlwasitlwane.” Ka jalo, Jehofa o ne a ba direla “diaparo tse di telele tsa letlalo.”—Gen. 3:7, 17, 18, 21.

Le fa gone Jehofa a bontsha “batho ba ba boikepo le ba ba molemo” bopelonomi, o itumelela segolobogolo go bo bontsha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka sekai, ka nako ya ga moporofeti Sekarea, moengele o ne a utlwile botlhoko ka gonne batho ba ne ba tlogetse go aga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Jehofa o ne a mo reetsa mme a mo araba ka “mafoko a a molemo [kgotsa a bopelonomi], mafoko a a gomotsang.” (Seka. 1:12, 13) Jehofa o ne a dira se se tshwanang ka moporofeti Elija. Nako nngwe Elija o ne a kgobegile marapo thata mo a neng a kopa Jehofa gore a mmolaye. Jehofa o ne a itse gore Elija o ikutlwa jang, ka jalo, o ne a romela moengele gore a ye go mo nonotsha. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Elija gore ga se ene fela a ikanyegang mo go Ene. Seno se ne sa mo thusa gore a tswelele ka kabelo ya gagwe. (1 Dikg. 19:1-18) Ke motlhanka ofe wa ga Jehofa yo o ileng a bontsha nonofo eno ka botlalo?

 JESU O NE A BONTSHA BATHO BOPELONOMI

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itsege e le motho yo o pelonomi le yo o akanyetsang batho. O ne a se bogale e bile a sa kgerise batho. O ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. . . . Gonne jokwe ya me e bopelonomi.” (Math. 11:28-30) E re ka a ne a le pelonomi, batho ba ne ba mo sala morago gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone. E re ka Jesu a ne “a ba tlhomogela pelo” o ne a ba fepa, a fodisa ba ba lwalang e bile a ba ruta “dilo di le dintsi” ka Rragwe.—Mar. 6:34; Math. 14:14; 15:32-38.

Jesu o ne a bontsha gore o tlhaloganya tsela e batho ba ikutlwang ka yone e bile o ne a ba bontsha bopelonomi le gore o a ba akanyetsa. Le fa Jesu a ne a batla go ikhutsa, o ne a amogela ka “bopelonomi” batho botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene. (Luke 9:10, 11) Ka sekai, mosadi mongwe yo o neng a na le kelelo ya madi o ile a mo tshwara ka gonne one a batla go fola. Jesu ga a ka mo omanya le fa gone go ya ka molao, mosadi yoo a ne a itshekologile. (Lefi. 15:25-28) Jesu o ne a utlwela mosadi yono yo o neng a na le dingwaga di le 12 a boga. O ne a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” (Mar. 5:25-34) Eleruri o ne a mo bontsha bopelonomi!

BONTSHA KA DITIRO GORE O PELONOMI

Jaaka re bone mo sekaing sa ga Jehofa le Jesu, bopelonomi bo bontshiwa ka ditiro. Jesu o ile a bontsha boammaaruri jwa seno mo setshwantshong se a ileng a se dira sa Mosamarea yo o molemo. Le fa gone Bajuda le Basamarea ba ne ba sa utlwane, mo setshwantshong sa ga Jesu, monna wa Mosamarea o ile a utlwela monna wa Mojuda botlhoko yo o neng a iteilwe ke magodu e bile ba mo tlogetse a le gaufi le go swa. E re ka monna yoo a ne a le pelonomi, o ile a mo thusa. O ne a bofa dintho tsa gagwe a bo a mo isa kwa ntlong ya baeti. O ile a duela mong wa ntlo eo gore a tlhokomele monna yo o gobetseng, mo godimo ga moo, o ile a re o tla duelela le ditshenyegelo tse dingwe.—Luke 10:29-37.

Ke boammaaruri gore bopelonomi bo bontshiwa ka ditiro, mme gape re ka bo bontsha ka go bua mafoko a a kgothatsang. Ka jalo, le fa gone ‘go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho e le gone go e obang,’ Baebele ya re: “Lefoko le le molemo le a e ipedisa.” (Dia. 12:25) Fa re le molemo e bile re le pelonomi, re tla bua dilo tse di agang le ba bangwe mme seno se tla ba kgothatsa. * Mafoko a rona a tla ba bontsha gore re a ba rata mme seno se tla ba thusa gore ba kgone go emelana le dikgwetlho tsa botshelo.—Dia. 16:24.

KE ENG SE SE KA GO THUSANG GO NNA PELONOMI?

Batho botlhe ba bopilwe “mo setshwanong sa Modimo,” ka jalo, ba ka kgona go nna le nonofo eno. (Gen. 1:27) Ka sekai, modiredi wa masole a Roma yo o neng a tlhokometse moaposetoloi Paulo fa a ya kwa Roma e bong Juliase o ne a tshwara Paulo “ka bopelonomi mme a mo letla go ya kwa ditsaleng tsa gagwe le go ipelela tlhokomelo ya bone” kwa motseng wa Sidona. (Dit. 27:3) Nakonyana morago ga moo, baagi ba kwa Maleta ba ile ba bontsha Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang” fa ba sena go thubegelwa ke sekepe. Ba ile ba ba gotsetsa molemo gore ba ikomose. (Dit. 28:1, 2) Se baagi bano ba se dirileng se ne se le molemo, mme gone, fa re batla go nna pelonomi, ga re a tshwanela go direla batho dilo tse di molemo ka dinako dingwe fela.

Fa re batla go itumedisa Modimo, bopelonomi e tshwanetse go nna karolo ya botho jwa rona e bile re tshwanetse go bo bontsha  ka dinako tsotlhe. Ke gone ka moo Jehofa a reng re ‘apare’ bopelonomi. (Bakol. 3:12) Mme gone, ka dinako dingwe ga go motlhofo go bontsha nonofo eno. Ka ntlha yang? Ka gonne gongwe re ditlhong, ga re itshepe, re a bogisiwa kgotsa ka tsela nngwe re sa ntse re le pelotshetlha. Mme gone, fa re ikaega ka moya o o boitshepo e bile re leka ka natla go etsa sekao sa ga Jehofa, re ka kgona go bontsha ba bangwe bopelonomi le fa gone go se motlhofo.—1 Bakor. 2:12.

A re tlhoka go tokafatsa tsela e re bontshang ba bangwe bopelonomi ka yone? Ipotse jaana: ‘A ke moreetsi yo o pelotlhomogi? A ke itse dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang? Ke feleleditse leng go bontsha mongwe yo ke sa mo itseng bopelonomi?’ Fa re sena go araba dipotso tseno, re ka ipeela mokgele wa go itse batho ba bangwe botoka, segolobogolo ba re kopanelang le bone. Fa re dira jalo, re tla itse dilo tse ba di tlhokang. Go tswa foo, re tshwanetse go leka go ba bontsha bopelonomi ka tsela e re neng re ka batla go bo bontshiwa ka yone. (Math. 7:12) Jehofa o tla re segofatsa, e bile fa re mo kopa, o tla re thusa go nna le nonofo eno.—Luke 11:13.

BOPELONOMI BO GOGELA BA BANGWE

Fa Paulo a ne a tlhalosa dilo tse di bontshang gore o direla Modimo, o ile a umaka “bopelonomi.” (2 Bakor. 6:3-6) Batho ba ne ba rata Paulo ka gonne o ne a bontsha gore o a ba kgatlhegela. O ile a bontsha seo ka tsela e a neng a bua le a neng a dirisana le bone ka yone. (Dit. 28:30, 31) Ka tsela e e tshwanang, fa re bontsha ba bangwe bopelonomi, ba ka nna ba kgatlhegela go ithuta boammaaruri. Fa re bontsha batho ba ba re bogisang bopelonomi, seo se ka fokotsa bogale jwa bone. (Bar. 12:20) Gongwe e bile morago ga nako, ba ka nna ba kgatlhegela go ithuta Baebele.

Mo lefatsheng le lesha, batho ba le bantsi ba ba tla bong ba tsositswe ba tlile go itumelela go bontshiwa bopelonomi. Tota e bile, bangwe ba bone ba tla bo ba simolola go bontshiwa nonofo eno. Ka ntlha ya seo, le bone ba tla bontsha ba bangwe bopelonomi. Ope fela yo o sa batleng go bontsha ba bangwe bopelonomi ga a kitla a bona botshelo jo bo sa khutleng. Batho botlhe ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng ba tla bontshana bopelonomi le lorato. (Pes. 37:9-11) Re tla bo re tshela ka kagiso e bile re sireletsegile. Mme gone, go bontsha bopelonomi go ka re solegela molemo jang gone jaanong?

MASEGO A GO BONTSHA BOPELONOMI

Baebele ya re: “Motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang.” (Dia. 11:17) Batho ba rata motho yo o pelonomi mme le ene ba mmontsha bopelonomi. Jesu o ne a re: “Ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Luke 6:38) Ka jalo, go motlhofo gore motho yo o pelonomi a nne le ditsala tse di siameng.

Moaposetoloi Paulo o ile a raya Bakeresete ba kwa Efeso a re: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baef. 4:32) Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba akanyetsana, ba bontshana bopelonomi e bile ba thusana, botlhe mo phuthegong ba a itumela. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano le ka motlha ga ba ke ba kgoba ba bangwe, ba ba kgala kgotsa ba dirisa mafoko a tshotlo fa ba bua le bone. Ga ba sebe ba bangwe, go na le moo, ba a ba aga. (Dia. 12:18) Ka ntlha ya seo, go nna le kutlwano e bile botlhe mo phuthegong ba direla Jehofa ba itumetse.

Eleruri, bopelonomi bo bontshiwa ka mafoko le ka ditiro. Fa re bontsha ba bangwe bopelonomi, re a bo re etsa botho jwa ga Jehofa. (Baef. 5:1) Fa re bontsha nonofo eno, go tla nna le kutlwano mo phuthegong e bile re tla thusa ba bangwe gore ba kgatlhegele go ithuta boammaaruri. E kete re ka itsiwe re le batho ba ba pelonomi!

^ ser. 13 Re tla tlotla ka nonofo ya molemo mo nakong e e tlang mo motseletseleng ono wa ditlhogo di le robongwe tse di buang ka dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang.