Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lo Ntshitswe mo Lefifing

Lo Ntshitswe mo Lefifing

‘[Jehofa] o ne a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’—1 PET. 2:9.

PINA: 116, 102

1. Tlhalosa se se neng sa direga fa motse wa Jerusalema o ne o senngwa.

KA 607 B.C.E., mophato o mogolo wa masole o o neng o eteletswe pele ke Kgosi Nebukadenesare II o ne wa tlhasela motse wa Jerusalema. Baebele e bua jaana ka ntwa eo e e neng ya bolaya batho ba le bantsi: ‘Nebukadenesare o ne a bolaya makau a bone ka tšhaka mo ntlong ya lefelo la bone le le boitshepo, le gone o ne a se ka a tlhomogela pelo lekau le fa e le kgarebane, yo o tsofetseng kgotsa yo o koafaditsweng ke botsofe. . . . Mme a fisa ntlo ya Modimo wa boammaaruri a ba a rutla lobota lwa Jerusalema; mme a fisa ditora tsotlhe tsa yone tsa bonno ka molelo le dilwana tsotlhe tsa yone tse di eletsegang, gore a bake tshenyo.’—2 Ditir. 36:17, 19.

2. Jehofa o ne a tlhagisa Bajuda ka tshenyego efe, mme ba ne ba tla diragalelwa ke eng?

2 Baagi ba Jerusalema ba ne ba itse gore motse wa bone o ne o tlile go senngwa. Go ne go fetile dingwaga baporofeti ba Modimo ba ntse ba tlhagisa Bajuda gore fa ba ne ba ka tswelela ba itlhokomolosa Molao wa Modimo, ba ne ba tla gapiwa ke Bababelona. Bajuda ba le bantsi ba ne ba tla bolawa ke masole, mme ope fela yo o falotseng o ne a tla isiwa botshwarwa kwa Babelona. (Jer. 15:2) Botshelo jwa Bajuda bo ne bo ntse jang kwa Babelona? A go na le tiragalo nngwe mo hisitoring ya Bakeresete e e tshwanang le go isiwa ga Bajuda kwa Babelona? Fa go le jalo, e diragetse leng?

 BOTSHELO KWA BABELONA

3. Botshelo jwa Bajuda kwa Babelona bo ne bo farologane jang le botshelo jwa bokgoba jwa Baiseraele kwa Egepeto?

3 Se baporofeti ba neng ba se boleletse pele se ne sa direga. Jehofa o ne a dirisa Jeremia go gakolola batho ba ba neng ba tla isiwa botshwarwa gore ba amogele botshelo jwa bone jo bosha mme ba bo itumelele. O ne a re: “Agang matlo lo nne mo go one, lo jale ditshingwana mme lo je maungo a tsone. Gape, batlang kagiso ya motse o ke dirileng gore lo ye botshwarwa kwa go one, mme lo o rapelele kwa go Jehofa, gonne mo kagisong ya one go tla nna le kagiso ya lona.” (Jer. 29:5, 7) Ba ba neng ba ikobela Modimo, ba ne ba tshela sentle kwa Babelona. Bababelona ba ne ba letla Bajuda gore ba dire dilo dingwe tsa botho jaaka ba batla. Ba ne ba bo ba ba letlelela go etela mafelo a mangwe mo nageng eo. Mo metlheng eo, Babelona e ne e le lefelo la konokono la kgwebo e bile dipego tse di epolotsweng di bontsha gore Bajuda ba le bantsi ba ne ba ithuta kgwebo ya go rekisa kwa Babelona mme ba bangwe e ne ya nna ditswerere tsa tiro ya diatla. Tota e bile, Bajuda bangwe ba ne ba huma. Botshelo jwa Bajuda kwa Babelona bo ne bo farologane thata le botshelo jwa bokgoba jwa Baiseraele kwa Egepeto.—Bala Ekesodo 2:23-25.

4. Ke bomang gape ba ba neng ba amiwa ke botshwarwa jwa kwa Babelona, mme ke eng se se neng sa ba thibela go obamela Modimo ka tsela e e siameng?

4 Le fa gone Bajuda ba ne ba na le dilo tse ba di tlhokang kwa botshwarwa, gotweng ka kamano ya bone le Modimo? Tempele ya ga Jehofa le sebeso sa yone di ne di sentswe, mme baperesiti ba ne ba sa tlhole ba direla ka tsela e e rulaganeng sentle. Bangwe ba Bajuda ba ba neng ba tshwerwe e ne e le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba neng ba sa dira molato ope, le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go boga le batshwarwa ba bangwe botlhe. Mme gone, ba ne ba leka ka natla go ikobela Molao wa Modimo. Ka sekai, fa Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo e bong Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba le kwa Babelona, ga ba a ka ba ja dijo tse Bajuda ba neng ba di ileditswe. Mo godimo ga moo, Daniele o ne a rapela Modimo ka metlha. (Dan. 1:8; 6:10) Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba laolwa ke puso ya batho ba ba sa obameleng Modimo wa boammaaruri, ba ne ba ka se kgone go ikobela Molao wa Modimo ka botlalo.

5. Jehofa o ne a solofetsa batho ba gagwe eng, mme ke eng fa tsholofetso eno e ne e kgatlha?

5 A Baiseraele ba ne ba tla boa gape ba obamela Modimo ka tsela e a e amogelang? Ka nako eo, go ne go bonala seo se ka se direge. Molao wa Babelona o ne o sa letle gore batshwarwa ba gololwe. Le fa go ntse jalo, molao oo o ne o sa dumalane le maikaelelo a ga Jehofa. O ne a re batho ba gagwe ba tla gololwa mme go ne ga nna fela jalo. Ka metlha Modimo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.—Isa. 55:11.

A GO NA LE SENGWE SE SE TSHWANANG, SE SE DIRAGETSENG MO MOTLHENG WA RONA?

6, 7. Ke eng fa re tlhoka go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang ya gore batho ba Modimo ba ne ba nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo leng?

6 A Bakeresete ba kile ba lebana le maemo a a tshwanang le a Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa? Makasine wa Tora ya Tebelo ga o bolo go tlhalosa gore batho ba Modimo e ne ya nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo ka 1918 go fitlha ka 1919. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a go bo re tlhoka go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang eno ka yone. Re tla sekaseka mabaka ao mo setlhogong seno le se se latelang.

7 Akanya ka seno: Babelona yo Mogolo ke mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka. Ka jalo, gore batho ba Modimo e nne batshwarwa ba Babelona yo Mogolo ka 1918, ba ne ba tla tshwanelwa gore ka tsela nngwe, e nne makgoba a bodumedi jwa maaka ka nako eo. Le fa go ntse jalo, dipego di bontsha gore mo dingwageng tsa pele Ntwa ya Lefatshe I e runya, batho  ba Modimo e ne e se makgoba a Babelona yo Mogolo, go na le moo, tota ba ne ba ikgaoganya le ene. Gone ke boammaaruri gore ka ntwa ya ntlha ya lefatshe batlodiwa ba ne ba bogisiwa, mme gone, ba ne ba bogisiwa ke balaodi ba dipuso e seng Babelona yo Mogolo. Ka jalo, ga go bonale batho ba ga Jehofa ba ile ba nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo ka 1918.

BATHO BA MODIMO BA NNILE BATSHWARWA BA BABELONA YO MOGOLO LENG?

8. Tlhalosa kafa bodumedi jwa boammaaruri jwa Bokeresete bo neng jwa tshwaetsega ka gone. (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Ka Pentekosete ya 33 C.E., Bajuda le basokologi ba le diketekete ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Bakeresete ba basha bano ba ne ba nna “lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng.” (Bala 1 Petere 2:9, 10.) Fa baaposetoloi ba ne ba sa ntse ba tshela, ba ne ba tlhokometse phuthego ya Modimo fela thata. Le fa go ntse jalo, fa baaposetoloi botlhe ba sena go swa, go ne ga nna le banna ba ba neng ba “bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:30; 2 Bathes. 2:6-8) Bontsi jwa banna bano ba ne ba na le maikarabelo mo phuthegong, e ne e le balebedi mme moragonyana ba nna bobishopo. Le fa gone Jesu a ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe,” go ne ga simolola go nna le setlhopha sa ba ba neng ba ipitsa baruti. (Math. 23:8) Banna ba ba itsegeng ba ba ratang dithuto tsa ga Aristotle le Plato ba ne ba buelela dithuto tsa maaka tsa bodumedi mme di ne tsa anama thata go gaisa dithuto tse di boammaaruri tsa Baebele.

9. Tlhalosa kafa Puso ya Roma e neng ya ema Bokeresete jwa botlhanogi nokeng ka gone, mme go ne ga felela jang?

9 Ka 313 C.E., Mmusimogolo wa kwa Roma e bong Constantine o ne a letlelela Bokeresete jono jwa botlhanogi semolao. Fa e sa le ka nako eo, Dikereke di ne tsa simolola go dirisana le Puso. Ka sekai, morago ga kopano ya Lekgotla la Dikereke la Nicaea, Constantine, yo o neng a le teng mo kopanong eo, o ne a isa moruti mongwe e bong Arius botshwarwa ka gonne moruti yoo a ne a gana go dumela gore Jesu ke Modimo. Moragonyana, Mmusimogolo Theodosius I (379-395 C.E.), o ne a dira gore Kereke ya Katoliki e e neng e tshwaeditswe ke dithuto tse di seng boammaaruri, e nne bodumedi jwa semmuso jwa Mmusomogolo wa Roma. Bakwadi ba hisitori ba tlhalosa gore Roma e ne ya nna naga ya Bokeresete (Bokeresete jwa maaka) ka lekgolo la bonè la dingwaga. Boammaaruri ke gore ka nako eo, mofuta mongwe wa Bokeresete jwa botlhanogi o ne o tshwaragane le mekgatlho ya bodumedi jwa maaka ya Mmusomogolo wa Roma go nna maloko a Babelona yo Mogolo. Le fa go ntse jalo, setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ne se leka ka natla go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang, mme tiro ya sone e ne e hupediwa ke dithuto tsa maaka. (Bala Mathaio 13:24, 25, 37-39.) Eleruri e ne e le batshwarwa ba Babelona yo Mogolo!

10. Ke eng se se neng sa thusa batho gore ba gane dithuto tsa maaka tsa dikereke?

10 Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba kgona go bala Baebele ka Segerika kgotsa Selatine. Ka jalo, ba ne ba ka kgona go bapisa Lefoko la Modimo le dithuto tse di neng di rutiwa kwa dikerekeng. Bangwe ba bone ba ne ba gana dithuto tsa maaka tsa dikereke ka ntlha ya se ba neng ba se bala mo Baebeleng, mme gone, go tlhalosa gore ga ba dumele dithuto tseo go ne go le kotsi, tota e bile ba ne ba ka nna ba bolawa.

11. Go tlile jang gore baruti ba laole tsela e Baebele e dirisiwang ka yone?

11 Morago ga nako, batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba bua Segerika kgotsa Selatine, mme dikereke di ne di gana gore Lefoko la Modimo le ranolelwe mo dipuong tse batho ba  neng ba di bua. Ka jalo, ke baruti fela le batho ba ba rutegileng ba ba neng ba kgona go ipalela Baebele, mme gone, baruti bangwe ba ne ba sa kgone go bala le go kwala sentle. Ope fela yo o neng a ganetsa dithuto tsa dikereke o ne a otlhaiwa botlhoko. Fa go ne go kgonega, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba tloditsweng ba ne ba kopana mo sephiring ka ditlhotswana. Fela jaaka kwa botshwarwa kwa Babelona, batlodiwa e leng “boperesiti jwa segosi,” ba ne ba sa kgone go direla ka tsela e e rulaganeng sentle. Babelona yo Mogolo o ne a tshwere batho jaaka e kete o ba ngangatletse ka tang!

LESEDI LE SIMOLOLA GO PHATSHIMA

12, 13. Ke dilo dife tse pedi tse di neng tsa thusa gore batho ba gololesege mo go Babelona yo Mogolo go se kae? Tlhalosa.

12 A Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla boa gape ba obamela Modimo ba gololesegile le ka tsela e a e amogelang? Ee! Ditlhasenyana tsa lesedi la dithuto tsa boammaaruri di ne tsa simolola go phatshima. Seno se ne sa direga ka ntlha ya dilo tse pedi tsa botlhokwa. Nngwe ya tsone e ne e le go tlhamiwa ga motšhine o o gatisang o o neng wa diriwa mo bogareng jwa lekgolo la bo15 la dingwaga. Pele go nna le metšhine ya go gatisa, Baebele e ne e kwalololwa ka seatla, ka jalo, Baebele e ne e bonwa sewelo e bile e ja madi a mantsi thata. Tota e bile, go ka tsaya dikgwedi di le lesome gore mokwalolodi yo o setswerere a fetse go kwalolola Baebele yotlhe! Mo godimo ga moo, dilo tse bakwalolodi ba neng ba kwalela mo go tsone (pampiri e e thata kgotsa letlalo) di ne di ja madi a mantsi. Go farologana le seo, go dirisa pampiri le motšhine o o gatisang go ne go le botoka thata ka gonne mogatisi yo o nang le bokgoni o ne a ka kgona go gatisa dipampiri di le 1 300 ka letsatsi!

Metšhine ya go gatisa le baranodi ba Baebele ba ba pelokgale ba ne ba thusa gore batho ba gololesege mo go Babelona yo Mogolo go se kae (Bona serapa 12 le 13)

13 Kwa tshimologong ya lekgolo la bo16 la dingwaga, sengwe gape se se neng sa thusa gore lesedi la dithuto tsa boammaaruri le phatshime, ke tshwetso e e neng ya tsewa ke banna bangwe ba ba pelokgale ya go ranolela Lefoko la  Modimo mo dipuong tse di neng di tlwaelegile ka nako eo. Baranodi ba le bantsi ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go dira tiro eno. Baruti ba ne ba galefisiwa ke kgang eno. Ba ne ba tshaba gore fa motho yo o obamelang Modimo a na le Baebele a ka senola dithuto tsa bone tsa maaka! E rile Baebele e nna gone ka dipuo tse dingwe, batho ba ne ba e wela godimo ba e bala. Fa ba ntse ba e bala ba ne ba simolola go botsa dipotso tseno: ‘Pakatori e kwadilwe kae mo Baebeleng? Ke kae mo Baebeleng mo gotweng baruti ba tshwanetse go duelwa fa ba fitlha motho? Mme gotweng ka bomopapa le bakadinale?’ Baruti ba ne ba galefile e bile ba tsaya gore ba tlontlolotswe. Mo go bone, go ne go sa tshwanela gore ba botsolodiwe! Baruti ba ne ba tsaya kgato. Batho ba ne ba latofadiwa ka bokgelogi ka gonne ba ne ba gana dithuto tsa kereke, tse dingwe tsa tsone di neng di theilwe mo difilosofing tsa banna ba ba neng ba tshela pele Jesu Keresete a tsholwa e bong Aristotle le Plato. Baruti ba ne ba ba atlholela loso, mme Puso e ne ya bolaya batho bao. Baruti ba ne ba batla gore batho ba se ka ba tlhola ba bala Baebele le gore ba se ka ba tlhola ba ba botsolotsa. Ka tsela nngwe, leano leno la bone le ne la bereka. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba pelokgale ga ba a ka ba itetla go tshosediwa ke Babelona yo Mogolo. Ba ne ba setse ba utlwile bontlhanngwe jwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, mme ba ne ba batla go utlwa mo go oketsegileng! Seno se ne sa simolola ditiragalo tse di neng di tla dira gore batho ba gololwe mo bodumeding jwa maaka.

14. (a) Kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1800, ke eng se batho ba neng ba se dira gore ba kgone go tlhaloganya Baebele? (b) Tlhalosa maiteko a ga Mokaulengwe Russell a go batla boammaaruri.

14 Batho ba ba neng ba batla boammaaruri jwa Baebele ba ne ba tshabela kwa dinageng tse kwa go tsone baruti ba neng ba se na tlhotlheletso e e kalo. Ba ne ba batla go bala le go ithuta Baebele mmogo ntle le go bolelelwa gore ke eng se se siameng. Mo go nngwe ya dinaga tseo e leng United States, Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka tsela e e rulaganeng kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1800. Kwa tshimologong, Mokaulengwe Russell o ne a batla go bona gore ke bodumedi bofe jo bo neng bo ruta boammaaruri. O ne a bapisa dithuto tsa madumedi a a farologaneng le se Baebele e se rutang, o ne a dira jalo le ka madumedi a e seng a Bokeresete. Go ise go ye kae, o ne a lemoga gore dithuto tsa madumedi ao otlhe ga di dumalane sentle le se Baebele e se rutang. Nako nngwe o ne a kopana le baruti bangwe mme a ba bolelela ka dithuto tse ene le ditsala tsa gagwe ba di ithutileng mo Baebeleng. O ne a solofetse gore baruti bano ba tla di amogela mme ba di rute maloko a diphuthego tsa bone. Baruti bao ba ne ba sa batle go utlwa sepe! Baithuti ba Baebele ba ne ba tshwanelwa ke go amogela gore ga ba a tshwanela go dirisana le batho ba ba sa batleng go tlogela bodumedi jwa maaka.—Bala 2 Bakorintha 6:14.

15. (a) Bakeresete ba ne ba nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo leng? (b) Re tla araba dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

15 Mo setlhogong seno re ithutile gore Bakeresete ba boammaaruri e ne ya nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo fa baaposetoloi botlhe ba sena go swa. Le fa go ntse jalo, go tsoga dipotso dingwe: Ke bosupi bofe jo bongwe jo bo bontshang gore pele ga 1914 batlodiwa e ne e se batshwarwa ba Babelona yo Mogolo go na le moo, ba ne ba ikgaoganya le ene? A ke boammaaruri gore Jehofa o ne a galefela batlhanka ba gagwe ka gonne ba ne ba goga dinao mo tirong ya go rera ka Ntwa ya Lefatshe I? E bile a bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ne ba simolola go tsaya letlhakore mme ba se ka ba tlhola ba amogelwa ke Jehofa? Mme fa e le gore Bakeresete ba ile ba nna batshwarwa ba bodumedi jwa maaka go simolola ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ba ne ba gololwa leng? Ruri tseno ke dipotso tse di molemo. Re tla di araba mo setlhogong se se latelang.