Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Baebele e Falotse Kganetso

Baebele e Falotse Kganetso

BOTHATA: Baeteledipele ba le bantsi ba dipolotiki le ba bodumedi ba ile ba ikemisetsa go dira dilo tse di sa dumalaneng le molaetsa wa Baebele. Gantsi ba ne ba dirisa maemo a bone go thibela batho go nna le Baebele, go e gatisa kgotsa go e ranola. Akanya ka dikai tseno tse pedi:

  • Mo e ka nnang ka 167 B.C.E.: Kgosi Antiochus Epiphanes wa losika lwa Ba-Seleucus, yo o neng a pateletsa Bajuda go amogela bodumedi jwa Bagerika, o ne a laela gore dikhopi tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera di nyelediwe. Moitsehisitori e bong Heinrich Graetz o ne a kwala gore balaodi ba Kgosi eo ba ne ba “gagola e bile ba fisa memeno yotlhe ya Molao e ba e bonang le go bolaya batho ba ba neng ba inonotsha le go ikgomotsa ka yone.”

  • Metlha ya Bogare: Baeteledipele bangwe ba Katoliki ba ba neng ba galefisitswe ke gore batho ba ne ba rera se se mo Baebeleng go na le dithuto tsa Katoliki, ba ne ba re batho botlhe ba ba neng ba na le dibuka tsa Baebele ke batlhanogi kwantle ga ba ba nang le Dipesalema ka Selatine. Khansele nngwe ya kereke e ne ya ntsha molao wa gore banna ba kereke ya bone “ba batle batlhanogi ka tlhoafalo, ka boikanyegi e bile ba dira jalo gangwe le gape . . . ka go phuruphutsa matlo otlhe le diphaposi tse di kwa tengteng tse go belaelwang gore di ka tswa di na le dibuka tsa Baebele. . . . Ntlo e go fitlhelwang batlhanogi mo go yone e tshwanetse go senngwa.”

Fa baba ba Baebele ba ka bo ba atlegile go e senya, molaetsa wa yone o ka bo o nyeletse.

Thanolo ya Baebele ya Seesemane ya ga William Tyndale e ne ya falola le fa e ne e thibetswe, fa Dibaebele di fisiwa le fa Tyndale a sena go bolawa ka 1536

BAEBELE E FALOTSE JANG?: Letsholo la ga Kgosi Antiochus le ne le dirwa kwa Iseraele mme Bajuda bangwe ba ne ba agile le kwa mafelong a mangwe a mantsi. Tota e bile, baithuti bangwe ba fopholetsa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., diperesente di feta 60 tsa Bajuda di ne di sa nne mo Iseraele. Mo disinagogeng tsa Bajuda go ne go na le dikhopi tsa Dikwalo—Dikwalo tse di neng tsa dirisiwa ke dikokomana tse di neng di latela go akaretsa le Bakeresete.—Ditiro 15:21.

Mo metlheng ya Bogare, batho ba ba neng ba rata Baebele ba ne ba tswelela ba ranola Dikwalo le go dira dikhopi le fa ba ne ba bogisiwa. Mo bogareng jwa lekgolo la bo15 la dingwaga pele motšhini wa go gatisa o dirwa, go ka tswa go ne go na le dikarolo dingwe tsa Baebele ka dipuo di le 33. Morago ga foo, Baebele e ne ya ranolwa le go gatisiwa ka lobelo lo logolo.

DIPHELELO: Baebele ke buka e e anamisitsweng thata le e e ranotsweng go di gaisa, le fa dikgosi tse di maatla le baruti ba ba nang le maitlhomo a a sa siamang ba ne ba batla go e nyeletsa. E tlhotlheleditse melao le dipuo tsa dinaga dingwe le matshelo a batho ba le dimilione.