Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Buka E o Ka e Ikanyang

Baebele—Buka E o Ka e Ikanyang

Fa e sa le go tloga bogololo, batho ga ba bolo go ikanya Baebele. Gompieno batho ba le bantsi ba dirisa kgakololo ya yone. Mme gone, ba bangwe ba tsaya Baebele e se botlhokwa e bile ba re dilo tse di kwadilweng mo go yone di ka se tsamaye tsa diragala. Wena o akanayang? A o ka bona nnete mo Baebeleng?

MABAKA A GO BO O KA TSHEPA BAEBELE

O ka itse jang gore se Baebele e se buang ke boammaaruri? A re re ka sekai o na le tsala e ka metlha e go bolelelang nnete, seno se raya gore o ka kgona go mo tshepa. Fela jaaka tsala eno e e buang nnete ka metlha, a Baebele le yone e bua boammaaruri? Ela tlhoko dikai tseno.

Bakwadi ba Yone ba a Ikanyega

Bakwadi ba Baebele ka metlha ba ne ba ikanyega mme go le gantsi ba ne ba kwala ka diphoso tsa bone. Ka sekai, moporofeti Jona o ile a kwala ka gore nako nngwe ga a ka a ikobela Modimo. (Jona 1:1-3) Kwa bofelong, o ile a kwala ka gore Modimo o ile a mo kgalemela jang mme ga a ka a itlotlomatsa ka go tlhalosa gore o ile a baakanya jang diphoso tsa gagwe. (Jona 4:1, 4, 10, 11) Bakwadi bano ba Baebele, ba ne ba bontsha sentle gore ba rata boammaaruri.

E na Le Kgakololo E re Ka e Dirisang

A ka metlha Baebele e re naya kgakololo e re e tlhokang? Ee. Ka sekai bona gore Baebele ya re re ka dirang gore re tswelele re na le botsala jo bo siameng le ba bangwe: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Gape Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Baebele e botlhokwa, mme re sa ntse re ka dirisa kgakololo ya yone.

 E Bua Nnete ka Dilo Tsa Hisitori

Baithutamarope ba le bantsi ba ile ba ribolola dilo tse di bontshang gore batho, mafelo le dilo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng di ile tsa nna gone. Ka sekai, akanya ka kgang eno. Baebele ya re mo metlheng ya ga Nehemia, Bature (Bafonikia ba ba tswang kwa Ture) ba ba neng ba nna kwa Jerusalema ba ne “ba tlisa ditlhapi le dithoto tse di rekisiwang tsa mofuta mongwe le mongwe.”—Nehemia 13:16.

A go na le bosupi jo bo dumalanang le se temana eno e se buang? Ee bo gone. Baithutamarope ba ile ba ribolola dilo dingwe tsa Bafonikia kwa Iseraele, tse di bontshang sentle gore Baiserale le Bature ba ne ba dirisana mo go tsa kgwebo. Gape ba ile ba epolola marapo a ditlhapi tse di fitlhelwang kwa lewatleng la Mediterranean. Baithutamarope ba dumela gore ditlhapi tseo di tlile le batho ba ba rekisang ba ba tswang gaufi le lewatle leo. Fa mokwadi mongwe a sena go sekaseka bosupi jono o ile a re: “Go a utlwala go bo Neh[emia] 13:16 e re Bature ba ne ba rekisa ditlhapi kwa Jerusalema.”

E Bua Nnete ka Dilo Tsa Saense

Baebele e bua thata ka Modimo le dilo tse di diragetseng bogologolo. Mme gone e dumalana le dilo dingwe tse saense e di buang. Ela tlhoko sekai seno.

Mo e ka nnang dingwaga di ka nna 3 500 Baebele e ile ya tlhalosa gore lefatshe le ‘lepeletse . . . mo go se nang sepe.’ (Jobe 26:7) Seno se farologane thata le se batho ba neng ba se dumela, gore lefatshe le kokobetse mo godimo ga metsi kgotsa le mo godimo ga khudu e tona. Dingwaga di ka nna 1 100 morago ga gore buka ya Jobe e kwalwe, batho ba ne ba ntse ba dumela gore lefatshe ga le ka ke la lepelelela fela mo go senang sepe, le tshwanetse la bo le tshwerwe ke sengwe. Dingwaga di le 300 tse di fetileng ka 1687, fa Isaac Newton a sena go dira dipatlisiso ka maatlakgogedi o ile a tlhalosa gore lefatshe le tshwerwe ke maatla mangwe a a sa bonaleng. Dipatlisiso tseno di ile tsa bontsha sentle gore se Baebele e se buileng dingwaga di le 3 000 tse di fetileng ke nnete!

 E Bua Nnete ka Boporofeti

A ka metlha boporofeti jo bo mo Baebeleng bo a diragala? Akanya ka boporofeti jo bo mo go Isaia jo bo buang ka go wa ga Babelona.

Boporofeti: Ka dingwaga tsa bo 732 B.C.E. mokwadi wa Baebele e bong Isaia o ile tlhalosa gore Babelona—e leng motse o o neng o tlile go nna mmusomogolo—o ne o tla senngwa mme batho ba ne ba se kitla ba nna mo go one. (Isaia 13:17-20) Gape Isaia o ile a bolelela pele gore Kurose ke ene a neng a tlile go senya motse oo. Gape o ile a tlhalosa gore Kurose o ne a tla dirisa leano le fe go tsena mo motseng oo, o ne a re o tla “kgadisa” dinoka tsa Babelona. Gape o ile a tlhalosa gore dikgoro tsa motse di ne di tla tlogelwa di butswe.—Isaia 44:27–45:1.

Tsela e bo Ileng Jwa Diragadiwa ka Jone: Morago ga dingwaga di ka nna 200 fa Isaia a sena go porofeta ka go senngwa ga Babelona, kgosi ya Peresia e ile ya tlhasela Babelona. Kgosi eno e ne ele mang? Ene e le Kurose. E re ka go ne go se motlhofo go tsena mo motseng wa Babelona, Kurose o ne a dirisa noka ya Euferatese e e neng e dikologile motse oo gore a kgone go tsena mo Babelona. Masole a ga Kurose a ile a bula mosele gore metsi a tshologele kwa ntle. Metsi a ile a fokotsega mme Kurose le masole a gagwe ba ile ba kgona go tsamaya mo gare ga noka go fitlha kwa Babelona. Bababelona ba ne ba tlogetse dikgoro tse di lebaganeng le noka eo di sa tswalwa! Kurose le masole a gagwe ba ile ba tsena mo Babelona mme ba e senya.

Mme gone, a boporofeti jwa ga Isaia jwa gore ga go kitla go nna ope kwa Babelona bo ile jwa diragala? Go ile ga feta dingwaga batho ba sa ntse ba dula kwa Babelona. Mme gompieno Babelona ke matlotla—matlotla ao a a gaufi le Baghdad, Iraq a bontsha sentle gore boporofeti joo bo diragetse ka botlalo. Seno se bontsha sentle gore Baebele e bua boammaruri ka dilo tse di tla diragalang.