Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Fenya Bothata Jwa go Ikutlwa o sa Sireletsega

Ditsela Tsa go Fenya Bothata Jwa go Ikutlwa o sa Sireletsega

LESEA le le sa tswang go tsholwa ga le kgone go itira sepe. Fa re tsholwa, re ne re ikaegile gotlhelele ka batsadi ba rona gore ba re sireletse. Fa re ne re ithuta go tsamaya, re ne re kopana le batho ba re sa ba itseng ba re neng re bona e kete ke mekaloba. Ba ne ba re tshosa, ntle le fa batsadi ba rona ba le gaufi le rona. Mme re ne re ikutlwa re sireletsegile fa re tshwara seatla sa mmè kgotsa rre wa rona.

Ka nako ya fa re ne re sa ntse re le bana, boitekanelo le boitumelo jwa rona di ne di ikaegile ka gore batsadi ba rona ba re rate le go re kgothatsa. Go lemoga gore ba a re rata go ne go dira gore re ikutlwe re sireletsegile le go feta. Fa ba ne ba re tlhomamisetsa gore re dira bontle, re ne re nna motlotlo e bile re gatela pele.

Fa re ntse re gola, ditsala tsa rona tse re atamalaneng thata le tsone di ne di dira gore re ikutlwe re sireletsegile le go feta. Re ne re phuthologa fa re na le bone e bile ba ne ba dira gore re se ka ra tshoga thata fa re le kwa sekolong.

Tota dintlha tseno di tlhalosa tsela e e siameng e bana ba tshwanetseng go godisiwa ka yone. Bana bangwe ba nna le ditsala di le mmalwa fela tse ba atamalaneng le tsone, mme ba bangwe ba le bantsi batsadi ba bone ga ba ba eme nokeng go le kalo. Melissa * a re: “Nako le nako fa ke bona ditshwantsho tsa malapa a a atamalaneng thata a dira dilo mmogo, ke akanya jaana, ‘ke eletsa e kete le nna nkabo ke ile ka itumelela botshelo jo bo ntseng jaana fa ke ne ke le monnye.’” Gongwe le wena o ikutlwa jalo.

MATHATA A GO GODISIWA O SA SIRELETSEGA

Fa o ne o sa ntse o le ngwana, gongwe o ne o sa itshepe. Gongwe o ne o sa ratiwe go le kalo e bile o sa kgothadiwe. Go ka direga gore o sa ntse o gopola gore batsadi ba gago ba ne ba lwetse ruri, e leng se se dirileng gore ba kgaogane—sengwe se o ka tswang o akanya gore ke phoso ya gago mme tota go sa nna jalo. E bile se se maswe le go feta, gongwe mongwe wa batsadi ba gago o ne a go sotla ka mafoko kgotsa mo mmeleng.

Ngwana yo o ikutlwang a sa sireletsega a ka tsibogela boemo joo jang? Bangwe ba feleletsa ba dirisa diokobatsi kgotsa ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bosha. Ba bangwe ba nna maloko a digongwana tsa bosenyi gonne ba batla bangwe ba ba ka atamalanang le bone. Basha ba ba ikutlwang ba sa sireletsega ba ka nna ba itlhaganelela go ratana, ba batla mongwe yo o ka ba ratang le yo o ba kgatlhegelang. Mme gone, gantsi dikamano tseno ga di nnele ruri, e bile gantsi fa di senyega, di etegetsa boemo.

Basha ba ba sa sireletsegang ba ba tilang go wela mo dikotsing tseno, ba ka nna ba gola ba iteba e se batho ba sepe. Ana o tlhalosa jaana: “Ke ne ka tlhomamisega gore ga ke motho wa sepe ka gonne mmè o ne a tlhola a mpolelela jalo  gangwe le gape. Ga ke gopole a nkakgola kgotsa a mpontsha gore o a nthata.”

Go na le dilo tse dingwe tse di ka dirang gore re ikutlwe re sa sireletsega. Re ka nna ra ikutlwa jalo ka ntlha ya kutlobotlhoko e e garolang pelo e e bakilweng ke tlhalo, dikgwetlho tsa bogodi kgotsa go tshwenyega ka ditebego tsa rona. Go sa kgathalesege gore maikutlo ano a bakilwe ke eng, a ka dira gore re se ka ra itumela e bile a ka senya dikamano tsa rona le batho ba bangwe. Re ka dira eng gore re a fenye?

MODIMO O A RE KGATHALELA

Re tshwanetse go itse gore re ka bona thuso. Rotlhe re na le mongwe yo o ka re thusang, mongwe yo o batlang go re thusa—motho yoo ke Modimo ka boene.

Modimo o ne a dirisa moporofeti Isaia go re kwalela molaetsa ono: “O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isaia 41:10, 13) Eleruri go a gomotsa go itse gore Modimo o batla go re tshwara ka seatla ka tsela ya tshwantshetso! Ga re tlhoke go tlhobaela!

Baebele e bua ka baobamedi ba Modimo ba ba neng ba tlhobaela, le fa go ntse jalo, ba ile ba ithuta go tshwara seatla sa Modimo. Mmaagwe Samuele e bong Hana o ne a ikutlwa e se motho wa sepe ka gonne e ne e le moopa. Gantsi o ne a sotliwa ka ntlha ya boemo jono. Ka ntlha ya seo, o ne a se na keletso ya dijo e bile gantsi o ne a lela. (1 Samuele 1:6, 8) Mme fa a sena go bulela Modimo mafatlha, o ne a tlogela go tshwenyega.—1 Samuele 1:18.

Mopesalema Dafide le ene o ne a tle a ikutlwe a sa sireletsega. Kgosi Saulo o ne a fetsa dingwaga a mo tsoma. Dafide o ne a falola ka makgetlo a le mmalwa fa Saulo a ne a leka go mmolaya mme ka dinako dingwe o ne a ikutlwa e kete o hupediwa ke mathata. (Pesalema 55:3-5; 69:1) Go sa kgathalesege maemo ano, o ne a kwala jaana: “Ke tla rapama ke bo ke robala ka kagiso, gonne wena o le nosi, Jehofa, o dira gore ke nne ka polokesego.”—Pesalema 4:8.

Hana le Dafide ba ne ba latlhela mekgweleo ya bone ya maikutlo kwa go Jehofa mme ba lemoga gore o a ba tshegetsa. (Pesalema 55:22) Re ka dira jang se se tshwanang gompieno?

DITSELA TSE THARO TSA GO IKUTLWA O SIRELETSEGILE

1. Tsaya Jehofa e le Rre mme o ithute go mo ikanya.

Jesu o ne a re kgothaletsa gore re itse Rraagwe, “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Johane 17:3) Moaposetoloi  Paulo o re tlhomamisetsa gore Modimo ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Jakobe o ne a kwala jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Go itse gore re na le Rre yo o kwa legodimong yo o re ratang le yo o amegang ka rona, ke sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang go fenya maikutlo a go tlhobaela. Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga tsaya nako gore o kgone go ikanya Modimo ka tsela eo, mme gone, batho ba le bantsi ba lemogile gore go dira seo ruri go a thusa. Caroline a re: “Fa ke ne ke simolola go tsaya Jehofa e le Rre, ke ne ka nna le mongwe yo ke neng nka kgona go mmulela mafatlha. Seo se ne sa dira gore ke ikutlwe ke imologile fela thata!”

Rachel a re: “Jehofa ke ene a nthusitseng gore ke ikutlwe ke sireletsegile fa batsadi ba me ba ne ba ntlogetse ke le nosi. Ke ne ke kgona go bua le ene ke mo kopa gore a nthuse ka mathata a me. Mme o ne a nthusa.” *

2. Batla lelapa la batho ba ba ratang Modimo.

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba tsaane e le bakaulengwe le bokgaitsadi. O ne a ba raya a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) O ne a batla gore barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba ratane mme ba nne lelapa le legolo le le obamelang Modimo.—Mathaio 12:48-50; Johane 13:35.

Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di leka ka natla go dira gore go nne le lorato le kgomotso mo lelapeng leno la bone le le obamelang Modimo. (Bahebera 10:24, 25) Ba le bantsi ba lemogile gore dipokano tsa phuthego di tshwana le setlolo se se alafang dintho le matsadi a ba nang le one mo maikutlong.

Eva a re, “ke ne ke na le tsala e e molemo mo phuthegong, e e neng e tlhaloganya botlhoko jo ke neng ke le mo go jone. O ne a ntheetsa, a mpalela e bile a rapela le nna. O ne a tlhomamisa gore ga ke nosi. O ne a nthusa gore ke bule mafatlha le gore ke imologe. E re ka a ne a nkeme nokeng, ke ne ka simolola go ikutlwa ke sireletsegile le go feta.” Rachel o oketsa ka gore, “ke ne ka iponela ‘mmè le rre’ mo phuthegong. Ruri ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke ratiwa e bile ke sireletsegile.”

3. Nna lorato o bo o nne pelonomi mo go ba bangwe.

Go rata ba bangwe le go nna pelonomi mo go bone, go dira gore botsala jwa lona bo nnele ruri. Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ga go  pelaelo gore fa re rata ba bangwe, le bone ba tla re rata. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.”—Luke 6:38.

Fa re rata ba bangwe mme le bone ba re rata, re tla ikutlwa re sireletsegile thata. Jaaka Baebele e tlhalosa, “lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:8) María a re: “Ke a itse gore maikutlo mangwe a a sa siamang a ke nang le one ka nna, tota ga a boammaaruri. Ke fenya bothata jono ka go thusa ba bangwe go na le go tlhoma mogopolo mo go nna fela. Ka metlha ke ikutlwa ke kgotsofetse fa ke direla batho ba bangwe sengwe.”

BATHO BOTLHE BA TLA NNA LE TSHIRELETSEGO

Dintlha tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo ga di tshwane le ‘molemo wa makgonatsotlhe’ o o fodisang ka ponyo ya leitlho e bile o dira gore o se ka wa tlhola o lwala. Mme gone, di ka dira gore o ikutlwe botoka thata. Caroline a re: “Ke sa ntse ke a tle ke ikutlwe ke sa sireletsega. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga ke tlhole ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Ke a itse gore Modimo o a nkgathalela e bile ke na le ditsala tse dintsi tse ke atamalaneng thata le tsone tse di dirang gore ke ikutlwe ke sireletsegile.” Rachel le ene o ikutlwa jalo. A re: “Gangwe le gape ke fekeediwa ke khutsafalo. Le fa go ntse jalo, ke na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba nka kopang kgakololo mo go bone, ba ba nthusang go leba dilo ka tsela e e siameng. Mo godimo ga moo, ke na le Rre yo o kwa legodimong yo ke buang le ene letsatsi le letsatsi. Seo se dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile tota.”

Baebele e bua ka lefatshe le lesha la mo isagweng le mo go lone mongwe le mongwe wa rona a tla ikutlwang a sireletsegile

Gape go na le tharabololo e e tla nnelang ruri. Baebele e bua ka lefatshe le lesha la mo isagweng le mo go lone mongwe le mongwe wa rona a tla ikutlwang a sireletsegile. E solofetsa jaana: “Ba tla nna, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:4) Ka nako eo, ga go ope yo o tla dirang gore re ikutlwe re sa sireletsega e bile ga go ope yo o tla re utlwisang botlhoko. Tota le matsadi a a botlhoko a nako e e fetileng, ‘ga re kitla re a gakologelwa.’ (Isaia 65:17, 25) Modimo le Morwawe, Keresete Jesu, ba tla tlisa “tshiamo ya boammaaruri.” Mme seno se tla felela ka gore go nne le “tidimalo le polokesego ka bosakhutleng.”—Isaia 32:17.

^ ser. 5 Maina otlhe a fetotswe.

^ ser. 21 Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele mahala le batho ba ba ka ratang go atamalana le Modimo.