Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 22

Tokafatsa Tsela e o Ithutang ka Yone

Tokafatsa Tsela e o Ithutang ka Yone

‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’—BAFIL. 1:10.

PINA 35 ‘Tlhomamisa Dilo Tsa Botlhokwa Thata’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa batho bangwe ba se na nako ya go bala?

MO MALATSING ano motho o tlhoka gore a bereke thata gore a kgone go itshedisa. Bontsi jwa bakaulengwe ba bereka diura di le dintsi gore ba kgone go tlamela ba malapa a bone. Bangwe ba bone ba tsamaya sekgala se seleele fa ba ya tirong. Mme ba bangwe bone ba dira tiro e e boima. Fa ba tswa tirong, ba a bo ba lapile fela thata, ba se na nako ya go bala.

2. O ipha leng nako ya go ithuta?

2 Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa rona mme re dira jalo ka kelotlhoko. Fa re dira jalo, re tla nna le kamano e e molemo le Jehofa e bile re tla tshelela ruri. (1 Tim. 4:15) Bangwe ba tsoga phakela gore ba kgone go ithuta ka gonne ka nako eo, ba a bo ba lapologetswe e bile go se na modumo. Ba bangwe ba ipha nako maitseboa pele ba robala gore ba ithute Baebele le dikgatiso tsa rona. Gape ba dirisa nako eo go akanya ka se ba se ithutileng.

3-4. Go ile ga dirwa diphetogo dife, mme ka ntlha yang?

3 Ntle le pelaelo, o dumela gore go botlhokwa go ipha nako ya go ithuta. Mme gone, re tshwanetse go ithuta eng? O ka nna wa re, ‘Go na le dilo di le dintsi tse re ka di balang. Ga ke kgone go di bala tsotlhe.’ Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba kgona go bala dikgatiso tsotlhe le go lebelela dibidio tsotlhe, mme gone, Setlhopha se se Laolang se a itse gore ba le bantsi ga ba kgone. Ka ntlha ya seo, se ile sa tsaya tshwetso ya gore go fokodiwe dikgatiso le tshedimosetso e e tsenngwang mo Internet.

4 Ka sekai, ga re tlhole re gatisa Buka ya Ngwaga ya Basupi  ba ga Jehofa ka gonne maitemogelo a le mantsi a bakaulengwe le bokgaitsadi a teng mo website ya jw.org® le mo thulaganyong ya kgwedi le kgwedi ya JW Broadcasting®. Dimakasine tsa batho botlhe tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! jaanong di gatisiwa gararo fela mo ngwageng. Diphetogo tseno ga di a direlwa gore re nne le nako e ntsi re dira dilo tse di sa amaneng ka gope le kobamelo ya ga Jehofa. Go na le moo, di diretswe gore re nne le nako e ntsi ya go dira “dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10) Mma re bone gore re ka itse jang gore ke eng se se botlhokwa thata le gore go ithuta Baebele go ka re solegela molemo jang.

BAYA DILO TSA BOTLHOKWA KWA PELE

5-6. Re tshwanetse go ipha nako ya go bala dikgatiso dife?

5 Ke eng se se tshwanetseng go nna botlhokwa thata mo go rona? Re tshwanetse go ipha nako ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Mmalo wa Baebele wa beke le beke o fokoditswe gore re kgone go nna le nako e ntsi ya go akanya le go dira dipatlisiso ka se re se badileng. Ga re a tshwanela go bala fela gore re fetse, go na le moo, re tshwanetse go letla molaetsa o o mo Baebeleng go re ama le go re thusa gore re atamalane le Jehofa.—Pes. 19:14.

6 Gape re tshwanetse go bala eng? Re tshwanetse go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Baebele ya Phuthego gammogo le dilo tse dingwe tse re di ithutang mo dipokanong tsa mo gare ga beke. Gape re tshwanetse go bala makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang!

7. A re tshwanetse go kgobega marapo fa re sa kgone go bala le go lebelela sengwe le sengwe se se mo Internet? Tlhalosa.

7 Mme gone, o ka nna wa re: ‘Go na le ditlhogo le dibidio di le dintsi thata mo jw.org le JW Broadcasting. Le fa go ntse jalo, akanya ka sekai seno: Fa o ile kwa resetšhurenteng, o ka se otare dijo tsotlhe tse di rekisiwang, go na le moo, o tla otara fela tse di go lekaneng, tse o tla kgonang go di ja. Ka tsela e e tshwanang, fa o sa kgone go bala le go lebelela sengwe le sengwe se se mo Internet, o se ka wa kgobega marapo. Dira se o ka se kgonang. Mma jaanong re bone gore go ithuta go kayang le gore re ka dira eng gore go re solegele molemo ka botlalo.

GO ITHUTA GA SE KGETSI E E POTLANA

8. Re tshwanetse go dira eng fa re baakanyetsa Tora ya Tebelo, mme go dira jalo go tla re tswela mosola jang?

8 Fa o ithuta, o tlhoma mogopolo mo go se o se balang gore o kgone go ithuta sengwe sa botlhokwa. Go ithuta ga go kaye go bala fela ka bonako o tla o thalela dikarabo. Ka sekai, fa o baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo, simolola ka go bala se go tla tlotliwang ka sone mo tshimologong ya setlhogo. Go tswa foo, bala setlhogo se segolo, ditlhogwana le dipotso tsa poeletso. Fa o fetsa, bala setlhogo sotlhe ka kelotlhoko. Ela tlhoko mola wa ntlha mo serapeng sengwe le sengwe ka gonne go le gantsi o tla go thusa go tlhaloganya gore serapa seo se bua ka eng. Fa o ntse o bala, leka go bona gore serapa sengwe le sengwe se nyalana jang le ditlhogwana le kgangkgolo ya setlhogo. Kwala mafoko a o sa a tlhaloganyeng le dintlha tse o ka ratang go dira dipatlisiso ka tsone.

9. (a) Fa re baakanyetsa Tora ya Tebelo, ke eng fa re tshwanetse go bala ditemana tse di mo dirapeng? (b) Go ya ka Joshua 1:8, re tshwanetse go dira eng?

9 Thuto ya Tora ya Tebelo e re thusa go tlhaloganya Baebele. Ka jalo, fa o baakanyetsa  Tora ya Tebelo, bala dikwalo tsotlhe tse di mo dirapeng, segolobogolo tse di tlileng go balwa kwa dipokanong. Leka go bona gore mafoko a a mo ditemaneng a tsamaisana jang le se se buiwang mo serapeng. Fa o ntse o baakanyetsa, iphe nako ya go akanya ka ditemana tse o tlang o di bala mme o bone gore o ka di dirisa jang mo botshelong jwa gago.—Bala Joshua 1:8.

Batsadi, thusang bana ba lona gore ba itse go ithuta (Bona serapa 10) *

10. Go ya ka Bahebera 5:14, ke eng fa batsadi ba tshwanetse go ruta bana go ithuta le go dira dipatlisiso?

10 Gone ke boammaaruri gore batsadi ba batla gore bana ba itumelele Kobamelo ya Lelapa. Mme gone, le fa batsadi ba tshwanetse go rulaganya go sa le gale gore go tla ithutiwang ka kobamelo ya lelapa, ga go tlhokege gore beke le beke go dirwe dilo tse di tla kgatlhang bana. Lelapa le ka nna la lebelela thulaganyo ya kgwedi le kgwedi ya JW Broadcasting ka nako ya Kobamelo ya Lelapa kgotsa ba ka dira sengwe se se kgatlhang jaaka go aga araka ya ga Noa. Mme gone, go botlhokwa gore batsadi ba rute bana ba bone go ithuta. Ka sekai, ba tshwanetse go ba ruta go baakanyetsa dipokano kgotsa go dira dipatlisiso ka bothata bongwe jo ba ka kopanang le jone kwa sekolong. (Bala Bahebera 5:14.) Fa bana ba tlwaetse go ithuta kwa gae, go tla nna motlhofo gore ba kgone go tlhoma mogopolo kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le fa go sa tshamekiwe dibidio. Gore motsadi o tla dirisa nako e kae a bala le bana, go tla ikaega ka dingwaga le ka bokgoni jwa bana.

11. Ke eng fa go le botlhokwa gore re thuse batho ba re ithutang le bone gore ba itse go itirela dipatlisiso le go ithuta ba le bosi?

11 Gape re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone. Fa re simolola go ithuta Baebele le bone, re a itumela fa re bona ba thaletse dikarabo. Mme gone, re tshwanetse go ba thusa gore ba itse go itirela dipatlisiso le go ithuta ba le bosi. Seno se tla ba thusa gore fa ba kopana le mathata, ba se ka ba botsa batho ba bangwe mo phuthegong gore ba direng, go na le moo, ba tla kgona go itirela dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona.

O TSHWANETSE GO ITHUTA KA MAIKAELELO AFE?

12. Maikaelelo a gago e ka nna eng fa o ithuta?

12 Fa e le gore ga o rate go bala, o ka tswa o akanya gore o ka se itumelele go ithuta. Mme gone, o ka kgona. Simolola ka go dirisa nako e e khutshwane fela fa o bala, mme fa nako e ntse e ya, o bo o e oketsa. Akanya ka lebaka la go bo o ithuta. Lebaka  la konokono la go bo re ithuta ke gore re tle re atamalane le Jehofa. Ka dinako dingwe, re ka nna ra ithuta gore re arabe potso e mongwe a e boditseng. Mme ka dinako tse dingwe, re ka ithuta ka go dira dipatlisiso ka bothata bongwe jo re lebaneng le jone.

13. (a) Mosha a ka dirang gore a kgone go tlhalosetsa bana ba a tsenang sekolo le bone se a se dumelang? (b) O ka dirisa jang kgakololo e e mo go Bakolosa 4:6?

13 Ka sekai, a o tsena sekolo? Bana ba o tsenang sekolo le bone ba ka tswa ba dumela thuto ya evolution. O ka tswa o eletsa go ba tlhalosetsa se Baebele e se rutang mme gone o akanya gore o ka se kgone. Ka jalo, o tshwanetse go ipha nako ya go ithuta ka kgang eo. Maikaelelo a gago e tshwanetse go nna: (1) go nonotsha tumelo ya gago gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe le (2) go tokafatsa tsela e o buelelang boammaaruri ka yone. (Bar. 1:20; 1 Pet. 3:15) O ka simolola ka go ipotsa gore, ‘Ke eng fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba dumela thuto ya evolution?’ Go tswa foo, dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Go tlhalosa se o se dumelang ga go boima jaaka o akanya. Batho ba le bantsi ba dumela thuto eno fela ka gonne mongwe yo ba mo tlotlang a ba boleletse gore e boammaaruri. Fa o ka kgona go tlhalosa dintlha di le mmalwa fela, o ka thusa mongwe yo tota a batlang go itse boammaaruri.—Bala Bakolosa 4:6.

KGATLHEGELA GO ITHUTA

14-16. (a) Ke eng se se ka go thusang go tlhaloganya buka nngwe mo Baebeleng e o sa tlwaelanang le yone? (b) Dikwalo tse di mo serapa 16 di ka go thusa jang go tlhaloganya pego ya ga Amose? (Bona lebokoso le le reng “ Itse Batho ba go Buiwang ka Bone mo Baebeleng Botoka!”)

14 A re re kwa dipokanong tse di latelang, re tlile go bala le go tlotla ka buka e e kwadilweng ke mongwe wa baporofeti ba ba botlana. Gongwe ke nngwe ya dibuka tse o sa tlwaelanang thata le yone. O ka simolola ka go batla go itse mo go oketsegileng ka se moporofeti yoo a se kwadileng. O ka dira seo jang?

15 Sa ntlha, ipotse jaana: ‘Ke itse eng ka mokwadi wa buka eno? E ne e le mang, o ne a nna kae, o ne a dira tiro efe?’ Go itse dintlha dingwe ka mokwadi go tla re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo a dirisitse puo le ditshwantsho tse di rileng. Fa o ntse o bala buka eo, leka go bona mafoko mangwe a a ka go thusang go tlhaloganya botho jwa motho yo o e kwadileng.

16 Gape o ka thusiwa ke go itse gore buka eo e kwadilwe leng. O ka dira jalo ka go lebelela “Lenaane la Dibuka Tsa Baebele” le le kwa morago mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Gape o ka lebelela tšhate ya baporofeti le dikgosi e e mo bukeng ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo tsebe 14-17. Fa e le gore pego e o e balang e bua ka boporofeti, o ka dira dipatlisiso go bona gore batho ba ne ba tshela jang fa buka eo e ne e kwalwa. Ka nako eo, batho ba ne ba dira dilo dife tse di bosula? Mokwadi wa buka eo o ne a tshela le bomang? Gore o kgone go tlhaloganya pego eo sentle, o ka nna wa tshwanelwa ke go bala dipego tse dingwe. Ka sekai, fa o batla go tlhaloganya gore maemo a ne a ntse jang ka motlha wa ga moporofeti Amose, o ka nna wa bala dipego tse di mo go 2 Dikgosi le 2 Ditiragalo tse di tlhagelelang mo ditshupisong tsa ditemana tsa Amose 1:1. Mo godimo ga moo, o ka nna wa bala buka ya ga Hosea, yo a ka tswang a ile a tshela ka nako ya ga Amose. Go bala dipego tseno tsotlhe go tla go thusa go tlhaloganya gore maemo a ne a ntse jang ka nako ya ga Amose. 2 Dikg. 14:25-28; 2 Ditir. 26:1-15; Hos. 1:1-11; Amos. 1:1.

TLHOMA MOGOPOLO FA O ITHUTA

17-18. Dirisa dikai tse di mo serapeng kgotsa o itlele ka sekai se se bontshang gore go dirisa dintlha dingwe tse go ka bonalang di se botlhokwa go ka re thusa go itumelela go bala Baebele.

17 Fa re bala Baebele, re tshwanetse go eletsa go ithuta sengwe se sesha. Ka sekai, a re re o bala kgaolo 12 ya boporofeti jwa ga Sekarea jo bo buang ka loso lwa ga Mesia. (Seka. 12:10) Fa o bala temana 12, o utlwa gore “ba ntlo ya ga Nathane” ba tla lela ka ntlha ya loso lwa ga Mesia. Go na le gore o fete fela, o ka nna wa ema o bo o ipotsa jaana: ‘Ntlo ya ga Nathane e amana jang le Mesia? A nka kgona go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ntlha eno?’ O ka nna wa dira dipatlisiso. Tshupiso ya lekwalo leno e go isa kwa go 2 Samuele 5:14 e e bontshang gore Nathane e ne e le morwa Dafide. Tshupiso e nngwe e go isa kwa go Luke 3:31, e e bontshang gore Jesu e ne e le setlogolwana sa ga Nathane yo e neng e le rremogolo wa ga Marea. (Bona Tora ya Tebelo ya August 2017, ts. 32 ser. 4) Seno se go kgatlha fela thata! O ne o itse gore Baebele e ile ya bolelapele gore Jesu o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafide. (Math. 22:42) Mme gone, Dafide o ne a na le barwa ba feta 20. Eleruri go a gakgamatsa gore Sekarea o ile a tlhalosa gore ntlo ya ga Nathane ke yone e neng e tla hutsafala ka ntlha ya loso lwa ga Jesu.

18 Akanya ka sekai se sengwe. Luke kgaolo 1 e tlhalosa gore moengele Gabariele o ile a etela Marea a bo a mmolela sengwe se se itumedisang ka morwa yo a neng a tlile go mo tshola. O ne a mo raya a re: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga  Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi.” (Luke 1:32, 33) Go le gantsi, re tlhoma mogopolo fela mo go reng Gabariele o ile a re Jesu o tla bidiwa “Morwa Mogodimodimo.” Mme gape Gabariele o ile a tlhalosa gore Jesu o ne a tla busa e le Kgosi. Ka jalo, re ka nna ra ipotsa gore Marea o ne a akanyang ka se Gabariele a ileng a se bua. A o ne a akanya gore Gabariele o ne a raya gore Jesu e ne e tla nna Kgosi ya Iseraele mo boemong jwa ga Kgosi Herode? Fa e le gore Jesu e ne e tla nna kgosi, seo se raya gore Marea e ne e tla nna mmaagwe kgosi mme lelapa la gagwe le ne le tla nna mo ntlong ya segosi. Mme gone, Baebele ga e bue sepe ka gore Marea o ile a bua sengwe se se ntseng jalo. Mo godimo ga moo, Marea ga a ka a ikopela maemo mo Bogosing jaaka barutwa bangwe ba babedi ba ga Jesu ba ile ba dira. (Math. 20:20-23) Seno se re bontsha gore Marea o ne a le boikokobetso fela thata.

19-20. Go ya ka Jakobe 1:22-25 le 4:8, lebaka la konokono la go bo re ithuta ke lefe?

19 Re tshwanetse go nna re gopotse gore lebaka la konokono la go bo re bala Baebele le dikgatiso tsa rona, ke ka gonne re batla go atamalana le Jehofa. Gape re batla go bona gore re “[batho ba] mofuta ofe” le gore re tshwanetse go dira diphetogo dife gore re kgone go itumedisa Modimo. (Bala Jakobe 1:22-25; 4:8.) Ka jalo, nako le nako fa re ithuta, re tshwanetse go simolola ka go kopa moya o o boitshepo gore o re thuse. Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse gore re solegelwe molemo ke se re se ithutang le gore a re thuse go bona gore re tlhoka go tokafatsa kae.

20 E kete rotlhe re ka tshwana le motlhanka wa Modimo yo go buiwang jaana ka ene mo bukeng ya Pesalema: “O natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pes. 1:2, 3.

PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

^ ser. 5 Jehofa o re neile tshedimosetso e ntsi thata e re ka e ithutang. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng se re tshwanetseng go se ithuta e bile se tla re naya dikakantsho tse di tla re thusang gore re solegelwe molemo ke dilo tse re di ithutang.

^ ser. 61 SETSHWANTSHO: Batsadi ba ruta bana ba bone go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo.

^ ser. 63 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o dira dipatlisiso ka mokwadi wa buka nngwe ya Baebele e bong Amose. Ditshwantsho tse di tlhagang kwa morago di bontsha se mokaulengwe yono a se akanyang fa a ntse a bala pego eno e bile a tlhatlhanya ka yone.