Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Rata ba ba ‘Ungwang Maungo ka Boitshoko’

Jehofa o Rata ba ba ‘Ungwang Maungo ka Boitshoko’

“Mme e e mo mmung o o molemo, bano ke ba . . . ba [ungwang] maungo ka boitshoko.”—LUKE 8:15.

PINA: 68, 72

1, 2. (a) Ke eng fa re kgothadiwa ke Bakeresete ba ba tswelelang ba rera mo mafelong a batho ba ba sa kgatlhegeng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Jesu o ne a reng ka go rera mo ‘nageng ya gagabo’? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

SERGIO LE OLINDA ke banyalani ba babulatsela ba ba mo dingwageng tsa bo80 mme ba nna kwa United States. Bosheng jaana, e re ka maoto a bone a opa, ba thatafalelwa ke go tsamaya sentle. Le fa go ntse jalo, fela jaaka ba ile ba dira dingwaga di le dintsi, mo mosong ka ura ya bosupa, ba ya kwa lefelong le le tlhanaselang mo toropong. Ba ema gaufi le fa bese e pagamelwang gone ba bo ba naya bafetikatsela dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Batho ba le bantsi ba a ba itlhokomolosa, le fa go ntse jalo, ba tswelela ba eme foo e bile ba a nyenya fa batho ba feta. Ka sethoboloko, ba boela gae. Mo mosong o o latelang ka ura ya bosupa, ba boela mo lefelong leo gape. Tota e bile, banyalani bano ba ba ikanyegang, ba rera dikgang tse di molemo kwa lefelong leo malatsi a le marataro mo bekeng, ngwaga otlhe.

2 Fela jaaka Sergio le Olinda, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le  bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba tswelela ba rera dingwagangwaga mo mafelong a batho ba ba sa kgatlhegeng. Fa e le gore go ntse jalo mo lefelong le lo nnang mo go lone, re a lo akgola ka gonne lo itshokile. * Tsela e lo direlang Jehofa ka yone fa lo lebana le maemo ano e kgothatsa batho ba le bantsi mo phuthegong ya Modimo, tota le ba ba nang le lobaka lo loleele ba mo direla. Ela tlhoko gore balebedi bangwe ba potologo ba ile ba reng: “Fa ke bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang jaana mo bodireding, sekao sa bone se a nkgothatsa.” “Boikanyegi jwa bone bo nkgothaletsa gore ke itshoke le gore ke nne pelokgale mo bodireding.” “Sekao sa bone se dira gore ke itumele tota.”

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife tse tharo, mme ka ntlha yang?

3 Gore re ikemisetse go wetsa tiro ya go rera e Jesu a re abetseng yone, mma re sekaseke dikarabo tsa dipotso tse tharo: Ke eng fa ka dinako dingwe re ka kgobega marapo? Re ka atlega jang? Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re ungwa maungo ka boitshoko?

KE ENG FA RE KA KGOBEGA MARAPO?

4. (a) Tsela e Bajuda ba neng ba ikutlwa ka yone ka molaetsa wa Bogosi e ne ya ama Paulo jang? (b) Ke eng fa Paulo a ne a ikutlwa jalo?

4 Fa e le gore o kile wa rera mo lefelong le mo go lone batho ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona, o tla tlhaloganya tsela e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone. O feditse dingwaga di ka nna 30 a rera mme o ne a thusa batho ba le bantsi gore ba nne Bakeresete. (Dit. 14:21; 2 Bakor. 3:2, 3) Le fa go ntse jalo, ga a ka a kgona go thusa Bajuda ba le bantsi gore ba direle Jehofa. Tota e bile, bontsi jwa bone ba ile ba mo ganetsa mme bangwe ba ile ba bo ba mo bogisa. (Dit. 14:19; 17:1, 4, 5, 13) Seno se ile sa ama Paulo jang? O ne a re: “Ke bua boammaaruri mo go Keresete . . . ke na le khutsafalo e kgolo le botlhoko jo bo sa kgaotseng mo pelong ya me.” (Bar. 9:1-3) Ke eng fa Paulo a ne a ikutlwa jalo? O ne a rata tiro ya go rera. O ne a rerela Bajuda ka gonne a amega ka bone. Ka jalo, go ne go mo utlwisa botlhoko go ba bona ba gana kutlwelobotlhoko ya Modimo.

5. (a) Ke eng se se re tlhotlheletsang go rerela batho ba bangwe? (b) Ke eng fa ka dinako dingwe re ka kgobega marapo?

5 Fela jaaka Paulo, re rerela batho ka gonne re amega ka bone. (Math. 22:39; 1 Bakor. 11:1) Re a itse gore batho ba ba tsayang tshwetso ya go direla Jehofa ba nna le masego a le mantsi. Re batla go ba thusa go lemoga gore le bone ba ka kgona go tokafatsa matshelo a bone. Ka jalo, re nna re ba kgothaletsa gore ba ithute boammaaruri ka Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe ka batho. Ka tsela nngwe re raya batho ba re ba rerelang re re: ‘Re lo tliseditse mpho e ntle. Re kopa gore lo e amogele.’ Ke ka moo fa batho ba gana go amogela mpho eo re nnang le “botlhoko jo bo sa kgaotseng mo pelong.” Maikutlo ao ga a bontshe gore ga re na tumelo, go na le moo, a bontsha gore re rata tiro ya go rera. Ka jalo, le fa ka dinako dingwe re kgobega marapo, re tswelela re itshokile. Elena yo o nang le dingwaga di feta 25 e le mmulatsela, o bua mafoko ano a a tlhalosang tsela e bontsi jwa rona re ikutlwang ka yone: “Go rera go thata. Mme gone, ga go na tiro epe e nngwe e nka batlang go e dira.”

GO UNGWA MAUNGO GO KAYA ENG?

6. Re tlile go araba potso efe?

6 Ke eng fa re ka kgona go atlega mo bodireding go sa kgathalasege gore re rera kae? Gore re arabe potso eo ya botlhokwa, mma re sekaseke ditshwantsho tse pedi tsa ga Jesu tse mo go tsone a tlhalosang botlhokwa jwa go ‘ntsha maungo.’ (Math. 13:23) Setshwantsho sa ntlha se bua ka mofine.

7. (a) “Modiri wa mo tshimong,” “mofine” le “dikala” ke bomang? (b) Re tlhoka go bona karabo ya potso efe?

 7 Bala Johane 15:1-5, 8Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.” Jesu o ne a re Jehofa ke “modiri wa mo tshimong,” mme ene o ne a re ke “mofine” a bo a re barutwa ba gagwe ke “dikala.” * Ka jalo, balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go ungwa maungo afe? Mo setshwantshong seno, Jesu ga a ka a bua ka tlhamalalo gore maungo ao ke eng, le fa go ntse jalo, o ne a bua sengwe se se ka re thusang go bona karabo.

8. (a) Mo setshwantshong sa ga Jesu, ke eng fa maungo a sa reye barutwa ba basha? (b) O ka reng ka dilo tse Jehofa a re kopang gore re di dire?

8 Jesu o ne a bua jaana ka Rraagwe: “Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa.” Ka mafoko a mangwe, Jehofa o re tsaya re le batlhanka ba gagwe fa fela re ungwa maungo. (Math. 13:23; 21:43) Ka jalo, mo setshwantshong seno, maungo a Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le one ga a reye barutwa ba basha ba re ka nnang le tshiamelo ya go ba dira. (Math. 28:19) Fa go ne go le jalo, seo se ne se tla bo se raya gore Basupi ba ba ikanyegang ba ba sa kgoneng go dira barutwa ka gonne ba rera mo lefelong la batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ne ba tla bo ba tshwana le dikala tse di sa ungweng. Mme gone, ga go a nna jalo! Goreng? Ka gonne ga re ka ke ra pateletsa batho gore ba nne barutwa. E re ka Jehofa a le lorato, ga a ka ke a otlhaya batlhanka ba gagwe ka gonne ba palelwa ke go dira selo se se seng mo maatleng a bone. Sengwe le sengwe se Jehofa a re kopang gore re se dire, se a kgonega.—Dute. 30:11-14.

9. (a) Re ungwa maungo fa re dira tiro efe? (b) Re tlile go tlotla ka setshwantsho sefe, mme ka ntlha yang?

9 Ka jalo, maungo a re tshwanetseng go nna le one ke afe? E tshwanetse ya bo e le sengwe se rotlhe re ka kgonang go se dira. Ke tiro efe e Jehofa a e neileng batlhanka ba gagwe botlhe? Ke tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. * (Math. 24:14) Setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi se bontsha gore seno ke boammaaruri. Mma re sekaseke setshwantsho sa bobedi.

10. (a) Mo setshwantshong sa ga Jesu, peo le mmu di tshwantshetsa eng? (b) Lotlhaka lwa korong lo nna le maungo afe?

10 Bala Luke 8:5-8, 11-15. Mo setshwantshong sa mojadi, peo ke “lefoko la Modimo” kgotsa molaetsa wa Bogosi. Mmu o tshwantshetsa pelo ya motho. Peo e e wetseng mo mmung o o siameng e ile ya mela medi, ya gola e bo e nna semela se segolo. Go tswa foo, e ne “ya ungwa maungo go menagane ga lekgolo.” Fa e le gore semela seo ke lotlhaka lwa korong, se tla ungwa maungo afe? A se tla ungwa matlhaka a korong a mannye? Nnyaa, se ungwa peo, mme morago ga nakonyana peo eo e nna lotlhaka. Mo setshwantsong seno, peo e le nngwe e ile ya nna le dipeo di le lekgolo. Seno se re ruta eng ka bodiredi?

Re ka ‘ungwa maungo ka boitshoko’ jang? (Bona serapa 11)

11. (a) Setshwantsho sa mojadi se re ruta eng ka bodiredi? (b) Re ungwa peo e ntšha ya Bogosi ka tsela efe?

11 Ka sekai, a re re mo nakong e e fetileng Basupi bangwe kgotsa batsadi ba rona ba Bakeresete ba ile ba re bolelela molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba itumela fa ba lemoga gore re simolola go rata molaetsa wa Bogosi o o tshwanang le peo. Fela jaaka mmu o o molemo wa mo setshwantshong sa ga Jesu o ile wa  dira gore peo e gole sentle, re ile ra amogela molaetsa wa Bogosi ka pelo yotlhe. Ka ntlha ya seo, molaetsa wa Bogosi o o tshwanang le peo, o ne wa mela medi o bo o gola go nna lotlhaka lwa korong lo morago ga nako, lo neng lo siametse go ungwa maungo. Mme fela jaaka lotlhaka lwa korong lo sa ntshe matlhaka a mannye mme lo ntsha peo, le rona ga re dire barutwa ba basha, go na le moo, re ungwa peo ya Bogosi. * Re dira seo jang? Nako le nako fa re bolelela mongwe molaetsa wa Bogosi, re anamisa peo e e jadilweng mo dipelong tsa rona. (Luke 6:45; 8:1) Ka jalo, setshwantsho seno se re ruta gore fa re tswelela re rera molaetsa wa Bogosi, re a bo re ‘ungwa maungo ka boitshoko.’

12. (a) Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa mofine le mojadi? (b) Go itse seo go dira gore o ikutlwe jang?

12 Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa mofine le mojadi? Ditshwantsho tseno di re thusa go tlhaloganya gore go ungwa ga rona ga go a ikaega ka gore batho ba re ba rerelang ba tsiboga jang. Go na le moo, go ikaegile ka gore a re a ikanyega. Paulo o ne a tlhalosa seo fa a ne a re: “Mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla.” (1 Bakor. 3:8) Motho o newa tuelo fa a dira tiro eo, e seng go ya ka diphelelo tse a nnileng le tsone. Matilda yo o nang le dingwaga di le 20 e le mmulatsela a re: “Go a itumedisa go itse gore Jehofa o a re duela fa re dira ka natla.”

RE KA UNGWA MAUNGO JANG KA BOITSHOKO?

13, 14. Go ya ka Baroma 10:1, 2, ke eng fa Paulo a ile a se ka a tlogela go rerela batho ba ba neng ba gana molaetsa wa Bogosi?

13 Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re ungwa maungo ka boitshoko? Jaaka re tlhalositse pelenyana, Paulo o ile a kgobiwa marapo ke tsela e e sa siamang e Bajuda ba ileng ba tsibogela molaetsa wa Bogosi ka yone. Le fa go ntse jalo, ga a ka a ba tlhoboga. O ne a tlhalosa gore o ikutlwa jang ka Bajuda bao mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Roma. O ne a re: “Keletso e e molemo ya pelo ya me le mokokotlelo wa  me ka bone mo Modimong, eleruri, ke tsa gore ba bolokwe. Gonne ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Bar. 10:1, 2) Ka jalo, ke eng fa Paulo a ile a tswelela a rera?

14 Sa ntlha, Paulo o ile a tlhalosa lebaka la go bo a ile a tswelela a rerela Bajuda. O ne a tlhotlhelediwa ke “keletso e e molemo ya pelo ya [gagwe].” O ne a batla gore ba bolokwe. (Bar. 11:13, 14) Sa bobedi, o ne a ba direla ‘mokokotlelo mo Modimong.’ O ile a kopa Modimo gore a thuse Bajuda gore ba amogele molaetsa wa Bogosi. Sa boraro, Paulo o ne a re: “Ba na le tlhoafalo ka Modimo.” O ne a leka go bona dilo tse di molemo mo go bone e bile a lemoga gore ba ka kgona go direla Modimo. Paulo o ne a itse gore Bajuda bao ba ba tlhagafetseng ba ka kgona go nna barutwa ba ba molemo ba ga Keresete fela jaaka ene.

15. Re ka etsa Paulo jang? Naya sekai.

15 Re ka etsa Paulo jang? Sa ntlha, re dira ka natla go bona batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” Sa bobedi, re kopa Jehofa gore a thuse batho ba ba siameng gore ba amogele molaetsa wa rona. (Dit. 13:48; 16:14) Silvana, yo o nang le dingwaga di ka nna 30 e le mmulatsela a re: “Pele ke ya go rerela mongwe, ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke nne le boikutlo jo bo siameng.” Gape re kopa Modimo gore a kaele baengele gore ba re thuse go bona batho ba ba iketleeleditseng go reetsa molaetsa wa rona. (Math. 10:11-13; Tshen. 14:6) Robert yo o nang le dingwaga di feta 30 e le mmulatsela a re: “Go a itumedisa go dira mmogo le baengele ba ba itseng maemo a batho ba re ba rerelang ba lebaneng le one.” Sa boraro, re leka go bona dilo tse di molemo mo bathong ba re ba rerelang. Mogolwane mongwe yo o nang le dingwaga di feta 50 a kolobeditswe e bong Carl a re: “Ke leka go batla sengwe se se bontshang gore motho yo ke buang le ene o siame, e ka ne e le monyenyo, go nna botsalano kgotsa potso nngwe e e molemo e a e botsang.” Fa re dira jalo, re ka kgona go ungwa maungo ka boitshoko fela jaaka Paulo.

“O SE KA WA LETLA SEATLA SA GAGO GORE SE IKHUTSE”

16, 17. (a) Taelo e e mo go Moreri 11:6 e re ruta eng? (b) Tiro ya rona ya go rera e ka ama ba bangwe jang?

16 Le fa gone go ka lebega e kete batho ga ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, ga re a tshwanela go lebala gore tiro e re e dirang e ka ba ama. (Bala Moreri 11:6.) Gone ke boammaaruri gore ga ba re reetse, mme gone ba etse tlhoko dilo tse re di dirang. Ba bona tsela e re aparang ka yone, boitshwaro jwa rona jo bo siameng le go nna botsalano. Seno se ka dira gore ba lemoge gore dikgopolo tse di phoso tse ba nang le tsone ka rona ga di boammaaruri. Sergio le Olinda ba go builweng ka bone kwa tshimologong ba ile ba bona seo.

17 Sergio a re: “Re ne ra lwala, ka jalo, go ne ga feta nakonyana re sa ye bodireding. Fa re ne re ya bodireding gape, batho ba ne ba re botsa jaana: ‘Lo ntse lo le kae? Ke kgale re sa lo bone.’” Olinda o bua jaana a nyenya: “Bakgweetsi ba dibese ba ne ba re dumedisa mme bakgweetsi ba bangwe ba ne ba re raya ba re: ‘Lo dira tiro e ntle!’ Ba ne ba kopa dimakasine tsa rona.” Banyalani bano ba ne ba gakgamala tota fa monna mongwe a ne a tla kwa go bone mme a ba naya malomo a bo a ba lebogela tiro e ntle e ba e dirang.

18. Ke eng fa o ikemiseditse go ‘ungwa maungo ka boitshoko’?

18 Eleruri fa fela re sa “letle seatla sa [rona] gore se ikhutse,” re dira tiro ya botlhokwa ya go neela “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) Mme sa botlhokwa thata ke gore re itumelela go itse gore Jehofa o a re amogela ka gonne o rata botlhe ba ba ‘ungwang maungo ka boitshoko’!

^ ser. 2 Tota le Jesu o ne a tlhalosa gore go rera mo ‘nageng ya gagabo’ ke kgwetlho mme ntlha eno e ile ya kwalwa ke bakwadi botlhe ba le banê ba dibuka tsa Diefangele.—Math. 13:57; Mar. 6:4; Luke 4:24; Joh. 4:44.

^ ser. 7 Le fa gone dikala tse di mo setshwantshong seno di emela ba ba tlileng go ya go tshela kwa legodimong, se na le dithuto dingwe tse di ka solegelang batho botlhe ba Modimo molemo.

^ ser. 9 Le fa gone go ungwa maungo go ka raya go nna le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang, mo setlhogong seno le se se latelang, re tlile go tlhoma mogopolo fela mo ‘leungong la dipounama’ kgotsa tiro ya go rera ka Bogosi.—Bagal. 5:22, 23; Baheb. 13:15.

^ ser. 11 Ka dinako dingwe, Jesu o ne a dirisa sekai sa go jala le go roba go tshwantsha tiro ya go dira barutwa.—Math. 9:37; Joh. 4:35-38.