“Lo boloke kagiso mo gare ga lona.”—MAREKO 9:50.

PINA: 39, 77

1, 2. Buka ya Genesise e umaka dikgwetlho dife tse batho ba ileng ba nna le tsone, mme ke eng fa go le botlhokwa go ithuta ka tsone?

A O KILE wa akanya ka dikgotlhang tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng? Mo dikgaolong tsa ntlha fela tsa Genesise, re ithuta gore Kaine o ne a bolaya Abele (Genesise 4:3-8); Lameke o ne a bolaya monna yo o neng a mo iteile (Genesise 4:23); badisa ba ga Aborahame ba ne ba ngangisana le badisa ba ga Lote (Genesise 13:5-7); Hagare o ne a nyatsa Sara, mme Sara a galefela Aborahame (Genesise 16:3-6); Ishemaele o ne a le kgatlhanong le batho mme batho le bone ba le kgatlhanong le ene.—Genesise 16:12.

2 Ke eng fa dipego tseno di le mo Baebeleng? Ka gonne re ka ithuta mo dikaong tsa batho bano ba ba neng ba dira diphoso e bile ba na le mathata. Le rona re dira diphoso, ka jalo, fa re na le mathata mo botshelong, re ka etsa dikao tse di molemo tse di mo Baebeleng. (Baroma 15:4) Dikao tseno di kgona go re ruta go tshela le ba bangwe ka kagiso.

3. Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

3 Setlhogo seno se tla re thusa go itse lebaka la go bo re tshwanetse go rarabolola dikgotlhang le kafa re ka dirang seo  ka gone. Gape re tla ithuta ka melaometheo mengwe ya Baebele e e ka re thusang go rarabolola dikgotlhang le go tswelela re na le kamano e e molemo le Jehofa mmogo le batho ba bangwe.

LEBAKA LA GO BO BATLHANKA BA MODIMO BA TSHWANETSE GO RARABOLOLA DIKGOTLHANG

4. Ke mokgwa ofe o o anameng mo lefatsheng lotlhe, mme seo se nnile le diphelelo dife?

4 Satane ke ene a di gogang kwa pele mo go kgaoganyeng batho. Ke eng fa re rialo? Kwa tshimong ya Edene, o ne a re mongwe le mongwe o kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Genesise 3:1-5) Mme fa re lebelela mo lefatsheng gone jaanong, re kgona go bona gore tsela eo ya go akanya e baketse batho mathata fela. Batho ba le bantsi ba akanya gore ba na le tshwanelo ya go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ba a ikgogomosa, ba pelotshetlha, ba rata go gaisana e bile ga ba na sepe le gore a ditshwetso tsa bone di utlwisa ba bangwe botlhoko kana jang. Seo se felela ka dikgotlhang. Baebele e re gakolola gore fa re itlhaganelela go galefa, re tla baka manganga le go dira diphoso tse dintsi.—Diane 29:22.

5. Jesu o ne a ruta batho go rarabolola dikgotlhang jang?

5 Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go tshedisana ka kagiso le go tila dikgogakgogano tota le fa go dira jalo go lebega go sa ba solegele molemo. Ka sekai, o ne a ba ruta gore ba utlwele ba bangwe botlhoko, ba tshedisane ka kagiso le ba bangwe, ba se ka ba nna bogale, ba rarabolole dikgotlhang ka bonako le go rata baba ba bone.—Mathaio 5:5, 9, 22, 25, 44.

6, 7. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go rarabolola dikgotlhang ka bonako? (b) Ke dipotso dife tse batho botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetseng go ipotsa tsone?

6 Re obamela Jehofa fa re rapela, re rera le fa re ya kwa dipokanong. Fa re sa tshedisane ka kagiso le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, Jehofa ga a kitla a amogela kobamelo ya rona. (Mareko 11:25) Fa re batla go nna ditsala tsa ga Jehofa, re tshwanetse go itshwarela ba bangwe fa ba re diretse diphoso.—Bala Luke 11:4; Baefeso 4:32.

A o itshwarela Bakeresete ba bangwe ka bonako?

7 Jehofa o lebeletse gore batlhanka botlhe ba gagwe ba itshwarelane le gore ba tshedisane mmogo ka kagiso. Re ka ipotsa jaana: ‘A ke itshwarela Bakeresete ba bangwe ka bonako? A ke a itumela fa ke na le bone?’ Fa o lemoga gore ga o kgone go itshwarela ba bangwe, kopa Jehofa gore a go thuse go tokafatsa mo ntlheng eno. Rraarona yo o kwa legodimong o tla utlwa dithapelo tseo tse di bontshang boikokobetso mme o tla di araba.—1 Johane 5:14, 15.

A O KA ITLHOKOMOLOSA SE SE DIRAGETSENG?

8, 9. Re tshwanetse go dira eng fa re kgopisitswe?

8 Rotlhe re dira diphoso, ka jalo, re ka lebelela gore batho ba tla bua kgotsa ba tla dira dilo tse di tla re kgopisang. (Moreri 7:20; Mathaio 18:7) O tla tsiboga jang fa seo se direga? Re ka ithuta thuto ya botlhokwa go tswa mo tiragalong e e latelang: Kgaitsadi o dumedisa bakaulengwe ba babedi kwa  kokoanong. Mongwe wa bone o kgopisiwa ke tsela e a ba dumedisang ka yone. Fa bakaulengwe bano ba le mmogo, mokaulengwe yo o kgopisegileng o simolola go ngongorega ka kgaitsadi yono. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yo mongwe o mo gopotsa gore kgaitsadi yono o na le dingwaga di le 40 a ntse a direla Jehofa le fa gone a na le mathata a mantsi. O mo tlhomamisetsa gore kgaitsadi ga a mo kgopisa ka boomo. Mokaulengwe yo o kgopisegileng o tsiboga jang? A re: “O nepile.” Go tswa foo, o lebala ka se se diragetseng.

9 Tiragalo eno e re ruta eng? Fa mongwe a re kgopisa, ke rona ba re dirang tshwetso ya gore re tla tsiboga jang. Motho yo o lorato o a itshwarela. (Bala Diane 10:12; 1 Petere 4:8.) Fa re “tlhokomologa tlolo,” re itumedisa Jehofa. (Diane 19:11; Moreri 7:9) Ka jalo, fa mongwe a bua kgotsa a dira sengwe se se go kgopisang, ipotse go re: ‘A nka se tlodisa matlho? A ke tlhoka go nna ke ntse ke akantse ka sone?’

10. (a) Kgaitsadi mongwe o ne a tsiboga jang la ntlha fa batho ba ne ba bua dilo tse di botlhoko ka ene? (b) Ke ditemana dife tse di ileng tsa thusa kgaitsadi yono gore a itumele?

10 Fa ba bangwe ba bua sengwe se se re utlwisang botlhoko, go ka nna thata gore re itlhokomolose mafoko a bone. Ela tlhoko se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe yo re tla mmitsang Lucy. Bangwe mo phuthegong ba ne ba bua dilo tse di utlwisang botlhoko ka bodiredi jwa gagwe le tsela e a dirisang nako ka yone. O ne a utlwile botlhoko thata mo a neng a kopa kgakololo mo bakaulengweng ba ba godileng. Go ile ga felela ka eng? A re ba ile ba dirisa Baebele go mo thusa gore a tlogele go akanya thata ka dilo tse di botlhoko tse ba bangwe ba di buang mme a simolole go akanya thata ka tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone. O ne a kgothadiwa ke Mathaio 6:1-4. (E bale.) Ditemana tseno di ile tsa mo gopotsa gore go itumedisa Jehofa, ke selo sa botlhokwa mo botshelong. Go tswa foo, o ne a itlhokomolosa dilo tse di botlhoko tse ba bangwe ba di buang. Gone jaanong, le fa batho ba bua dilo tse di botlhoko ka bodiredi jwa gagwe, ga a utlwe botlhoko ka gonne o a itse gore o leka ka natla go itumedisa Jehofa.

FA O SA KGONE GO ITLHOKOMOLOSA SE SE DIRAGETSENG

11, 12. (a) Mokeresete o tshwanetse go tsiboga jang fa a lemoga gore Mokeresete yo mongwe “o na le sengwe kgatlhanong” le ene? (b) Re ka ithuta eng mo tseleng e Aborahame a neng a rarabolola kganetsano ka yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) A re re mokaulengwe mongwe o utlwisitswe botlhoko ke sengwe se o se buileng kgotsa se o se dirileng. Ke eng se o tshwanetseng go se dira? Jesu o ne a re “fa, . . . , o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Mathaio 5:23, 24) Ka jalo, bua le mokaulengwe wa gago. Boikaelelo jwa gago e tshwanetse go batla go agisana le ene. O tshwanetse go amogela molato wa gago mme o se ka wa leka  go mo latofatsa. Selo sa botlhokwa thata ke go agisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

Boikaelelo jwa gago e tshwanetse go batla go agisana le ene

12 Baebele e bontsha kafa batlhanka ba Modimo ba ka agisanang ka gone fa go na le dikgotlhang. Ka sekai, Aborahame le motlogoloagwe e bong Lote ba ne ba na le diruiwa tse dintsi mme badisa ba bone ba ne ba simolola go ngangisana ka gonne go ne go se na mafulo a a lekaneng. E re ka Aborahame a ne a rata kagiso, o ne a letla Lote gore a tlhophe karolo e e molemo. (Genesise 13:1, 2, 5-9) A sekao se se molemo ruri! Ga twe bopelonomi bo bolaile mmamasiloanoka. A go ile ga nna jalo ka Aborahame? Le e seng. Moragonyana ga foo, Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore o tla mo segofatsa. (Genesise 13:14-17) Re ithuta eng? Tota le fa re ka latlhegelwa ke sengwe, Jehofa o tla re segofatsa fa re rarabolola dikgotlhang ka lorato. [1]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

13. Molebedi mongwe o ne a tsiboga jang fa a garumelwa, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?

13 Akanya ka sekai seno. Molebedi wa lefapha lengwe la kopano o founela mokaulengwe mongwe mme o mo kopa gore a mo thuse mo lefapheng la gagwe. Mokaulengwe yono o bua mafoko a a botlhoko a bo a tima founo ka gonne a sa ntse a galefetse molebedi wa ntlha wa lefapha leo. Le fa gone molebedi yono a sa kgopisega, ga a itlhokomolose se se sa tswang go direga. Morago ga ura, o founela mokaulengwe yono gape a bo a mo kopa gore ba kopane. Mo bekeng e e latelang, bakaulengwe bano ba kopana kwa Holong ya Bogosi mme fa ba sena go rapela, ba fetsa ura ba bua. Mokaulengwe o tlhalosa se se diragetseng magareng ga gagwe le molebedi wa ntlha wa lefapha leo. Molebedi yono o reetsa ka kelotlhoko a bo a sekaseka ditemana dingwe tse di ka mo thusang. Kgabagare bakaulengwe bano ba rarabolola kgang eo mme ba bereka mmogo kwa kopanong. Mokaulengwe o itumetse go bo molebedi yono a ile a bua le ene ka bonolo le ka tlotlo.

A O TSHWANETSE GO ITSISE BAGOLWANE?

14, 15. (a) Re tshwanetse go dirisa leng kgakololo e e mo go Mathaio 18:15-17? (b) Ke dikgato dife tse tharo tse Jesu a neng a di umaka, mme boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna bofe fa re di latela?

14 Bakeresete ba babedi ba ba nang le kgotlhang ba kgona go e rarabolola e bile ba tshwanetse go dira jalo ntle le go tsenya ba bangwe mo go yone. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe seno ga se kgonege. Go ya ka Mathaio 18:15-17 (E bale.) go na le maemo mangwe a a ka tlhokang gore go nne le batho bangwe ba ba tsereganyang. Go “leofa” go Jesu a buang ka gone fano, ga se kganetsano fela e e sa reng sepe. Re itse jang? Jesu a re fa moleofi a gana go ikwatlhaya le fa gone mokaulengwe wa gagwe, basupi le bagolwane ba buile le ene, motho yoo o tshwanetse go tsewa “jaaka motho wa ditšhaba le jaaka mokgethisi.” Seno se raya gore o tshwanetse go kgaolwa. Go “leofa” go ka akaretsa dilo tse di jaaka boferefere kgotsa go senya motho leina, mme ga go akaretse maleo a a jaaka boaka, bosodoma, botlhanogi kgotsa kobamelo ya medingwana. Maleo ano a tshwanetse go rarabololwa ke bagolwane.

O ka nna wa tlhoka go bua le mokaulengwe wa gago makgetlo a le mmalwa gore lo kgone go agisana (Bona serapa 15)

15 Boikaelelo jwa ga Jesu fa a ne a ntsha kgakololo eno, e ne le go re bontsha kafa lorato lo ka re tlhotlheletsang ka gone gore re thuse bakaulengwe ba rona. (Mathaio 18:12-14) Re ka dirisa kgakololo eno jang? (1) Re tshwanetse go leka ka natla go  agisana le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa rona ntle le go tsenya batho ba bangwe mo gare. Re ka nna ra tlhoka go bua le ene makgetlo a le mmalwa. Mme re tshwanetse go dira eng fa go sa ntse go se na kagiso? (2) Re tshwanetse go kopa thuso ya Mokeresete yo mongwe yo o itseng kgang eo kgotsa yo o ka re thusang go bona gore a go na le sengwe se se phoso se se diragetseng. Fa lo rarabolotse kgang eo, o tla bo “o gapile morwarrago.” Fa o lekile makgetlo a le mmalwa go bua le ene mme lo sa kgona go rarabolola kgotlhang eo, ke gone jaanong o ka nnang wa (3) bega kgang eo kwa bagolwaneng.

16. Ke eng se se bontshang gore go latela kgakololo ya ga Jesu go a thusa e bile go bontsha lorato?

16 Gantsi ga go tlhokege gore re latele dikgato tsotlhe tse di mo go Mathaio 18:15-17. Seno se a kgothatsa. Ke eng re rialo? Ka gonne gantsi moleofi o lemoga phoso ya gagwe a bo a e baakanya, ka jalo, ga go tlhokege gore a kgaolwe. Go tswa foo, motho yo o kgopisitsweng o tshwanetse go itshwarela mokaulengwe wa gagwe le go agisana le ene. Ka jalo, go a bonala gore Jesu o re gakolola gore re se ka ra itlhaganelela go isa kgang kwa bagolwaneng. Re tshwanetse go bega kgang fa fela re latetse dikgato tse pedi tsa ntlha e bile go na le bosupi jwa gore go dirilwe sengwe se se phoso.

17. Ke ditshegofatso dife tse re tla itumelelang tsone fa re “senka kagiso”?

17 Fa fela re sa ntse re le baleofi, re tlile go kgopisana. Morutwa Jakobe o ne a kwala a re: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) Fa re batla go rarabolola dikgotlhang, re tshwanetse go leka ka natla go ‘senka kagiso, le go e latelela.’ (Pesalema 34:14) Fa re tshela ka kagiso le batho ba bangwe, re tla nna le botsalano jo bo molemo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mme seo se tla dira gore re nne seoposengwe. (Pesalema 133:1-3) Sa botlhokwa le go feta, re tla nna ditsala tsa ga Jehofa, “Modimo yo o nayang kagiso.” (Baroma 15:33) Re tla itumelela ditshegofatso tseno tsotlhe fa fela re rarabolola dikgotlhang ka lorato.

^ [1] (serapa 12) Batho bangwe ba ba neng ba rarabolola dikgotlhang ka kagiso ke Jakobe le Esau (Genesise 27:41-45; 33:1-11); Josefa le bomorwarraagwe (Genesise 45:1-15); le Gidione le Baeferaime (Baatlhodi 8:1-3). Gongwe go na le dikai dingwe tse o di itseng tse di mo Baebeleng.