Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Jehofa ga a Ise A ko A Ntshwabise!

Jehofa ga a Ise A ko A Ntshwabise!

Ke ne ke le mongwe wa basetsana ba le banê ba ba neng ba tlhophilwe gore ba neye Adolf Hitler malomo fa a sena go bua le setšhaba nako nngwe. Ke eng fa ke ne ke tlhophilwe? Rre o ne a tseneletse thata mo ditirong tsa Banasi e bile e ne e le mokgweetsi wa mongwe wa baeteledipele ba mokgatlho oo. Mmê e ne e le Mokatoliki yo o tlhagafetseng e bile o ne a batla gore ke nne moitlami. Le fa gone rre a ne a batla gore ke nne le seabe mo dipolotiking mme Mmê ene a batla gore ke nne moitlami, ga ke a ka ka dira sepe sa dilo tseo. Mma ke go bolelele lebaka.

KE GOLETSE kwa Graz kwa Austria. Fa ke na le dingwaga di le supa, batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa sekolong sengwe sa bodumedi. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamadiwa ke go bona baruti le baitlami ba dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo, mmê o ne a ntetla gore ke tswe mo sekolong seo pele ngwaga o fela.

Lelapa la kwa gae le rre a apere diaparo tsa sesole

Moragonyana, ke ne ka ya go nna kwa sekolong se sengwe. Bosigo bongwe, Rre o ne a tla go ntsaya ka gonne lefelo la rona la Graz le ne le tlhasetswe ka dibomo. Re ne ra tshabela kwa toropong ya Schladming. Fela fa re sena go goroga le go kgabaganya borogo, bo ne jwa itewa ke bomo. Nako nngwe, difofane tsa ntwa di ne tsa hula ntlo ya kwa lapeng mme nna le mmemogolo re ne re le gone fa seo se direga. Fa ntwa e fela, go ne ga bonala gore kereke le puso di ile tsa re swabisa.

GO ITHUTA KA JEHOFA

Ka 1950, Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a simolola go ithuta Baebele le Mmê. Ke ne ke tlhola ke ba reetsa fa ba tlotla e bile ka dinako dingwe ke ne ke tsamaya le Mmê fa a ya kwa dipokanong. E re ka a ne a tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri, o ne a kolobediwa ka 1952.

Ka nako eo, go ne go lebega e kete go ya basadibagolo fela kwa dipokanong. Mme gone, moragonyana re ne ra etela phuthego nngwe e e neng e na le basha ba le bantsi e seng bagolo fela. Fa re sena go boela kwa Graz, ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsotlhe mme le nna ke ne ka tlhatswega pelo gore se ke se ithutang ke boammaaruri. Gape ke ne ka ithuta gore Jehofa ke Modimo yo o emang batlhanka ba gagwe nokeng ka dinako tsotlhe. O dira jalo le fa re akanya gore re lebane le mathata re le nosi fela.—Pes. 3:5, 6.

Ke ne ke batla go bolelela batho ba bangwe ka Jehofa. Ke ne ka simolola ka bana ba kwa gae. Bonkgonne ba le banê ba ne ba setse ba fudugile mme e ne e le barutabana. Ke ne ka ba  etela kwa ba nnang gone mme ka ba kgothaletsa gore ba ithute Baebele. Kgabagare bana botlhe ba kwa gae ba ne ba ithuta Baebele mme ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Mo bekeng ya bobedi fa ke sena go simolola bodiredi jwa ntlo le ntlo, ke ne ka kopana le mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo30 mme ka simolola go ithuta Baebele le ene. O ne a gatela pele a bo a kolobediwa, mme moragonyana, monna wa gagwe le bomorwawe ba babedi le bone ba ne ba kolobediwa. Go ithuta Baebele le mosadi yoo go ne ga nonotsha tumelo ya me. Ka ntlha yang? Ka gonne ga go na ope yo o kileng a nthuta Baebele. Ka jalo, ke ne ke tlhoka go baakanyetsa sentle. Tota nka re, ke ne ke simolola pele ka go ithuta gore ke kgone go mo ruta. Seo se ile sa dira gore ke tlhaloganye dithuto tsa boammaaruri botoka. Ka April 1954, ke ne ka ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

“RE A BOGISIWA, MME GA RE A PHUAGANNGWA”

Ka 1955, ke ne ka ya kwa dikopanong tsa boditšhabatšhaba kwa Jeremane, Fora le kwa Engelane. Fa ke le kwa London, ke ne ka kopana le Albert Schroeder. E ne e le motlhatlheledi wa Sekolo sa Baebele sa Gileade mme moragonyana o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Fa re etetse Musiamo wa kwa Boritane, Mokaulengwe Schroeder o ne a re bontsha mekwalo ya seatla ya Baebele. E ne e na le leina la Modimo ka ditlhaka tsa Sehebera mme o ne a re tlhalosetsa gore mekwalo eo e botlhokwa. Seno se ne sa dira gore ke rate Jehofa le boammaaruri fela thata le gore ke ikemisetse go tswelela ke rera molaetsa o o mo Lefokong la Modimo.

Nna le kgaitsadi yo ke neng ke dira le ene (mo mojeng), fa re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng kwa Mistelbach, Austria

Ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha ka January 1, 1956. Dikgwedi di le nnê moragonyana, ke ne ka abelwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Austria. Ka nako eo, go ne go se na Basupi kwa toropong ya Mistelbach e ke neng ke abetswe go direla kwa go yone. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lebana le bothata bongwe. Nna le kgaitsadi wa mmulatsela yo ke neng ke dira le ene, re ne re farologane tota. Ke ne ke tloga ke tshwara dingwaga di le 19 mme ke tswa kwa toropong; ene o ne a na le dingwaga di le 25 mme a tswa kwa dipolasing. Ke ne ke sa rate go tsoga phakela; ene o ne a rata go tsoga phakela. Ke ne ke robala bosigo; ene o ne a rata go robala ka nako. Mme gone, kgakololo ya Baebele e ne ya re thusa go tshedisana sentle mme re ne ra itumelela go dira mmogo.

Re ne ra lebana le diteko tse dingwe. Tota e bile, ka dinako dingwe re ne re bogisiwa mme Jehofa ga a ka a re ‘phuaganya.’ (2 Bakor. 4:7-9) Nako nngwe fa re ne re rera kwa motseng mongwe, batho ba motse oo ba ne ba bulela dintša tsa bone. Re ne ra iphitlhela re dikologilwe ke dintša tse di bogale. Re ne ra tshwarana ka diatla mme ke ne ka rapela ke re, “Jehofa, tsweetswee, fa e le gore di a re loma, mma re swe ka bonako!” Fa di setse di re atametse thata, di ne tsa ema, tsa tsokotsa megatla di bo di tsamaya. Eleruri Jehofa o ne a re sireleditse! Morago ga moo, re ne ra rera mo motseng oo otlhe mme re ne ra itumela tota fa batho ba bontsha kgatlhego. Gongwe ba ne ba gakgamaditswe ke gore dintša ga di a ka tsa re loma kgotsa gore re ne ra tswelela re rera le fa re sena go diragalelwa ke selo se se tshosang jalo. Tota e bile, moragonyana bangwe ba bone ba ne ba nna Basupi.

 Go ne ga direga sengwe se se neng sa re tshosa tota. Letsatsi lengwe, mong wa ntlo e re e hirileng o ne a tla a tagilwe mme a re tshosetsa ka gore o tla re bolaya e bile a re re tshwenya baagelani. Mosadi wa gagwe o ne a leka go mo ritibatsa maikutlo mme ga pala. Re ne ra utlwa dilo tseno tsotlhe re le kwa kamoreng ya rona. Ka bonako fela re ne ra baya ditulo fa pele ga kgoro ya kamore re bo re paka dibeke tsa rona. Fa re bula kgoro, rre yoo o ne a eme fa gautshwane a tshwere thipa e e kgolo. Re ne ra tshaba ka kgoro e e kwa morago mme ga re a ka ra boa.

Re ne ra ya go batla kamore kwa hoteleng nngwe. Re ne ra feleletsa re nna koo lobaka lwa ngwaga mme seo se ne sa re thusa thata mo bodireding. Jang? Hotele eno e ne e le mo gare ga toropo mme bangwe ba baithuti ba rona ba ne ba batla gore re balele teng. Go ise go ye kae, re ne ra tshwara thuto ya buka le Thuto ya Tora ya Tebelo mo kamoreng ya rona mme go ne go tla batho ba ka nna 15.

Re ne ra nna kwa Mistelbach lobaka lwa ngwaga. Go tswa foo, ke ne ka newa kabelo e ntšha kwa toropong ya Feldbach e e kwa borwabotlhaba jwa Graz. Ke ne ka dira le kgaitsadi yo mongwe wa mmulatsela mme le mo lefelong leo go ne go se na phuthego. Re ne re nna mo kamoreng e e nnye mo ntlong e e dirilweng ka logong. Ntlo eno e ne e tsenya phefo mo diphatleng tse di fa gare ga dikgong, ka jalo, re ne ra leka go di kaba ka dipampiri. Gape re ne re tshwanelwa ke go ga metsi kwa sedibeng. Mme gone, matsapa a rona a ne a nna le diphelelo tse di molemo. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, go ne ga bulwa setlhopha se sesha. Kgabagare, batho ba le 30 ba lelapa lengwe le re neng re ithuta le lone, ba ne ba amogela boammaaruri!

Maitemogelo ano a ne a dira gore ke lemoge gore ruri Jehofa o nna a ema nokeng batho ba ba bayang Bogosi kwa pele. Tota le fa re lebane le mathata a re tsayang gore batho ba ka se kgone go re thusa ka one, Jehofa o tla tswelela a re ema nokeng.—Pes. 121:1-3.

GO TSHEGEDIWA KE ‘SEATLA SA MOJA SA TSHIAMO’ SA MODIMO

Ka 1958, go ne ga tshwarwa kopano ya boditšhabatšhaba kwa New York City kwa Yankee Stadium le kwa Polo Grounds. Ke ne ka tsenya kopo ya go ya kwa kopanong eo mme ofisi ya lekala ya Austria e ne ya mpotsa gore a nka se rate go ya kwa tlelaseng ya bo32 ya Sekolo sa Gileade. Ke ne ke sa batle go tlolwa ke tshono eo. Ka jalo, ka bonako fela ke ne ka amogela taletso eo.

Kwa tlelaseng ya Gileade, ke ne ke dula fa thoko ga ga Martin Poetzinger. O ne a diragalelwa  ke dilo tse di botlhoko tota kwa dikampeng tsa pogiso tsa Banasi. Moragonyana o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Kwa tlelaseng, Martin o ne a tlhola a mpotsa jaana: “Erika, selo se se kaya eng ka Sejeremane?”

Fa re tloga re fetsa, Nathan Knorr o ne a re bolelela gore re tlile go direla kwa kae. Ke ne ka abelwa kwa Paraguay. E re ka ke ne ke le monnye, ke ne ke tlhoka tetla ya ga rre gore ke ye kwa nageng eo. O ne a dumela mme ke ne ka ya kwa Paraguay ka March 1959. Ke ne ka ya go nna kwa legaeng la barongwa kwa Asunción mme ka simolola go dira le kgaitsadi yo mongwe.

Go ise go ya kae, ke ne ka kopana le Walter Bright, yo e neng e le morongwa mme a alogile kwa tlelaseng ya bo30 ya Gileade. Re ne ra nyalana mme ra lebana le mathata a botshelo mmogo. Fa re lebana le mathata, re ne re bala tsholofetso eno ya ga Jehofa e e mo go Isaia 41:10: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa.” Seno se ne sa re tlhomamisetsa gore fa fela re ikanyega mo go Jehofa e bile re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, ga a kitla a re swabisa.

Moragonyana, re ne ra abelwa kwa lefelong le le gaufi le molelwane wa Brazil. Fa re le koo, baruti ba ne ba tlhotlheletsa basha bangwe gore ba konope legae la rona ka maje le fa gone le ne le setse le tlhoka go baakanngwa. Walter o ne a simolola go ithuta Baebele le mookamedi wa mapodise. Mookamedi yono o ne a tlhomamisa gore mapodise a fetsa beke a re sireleditse mme batho bao ga ba a ka ba tlhola ba re tshwenya. Nakonyana morago ga moo, re ne ra fudugela kwa ntlong e e botoka go pota molelwane wa Brazil ka kwa. Seno se ne sa re tswela mosola ka gonne re ne ra kgona go tshwara dipokano mo Paraguay le kwa Brazil. Pele re fuduga, go ne go setse go na le diphuthego tse pedi tse dinnye.

Nna le monna wa me, Walter, fa re ne re le barongwa kwa Asunción, Paraguay

JEHOFA O SA NTSE A NKEME NOKENG

Dingaka di ne di mpoleletse gore nka se kgone go nna le bana, ka jalo, ka 1962 re ne ra gakgamala fa re lemoga gore ke imile. Re ne ra ya go nna kwa Hollywood kwa Florida, gaufi le ba lelapa la ga Walter. Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa re sa kgone go nna babulatsela. Re ne re tlhoka go tlhokomela lelapa la rona. Le fa go ntse jalo, dilo tse di direlwang Bogosi di ne di sa ntse di le botlhokwa tota mo go rona.—Math. 6:33.

Fa re goroga kwa Florida ka November 1962, re ne ra gakgamala fa re lemoga gore batho ba lefelo leno ba ne ba sa batle gore bakaulengwe ba basweu ba kopanele le bakaulengwe ba bantsho e bile ba ne ba rera mo mafelong a a farologaneng. Mme gone, Jehofa ga a kgaoganye batho ka ditso, ka jalo, go ise go ye kae, bakaulengwe ba ditso tse di farologaneng ba ne ba kgona go kopanela mmogo. Go ne go bonala sentle gore seno se diregile ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa e re ka gone jaanong go na le diphuthego di le dintsi mo lefelong leo.

Ka maswabi, Walter o ne a tshwarwa ke kankere ya boboko mme a tlhokafala ka 2015. Ke ne ka itumelela go nna mosadi wa gagwe dingwaga di le 55 ka gonne o ne a rata Jehofa e bile a thusa bakaulengwe. Ke lebile pele go mmona gape a itekanetse ka nako ya tsogo ya baswi.—Dit. 24:15.

Ke itumeletse go nna mo tirelong ya nako e e tletseng dingwaga di feta 40 mme ke ne ka bona masego a le mantsi. Ka sekai, nna le Walter re ne ra bona batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba le 136 ba kolobediwa. Gone re ile ra lebana le mathata. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra a letla gore a re thibele go direla Modimo. Go na le moo, re ne ra nna re atamalana le ene, re na le tsholofelo ya gore o tla rarabolola dilo ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe. Mme o dira jalo ka metlha.—2 Tim. 4:16, 17.

Gone ke gopotse Walter fela thata, mme gone, go nna mmulatsela go nthusa gore ke itshoke. Go ruta batho ba bangwe go ntsholegela molemo tota, segolobogolo fa ke ba bolelela ka tsholofetso ya tsogo. Eleruri Jehofa ga a ise a ko a ntshwabise! Fela jaaka a solofeditse, o ile a nnonotsha, a nthatafatsa le go tswelela a ntshegeditse ka ‘seatla sa gagwe sa moja sa tshiamo.’—Isa. 41:10.