Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Gatela Pele le go Kolobediwa

Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Gatela Pele le go Kolobediwa

“Ke ka ntlha yang o diega? Nanoga, kolobediwa.”—DIT. 22:16.

PINA: 59, 89

1. Ke eng se batsadi ba batlang go se tlhomamisa pele bana ba bone ba kolobediwa?

BLOSSOM BRANDT o tlhalosa jaana: “Go ne ga feta dikgwedi di le dintsi ke bolelela Mama le Papa gore ke batla go kolobediwa, mme ba ne ba nna ba bua le nna ka kgang eno. Ba ne ba batla go tlhomamisa gore ke itse kafa go kolobediwa go leng masisi ka gone. Ka December 31, 1934, ke ne ka kolobediwa.” Gompieno le gone, Bakeresete ba batla go thusa bana ba bone go dira ditshwetso tse di molemo. Go diega go kolobediwa go ka senya kamano ya motho le Jehofa. (Jak. 4:17) Le fa go ntse jalo, batsadi ba batla go tlhomamisa gore pele bana ba bone ba kolobediwa, ba a bo ba setse ba siametse go sikara maikarabelo a go nna balatedi ba ga Jesu.

2. (a) Ke eng se se tshwenyang balebedi bangwe ba potologo? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Balebedi bangwe ba potologo ba tshwenngwa ke gore ba tlhola ba kopana le basha ba ba mo bowelong jwa dingwaga tsa  bolesome kgotsa ba ba mo dingwageng tsa bo20 ba ba goletseng mo malapeng a Basupi mme gone ba ise ba kolobediwe. Bontsi jwa basha bano ba nna gone kwa dipokanong e bile ba nna le seabe mo bodireding. Ba itsaya e le Basupi ba ga Jehofa. Mme gone, go lebega go na le sengwe se se ba thibelang go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Ke eng seo? Batsadi bangwe ba ile ba kgothaletsa bana ba bone gore ba eme nakonyana pele ba kolobediwa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le nnê tse di dirang gore batsadi bangwe ba thibele bana ba bone go kolobediwa.

A NGWANAKE GA A MONNYE THATA?

3. Batsadi ba ga Blossom ba ne ba tshwenyegile ka eng?

3 Batsadi ba ga Blossom ba ne ba tshwenyegile ka gore a ngwana wa bone o godile sentle gore a ka tlhaloganya gore kolobetso ke kgang e e masisi go le kana kang. Batsadi ba ka itse jang gore a ngwana wa bone o siametse go ineela mo Modimong?

4. Taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20 e ka thusa jang batsadi gore ba rute bana ba bone?

4 Bala Mathaio 28:19, 20. Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Baebele ga e tlhalose gore motho o tshwanetse a bo a na le dingwaga tse kae gore a kolobediwe. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ka solegelwa molemo ke go akanya ka gore go kaya eng go thusa motho gore a nne morutwa wa ga Jesu. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go dira barutwa’ mo go Mathaio 28:19, le kaya go ruta motho ka maikaelelo a gore e nne morutwa. Morutwa ke motho yo o ithutang dithuto tsa ga Jesu e bile a ikemiseditse go di ikobela. Ka jalo, batsadi botlhe ba Bakeresete ba tshwanetse go leka go ruta bana ba bone go tswa boseeng gore e tle e nne barutwa ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete. Gone lesea le ka se ka la kolobediwa. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore tota le bana ba bannye ba ka kgona go tlhaloganya dithuto tsa Baebele.

5, 6. (a) Baebele e re thusa jang go lemoga gore Timotheo o kolobeditswe leng? (b) Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone?

5 Timotheo o ne a dira tshwetso ya go direla Jehofa a sa le monnye. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore Timotheo o ne a ithuta boammaaruri a sa le monnye. Le fa gone rraagwe Timotheo e ne e se Mokeresete, mmaagwe le nkokoagwe ba e neng e le Bajuda, ba ne ba mo ruta Dikwalo go ya ka tsela e Bajuda ba neng ba di tlhaloganya ka yone. Ka ntlha ya seo, o ne a nna le tumelo e e nonofileng. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Fa Timotheo a le mo bowelong jwa dingwaga tsa bolesome kgotsa mo masimologong a dingwaga tsa bo20, o ne a setse a tshwanelega go newa ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong.—Dit. 16:1-3.

6 Gone ke boammaaruri gore bana ga ba tshwane, ka jalo, ga ba gole ka go tshwana. Ba bangwe ba kgona go akanya sentle ba sa le bannye mme ba bo ba batla go kolobediwa. Ba bangwe bone ba ka tswa ba tlhoka go gola sentle pele ba ka kolobediwa. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go dirisa temogo mme ba se ka ba pateletsa bana ba bone gore ba kolobediwe. Go na le moo, ba tshwanetse go ba thusa go nonotsha tumelo ya bone go ya kafa bana ba ka kgonang ka gone. Batsadi ba tla itumela fa bana ba bone ba dira se se tlhalosiwang mo go Diane 27:11. (E bale.) Mme gone, ga ba a tshwanela go lebala gore mokgele wa bone ke go thusa bana ba bone gore ba nne barutwa ba ga Keresete. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore batsadi ba akanye ka potso eno: ‘A ngwanake o na le kitso e e lekaneng gore a ineele mo Modimong le go kolobediwa?’

 A NGWANAKE O NA LE KITSO E E LEKANENG?

7. A motho yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go itse sengwe le sengwe se se mo Baebeleng? Tlhalosa.

7 Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba nne le kitso e e tla ba thusang gore ba ineele mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, motho ga a tlhoke go itse sengwe le sengwe pele a ineela mo Modimong le go kolobediwa. Fa motho a sena go kolobediwa, o tshwanetse go tswelela a oketsa kitso ya gagwe ya boammaaruri. (Bala Bakolosa 1:9, 10.) Ka jalo, motho o tlhoka kitso e e kana kang gore a tshwanelege go kolobediwa?

8, 9. Re ka ithuta eng mo pegong ya motlhokomedi wa kgolegelo?

8 Se se diragaletseng lelapa lengwe ka lekgolo la ntlha la dingwaga, se ka thusa batsadi go itse gore ke eng se ba tlhokang go se dira. (Dit. 16:25-33) Fa Paulo a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa mo e ka nnang ka ngwaga wa 50, o ne a etela motse wa Filipi. Fa a le koo, ene le Silase ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Mo gare ga bosigo, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe e e neng ya reketlisa kgolegelo mme ya dira gore dikgoro tsa yone di bulege. E re ka motlhokomedi wa kgolegelo a ne a akanya gore magolegwa a tshabile, o ne a leka go ipolaya, mme gone, Paulo o ile a mo thiba. Paulo le Silase ba ne ba rerela motlhokomedi yono le ba lelapa la gagwe. Ba ne ba dira eng fa ba sena go ithuta boammaaruri ka Jesu? Ba ne ba kolobediwa ntle le tshenyo ya nako. Re ithuta eng mo pegong eno?

9 Motlhokomedi yono e ka tswa e ne e le lesole le le tlogetseng tiro. O ne a sa itse Dikwalo. Ka jalo, gore a nne le kitso ya Dikwalo, o ne a tlhoka go ithuta Baebele, a tlhaloganye gore go kaya eng go nna motlhanka wa Modimo e bile a ikemisetse go ikobela dithuto tsa ga Jesu. Mo nakong e e khutshwane fela, se a se ithutileng mo Dikwalong se ne sa mo tlhotlheletsa gore a kolobediwe. Ga go pelaelo gore fa a sena go kolobediwa, o ne a tswelela a oketsa kitso ya gagwe. Ka jalo, ke eng se motsadi a ka se dirang fa ngwana a bontsha gore o rata Jehofa le se a se ithutang mo Baebeleng, le gore o tlhaloganya bokao le botlhokwa jwa go ineela le go kolobediwa? Batsadi ba ka nna ba re o tshwanetse go ya kwa bagolwaneng ba phuthego gore ba bone gore a o tshwanelega go kolobediwa. * Fela jaaka Bakeresete ba bangwe ba ba kolobeditsweng, o tla tswelela a ithuta mo go oketsegileng ka boikaelelo jwa ga Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe, tota le e leng go ya go ile.—Bar. 11:33, 34.

KE THUTEGO EFE E E SIAMETSENG NGWANAKE?

10, 11. (a) Batsadi bangwe ba ile ba swetsa ka go reng? (b) Ke eng se motsadi a tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone?

10 Batsadi bangwe ba ile ba swetsa ka gore go tla bo go le botoka gore bana ba bone ba ye yunibesithing le go bona tiro e e molemo pele ba ka kolobediwa. Ba ka tswa ba na le maitlhomo a a siameng, mme gone, a seo se tla thusa ngwana gore a atlege mo botshelong? Sa botlhokwa le go feta, a seo se dumalana le se Baebele e se rutang? Lefoko la Modimo le kgothaletsa basha gore ba dire eng?—Bala Moreri 12:1.

11 Go botlhokwa go gopola gore tsela e lefatshe le leng ka yone ga e tsamaisane le  tsela e Jehofa a akanyang ka yone le dilo tse a di ratang. (Jak. 4:7, 8; 1 Joh. 2:15-17; 5:19) Fa ngwana a na le kamano e e molemo le Jehofa, o tla kgona go emelana le Satane, lefatshe la gagwe le tsela e e sa siamang e batho ba ba sa direleng Jehofa ba akanyang ka yone. Fa motsadi a ka rotloetsa ngwana gore a nne le thutego e e kwa godimo, seo se ka dira gore ngwana a akanye gore dilo tsa lefatshe di botlhokwa go feta Jehofa mme seo se ka koafatsa tumelo ya gagwe. Ruri motsadi yo o lorato a ka se batle gore lefatshe leno le tlhotlheletse tsela e ngwana a lebang go atlega ka yone. Boammaaruri ke gore, re ka atlega le go itumela fa fela re dira gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa mo go rona.—Bala Pesalema 1:2, 3.

GOTWENG FA NGWANAKE A KA DIRA BOLEO JO BO MASISI?

12. Ke eng fa batsadi bangwe ba akanya gore go botoka gore bana ba bone ba lete pele ba kolobediwa?

12 Mmê mongwe o ne a re: “Le fa gone go ntlhabisa ditlhong, lebaka la konokono la go bo ke sa batle ngwanake a kolobediwa ke gore ga ke batle a kgaolwa.” Batsadi ba le bantsi ba akanya gore go botoka gore bana ba bone ba se ka ba kolobediwa go fitlha ba godile sentle gore ba tile go dira diphoso ka ntlha ya bongwana. (Gen. 8:21; Dia. 22:15) Ba ka nna ba re, ‘Fa fela ngwanake a ise a kolobediwe, ga a ka ke a kgaolwa.’ Ke eng fa go le phoso go akanya jalo?—Jak. 1:22.

13. A batho ba ba kolobeditsweng ke bone fela ba ikarabelelang mo go Jehofa? Tlhalosa.

13 Gone ke boammaaruri gore batsadi ba ka se batle gore ngwana wa bone a kolobediwe a ise a gole sentle gore a ka itirela tshwetso ya go ineela mo go Jehofa. Mme gone, batsadi ga ba a tshwanela go akanya gore fa fela ngwana wa bone a ise a kolobediwe, ga a ikarabelele mo go Jehofa. Ke eng fa re rialo? Batho ba ba kolobeditsweng ga se bone fela ba ikarabelelang mo go Jehofa. Go na le moo, motho o ikarabelela mo go Jehofa fa a itse gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Bala Jakobe 4:17.) Ka jalo, go na le gore batsadi ba kgothaletse ngwana go ema nakonyana pele a kolobediwa, ba tshwanetse go mo tlhomela sekao se se molemo. Go tloga fela fa ngwana wa bone a sa le monnye, ba tshwanetse go mo ruta go rata melao ya ga Jehofa ya boitsholo. (Luke 6:40) Go dira jalo go tla sireletsa ngwana ka gonne fa a rata melao ya ga Jehofa, seno se tla mo thusa gore a se ka a dira boleo jo bo masisi.—Isa. 35:8.

BA BANGWE BA KA THUSA JANG?

14. Bagolwane ba ka thusa jang batsadi ba ba lekang go thusa bana ba bone go gatela pele le go kolobediwa?

14 Bagolwane ba ka thusa batsadi ka go kgothaletsa bana gore ba ipeele mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo o neng a nna mmulatsela dingwaga di feta 70 o gopola kafa Mokaulengwe Charles T. Russell a neng a mo kgothatsa ka gone fa a ne a na le dingwaga di le thataro. A re: “O ne a dirisa metsotso e le 15 a bua le nna ka mekgele ya me mo tirelong ya ga Jehofa.” Eleruri, go kgothatsa ba bangwe go ka ama matshelo a bone fela thata. (Dia. 25:11) Gape bagolwane ba ka kopa batsadi le bana ba bone go thusa ka diporojeke dingwe mo Holong ya Bogosi go ya ka bokgoni le dingwaga tsa bana bao.

15. Bakeresete ba bangwe mo phuthegong ba ka kgothatsa basha jang?

15 Maloko a phuthego a ka thusa batsadi ka go bontsha basha gore ba a ba kgatlhegela. Seno se akaretsa go lemoga fa basha bangwe ba dira bontle mo phuthegong. A mosha mongwe o ile a arabela monate,  a bontsha gore o akanyeditse karabo ya gagwe sentle, kgotsa a o ile a nna le kabelo mo dipokanong tsa mo gare ga beke? A mosha mongwe o ile a fenya teko nngwe kgotsa a rerela bana ba bangwe kwa sekolong? Fa go le jalo, mo akgole. Gape o ka bontsha gore o kgatlhegela basha ka go bua le bone pele ga dipokano le morago ga tsone. Fa re dira jalo, basha ba tla lemoga gore le bone ke karolo ya ‘phuthego e kgolo.’—Pes. 35:18.

THUSA NGWANA WA GAGO GO GATELA PELE LE GO KOLOBEDIWA

16, 17. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba kolobediwe? (b) Ke eng se batsadi ba Bakeresete ba ka se itumelelang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

16 Batsadi ba Bakeresete ba neilwe tshiamelo ya go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4; Pes. 127:3) Bana ba rona ga ba tshwane le bana ba Baiseraele, ka gonne bana bao ba ne ba tsholelwa mo setšhabeng se se neng se ineetse mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, bana ba rona ga ba tsholwe ba rata Jehofa le boammaaruri. Fela fa ngwana a sena go tsholwa, batsadi ba gagwe ba tshwanetse go ikemisetsa go mo thusa gore e nne molatedi wa ga Jesu le go mo thusa go nna motlhanka yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. Eleruri, seno se botlhokwa fela thata. Kana gone, motho mongwe le mongwe o tshwanetse go ineela, go kolobediwa le go direla Modimo ka boikanyegi gore a kgone go bolokwa ka nako ya pitlagano e e kgolo.—Math. 24:13.

Batsadi ba tshwanetse go ikemisetsa go thusa bana ba bone gore e nne balatedi ba ga Jesu (Bona serapa 16 le 17)

17 Fa Blossom Brandt a ne a dira tshwetso ya gore o batla go kolobediwa, batsadi ba gagwe ba ne ba batla go tlhomamisa gore o ne a siametse go tsaya kgato eo e e masisi. Fa ba sena go tlhomamisega, ba ile ba mo ema nokeng. Letsatsi pele Blossom a kolobediwa, rraagwe o ile a dira sengwe se se itumedisang. Blossom a re: “O ne a kopa gore re rapele. O ne a bolelela Jehofa gore o leboga tota go bo morwadie a dirile tshwetso ya go ineela mo go Ene.” Morago ga dingwaga di feta 60, Blossom a re: “Ga nkitla ke tsamaya ke lebala letsatsi leo!” E kete lona batsadi lo ka itumelela go bona bana ba lona ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

^ ser. 9 Batsadi le bana ba ka sekaseka tshedimosetso e e mosola e e mo bukeng ya, Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 2, ts. 304-310. Ba ka bona gape “Lebokoso la Dipotso” le le mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2011, ts. 2.