Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlotlang ba ba Tshwanelwang ke Tlotlo

Tlotlang ba ba Tshwanelwang ke Tlotlo

“Kwa go Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le kwa go Kwana go nne pako le tlotlo le kgalalelo le thata ka bosaengkae le go ya go ile.”—TSHEN. 5:13.

PINA: 9, 108

1. Ke eng fa batho bangwe ba tshwanelwa ke go tlotliwa mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

GO BONTSHA mongwe tlotlo go kaya go mo tshwara ka tsela e e kgethegileng le go mmontsha maitseo. Go le gantsi re bontsha motho tlotlo ka gonne go na le sengwe se sentle se a se dirileng kgotsa ka gonne a na le maemo mangwe a a kgethegileng. Ka jalo, re ka ipotsa gore, re tshwanetse go tlotla mang mme ka ntlha yang?

2, 3. (a) Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke go tlotliwa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Mo go Tshenolo 5:13, ke mang Kwana mme ke eng fa a tshwanelwa ke go tlotliwa?

2 Fela jaaka Tshenolo 5:13 e tlhalosa, “Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le . . . Kwana” eleruri ba tshwanetse go tlotliwa. Kgaolo 4 ya buka ya Tshenolo e re tlhalosetsa lebaka la go bo Jehofa a tshwanetse go tlotliwa. Dibopiwa tsa semoya tsa kwa legodimong di galaletsa “Yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile” e bong Jehofa ka mantswe a a kwa godimo. Di mmaka jaana: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha  ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”—Tshen. 4:9-11.

3 Kwana ke Jesu Keresete, “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Joh. 1:29) Baebele ya re o mogolo go gaisa dikgosi tsotlhe tsa mo nakong e e fetileng le tse di busang gone jaanong. E mo tlhalosa jaana: “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena, ene a le esi yo o nang le bosasweng, yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa, yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.” (1 Tim. 6:14-16) Ke kgosi efe e e ileng ya dumela go re rekolola mo boleong ka go re swela? Ga go pelaelo gore re tlhotlheletsega go baka Kwana fela jaaka dibopiwa tsa kwa legodimong mme re re: “Kwana e e neng ya tlhabiwa e a tshwanela go amogela maatla le dikhumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le pako.”—Tshen. 5:12.

4. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla Jehofa le Jesu Keresete?

4 Ga re ka ke ra itlhophela gore a re batla go tlotla Jehofa le Jesu Keresete kgotsa nnyaa, go na le moo, re tshwanetse go ba tlotla. Fa re sa dire jalo, ga re kitla re bona botshelo jo bo sa khutleng. Re bona seno mo mafokong a ga Jesu a a mo go Johane 5:22, 23 a a reng: “Rara ga a atlhole ope ka gope, mme o neetse Morwa go atlhola gotlhe, gore botlhe ba [tle] ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng.”—Bala Pesalema 2:11, 12.

5. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla ba bangwe?

5 Batho ba bopilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Gen. 1:27) Ka jalo, batho ba kgona go bontsha dinonofo tse Modimo a nang le tsone le fa ba sa dire jalo ka tsela e e tshwanang. Batho ba kgona go bontshana lorato, kutlwelobotlhoko le go nna bonolo fa ba dirisana. Ba bopilwe ba na le segakolodi, e leng bokgoni jwa go farologanya se se siameng le se se sa siamang. (Bar. 2:14, 15) Batho ba le bantsi ba rata bophepa le dilo tse dintle e bile ba batla go tshela le ba bangwe ka kagiso. Seo se bontsha gore ka tsela nngwe ba etsa dinonofo tsa ga Jehofa mme ka ntlha ya seo, le bone ba tshwanetse go tlotliwa.—Pes. 8:5.

GO NNA TEKATEKANO FA RE BONTSHA BA BANGWE TLOTLO

6, 7. Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le batho ba bangwe fa go tla mo kgannyeng ya go bontsha ba bangwe tlotlo?

6 Re tlhoka go nna tekatekano fa re bontsha batho ba bangwe tlotlo. Batho ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe la ga Satane. Ka jalo, go na le gore ba bontshe ba bangwe tlotlo ka tsela e Jehofa a e batlang, ba ba tlotla ka tsela e e feteletseng, ba ba tshwara jaaka medingwana. Ba tseela kwa godimo baeteledipele ba bodumedi le ba dipolotiki, bomankge ba metshameko le batho ba ba tumileng e bile gantsi ba ba tsaya e le batho ba ba itekanetseng. Ka jalo, basha le batho ba ba godileng ba rata batho bano thata jaana mo ba etsang mekgwa ya bone, tsela e ba aparang le e ba itshwarang ka yone.

7 Bakeresete ba boammaaruri ga ba bontshe batho tlotlo ka tsela eno e e sa tshwanelang. Keresete ke ene fela motho yo o kileng a tshela mo lefatsheng yo re tshwanetseng go mo etsa. (1 Pet. 2:21) Modimo ga a kitla a itumela fa re tlotla batho go feta kafa ba tshwanetseng go tlotliwa ka gone. Re tshwanetse go gopola ntlha eno e e boammaaruri: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Bar. 3:23) Ga go na motho yo o tshwanetseng go tlotliwa thata jaana mo a feleletsang a tshwana le modingwana.

8, 9. (a) Basupi ba ga Jehofa ba leba jang balaodi ba puso? (b) Re tshwanetse go ikobela balaodi ba puso go ya bokgakaleng bofe?

 8 Batho bangwe ba na le maemo a a kwa godimo mo ditirong tsa bone. Balaodi ba puso ba na le maikarabelo a go tlhomamisa gore batho ba ikobela melao le gore go na le thulaganyo e bile ba tshwanetse go tlamela batho ka dilo tse ba di tlhokang. Tiro ya bone e re solegela molemo rotlhe. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a kgothaletsa Bakeresete go leba balaodi bano e le “balaodi ba bagolo,” mme Bakeresete ba tshwanetse go ba ikobela. O ne a ba raya a re: “Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho; . . . yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo.”—Bar. 13:1, 7.

9 Basupi ba ga Jehofa ba tlotla balaodi ba puso ka tsela e e siameng, go dumalana le melao ya naga. Re dirisana sentle le balaodi ba puso fa ba ntse ba dira tiro ya bone. Le fa go ntse jalo, go ya ka Dikwalo, tsela e re ba tlotlang le e re ba emang nokeng ka yone e lekanyeditswe. Fa ba re laela gore re tlole molao wa Modimo kgotsa ba batla gore re tseye letlhakore mo dipolotiking, ga re kitla re ba ikobela.—Bala 1 Petere 2:13-17.

10. Batlhanka ba ga Jehofa ba nako e e fetileng ba ile ba tlhoma sekao se se molemo jang sa go ikobela dipuso le balaodi ba puso?

10 Batlhanka ba ga Jehofa ba nako e e fetileng ba ne ba tlotla dipuso le balaodi ka tsela e e tshwanetseng. Josefa le Marea ba ne ba ikobela molao wa Mmusomogolo wa Roma wa gore ba ye go ikwadisa kwa motseng o ba tsholetsweng kwa go one. Ba ne ba ikobela molao oo, mme ba ya kwa Bethelehema le fa gone Marea a ne a le gaufi le go belega. (Luke 2:1-5) Moragonyana, fa Paulo a ne a latofadiwa ka go dira bosula, o ne a ipuelela ka tlotlo kwa go Kgosi Herode Ageripa le kwa molaoding wa kgaolo ya Roma e e kwa Judea e bong Feseto.—Dit. 25:1-12; 26:1-3.

11, 12. (a) Ke eng fa re sa bontshe baeteledipele ba bodumedi tlotlo e e kgethegileng? (b) Go ile ga nna le diphelelo dife tse di molemo fa Mosupi wa kwa Austria a ne a bontsha radipolotiki mongwe tlotlo?

11 Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba bontshe baeteledipele ba bodumedi tlotlo e e kgethegileng, tota le fa baeteledipele bao ba lebeletse go tlotliwa jalo. Bodumedi jwa maaka bo ruta dithuto tse di seng boammaaruri ka Modimo le Lefoko la gagwe. Ka jalo, re tlotla baeteledipele bano fela jaaka re tlotla batho botlhe, mme ga re ba bontshe tlotlo e e kgethegileng. Re gopola gore Jesu o ne a re baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe e ne e le baitimokanyi le bagogi ba ba foufetseng. (Math. 23:23, 24) Mme gone, fa re tlotla balaodi ba puso ka tsela e e tshwanetseng, re ka solegelwa molemo.

12 Ka sekai, Leopold Engleitner e ne e le Mosupi yo o tlhagafetseng wa kwa Austria. O ne a tshwarwa ke puso ya Banasi mme a romelwa kwa kampeng ya pogisetso kwa Buchenwald ka terena. O ne a palame le Dr. Heinrich Gleissner yo le ene e neng e le legolegwa. Dr. Gleissner o ne a kile a nna radipolotiki kwa Austria. Le fa go ntse jalo, puso ya Banasi e ne e sa tlhole e mo rata. Fa ba ntse ba le mo tereneng, Mokaulengwe Engleitner o ne a mo tlhalosetsa dilo tse a di dumelang mme Dr. Gleissner o ne a mo reeditse ka tlhoafalo. Morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, gangwe le gape Gleissner o ne a dirisa taolo ya gagwe go thusa Basupi ba kwa Austria. Go ka tswa go na le maitemogelo a le mantsi a o a itseng a kafa Basupi ba ileng ba solegelwa molemo ka gone ke go ikobela kaelo ya Baebele ya gore ba bontshe balaodi ba puso tlotlo e e ba tshwanetseng.

 BA BANGWE BA BA TSHWANELWANG KE TLOTLO

13. Ke bomang ba ba tshwanelwang ke go tlotliwa mo phuthegong mme ka ntlha yang?

13 Re tshwanetse go bontsha Bakeresetemmogo le rona tlotlo, segolobogolo bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ba jaaka bagolwane, balebedi ba potologo, maloko a Komiti ya Lekala le maloko a Setlhopha se se Laolang. (Bala 1 Timotheo 5:17.) Re tlotla bakaulengwe bano go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe, ba rutegile go le kana kang, a re ba tlwaetse kgotsa gore ba na le madi a a kana kang. Baebele ya re ke “dimpho [tse e leng] banna” mme Jehofa o ba dirisa go tlhokomela phuthego ya gagwe. (Baef. 4:8) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlotla ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong mme le rona re dira se se tshwanang. Ga re tseele kwa godimo thata bakaulengwe ba ba itsegeng ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Modimo e bile fa re na le bone, ga re itshware jaaka e kete re bona baengele. Le fa go ntse jalo, re tlotla bakaulengwe bano ka ntlha ya tiro ya bone ya bonatla le boikokobetso jwa bone.—Bala 2 Bakorintha 1:24; Tshenolo 19:10.

14, 15. Bagolwane ba Bakeresete ba farologana jang le baeteledipele ba bodumedi?

14 Bakaulengwe bano ba ba boikokobetso ba tlhokometse phuthego ya ga Jehofa. Ba bontsha boikokobetso ka go sa batle go tseelwa kwa godimo thata. Ba farologane le baeteledipele ba bodumedi ba mo motlheng wa rona le ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba Jesu a neng a bua ka bone jaana: “Ba rata mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng, le ditumediso mo marekisetsong.”—Math. 23:6, 7.

15 Bakaulengwe ba ba tlhokometseng phuthego ya ga Jehofa ba ikobela mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete. Mme yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Math. 23:8-12) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Basupi botlhe ba rata e bile ba tlotla bagolwane mo diphuthegong.

Fa bagolwane ba le boikokobetso, Bakeresete ba bangwe mo phuthegong ba a ba rata e bile ba a ba tlotla (Bona serapa 13-15)

16. Ke eng fa re tshwanetse go leka ka natla go tlhaloganya le go dirisa kgakololo ya Baebele malebana le go bontsha tlotlo?

16 Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, le rona re ka fitlhela go se motlhofo go dira  tshwetso e e siameng malebana le gore re tshwanetse go tlotla mang le gone jang. (Dit. 10:22-26; 3 Joh. 9, 10) Re tla bo re dira sentle fa re leka ka natla go latela kaelo ya Baebele ya go bontsha ba bangwe tlotlo e e ba tshwanetseng. Go dira jalo go tla re solegela molemo.

MELEMO YA GO BONTSHA BA BANGWE TLOTLO E E TSHWANETSENG

17. Go tlotla batho ba ba nang le taolo go ka re solegela molemo jang?

17 Fa re bontsha balaodi ba puso tlotlo e e ba tshwanetseng, seno se ka nna sa dira gore ba re letle gore re rere molaetsa wa Bogosi ba sa re kgoreletse ka gope. Go le gantsi, go bontsha tlotlo go dira gore batho ba rate tiro ya rona. Ka sekai, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mmulatsela mongwe kwa Jeremane e bong Birgit o ne a ya kwa moletlong wa morwadie wa go aloga. Barutabana ba sekolo seo ba ne ba mmolelela gore ba itumelela go ruta bana ba Basupi. Ba ne ba re fa bana ba Basupi ba ka bo seyo mo sekolong sa bone, ba ne ba tla utlwa botlhoko tota. Birgit o ne a ba raya a re: “Bana ba rona ba rutiwa go latela melao ya Modimo ya boitshwaro e e akaretsang go nna maitseo le go tlotla barutabana.” Morutabana mongwe o ne a re: “Fa bana botlhe ba ka bo ba tshwana le ngwana wa gago, tiro ya go ruta e ne e tla nna motlhofo tota.” Morago ga dibeke di le mmalwa, mongwe wa barutabana bao o ne a ya kopanong kwa Leipzig.

18, 19. Ke eng fa go le botlhokwa gore re tlotle bagolwane ka tsela e e tshwanetseng?

18 Tsela e re tlotlang bagolwane ka yone mo phuthegong, e tshwanetse go kaelwa ke melaometheo e e siameng e e mo Lefokong la Modimo. (Bala Bahebera 13:7, 17.) Re tshwanetse go ba akgola ka tiro ya bonatla e ba e dirang mme re leke ka natla go ikobela kaelo ya bone. Fa re dira jalo, seo se tla ba thusa gore ba dire tiro ya bone ba itumetse. Mme seno ga se reye gore re tshwanetse go etsa tsela e mogolwane mongwe mo phuthegong a aparang le e a ipaakanyang ka yone le tsela e a rutang le e a buang ka yone. Fa re ne re ka dira jalo, seo se ne se tla dira gore batho ba bangwe ba lebe dilo ka tsela e e sa siamang. Ga re a tshwanela go lebala gore mogolwane yoo le ene ga a itekanela. Re tshwanetse go etsa Jesu Keresete fela.

19 Go botlhokwa gore re tlotle bagolwane ka tsela e e siameng e bile re se ka ra ba tseela kwa godimo thata. Fa re dira jalo, re tla bo re ba thusa gore ba se ka ba ikgogomosa, ba itseela kwa godimo thata kgotsa ba ipona ba siame.

20. Go bontsha ba bangwe tlotlo go re thusa jang?

20 Go bontsha ba bangwe tlotlo e e ba tshwanetseng go ka re thusa gore re se ka ra batla go tlotliwa fela re le nosi. E bile go ka re thusa gore re se ka ra ikgogomosa fa ba bangwe ba re bontsha tlotlo. Gape go re thusa gore re nne re tsamaisana le phuthego ya Jehofa e e sa neyeng batho tlotlo e e feteletseng kgotsa e e sa tshwanelang e ka ne batho bao ke Bakeresete kgotsa ga se bone. Mo godimo ga moo, go tla bo go le botlhale go dira jalo ka gonne seo se tla re thusa gore re se ka ra kgopisega fa mongwe yo re mo tlotlang a re swabisa.

21. Lebaka la botlhokwa la go bo re tshwanetse go tlotla batho ba bangwe ka tsela e e siameng ke lefe?

21 Sa botlhokwa le go feta ke gore, fa re bontsha ba bangwe tlotlo e e ba tshwanetseng, re itumedisa Modimo. Re dira se a batlang gore re se dire, ka jalo re kgona go tswelela re ikanyega mo go ene. Seno se dira gore a kgone go fetola ope fela yo a mo kgobang. (Dia. 27:11) Batho ba le bantsi ba bontsha ba bangwe tlotlo ka tsela e e sa tshwanelang. Re leboga go bo Jehofa a re ruta tsela e e siameng ya go bontsha ba bangwe tlotlo.