Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Ikobela Dilo Tse di Kwadilweng?

A o Tla Ikobela Dilo Tse di Kwadilweng?

“Dilo tseno . . . di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.”—1 BAKOR. 10:11.

PINA: 11, 61

1, 2. Ke eng fa go le botlhokwa gore re sekaseke dikao tsa dikgosi tse nnê tsa Juda?

FA O ka bona motho a relela a bo a wa mo tseleng, a o ne o se kitla o nna kelotlhoko fa o tsamaya mo go yone? Go akanya ka diphoso tse batho bangwe ba kileng ba di dira go tla re thusa gore re se ka ra di dira. Go ntse fela jalo le ka tsela e re direlang Modimo ka yone. Re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa mo diphosong tsa ba bangwe go akaretsa le batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng.

2 Dikgosi di le nnê tsa Juda tse re buileng ka tsone mo setlhogong se se fetileng di ne di direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Le fa go ntse jalo, ba ile ba dira diphoso tse di masisi. Re ka ithuta eng mo go se se ba diragaletseng mme re ka tila jang go dira diphoso tse di tshwanang le tsa bone? Go tlhatlhanya ka dikao tsa bone go tla re thusa gore re solegelwe molemo ke dilo tse di neng tsa kwalelwa go re laya.—Bala Baroma 15:4.

GO IKAEGA KA BOTLHALE JWA MOTHO GO FELELA KA MASETLAPELO

3-5. (a) Le fa gone pelo ya ga Asa e ne e feletse mo go Jehofa, o ile a lebana le mathata afe? (b) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Asa a ikaege ka botlhale jwa gagwe fa Baasha a ne a lwantsha Juda?

3 Mma re tlotleng ka Asa mme re bone gore Lefoko la Modimo le ka re thusa jang mo botshelong. Asa o ne a ikaega ka Jehofa fa  masole a le 1 000 000 a Ethiopia a ne a tlhasela Juda. Le fa go ntse jalo, ga a ka a ikaega ka Jehofa fa kgosi ya Iseraele e bong Baasha a ne a nonotsha motse wa Rama o o neng o le gaufi le motse wa Juda. (2 Ditir. 16:1-3) O ne a ikaega ka tlhaloganyo ya gagwe mme a naya Kgosi Bene-hadade selefera le gouta gore a tlhasele Baasha. A leano la ga Asa le ne la atlega? Baebele ya re: “Fa Baasha a utlwa ka gone, ka yone nako eo a tlogela go aga Rama mme a emisa tiro ya gagwe.” (2 Ditir. 16:5) Ka jalo, go ka bonala e kete leano la ga Asa le ne le atlegile.

4 Mme gone, Jehofa o ne a ikutlwa jang ka se Asa a neng a se dirile? O ne a romela mmueledi wa gagwe e bong Hanani gore a ye go kgalemela Asa ka se a se dirileng. (Bala 2 Ditiragalo 16:7-9.) Hanani o ne a mo raya a re: “Go tloga jaanong go ya pele go tla nna le dintwa tse di go tsogologelang.” Gone Baasha ga a ka a tlhola a lwantsha Juda, le fa go ntse jalo, ga go a ka ga tlhola go nna le kagiso mo pusong ya ga Asa.

5 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Modimo o ne a tlhatlhoba pelo ya ga Asa mme a bona gore o ne a ineetse mo go ene. (1 Dikg. 15:14) Modimo o ne a bona gore Asa o ineetse mo go ene ka pelo yotlhe go dumalana le se a se lebeletseng mo batlhankeng botlhe ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Asa o ne a tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa ditshwetso tsa gagwe tse di sa siamang. Mme ke eng se se ileng sa dira gore Asa a ikaege ka botlhale jwa gagwe le jwa ga Bene-hadade go na le gore a ikaege ka Jehofa? A o ne a akanya gore go dirisana le puso e nngwe kgotsa go bopa sesole se se nonofileng go ne go tla mo thusa? A gongwe a ka tswa a ile a dira jalo ka gonne a neilwe kgakololo e e sa siamang?

6. Re ka ithuta eng mo diphosong tsa ga Asa? Tshwantsha.

6 A pego ya ga Asa e tla re tlhotlheletsa gore re sekaseke tsela e re dirang ditshwetso ka yone? Fa re lebane le mathata a go bonalang e kete a boima go a rarabolola, go ka nna motlhofo gore re ikaege ka Jehofa. Mme gotweng ka mathata a a sa reng sepe a re lebanang le one letsatsi le letsatsi? A re ikaega ka botlhale jwa rona fa re leka go a rarabolola? Kgotsa a re batla kaelo mo Baebeleng re bo re e dirisa, ka go dira jalo re bontsha gore re ikaegile ka thuso ya ga Jehofa? Ka sekai, gongwe ba lelapa la gago ba gana o ya dipokanong kgotsa kopanong. O kopa Jehofa gore a go kaele le gore a go thuse go lebana le boemo joo. Kgotsa gongwe o feletswe ke tiro mme go thata gore o bone e nngwe. Fa o batla tiro, a o tla bolelela batho ba ba batlang go go thapa gore o ya dipokanong mo gare ga beke? Le fa re ka tswa re lebane le mathata afe, re tshwanetse go gopola mafoko ano a mopesalema: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.”—Pes. 37:5.

GO ITSALANYA LE BATHO BA BA SA SIAMANG GO KA GO AMA JANG?

7, 8. Jehoshafate o ile a dira diphoso dife, mme go ne ga nna le diphelelo dife? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Morwa Asa e bong Jehoshafate o ne a na le dinonofo di le dintsi tse di molemo. O ne a dira dilo sentle ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa. Mme gone, le ene o ne a dira ditshwetso dingwe tse di sa siamang. Ka sekai, o ne a rulaganya gore morwawe a nyale morwadia Kgosi Ahabe yo o boikepo. Gape o ne a thusa Ahabe go lwa le Basiria le fa moporofeti Mikaia a ne a ba tlhagisa gore ba se ka ba dira jalo. O ne a falola loso ka letshoba la nnale kwa ntweng eo mme a boela kwa Jerusalema. (2 Ditir. 18:1-32) Fa a fitlha kwa Jerusalema, moporofeti Jehu o ne a mmotsa jaana: “A thuso e tshwanetse go newa batho ba ba boikepo, e bile a o tshwanetse go rata  ba ba tlhoileng Jehofa?”—Bala 2 Ditiragalo 19:1-3.

8 A Jehoshafate o ne a ithuta mo diphosong tsa gagwe? Le fa gone a ile a tswelela a leka go itumedisa Modimo, ga go bonale a ile a ithuta mo go se se mo diragaletseng le mo mafokong a ga Jehu. O ne a boa gape a dira kgolagano le morwa Ahabe e bong Kgosi Ahasia yo e neng e le mmaba wa Modimo. Jehoshafate le Ahasia ba ne ba dira dikepe, mme ga ba a ka ba atlega ka gonne dikepe tseo di ne tsa thubega.—2 Ditir. 20:35-37.

9. Go itsalanya le batho ba ba sa siamang go ka re ama jang?

9 Go bala pego ya ga Jehoshafate go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re itlhatlhobe. Ka ntlha yang? Gone ke boammaaruri gore Jehoshafate e ne e le kgosi e e siameng. O ne a dira dilo tse di siameng gape o ne “a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.” (2 Ditir. 22:9) Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore o ne a tla kgona go tswelela a dira dilo sentle le fa a ne a itsalanya le batho ba ba sa siamang. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Dia. 13:20) Gone re ka tswa re leka go thusa batho gore ba itse boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ile a ikgolaganya le Ahabe go sa tlhokege mme seo se ne sa mo bakela mathata. Ka tsela e e tshwanang, go itsalanya thata le batho ba ba sa direleng Jehofa go ka re bakela mathata.

10. (a) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehoshafate malebana le kgang ya lenyalo? (b) Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re lebane le kgang ya go itsalanya le batho ba ba sa siamang?

10 Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jehoshafate? Mokeresete a ka nna a simolola go kgatlhegela mongwe yo o sa direleng Jehofa, gongwe a akanya gore ga go na ope yo o mo tshwanelang mo phuthegong. Kgotsa ba losika ba e seng Basupi ba ka tswa ba mo tlhotlheletsa gore a tsene mo lenyalong, ba mo raya ba re dingwaga di ile. Mo godimo ga moo, Bakeresete bangwe ba ka tswa ba ikutlwa jaaka kgaitsadi mongwe yo o neng a re: “Ke ga tlholego fela gore re batle go ratiwa le go nna le ditsala.” Mokeresete o tshwanetse go dira eng mo maemong ao? Go tlhatlhanya ka sekao sa ga Jehoshafate go ka  mo thusa. Gantsi o ne a kopa Jehofa gore a mo kaele. (2 Ditir. 18:4-6) Mme go ile ga direga eng fa Jehoshafate a ikgolaganya le Ahabe yo o neng a sa rate Jehofa? Jehoshafate o ne a tshwanetse go nna a gopotse gore matlho a ga Jehofa a nna a lebile ba ba mo direlang ka pelo e e feletseng. Le gompieno matlho a Modimo a “ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe” e bile o iketleeleditse go bontsha “nonofo ya gagwe” gore a thuse batho ba gagwe. (2 Ditir. 16:9) O tlhaloganya maemo a rona e bile o a re rata. Fa e le gore o batla molekane wa lenyalo, a o dumela gore Jehofa o itse seo e bile o batla go go thusa? Tlhomamisega gore letsatsi lengwe o tla dira jalo!

Go kotsi go itsalanya le motho yo o sa obameleng Jehofa (Bona serapa 10)

O SE KA WA LETLA PELO YA GAGO GORE E NNE MABELA

11, 12. (a) Hesekia o ne a bontsha jang se se mo pelong ya gagwe? (b) Goreng Modimo a ile a itshwarela Hesekia?

11 Sekao sa ga Hesekia se re ruta gore Jehofa o kgona go senola se se mo pelong ya motho. (Bala 2 Ditiragalo 32:31.) Fa Hesekia a ne a lwala, Modimo o ne a mmontsha sesupo sa gore o ne a tla fola. O ne a mmontsha moriti o o boelang kwa morago. Dikgosana tsa Babelona di ne tsa romela barongwa ba tsone kwa go Hesekia gore ba mmotse ka kgakgamatso e Jehofa a ileng a e mmontsha. (2 Dikg. 20:8-13; 2 Ditir. 32:24) E rile Modimo “a mo tlogela,” Hesekia o ne a senola se se mo pelong ya gagwe. O ne a bontsha Bababelona bao “ntlo yotlhe ya gagwe ya matlotlo.” Ka go dira jalo, Hesekia o ne a bontsha “sengwe le sengwe se se mo pelong ya gagwe.”

12 Baebele ga e re bolelele gore ke eng se se dirileng gore pelo ya ga Hesekia e nne mabela. A o ile a nna mabela ka gonne a fentse Baasiria kgotsa ka gonne Modimo a mo fodisitse ka kgakgamatso? A gongwe o ile a nna mabela ka gonne a na le “dikhumo le kgalalelo e kgolo thata”? Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, Hesekia ga a ka a anaanela “molemo o a neng a o direlwa” ka gonne o ne a le mabela. Ruri seo se a swabisa. Le fa Hesekia a ne a direla Modimo ka pelo e e feletseng, nako nngwe o ne a mo kgopisa. Mme gone, moragonyana “Hesekia [o ne] a ikokobetsa,” ka jalo Modimo o ne a mo itshwarela.—2 Ditir. 32:25-27; Pes. 138:6.

13, 14. (a) Ke leng Jehofa a ka nnang a re ‘tlogela gore a re leke’? (b) Fa re dirile sengwe se sentle, re tshwanetse go itshwara jang fa batho ba re akgola?

13 Go bala le go tlhatlhanya ka pego ya ga Hesekia go ka re solegela molemo jang? Gopola gore Hesekia o ne a simolola go nna mabela fa Jehofa a se na go fenya Baasiria le go mo fodisa. Le rona fa re dirile sengwe se sentle, a gongwe Jehofa o re ‘tlogela gore a re leke,’ a batla gore re bontshe se se mo pelong ya rona? Ka sekai, mokaulengwe a ka tswa a ile a dira ka natla go baakanyetsa puo le go e neela fa pele ga bareetsi ba le bantsi. Mme mokaulengwe yoo o tla itshwara jang fa batho ba mo akgolela puo ya gagwe?

14 Fa batho ba re akgola, re tla bo re dira sentle fa re bontsha boikutlo jono jo Jesu a ileng a bo tlhalosa fa a ne a re: “Fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’” (Luke 17:10) Le mo ntlheng eno re ka ithuta mo go se se diragaletseng Hesekia. O ile a nna mabela ka gonne a sa anaanele “molemo o a neng a o direlwa.” Go tlhatlhanya ka dilo tse Jehofa a re diretseng tsone go tla re thusa gore re se ka ra nna le boikutlo jo Jehofa a bo tlhoileng. Go na le moo, re tla bua ka dilo tse di molemo tse Jehofa a re diretseng tsone. Jehofa o dirisa Baebele le moya o o boitshepo go thusa batho ba gagwe.

 NNA KELOTLHOKO FA O DIRA DITSHWETSO

15, 16. Ke eng se se dirileng gore Josia a se ka a tlhola a sirelediwa ke Modimo le gore a bolawe?

15 Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Kgosi Josia yo o siameng? Akanya ka se se dirileng gore Josia a fenngwe a bo a bolawe. (Bala 2 Ditiragalo 35:20-22.) Josia o ne a “tswa a ya go kgatlhana [kgotsa go tlhabana] le” Kgosi Neko wa Egepeto le fa gone kgosi eo e ne e boleletse Josia gore ga e na kgotlhang le ene. Baebele ya re mafoko a ga Neko a ne a ‘tswa mo molomong wa Modimo.’ Ka jalo, ke eng fa Josia a ile a ya go lwa le Neko? Baebele ga e re neye karabo.

16 Mme gone, Josia o ne a tla itse jang gore mafoko a ga Neko a ne a tswa kwa go Jehofa? A ka bo a ile a botsa moporofeti yo o ikanyegang e bong Jeremia. (2 Ditir. 35:23, 25) Mme ga go na sepe se se bontshang gore Josia o ile a dira jalo. Neko o ne a ya kwa Karakemishe go ya go lwa le “ntlo e nngwe,” e seng Jerusalema. Mo godimo ga moo, Josia o ne a sa lwele leina la ga Jehofa ka gonne Neko o ne a sa kgobe Jehofa kgotsa batho ba gagwe. Ka jalo, Josia o ne a dira tshwetso e e sa siamang fa a ne a tlhopha go ya go lwa le Neko. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Fa re lebane le bothata bongwe, re tshwanetse go batlisisa gore thato ya Modimo ke eng malebana le kgang eo.

17. Re ka tila jang go dira phoso e e tshwanang le ya ga Josia fa re na le mathata?

17 Fa re na le mathata, re tshwanetse go akanya gore ke melaometheo efe e e mo Baebeleng e e ka re thusang, mme re bo re e dirisa ka tsela e e siameng. Gape re ka nna ra kopa kgakololo ya bagolwane mo maemong mangwe. Re ka nna ra bo re setse re akantse ka se re se itseng ka kgang eo, e bile re ka tswa re dirile dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Go ka tswa go na le melaometheo mengwe ya Baebele e re tlhokang go e akanyetsa malebana le kgang eo, mme mogolwane mongwe a ka re thusa go dira jalo. Ka sekai, kgaitsadi yo o nyetsweng o a itse gore o na le maikarabelo a go rera dikgang tse di molemo. (Dit. 4:20) Le fa go ntse jalo, a re re o batla go ya bodireding letsatsi lengwe mme monna wa gagwe yo e seng mosupi o mo kopa gore a se ka a ya. Monna wa gagwe o mmolelela gore ke kgale ba sa fetse nako mmogo mme o batla gore ba ye go iphokisa phefo. Kgaitsadi yono a ka nna a akanya ka ditemana dingwe, tse di jaaka gore o tshwanetse go ikobela Modimo le gore o tshwanetse go dira barutwa. (Math. 28:19, 20; Dit. 5:29) Mme gape o tshwanetse go akanya ka ditemana tse di tlhalosang gore o tshwanetse go ikobela monna wa gagwe le gore o tshwanetse go nna tekatekano. (Baef. 5:22-24; Bafil. 4:5) A monna wa gagwe o gana gore a ye bodireding kgotsa a o kopa fela gore a dire sengwe se sele mo letsatsing leo? Re tshwanetse go nna tekatekano fa re ntse re leka go dira thato ya Modimo le go nna le segakolodi se se phepa.

DIRELA MODIMO KA PELO E E FELETSENG MME O TLA ITUMELA

18. Go tlhatlhanya ka dipego tsa dikgosi tsa Juda tse go builweng ka tsone mo setlhogong seno go ka re solegela molemo jang?

18 E re ka re sa itekanela, le rona re ka nna ra dira diphoso tse di tshwanang le tsa dikgosi tse nnê tse re tlotlileng ka tsone. Re ka nna (1) ra ikaega ka botlhale jwa rona re sa lemoge, (2) ra kopa thuso mo bathong ba ba sa siamang, (3) ra nna mabela, kgotsa (4) ra dira ditshwetso re sa akanya pele ka thato ya Modimo. Ruri Jehofa o pelonomi ka gonne o bona se se molemo mo go rona fela jaaka a ile a bona molemo mo dikgosing tse nnê tsa Juda! Gape Jehofa o a itse gore re a mo rata le gore re batla go mo direla ka pelo e e feletseng. Ka jalo o re neile dikai tse di re tlhagisang gore re se ka ra dira diphoso tse di masisi. A re tlhatlhanyeng ka dipego tseno tsa Baebele mme re leboge Jehofa ka go bo a re neile tsone.