Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Nneng Seoposengwe Fela Jaaka Jehofa le Jesu

A re Nneng Seoposengwe Fela Jaaka Jehofa le Jesu

“Ke a kopa . . . gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna.”—JOH. 17:20, 21.

PINA: 24, 99

1, 2. (a) Jesu o ne a kopa eng fa a ne a rapela a na le baaposetoloi ba gagwe? (b) Goreng Jesu a ne a bua thata ka kutlwano?

MO BOSIGONG jwa bofelo pele Jesu a bolawa, o ne a tshwenyegile ka baaposetoloi ba gagwe. O ne a bontsha seo fa a ne a rapela le bone. O ile a bolelela Rraagwe gore o eletsa gore barutwa botlhe ba gagwe ba nne seoposengwe fela jaaka ene le Rraagwe ba le seoposengwe. (Bala Johane 17:20, 21.) Fa barutwa ba ga Jesu ba le seoposengwe, seo se ne se tla bontsha batho gore Jehofa o ne a romile Jesu go tla go dira thato ya Gagwe. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla itsege ka lorato mme seno se ne se tla dira gore ba nne le kutlwano.—Joh. 13:34, 35.

2 Go a utlwala go bo Jesu a ne a bua thata ka kutlwano ka gonne o ile a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba se seoposengwe. Ka sekai ba ile ba nna le kgotlhang “mo gare ga bone ka ga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” (Luke 22:24-27; Mar. 9:33, 34) Nako nngwe Jakobe le Johane ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo a a kwa godimo mo Bogosing jwa gagwe.—Mar. 10:35-40.

3. Ke eng se se ka tswang se dirile gore barutwa ba ga Jesu ba se ka ba utlwana, mme re tla araba dipotso dife?

 3 Go batla maemo a a kwa godimo ga se gone fela go neng go dira gore baaposetoloi ba ga Keresete ba se ka ba utlwana. Batho ka nako eo ba ne ba kgaogantswe ke letlhoo le tlhaolele. Mme gone, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go fenya maikutlo ao. Mo setlhogong seno re tlile go araba dipotso tseno: Jesu o ne a itshwara jang fa a tlhaolwa? O ile a ruta barutwa ba gagwe jang gore ba tshware batho ka go lekalekana le gore ba nne seoposengwe? Mme sekao sa gagwe se ka re thusa jang gore re nne seoposengwe?

JESU LE BALATEDI BA GAGWE BA NE BA TSHWARWA MAKGWAKGWA

4. Jesu o ne a tshwarwa jang?

4 Jesu le ene o ne a tlhaolwa. Fa Filipo a ne a raya Nathanaele a re o bone Mesia, Nathanaele o ne a re: “A go ka tswa sengwe se se molemo mo Nasaretha?” (Joh. 1:46) Go bonala Nathanaele a ne a itse ka boporofeti jo bo mo go Mika 5:2 mme o ne a tsaya gore Nasaretha ke motse wa maemo a a kwa tlase thata gore Mesia a ka tsholelwa kwa go one. Gape Bajudea ba ba neng ba itseela kwa godimo, ba ne ba sa rate Jesu ka gonne e ne e le Mogalalea. (Joh. 7:52) Bajudea ba ne ba tseela Bagalalea kwa tlase. Bajuda ba bangwe ba ne ba bitsa Jesu ba re ke Mosamarea. (Joh. 8:48) Basamarea ba ne ba tswa mo setšhabeng se sengwe mme bodumedi jwa bone bo ne bo sa tshwane le jwa Bajuda. Bajudea le Bagalalea ba ne ba sa tlotle Basamarea e bile ba sa ikamanye le bone.—Joh. 4:9.

5. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwarwa jang?

5 Baeteledipele ba Bajuda le bone ba ne ba sa tlotle balatedi ba ga Jesu. Bafarasai bone ba ne ba tsaya barutwa e le “batho ba ba hutsegileng.” (Joh. 7:47-49) Ba ne ba tsaya batho ba ba sa yang dikolong tsa boruti kgotsa ba ba sa lateleng dingwao tsa bone e le batho ba ba sa reng sepe. (Dit. 4:13) Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba sa tshwarwe sentle ka gonne batho ba ne ba ikgantsha ka bodumedi jwa bone, maemo a bone mo setšhabeng le gore ba tswa mo morafeng ofe. Balatedi ba ga Keresete le bone ba ne ba amiwa ke tlhaolele, ka jalo, ba ne ba tshwanetse go fetola tsela e ba akanyang ka yone gore ba nne seoposengwe.

6. Letlhoo le ka re ama jang? Naya sekai.

6 Gompieno re tshela le batho ba ba tletseng tlhaolele. Ka dinako tse dingwe re ka tlhaolwa ke ba bangwe kgotsa re ka tswa re na le tlhaolele. Kgaitsadi yo e leng mmulatsela kwa Australia a re: “Ke ne ka tlhoa basweu le go feta ka ntlha ya tshiamololo e batho ba ba tlholegang mo lefelong leno ba ileng ba lebana le yone mo nakong e e fetileng le gone jaanong. Gape ke ne ke tlhoile batho bano ka ntlha ya tsela e nkileng ka tshwarwa ka yone.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Canada o ne a tlhaola batho ka ntlha ya puo ya bone. A re: “Ke ne ke akanya gore batho ba ba buang Sefora ba botoka go na le ba bangwe. Ka ntlha ya seo, ke ne ka tlhoa batho ba ba buang Seesemane.”

7. Jesu o ile a lebana jang le tlhaolele?

7 Re ka nna le maikutlo a tlhaolele fela jaaka batho ba mo motlheng wa ga Jesu. Jesu o ile a lwantsha jang maikutlo ao? Sa ntlha, o ile a gana tlhaolele ka go tshwara batho ka go lekalekana. O ile a rerela batho botlhe, ba ba humileng le ba ba humanegileng, Bafarasai le Basamarea, tota le e leng bakgethisi le baleofi. Sa bobedi, Jesu o ile a bontsha barutwa ba gagwe ka se a neng a se ruta le se a neng a se dira gore ga ba a tshwanela go belaela ba bangwe kgotsa go ba tlhaola.

FENYA TLHAOLELE KA LORATO LE BOIKOKOBETSO

8. Ke thuto efe ya botlhokwa e e thusang gore Bakeresete gore ba nne seoposengwe? Tlhalosa.

8 Jesu o ile a ruta barutwa ba gagwe thuto ya botlhokwa e e ba thusang gore ba nne  seoposengwe. O ne a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Bala Mathaio 23:8, 9.) Gone re “bakaulengwe” ka gonne rotlhe re bana ba ga Adame. (Dit. 17:26) Mme gape Jesu o ile a re barutwa ba gagwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ka gonne ba tsaya Jehofa e le Rraabone wa kwa legodimong. (Math. 12:50) Gape ke karolo e kgolo ya lelapa la Modimo e bile ba kopanngwa ke lorato le tumelo. Ke ka moo fa baaposetoloi ba ne ba kwalela barutwa ba bangwe makwalo ba neng ba ba bitsa ‘bakaulengwe le bokgaitsadi.’—Bar. 1:13; 1 Pet. 2:17; 1 Joh. 3:13. *

9, 10. (a) Goreng Bajuda ba ne ba se na lebaka la go ikgantsha ka lotso lwa bone? (b) Jesu o ile a bontsha jang gore go phoso go tseela batho ba lotso lo longwe kwa tlase? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Fa Jesu a sena go tlhalosa gore re tshwanetse go tshwarana jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi, gape o ile a bontsha gore re tshwanetse go nna boikokobetso. (Bala Mathaio 23:11, 12.) Jaaka re bone, baaposetoloi ba gagwe ba ile ba letla gore boikgogomoso bo dire gore ba se ka ba nna seoposengwe. Gape ka motlha wa ga Jesu batho ba ne ba rata go ikgantsha ka lotso lwa bone. A Bajuda ba ne ba tshwanetse go ikgantsha ka gonne e le ditlogolwana tsa ga Aborahame? Bajuda ba le bantsi ba ne ba dira jalo. Mme gone Johane Mokolobetsi o ne a ba raya a re: “Modimo o na le maatla a go tsosetsa Aborahame bana mo majeng ano.”—Luke 3:8.

10 Jesu o ne a kgala batho ba ba ikgantshang ka lotso lwa bone. O ile a bontsha seno fa mokwadi mongwe a ne a mmotsa jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Jesu o ile a mo araba a dirisa setshwantsho sa Mosamarea yo o neng a thusa Mojuda yo o neng a iteilwe ke magodu. Bajuda ba ba neng ba feta mo tseleng ba ile ba itlhokomolosa Mojuda yono mme a thusiwa ke Mosamarea. Jesu o ile a raya mokwadi yoo a re a tshwane le Mosamarea. (Luke 10:25-37) Jesu o ile a bontsha gore Mosamarea a ka ruta Bajuda gore ba ka rata batho botlhe jang.

11. Goreng barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go tshwara batho ka go lekalekana, mme Jesu o ile a ba thusa jang go dira jalo?

11 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go fenya letlhoo le tlhaolele gore ba kgone go rera molaetsa wa Bogosi. Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ile a ba laela gore ba neele bosupi “mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Jesu o ne a ba thusa gore ba dire tiro eno ka go tlhomolola dinonofo tse di molemo tsa batho ba ditšhaba tse dingwe. Nako nngwe o ne a akgola molaodi mongwe wa masole wa kwa nageng e nngwe ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e nonofileng. (Math. 8:5-10) Fa Jesu a le kwa nageng ya gaabo e leng Nasaretha, o ile a tlhalosa gore Jehofa o ne a thusa batswakwa bangwe, ba ba jaaka motlholagadi mongwe wa Mofonikia wa kwa Sarepate le monna mongwe wa kwa Asiria yo o neng a tshwerwe ke lepero e bong Naamane. (Luke 4:25-27) Jesu ga a ka a rerela mosadi wa Mosamarea fela, gape o ile a fetsa malatsi a le mabedi a rerela batho ba toropo nngwe ya kwa Samarea ka gonne ba ne ba kgatlhegela molaetsa wa gagwe.—Joh. 4:21-24, 40.

BAKERESETE BA BOGOLOGOLO BA NE BA TSHWANETSE GO LWANTSHA TLHAOLELE

12, 13. (a) Baaposetoloi ba ile ba itshwara jang fa Jesu a rerela mosadi wa Mosamarea? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng se se bontshang gore Jakobe le Johane ba ne ba sa tlhaloganye se Jesu a neng a ba ruta sone?

12 Go ne go se motlhofo gore baaposetoloi ba fenye tlhaolele. Fa ba ne ba bona Jesu a ruta mosadi wa Mosamarea, ba ne ba gakgametse tota. (Joh. 4:9, 27) Baeteledipele  ba Bajuda ba ne ba ne ba sa bue le mosadi phatlalatsa, re sa bue sepe ka mosadi wa Mosamarea yo o neng a itsege ka dilo tse di bosula. Baaposetoloi ba ile ba kopa Jesu gore a je. Mme gone tsela e a ileng a ba araba ka yone e bontsha gore o ne a tlhomile mogopolo mo go boleleleng mosadi yono dikgang tse di molemo mo e leng gore go ja go ne go se botlhokwa thata mo go ene. Go rerela mosadi yono wa Mosamarea e ne e le thato ya ga Rraagwe mme mo go ene go dira jalo go ne go tshwana le go ja.—Joh. 4:31-34.

13 Jakobe le Johane ga ba a ka ba tlhaloganya thuto e Jesu a neng a ba ruta yone. Fa ba ne ba tsamaya le Jesu ba ya kwa Samarea, ba ne ba batla lefelo le ba ka latsang tlhogo mo go lone kwa motseng wa Samarea. Basamarea ba ne ba gana go ba thusa, ka jalo Jakobe le Johane ba ne ba galefa mo ba ileng ba ntsha kakantsho ya gore motse oo o senngwe ka molelo o o tswang kwa legodimong. Jesu o ne a ba kgalemela. (Luke 9:51-56) A Jakobe le Johane ba ka bo ba ile ba galefa jalo fa batho ba kwa kgaolong ya bone ya Galalea e ne e le bone ba ganneng go ba thusa? Ba ne ba galefile jalo ka gonne ba ne ba na le tlhaolele. Gongwe moaposetoloi Johane o ile a tlhabiwa ke ditlhong ka tsela e a ileng a tsiboga ka yone, fa moragonyana a ne a itumelela go rerela Basamarea.—Dit. 8:14, 25.

14. Bothata jo bo neng bo le mo gare ga ditlhopha tse pedi tsa puo bo ile jwa rarabololwa jang?

14 Morago ga Pentekosete ya ngwaga wa 33 go ne ga tsoga kgang nngwe ya tlhaolele. Fa bakaulengwe ba ne ba naya batlholagadi ba ba humanegileng dijo, ba ile ba tlodisa batlholagadi ba ba buang Segerika matlho. (Dit. 6:1) Gongwe ba ile ba tlhaolwa ka ntlha ya puo ya bone. Baaposetoloi ba ile ba baakanya seo ka go tlhoma banna ba ba tshwanelegang gore ba abe dijo. Banna bano ba ba tshwanelegang ba ne ba na le maina a Segerika. Seno se ka tswa se ile sa gomotsa batlholagadi ba ba neng ba utlwile botlhoko.

15. Petere o ile a ithuta jang go tshwara batho botlhe ka go lekalekana? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

15 Ka ngwaga wa 36 barutwa ba ile ba simolola go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe. Moaposetoloi Petere o ne a tlwaetse go itsalanya fela le Bajuda. Fa Modimo a sena go bontsha gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le tlhaolele, Petere o ile a ya go rerela lesole lengwe la Roma le le bidiwang Korenelio. (Bala Ditiro 10:28, 34, 35.) Morago ga moo, Petere o ile a itumelela go ja dijo le go itsalanya le Bakeresete ba e neng e se Bajuda. Le fa go ntse jalo, dingwaga moragonyana, Petere o ile a emisa go ja le Bakeresete ba e seng Bajuda kwa toropong ya Antioka. (Bagal. 2:11-14) Paulo o ile a kgalemela Petere ka mokgwa oo mme go bonala Petere a ile a amogela kgakololo eo. Fa Petere a ne a kwalela Bakeresete ba Bajuda le Bakeresete ba e seng Bajuda, o ile a bontsha gore go botlhokwa gore ba rate bakaulengwe botlhe ba bone.—1 Pet. 1:1; 2:17.

16. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsege ka eng?

16 Ga go pelaelo gore baaposetoloi ba ga Jesu ba ile ba ithuta go tswa mo sekaong sa gagwe sa go rata “batho ba mefuta yotlhe.” (Joh. 12:32; 1 Tim. 4:10) Le fa gone go ba tshotse nako, ba ile ba fetola tsela ya bone ya go akanya. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsege ka go ratana. Mokwadi wa mo lekgolong la bobedi la dingwaga e bong Tertullian o ne a kwala jaana a nopola se batho ba madumedi a mangwe ba ileng ba se bua ka Bakeresete: “Ba a ratana . . . Ba iketleeleditse go swelana.” Go apara “botho jo bosha” go ile ga thusa Bakeresete ba bogologolo go lemoga gore batho botlhe ba a lekalekana mo matlhong a Modimo.—Bakol. 3:10, 11.

17. Re ka tlosa jang tlhaolele mo dipelong tsa rona? Naya sekai.

17 Le rona gompieno re tlhoka nako gore re  tlose tlhaolele mo dipelong tsa rona. Kgaitsadi mongwe wa kwa Fora a re: “Jehofa o nthutile gore lorato lo kaya eng, gore go aba go kaya eng le gore go rata batho ba mefuta yotlhe go kaya eng. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke ithuta go tshwara batho ka go lekalekana le fa go se motlhofo. Ke ka moo ke tswelelang ke rapela ka kgang eno.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Spain o lebane le kgwetlho e e tshwanang. A re: “Ka dinako dingwe go thata go laola tsela e ke tlhoileng batho ba dipuo tse dingwe ka yone, mme gone, bontsi jwa nako ke a kgona. Ke a itse gore ke tshwanetse go leka bojotlhe jwa me. Ke leboga Jehofa go bo ke le karolo ya lelapa le le seoposengwe.” Rotlhe re tshwanetse go itlhatlhoba ka boikanyegi. A le rona re tlhoka go lwantsha boikutlo jwa go nna le tlhaolele jaaka bokgaitsadi bano ba babedi?

LORATO LO FOKOTSA TLHAOLELE

18, 19. (a) Re na le mabaka afe a go amogela batho botlhe? (b) Re ka dira seno jang?

18 Go molemo go gopola gore nako nngwe re ne re le “baeng” kgotsa batswakwa re sa atamalana le Modimo. (Baef. 2:12) Mme Jehofa o ne a re gogela kwa go ene “ka megala ya lorato.” (Hos. 11:4; Joh. 6:44) Jesu o ne a re amogela. O ne a re bulela dikgoro gore re tle re nne karolo ya lelapa ya Modimo. (Bala Baroma 15:7.) E re ka Jesu a re amogetse ka tsela e e molemo le fa gone re sa itekanela, le rona re tshwanetse go amogela ba bangwe.

Batlhanka ba ga Jehofa ba batla botlhale jo bo tswang kwa Modimong mme ba kopanngwa ke lorato (Bona serapa 19)

19 Ga go pelaelo gore dikgaogano, tlhaolele le letlhoo, di tla oketsega fa re ntse re ela kwa bokhutlong jwa lefatshe leno le le bosula. (Bagal. 5:19-21; 2 Tim. 3:13) Le fa go ntse jalo, rona batlhanka ba ga Jehofa re batla botlhale jo bo tswang kwa Modimong ka gonne bo tekatekano e bile bo dira gore go nne le kagiso. (Jak. 3:17, 18) Re a itumela fa re tsalana le batho ba dinaga tse dingwe, re amogela batho ba merafe e mengwe le go ithuta dipuo tse dingwe. Fa re dira jalo kagiso ya rona e tla nna fela jaaka noka le tshiamo ya rona jaaka makhubu a lewatle.—Isa. 48:17, 18.

20. Go direga eng fa lorato lo fetola botho jwa rona le tsela e re akanyang ka yone?

20 Kgaitsadi wa kwa Australia yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ke ne ka bulelwa dikgoro tsa merwalela tsa kitso ya boammaaruri.” O ne a bua jaana ka tsela e Baebele e mo thusitseng ka gone: “Ke ne ka fetola botho jwa me le tsela e ke akanyang ka yone. Maikutlo a tlhaolele le a letlhoo a ke neng ke na le one a ne a nyelela.” Mokaulengwe wa kwa Canada a re o lemogile gore “batho ba tlhoile ba bangwe fela ka gonne ga ba ba itse le gore lefelo le motho a goletseng kwa go lone ga le reye gore o tla nna le mekgwa e e rileng.” O nyetse kgaitsadi yo o buang Seesemane. Maitemogelo ano a bontsha gore lorato lwa Bokeresete lo kgona go fenya tlhaolele. Lo re kopanya ka sebofo se se sa kgaogeng.—Bakol. 3:14.

^ ser. 8 Lefoko “bakaulengwe” le akaretsa le basadi mo phuthegong. Paulo o ne a kwalela “bakaulengwe” kwa Roma. Mme seno se ne se akaretsa le bokgaitsadi bao a ileng a ba umaka ka maina. (Bar. 16:3, 6, 12) Makasine wa Tora ya Tebelo ga o bolo go bitsa Bakeresete o re ke ‘bakaulengwe le bokgaitsadi.’