Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letla Melao le Melaometheo ya Baebele Gore e Thapise Segakolodi sa Gago

Letla Melao le Melaometheo ya Baebele Gore e Thapise Segakolodi sa Gago

“Ke tlhatlhanya ka dikgakololo tsa gago.”—PES. 119:99.

PINA: 127, 88

1. Batho ba farologana jang le diphologolo?

BATHO ba farologane le diphologolo ka gonne bone ba na le segakolodi. Seo se boammaaruri ka gonne fa batho ba ntlha e bong Adame le Efa ba sena go leofa, ba ile ba iphitlha. Seno se ne se bontsha gore digakolodi tsa bone di ne di ba tshwenya.

2. Segakolodi se tshwana jang le khampase? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Batho ba digakolodi tsa bone di sa thapisiwang sentle ba ka tshwantshiwa le sekepe se se dirisang khampase e e sa berekeng. Fa kapotene wa sekepe a tsaya loeto ka khampase e e sa berekeng a ka nna a feleletsa a latlhegile. Diphefo le makhubu a lewatle di ka dira gore sekepe se tswe mo tseleng. Mme fa kapotene a dirisa khampase e e berekang sentle a ka kgona go fitlha kwa a yang gone. Re ka tshwantsha digakolodi tsa rona le khampase e e berekang sentle. Digakolodi tsa rona di kgona go re kaela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ka jalo, gore digakolodi tsa rona di kgone go re kaela, re tshwanetse go di thapisa gore di bereke sentle.

3. Go ka direga eng fa segakolodi se sa thapisiwa sentle?

3 Fa segakolodi sa motho se sa thapisiwa sentle, ga se ka ke sa mo  thiba fa a dira sengwe se se phoso. (1 Tim. 4:1, 2) Segakolodi se se ntseng jalo se ka nna sa dira gore a dumele gore “bosula ke molemo.” (Isa. 5:20) Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo.” (Joh. 16:2) Seo se ile sa diragalela batho ba ba ileng ba bolaya morutwa wa ga Jesu e bong Setefane mme go sa ntse go na le batho ba ba ntseng jalo gompieno. (Dit. 6:8, 12; 7:54-60) Go a gakgamatsa gore batho ba bolaya ba bangwe setlhogo ba bo ba re ba direla Modimo tirelo e e boitshepo, mme gone, ka go dira jalo ba ne ba tlola molao wa ene Modimo yo ba reng ba a mo direla! (Ekes. 20:13) Seno se re bontsha fela gore digakolodi tsa bone ga di bereke sentle!

4. Ke eng se se ka re thusang gore digakolodi tsa rona di bereke sentle?

4 Ke eng se se ka re thusang gore digakolodi tsa rona di bereke sentle? Melao le melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e a re ‘ruta, e a re kgalemela, e tlhamalatsa dilo le go re otlhaya ka tshiamo.’ (2 Tim. 3:16) Ka jalo, go ithuta Baebele, go tlhatlhanya ka dilo tse re di balang le go di dirisa mo matshelong a rona go ka re thusa go thapisa digakolodi tsa rona go dumalana le se Modimo a se batlang, mme fa re dira jalo, di tla re kaela ka tsela e e siameng. A re boneng gore melao le melaometheo ya ga Jehofa e ka re thusa jang go thapisa digakolodi tsa rona.

LETLA MELAO YA MODIMO GORE E GO KAELE

5, 6. Go reetsa melao ya Modimo go re thusa jang?

5 Fa re batla gore melao ya Modimo e re thuse, ga re a tshwanela go e bala kgotsa go e itse fela. Re tshwanetse go ithuta go e rata le go e tlotla. Lefoko la Modimo la re: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.” (Amos. 5:15) Re ka dira seo jang? Ka go ithuta go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. A re re o na le bothata jwa go robala. Ngaka e go bolelela gore o je dijo tse di rileng, o ikatise le go tlogela dilo dingwe. Fa o sena go dira jalo, bothata jwa gago jwa go robala bo a fela. A ga o kitla o leboga ngaka go bo e go thusitse go tokafatsa botshelo jwa gago?

6 Ka tsela e e tshwanang, Mmopi wa rona o re neile melao e e ka re thusang go tila dilo tse di sa siamang le go re thusa go tokafatsa matshelo a rona. Akanya kafa melao ya Baebele e ka re thusang ka gone mo dilong tse di jaaka go bua maaka, go logela ba bangwe maano, go utswa, go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, go rata dikgoka le go dirisana le madimona. (Bala Diane 6:16-19; Tshen. 21:8) Fa re dirisa melao eno e bile re bona tsela e e re thusang ka yone, seo se dira gore re rate Jehofa le melao ya gagwe.

7. Go bala le go tlhatlhanya ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng go ka re thusa go dira eng?

7 Go tlola melao ya Modimo go nna le diphelelo tse di botlhoko. Ka jalo, ga re tlhoke go dira diphoso gore re kgone go ithuta dithuto tsa botlhokwa mo botshelong. Re kgona go ithuta mo diphosong tsa batho ba go buiwang ka bone mo Lefokong la Modimo. Diane 1:5 ya re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” Go na le dilo tse dintsi tse Modimo a re rutang tsone, tse re di bonang fa re dira dilo tse di jaaka go bala le go tlhatlhanya ka matshelo a batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ka sekai, akanya ka kutlobotlhoko e Kgosi Dafide a ileng a nna le yone fa a ne a tlola molao wa Modimo a bo a tlhakanela dikobo le Bathesheba. (2 Sam. 12:7-14) Fa re ntse re bala e bile re tlhatlhanya ka kgang ya gagwe, gongwe re ka ipotsa go re: ‘Kgosi Dafide a ka bo a ile a dirang gore a tile go tlhakanela dikobo le Bathesheba? Fa nka iphitlhela mo boemong jo bo tshwanang, ke  ne ke tla dirang? A ke ne ke tla tshaba jaaka Josefa kgotsa go ineela jaaka Dafide a ile a dira?’ (Gen. 39:11-15) Fa re akanya ka diphelelo tse di nnang gone fa re tlola melao ya Modimo, re tla kgona go ‘tlhoa se se bosula.’

8, 9. (a) Ke mo maemong afe re ka tlhokang go dirisa digakolodi tsa rona? (b) Re ka dirisa jang melaometheo ya ga Jehofa go thapisa digakolodi tsa rona?

8 Re ka kgona go tila dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Mme gone, go na le dilo dingwe kgotsa maemo mangwe mo botshelong a Dikwalo di sa bueng ka tlhamalalo ka one. Mo maemong ao, re ka itse jang gore Modimo o batla gore re direng? Jaanong ke mo digakolodi tsa rona di tsenang teng.

9 E re ka Jehofa a re rata, o re neile melaometheo e e ka re thusang go kaela digakolodi tsa rona. Baebele ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isa. 48:17, 18) Ka jalo, fa re ithuta melaometheo ya Baebele e bile re e dirisa mo matshelong a rona, re ruta digakolodi tsa rona, re a di kaela le go di thapisa. Seo se tla re thusa go dira ditshwetso tse di botlhale.

LETLA MELAOMETHEO YA MODIMO GORE E GO KAELE

10. Melaometheo ke eng, mme Jesu o ile a e tlhalosa jang?

10 Molaomotheo ke thuto ya botlhokwa e e sa fetogeng, mme gone e kgona go dirisiwa mo maemong a a farologaneng. Gore o tlhaloganye molaomotheo, o tlhoka go tlhaloganya gore Moneimolao o ne a akantseng le gore ke mabaka afe a a dirileng gore a tlhame molao oo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a ruta barutwa ba gagwe dithuto tse di ileng tsa ba thusa go bona diphelelo tsa go nna le maikutlo a a rileng kgotsa go dira dilo dingwe. Ka sekai, o ile a ruta gore letlhoo le baka dikgotlhang le gore keletso e e sa siamang e ka dira gore motho a feleletse a dirile boaka. (Math. 5:21, 22, 27, 28) Fa re batla go nna le digakolodi tse di thapisitsweng sentle, re tshwanetse go letla melaometheo ya Baebele gore e re kaele mme fa re dira jalo re tla bo re galaletsa Modimo.—1 Bakor. 10:31.

Mokeresete yo o godileng sentle o akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe (Bona serapa 11 le 12)

11. Digakolodi di ka tswa di sa tshwane ka tsela efe?

11 Go na le maemo mangwe a mo go one Bakeresete ba babedi ba digakolodi tsa bone di thapisitsweng ka Baebele ba ka se kang ba dira tshwetso e e tshwanang. A re dire sekai ka bojalwa. Baebele ga e re go phoso go nwa bojalwa. Mme e kgala botagwa le go nwa ka tsela e e feteletseng. (Dia. 20:1; 1 Tim. 3:8) A seo se raya gore fa Mokeresete a nwa bojalwa sentle, ga go re sepe gore ba bangwe ba ikutlwa jang? Ga go jalo. Le fa ene a se na bothata ka kgang eo, o tshwanetse go akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe.

12. Baroma 14:21 e re thusa jang gore re tlotle digakolodi tsa ba bangwe?

12 Fa Paulo a ne a bua ka kgang ya go akanyetsa digakolodi tsa Bakeresete ba bangwe, o ile a re: “Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.” (Bar. 14:21) Fa o batla go dira sengwe se wena o tsayang gore ga se phoso, mme gone, se kgopisa Mokeresete yo mongwe, a o tla tlogela go se dira ka gonne a sa se rate? Ee. Go na le batho ba pele ba ithuta Baebele, ba kileng ba bo ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng mme jaanong ba ikemiseditse go bo tlogela. Ga go ope wa rona yo o batlang go dira gore Mokeresete yo mongwe a boele kwa mekgweng ya gagwe e e sa siamang. (1 Bakor. 6:9, 10) Ka jalo, re tla bo re sa bontshe lorato fa re pateletsa Mokeresete yo mongwe gore a nwe bojalwa fa a re boleletse gore ga a bo batle.

13. Timotheo o re tlhometse jang sekao se se molemo fa go tla mo kgannyeng ya go baya Bogosi kwa pele?

13 Fa Timotheo a ne a le mo dingwageng tsa  bolesome kgotsa a tloga a simolola tsa bo20, o ile a dumela go rupa gore a se ka a kgopisa Bajuda ba a neng a ba rerela le fa gone go rupa go ne go le botlhoko. O ne a na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moaposetoloi Paulo. (Dit. 16:3; 1 Bakor. 9:19-23) A le wena jaaka Timotheo o ikemiseditse go intsha setlhabelo gore o se ka wa kgopisa batho ba bangwe?

“A RE GAGAMALELENG KWA GO GOLENG SENTLE”

14, 15. (a) Go gola sentle go akaretsa eng? (b) Go bontsha ba bangwe gore re a ba rata go amana jang le go gola sentle?

14 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ‘tlogela thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete’ mme ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle.’ (Baheb. 6:1) Seno ga se itiragalele fela. Go tsaya matsapa a magolo. Go gola sentle go akaretsa go tlhaloganya Dikwalo le go oketsa kitso ya rona ka Baebele. Ke ka moo re nnang re kgothalediwa gore re bale Baebele letsatsi le letsatsi. (Pes. 1:1-3) A wena o dira jalo? Go e bala go tla dira gore o kgone go itse melao le melaometheo ya ga Jehofa e bile go tla go thusa gore o tlhaloganye Lefoko la Modimo ka tsela e e tseneletseng.

15 Ke molao ofe o o botlhokwa thata go e gaisa yotlhe o Bakeresete ba tshwanetseng go o latela? Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Monnawe Jesu e bong Jakobe o ile a bitsa lorato a re ke “molao wa segosi.” (Jak. 2:8) Paulo o ile a re: “Lorato ke tiragatso ya molao.” (Bar. 13:10) Tsela e lorato lo tlhalosiwang ka yone ga e re gakgamatse ka gonne Baebele ya re “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) Modimo ga a bue fela a re o a re rata. Johane o ile a kwala a re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.” (1 Joh. 4:9) Modimo o ile a bontsha ka ditiro gore o a re rata. Ka jalo, fa re rata Jehofa, Morwawe, Bakeresete ka rona le batho ba bangwe, re bontsha gore re Bakeresete ba ba godileng sentle.—Math. 22:37-39.

Fa re dirisa melaometheo, re ka kgona go ikanya digakolodi tsa rona (Bona serapa 16)

16. Fa tumelo ya rona e ntse e nonofa, goreng go le botlhokwa thata gore re dirise melaometheo ya Baebele?

16 Fa tumelo ya gago e ntse e nonofa, o tla lemoga gore melaometheo ya Baebele e botlhokwa thata. Seo ke ka gonne melao e  dirisiwa mo maemong a a rileng fela mme melaometheo e kgona go dirisiwa mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, ngwana ga a tlhaloganye kotsi ya go nna le ditsala tse di sa siamang, ke ka moo batsadi ba gagwe ba mmelang melao e e tla mo sireletsang. (1 Bakor. 15:33) Mme fa a ntse a gola, tsela e a dirang dilo ka yone e a fetoga e bile o kgona go lemoga kafa a ka dirisang melaometheo ya Baebele ka gone. Seo se mo thusa gore a kgone go tlhopha ditsala tse di siameng. (Bala 1 Bakorintha 13:11; 14:20.) Fa re dirisa melaometheo ya Baebele, re kgona ikanya digakolodi tsa rona ka gonne di tsamaisana le tsela e Modimo a dirang dilo ka yone.

17. A go na le dilo tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale?

17 A go na le dilo tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale tse di tla itumedisang Jehofa? Ee. Fa re dirisa melao le melaometheo e e mo Lefokong la Modimo, re tla ‘tshwanelega ka botlalo, re tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Tim. 3:16, 17) Ka jalo, dira dipatlisiso ka melaometheo ya Dikwalo gore o kgone go “lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.” (Baef. 5:17) Go na le didirisiwa tse phuthego ya Modimo e re diretseng tsone tse di jaaka Watch Tower Publications Index, Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa, Watchtower Library, LAEBORARI YA MO INTERNET le app ya JW Library. Re tshwanetse go dirisa didirisiwa tseno ka nako ya fa re ithuta Baebele re le rosi kgotsa re tshwere kobamelo ya lelapa.

MASEGO A GO NNA LE SEGAKOLODI SE SE THAPISITSWENG KA BAEBELE

18. Ke masego afe a a nnang gone fa re dirisa melao le melaometheo ya ga Jehofa mo matshelong a rona?

18 Pesalema 119:97-100 e bua ka masego a a nnang gone fa re dirisa melao le melaometheo ya ga Jehofa, ya re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe. Taolo ya gago e ntira botlhale go feta baba ba me, ka gonne ke ya me ka bosakhutleng. Ke setse ke na le temogo e ntsi go feta barutisi ba me botlhe, ka gonne ke tlhatlhanya ka dikgakololo tsa gago. Ke itshwara ka tlhaloganyo e kgolwane go feta banna ba bagolwane, ka gonne ke bolokile ditaelo tsa gago.” Fa re ipha nako ya go “tlhatlhanya” ka melao le melaometheo ya Modimo, re tla nna le kitso, botlhale le temogo. Fa re letla melao le melaometheo ya Modimo e thapisa digakolodi tsa rona, re tla kgona go “fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e boammaaruri ka ga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.”—Baef. 4:13.