Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Ile a Nkgomotsa fa ke Lebane le Mathata

Jehofa o Ile a Nkgomotsa fa ke Lebane le Mathata

Ke tshotswe ka November 9, 1929, kwa toropong ya Sukkur e jaanong e bidiwang Pakistan. Ka nako eo, mokaulengwe mongwe wa morongwa o ne a file batsadi ba me dibuka tse di ileng tsa nthusa go ithuta boammaaruri fa ke tla ke gola.

DIBUKA tseo di ne di na le ditshwantsho tse di ileng tsa nkgatlha fela thata. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go eletsa go itse Baebele le fa gone ke ne ke sa le mosha.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e anamela mo India, botshelo jwa me bo ne jwa tlhakatlhakana. Batsadi ba me ba ne ba kgaogana mme moragonyana ba tlhalana. Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa batho ba babedi ba ke ba ratang thata ba ne ba kgaogana. Seo se ile sa nkgoba marapo fela thata. E re ka ke ne ke le ngwana a le nosi, ke ne ke sa kgone go bona kgomotso le thuso e ke neng ke e tlhoka.

Ka nako eo, nna le mmê re ne re dula kwa motsemogolo wa porofense o o bidiwang Karachi. Letsatsi lengwe monna mongwe yo e neng e le ngaka e bong Fred Hardaker o ne a re etela kwa gae. E ne e le Mosupi wa ga Jehofa. E ne e le modumedimmogo le morongwa yo o neng a neile batsadi ba me dibuka. O ne a kopa go ithuta Baebele le mmê. Mmê o ne a gana a bo a re gongwe nna nka kgatlhegela go ithuta. Re ne ra simolola go ithuta mo bekeng e e latelang.

 Morago ga dibeke di le mmalwa, ke ne ka simolola go ya dipokanong. Di ne di tshwarelwa kwa tliliniking ya ga Mokaulengwe Hardaker. Basupi ba ba godileng ba ka nna 12 ba ne ba kopanela teng. Ba ne ba nkgomotsa e bile ba ntlhokomela. Ba ne ba tlhola ba dula le nna e bile ba bua le nna jaaka ditsala tsa me, e leng sengwe se ke neng ke se tlhoka ka nako eo.

Moragonyana, Mokaulengwe Hardaker o ne a nkopa gore ke tsamaye le ene mo bodireding. O ne a nthuta go dirisa fonokerafa e re neng re e dirisa go tshamekela batho dipuo tse di rekotilweng tsa Baebele. Dipuo dingwe tse re neng re di tshameka di ne di kgopisa bangwe mo tshimong ka gonne ba ne ba sa rate molaetsa wa tsone. Mme gone, ke ne ke itumelela go bolelela batho ka Jehofa. Ke ne ke rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng le go bo bolelela batho ba bangwe.

Fa masole a Japane a ne a ipaakanyetsa go tlhasela India, puso ya Boritane e ne ya gatelela Basupi ba ga Jehofa le e leng go feta. Ka ntlha ya seo, ka July 1943, mogokgo wa sekolo sa rona yo e neng e le moruti wa kereke ya Anglican o ne a nteleka kwa sekolong. O ne a raya mmê a re ke tla tlhotlheletsa bana ba bangwe ka tsela e e sa siamang ka gonne ke kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Mmê o ne a tshoga, ka jalo, o ne a nthaya a re ke se ka ka tlhola ke kopanela le Basupi. Moragonyana, o ile a nkisa gore ke ye go nna le rre kwa toropong ya Peshawar, e e neng e le bokgakala jwa dikilomitara di ka nna 1 370. Fa ke le koo, ke ne ke sa bale Baebele e bile ke sa ye dipokanong, ka jalo, tumelo ya me e ne ya koafala.

KE BOA KE ATAMALANA LE JEHOFA GAPE

Ka 1947, ke na ka boela kwa Karachi go ya go batla mmereko. Fa ke le koo, ke ne ka ya kwa tliliniking ya ga Rre Hardaker. O ne a nkamogela ka diatla tsoopedi.

O ne a akanya gore ke a lwala, ka jalo, o ne a re: “Bothata ke eng?”

Ke ne ka mo raya ka re: “Ga ke lwale mme gone ke tlhoka go ithuta Baebele.”

O ne a re: “O batla re simolole leng?”

Ke ne ka re: “Gone jaanong.”

Re ne ra fetsa diura di le dintsi bosigo joo re ithuta Baebele. Ke ne ke itumetse ka gonne ke ne ke na le batho ba ga Jehofa gape. Le mo lekgetlong leno mmê o ne a leka go nthibela go kopanela le Basupi, mme gone, ke ne ke dirile tshwetso ya gore ke batla go direla Jehofa. Ka jalo, ka August 31, 1947 ke ne ka kolobediwa. Moragonyana, fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ka nna mmulatsela.

KE ITUMELELA GO NNA MMULATSELA

Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa Quetta. Ka 1947 naga ya rona e ne ya kgaoganngwa go nna India le Pakistan. * Ka ntlha ya seo, go ile ga nna le dintwa di le dintsi tsa bodumedi mme batho ba le bantsi thata ba ile ba fuduga. Batho ba ka nna dimilione di le 14 ba ne ba patelesega go fudugela kwa mafelong a mangwe. Bamoseleme ba kwa India ba ile ba fudugela kwa Pakistan mme Ba-Hindu le Ba-Sikh ba kwa Pakistan ba ile ba fudugela kwa India. Le fa go ne go tlhakatlhakane jalo, ke ile ka pagama terena kwa Karachi e e neng e e tletse batho mme ke ne ka tshwanelwa ke go ingangatlela ka tshipi ya lebati go fitlha ke goroga kwa Quetta.

Ke le kwa kopanong ya potologo kwa India ka 1948

Fa ke le kwa Quetta, ke ile ka kopana le mmulatsela yo o kgethegileng e bong George Singh yo o neng a le mo dingwageng tsa bo20. O ne a nnaya baesekele ya kgale gore ke e dirise mo tshimong. Bontsi jwa nako ke ne ke rera ke le nosi. Mo dikgweding di le thataro ke ne ka ithuta Baebele le batho ba le 17 mme bangwe ba bone ba ne ba amogela boammaaruri. Mongwe wa bone yo e neng e le lesole e bong Sadiq Masih, o ile a re thusa go ranolela dikgatiso dingwe tsa Baebele mo puong ya Se-Urdu e e buiwang kwa Pakistan. Morago ga nako, Sadiq o ne a tlhagafala thata mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo.

Ke ya Sekolong sa Gileade ka sekepe sa Queen Elizabeth

Moragonyana ke ne ka boela kwa Karachi mme ke ne ka direla le Henry Finch le Harry Forrest, barongwa ba ba neng ba tswa Sekolong sa Gileade. Ba ile ba nthuta dilo di le dintsi tota. Nako nngwe ke ne ka tsamaya le Mokaulengwe Finch go ya go rera kwa bokone jwa Pakistan. Fa re le koo, re ne ra kopana le batho ba le bantsi ba ba buang Se-Urdu ba ba neng ba batla go ithuta Baebele. Morago ga dingwaga di le pedi ke ne ka lalediwa kwa Sekolong sa Gileade mme morago ga moo ke ne ka kopiwa go boela kwa Pakistan go nna molebedi wa potologo wa nakwana. Ke  ne ke nna kwa legaeng la barongwa kwa Lahore le barongwa ba bangwe ba bararo.

GO LEBA KOTLHAO KA TSELA E E SIAMENG

Ka maswabi, ka 1954 barongwa ba ke neng ke nna le bone ba ne ba sa utlwane, ka jalo, ofisi ya lekala e ne ya re ga re tlhole re tshwanelega go nna barongwa. Ke ile ka kgalemelwa ka gonne ke ile ka tsaya letlhakore mo kgogakgoganong eo. Seo se ile sa dira gore ke kgobege marapo e bile ke ne ke swabile nko go feta molomo ka gonne ke ne ke tsaya gore ke paletswe ke go dira kabelo ya me. Ka jalo, ke ile ka fudugela kwa London, Engelane ka gonne ke ne ke batla go simolola sesha.

Phuthego e ke neng ke le mo go yone kwa London e ne e na le maloko a le mantsi a lelapa la Bethele. Ke ile ka nna tsala le motlhanka wa lekala e bong Pryce Hughes mme o ile a nthuta dilo di le dintsi. Letsatsi lengwe o ne a mpolelela gore nako nngwe Joseph F. Rutherford yo o neng a eteletse pele mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe o ile a mo kgalemela. Mokaulengwe Hughes o ile a leka go itlhalosa, mme Mokaulengwe Rutherford o ile a mo kgalema a tiisitse. Ke ne ke gakgamadiwa ke gore Mokaulengwe Hughes o ne a nyenya fa a bua ka kgang eo. A re kwa tshimologong o ne a kgopisegile, mme moragonyana o ile a lemoga gore o ne a tlhoka kgalemelo eo le gore ke tsela e Jehofa a neng a mmontsha ka yone gore o a mo rata. (Baheb. 12:6) Se a ileng a se bua se ile sa nkama fela thata mme sa nthusa gore ke direle Jehofa gape ke itumetse.

Moragonyana, mmê o ile a fudugela kwa London mme o ne a ithuta Baebele le John E. Barr yo moragonyana e neng ya nna leloko la Setlhopha se se Laolang. O ile a dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe mme a kolobediwa ka 1957. Moragonyana ke ile ka utlwa gore rre le ene o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa pele a tlhokafala.

Ka 1958, ke ne ka nyala kgaitsadi mongwe wa kwa Denmark yo o neng a fudugetse kwa London e bong Lene. Ka 1959, re ne ra nna le ngwana wa rona wa ntlha e bong Jane mme moragonyana re ne ra nna le bana ba bangwe ba le banê. Gape ke ne ka newa ditshiamelo dingwe mo Phuthegong ya Fulham. Le fa go ntse jalo, e re ka Lene a ne a lwala, re ne ra tshwanelwa ke go fudugela kwa lefelong le le bothito. Ka jalo, ka 1967, re ne ra fudugela kwa Adelaide, kwa Australia.

NAKO E E UTLWISANG BOTLHOKO

Go ne go na le Bakeresete ba ba tloditsweng ba le 12 mo phuthegong ya rona kwa Adelaide. Ba ne ba tlhagafetse tota mo tirong ya go rera. Seno se ile sa re thusa gore re kgone go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya go direla Jehofa.

Ka 1979, re ne ra nna le ngwana wa rona wa botlhano  e bong Daniel. O ne a na le bolwetse jwa Down syndrome * mme dingaka di ne di re ga a kitla a tshela lobaka lo loleele. Nna le mosadi wa me re ne re utlwile botlhoko tota. Re ne re dira sotlhe se re se kgonang go mo tlhokomela, mme gone, re ne re sa itlhokomolose bana ba rona ba bangwe. Ka dinako dingwe Daniel o ne a lwala thata ka gonne o ne a na le maroba a mabedi mo pelong, ka jalo, re ne re tshwanelwa ke go mo isa bookelong. Le fa a ne a lwala thata jalo, o ne a le botlhale e bile a rata batho. Gape o ne a rata Jehofa thata. Fa re rapela pele ga dijo, o ne a phutha matsogonyana a gagwe, a bo a oba tlhogo, a bo a re: “Amen!” E bo e nna gone a jang.

Fa Daniel a na le dingwaga di le nnê, o ne a tshwarwa ke kankere. Nna le Lene re ne re lapile e bile re kgobegile marapo. Ke ne ke gateletswe tota mo maikutlong. Nako nngwe fa re ne re kgobegile marapo thata, molebedi wa rona wa potologo e bong Neville Bromwich o ne a re etela. O ne a geletse dikeledi, a bo a re tlamparela mme re ne ra lela rotlhe. Mafoko a gagwe a bopelonomi a ne a re gomotsa fela thata. O ne a tsamaya mo e ka nnang ka ura ya bongwe mo mosong. Moragonyana ga moo, Daniel o ne a tlhokafala. Loso lwa gagwe lo ne lwa re utlwisa botlhoko fela thata. Mme re ne ra kgona go itshokela kutlobotlhoko eo, re itse gore ga go na sepe se se tla kgaoganyang Daniel le lorato lwa ga Jehofa, tota le e leng loso. (Bar. 8:38, 39) Re lebile pele go boa re mmona mo lefatsheng le lesha.—Joh. 5:28, 29.

GO THUSA BA BANGWE GO DIRA GORE KE ITUMELE

Ke ile ka tshwarwa ke seterouku gabedi, le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke le mogolwane mo phuthegong. Dilo tse di ntiragaletseng mo botshelong di dirile gore ke nne kutlwelobotlhoko e bile ke akanyetse batho ba bangwe, segolobogolo ba ba nang le mathata. Ke leka gore ke se ka ka atlhola ba bangwe, go na le moo, ke ipotsa jaana: ‘Dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong di amile jang tsela e ba ikutlwang le e ba akanyang ka yone? Nka ba bontsha jang gore ke a ba rata? Nka ba thusa jang gore ba dire thato ya ga Jehofa?’ Ke rata go dira maeto a bodisa. Eleruri, fa ke gomotsa ba bangwe, le nna ke a gomotsega!

Ke sa ntse ke itumelela go dira maeto a bodisa

Ke ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a re: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa [ga Jehofa] di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pes. 94:19) Jehofa o ile a nthusa go itshokela mathata a lelapa, go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi, go kgobega marapo ka ntlha ya diphoso tsa me le go gatelelwa mo maikutlong. Eleruri, o ile a ntlhokomela fela thata!

^ ser. 19 Kwa tshimologong, Pakistan e ne e kgaogantswe go nna Pakistan Bophirima (e jaanong e bidiwang Pakistan) le Pakistan Botlhaba (e jaanong e bidiwang Bangladesh).

^ ser. 29 Bona setlhogo se se reng “Go Godisa Ngwana yo o Nang le Bolwetse Jwa Down Syndrome—Kgwetlho le Mosola wa Gone” mo makasineng wa Tsogang! wa June 2011.