Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dumedisa go Botlhokwa

Go Dumedisa go Botlhokwa

“DUMELANG! Le kae?”

Eno ke tsela e gantsi re dumedisang ka yone. Ka dinako dingwe fa re dumedisa motho re mo naya seatla kgotsa re a mo tlamparela. Re bua le go dira dilo tse di farologaneng fa re dumedisana mo mafelong a a farologaneng, mme gone, bontsi jwa ditumediso di batla di tshwana. Tota e bile fa o sa dumedise, o tsewa o le motho yo o sa rateng batho kgotsa yo o se nang maitseo.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ga ba rate go dumedisa ka gonne ba ditlhong kgotsa ba itseela kwa tlase. Ba bangwe go thata gore ba dumedise batho ba morafe o mongwe, ba lotso lo longwe kgotsa ba ba nang le maemo. Mme gone, go dumedisa ba bangwe go ka nna le diphelelo tse di molemo.

Go dumedisa ba bangwe go ka nna le diphelelo dife? Baebele e re ruta eng ka go dumedisa ba bangwe?

DUMEDISA “BATHO BA MEFUTA YOTLHE”

Fa moaposetoloi Petere a ne a amogela Moditšhaba wa ntlha e bong Korenelio mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele.” (Dit. 10:34) Moragonyana o ne a re Modimo “o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9) Re ka tsaya gore mafoko ano a bua ka batho ba ba simololang go ithuta boammaaruri. Mme gone Petere o ne a laela Bakeresete jaana: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe.” (1 Pet. 2:17) Ka jalo go tla bo go le molemo gore re dumedise batho botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, ba morafe ofe kgotsa gore ba goletse kae. Fa re dira jalo re tla bo re bontsha gore re a ba tlotla e bile re a ba rata.

Moaposetoloi Paulo o ne a kopa Bakeresete jaana: “Amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela.” (Bar. 15:7) Paulo o ile a bua ka bakaulengwe ba ba ileng ba mo thusa. Ka jalo le rona re tlhoka go thusana go feta le fa e leng pele ka gonne Satane o galefile mo metlheng eno ya bofelo.—Bakol. 4:11; Tshen. 12:12, 17.

Go na le dikai dingwe mo Baebeleng tse di bontshang gore go dumedisa ba bangwe go ka nna le diphelelo tse di molemo.

GO DUMEDISA GO NNA LE DIPHELELO TSE DI MOLEMO

Jehofa o ne a roma moengele gore a ye go bolelela Marea gore o ne a tla tshola Morwawe. Moengele o ne a re: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.” Marea o ne “a tshwenyega fela thata” ka gonne o ne a ipotsa gore ke eng fa moengele a bua le ene. Ka jalo moengele o ne a mo raya a re: “Se boife, Marea, gonne o bone kamogelo mo Modimong.” O ile a mo tlhalosetsa gore Modimo o batla gore a tshole Mesia. Marea ga a ka a tlhola a tshwenyega, go na le moo o ne a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.”—Luke 1:26-38.

Moengele o ne a itumelela go isa molaetsa wa ga Jehofa kwa go Marea e bile o ne a sa tseye gore o kwa godimo thata gore a ka bua le motho yo o sa itekanelang. O ile a simolola ka go mo dumedisa. Re ithutang mo sekaong sa gagwe? Re tshwanetse go dumedisa le go kgothatsa batho ba bangwe. Re ka ba thusa gore ba ikutlwe e le karolo ya batho ba ga Jehofa.

Paulo o ne a itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi mo diphuthegong tsa kwa Asia Minor le Yuropa. O ne a dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi  ba ba farologaneng mo makwalong a gagwe. Mo go Baroma kgaolo 16 o dumedisa Bakeresete ba le bantsi. O ne a dumedisa Febe “kgaitsadi wa [bone]” le go kopa bakaulengwe “gore [ba] mo amogele mo Moreneng ka tsela e e tshwanetseng baitshepi, le gore [ba] mo thuse mo kgannyeng epe e a ka [ba] tlhokang mo go yone.” Gape Paulo o ne a dumedisa Periseka le Akhwila mme o ne a re: ‘Ga se nna fela mme le diphuthego tsotlhe tsa ditšhaba di a lo leboga.’ O ile a dumedisa le batho ba re sa itseng sepe ka bone e bong ‘Epaeneto’ le “Teraefina le Teraefosa, basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng.”—Bar. 16:1-16.

Ba ile ba itumela tota fa ba bona gore Paulo o ne a ba gopola. Seno se ile sa dira gore ba rate Paulo le Bakeresete ba bangwe fela thata. Ditumediso tseo di ile tsa ba kgothatsa gore ba tswelele ba direla Modimo. Eleruri fa re dumedisa ba bangwe e bile re ba akgola, seno se dira gore re atamalane thata e bile se re thusa gore re direle Jehofa re le seoposengwe.

Fa Paulo a ne a ya kwa Roma o ile a feta kwa Puteoli mme Bakeresete ba koo ba ile ba ya go mo kgatlhantsha kwa boemakepeng. Fa a ba bona ba tla, o ne “a leboga Modimo mme a kgothala.” (Dit. 28:13-15) Ka dinako dingwe re dumedisa ka go nyenya kgotsa ka go tsholetsa letsogo fela. Mme gone go dira jalo go ka kgothatsa mongwe yo o kgobegileng marapo kgotsa yo o utlwileng botlhoko.

O SIMOLOLA KGANG SENTLE

Morutwa Jakobe o ne a kgalemela Bakeresete bangwe ka gonne ba ne ba itsalanya le lefatshe. (Jak. 4:4) Mme gone ela tlhoko gore Jakobe o ne a simolola jang lekwalo la gagwe:

“Jakobe, motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete, ke kwalela ditso tse di lesome le bobedi tse di faletseng: Madume!” (Jak. 1:1) Tsela e a ileng a ba dumedisa ka yone e bontsha gore o ne a dumela gore le bone ba direla Modimo. Ga go pelaelo gore seno se ile sa dira gore go nne motlhofo gore ba amogele kgakololo ya gagwe. Eleruri go dumedisa ba bangwe go ka dira gore go nne motlhofo go bua ka dikgang tse di masisi.

Re tshwanetse go dumedisa ba bangwe go tswa pelong le fa go ka tswa go lebega e kete ga ba re tseele tlhogong. (Math. 22:39) Kgaitsadi mongwe kwa Ireland o ne a goroga kwa Holong ya Bogosi dipokano di tloga di simologa. Fa a ne a tsena a itlhaganetse jalo, mokaulengwe mongwe o ne a nyenya a bo a re: “Dumela. Ke itumelela go go bona.” Kgaitsadi yoo ga a ka a mo araba.

Dibeke moragonyana, kgaitsadi yoo o ne a latela mokaulengwe yoo a bo a mo tlhalosetsa gore o na le lobakanyana a na le mathata ko lapeng. O ne a mo raya a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota letsatsi leo e bile ke batlile ke sa tle dipokanong. Ga ke gopole dilo tse di neng di buiwa kwa dipokanong letsatsi leo, mme gone, ke gopola tumediso ya gago. E ile ya nkgothatsa. Ke a leboga.”

Mokaulengwe yoo o ne a sa itse gore tumediso ya gagwe e ile ya ama kgaitsadi yoo. A re: “Fa a ne a mpolelela gore tumediso ya me e ile ya mo ama, ke ile ka itumelela gore ke ile ka mo dumedisa.”

Solomone o ne a re: “Latlhela senkgwe sa gago mo godimo ga metsi, gonne o tla se bona gape morago ga malatsi a mantsi.” (Mor. 11:1) Fa re dumedisa batho ba bangwe, segolobogolo Bakeresetemmogo le rona, ba a kgothala mme le rona re a kgothala. Ka jalo, le ka motlha re se ka ra lebala gore go dumedisa ba bangwe go botlhokwa!