Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O a Re Gomotsa fa re Lebane le Diteko

Jehofa O a Re Gomotsa fa re Lebane le Diteko

‘Modimo wa kgomotso yotlhe . . . o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’—2 BAKOR. 1:3, 4.

PINA: 38, 56

1, 2. Jehofa o re gomotsa jang fa re lebane le diteko, mme Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa eng?

MOKAULENGWE mongwe yo mosha yo o sa nyalang yo re tla mmitsang Eduardo, o ne a bolelela mogolwane mongwe yo o godileng yo o nyetseng e bong Stephen sengwe se se neng se mo tshwenya. Eduardo o ne a akanya ka temana ya 1 Bakorintha 7:28 e e reng: “Ba ba [tsenang mo lenyalong] ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” O ne a botsa jaana: “‘Pitlagano’ eno e go buiwang ka yone ke efe, mme nka lebana jang le yone fa nka nyala?” Pele ga Stephen a araba Eduardo, o ne a mo kopa gore a akanye ka sengwe gape se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala e leng gore Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakor. 1:3, 4.

2 Ruri Jehofa ke Rre yo o lorato mme o a re gomotsang fa re lebane le mathata. O ka tswa o ile wa lebana le maemo mangwe a mo go one Modimo a ileng a go ema nokeng le go go kaela, gantsi a dirisa Lefoko la gagwe. Re ka tlhomamisega gore o re batlela se se molemo, fela jaaka a ne a batlela batlhanka ba gagwe ba mo nakong  e e fetileng se se molemo.—Bala Jeremia 29:11, 12.

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 Boammaaruri ke gore, re ka kgona go emelana le mathata fa re itse gore a bakiwa ke eng. Go ntse jalo le ka mathata a a leng gone mo manyalong le mo malapeng. Ka jalo, ke dilo dife tse di ka dirang gore re nne le “pitlagano mo nameng” jaaka Paulo a ile a tlhalosa? Ke dikai dife tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng le tsa mo motlheng wa rona tse di ka re thusang gore re bone kgomotso e re e tlhokang? Go bala ka tsone go ka re thusa gore re itshoke.

“PITLAGANO MO NAMENG”

4, 5. Ke eng se se ka bakang “pitlagano mo nameng”?

4 Kwa tshimologong Modimo o ne a re: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’ (Gen. 2:24) Jehofa o ne a bua jalo fa a ne a nyadisa batho ba ntlha. Le fa go ntse jalo, mo metlheng eno ya bofelo, go tsena mo lenyalong le go simolola lelapa go ka baka mathata mo go ba losika. (Bar. 3:23) Go le gantsi mosadi o nna le tlhogo e ntšha e a tshwanetseng go e ikobela e bong monna wa gagwe. Modimo o naya monna maikarabelo a go nna tlhogo ya mosadi wa gagwe. (1 Bakor. 11:3) Banyalani bangwe ba bona fa go ikobela thulaganyo eno go se motlhofo. Lefoko la Modimo le tlhalosa gore mosadi ga a kitla a tlhola a kaelwa ke batsadi ba gagwe, go na le moo, o tla kaelwa ke monna wa gagwe. Ba losika ba ka nna ba se ka ba tlhola ba utlwana mme seno se ka bakela banyalani pitlagano.

5 Mathata a mangwe a ka nna gone fa mosadi a bolelela monna wa gagwe gore ba tlile go nna le ngwana. Le fa ba ka tswa ba itumeletse gore ba tlile go nna le ngwana, ba ka simolola go tshwenyega fa ba akanya ka kgang ya tsa kalafi ka nako ya fa mosadi a imile le fa a se na go belega. Mme gape ba tshwanetse go akanya ka madi a a tla tlhokegang gore ba godise ngwana wa bone. Mo godimo ga moo, ba tlhoka go dira diphetogo tse dingwe fa ngwana a sena go tsholwa. Mosadi a ka dirisa nako e ntsi a tlhokomela ngwana wa gagwe. Go le gantsi banna bangwe ba ikutlwa ba tlhokomologilwe ka gonne basadi ba bone ba nna ba tshwaregile ka go tlhokomela bana. Ka fa letlhakoreng le lengwe, rre le ene o na le maikarabelo a masha a a tshwanetseng go a diragatsa. Maikarabelo a gagwe a a oketsega ka gonne go na le motho yo mongwe mo lelapeng la gagwe yo a tshwanetseng go mo tlamela le go mo tlhokomela.

6-8. Fa banyalani ba sa kgone go tshola bana, seo se ka ba bakela matshwenyego ka tsela efe?

6 Banyalani bangwe ba nna le mofuta o mongwe wa pitlagano. Ba batla go nna le bana mme seo ga se direge. Fa mosadi a sa kgone go tshola bana, a ka nna a ngomoga pelo. Go tsena mo lenyalong le go nna le bana ga go reye gore motho ga a kitla a nna le matshwenyego ape, mme gone, fa banyalani ba eletsa go nna le bana mme ba sa kgone, seo e ka nna “pitlagano mo nameng.” (Dia. 13:12) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, go nna moopa e ne e le matlhabisa ditlhong. Mosadi wa ga Jakobe e bong Ragele o ne a utlwa botlhoko ka gonne mogadikane wa gagwe o ne a kgona go tshola bana mme ene a sa kgone. (Gen. 30:1, 2) Barongwa ba ba direlang kwa mafelong a kwa go one go tlwaelegileng gore batho ba nne le bana ba bantsi, ba tlhola ba bodiwa gore ke eng fa ba se na bana. Le fa gone ba ntsha mabaka a a utlwalang, go le gantsi batho ba ba raya ba re: “Nnyaa, mme re tla lo rapelela.”

7 Akanya ka kgaitsadi mongwe wa kwa Engelane yo o neng a batla go nna le ngwana  mme go sa tle gore go nne jalo. Go tswa foo, o ne a tsena mo dingwageng tse mo go tsone a ka se kang a tlhola a kgona go tshola ngwana. A re o ne a kgobegile marapo ka gonne o ne a itse gore a ka se nne le ngwana mo tsamaisong eno ya dilo. Ene le monna wa gagwe ba ne ba dira tshwetso ya gore ba batle ngwana mongwe yo o se nang batsadi mme ba mo godise. Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ne ke sa gomotsega go le kalo. Ke ne ke itse gore go dira jalo go ne go se kitla go tshwana le go tshola ngwana.”

8 Baebele ya re mosadi wa Mokeresete a ka “bolokwa a babalesegile ka go tshola bana.” (1 Tim. 2:15) Mme gone, seno ga se reye gore go nna le bana go ka dira gore mosadi a bone botshelo jo bo sa khutleng. Go na le moo, se raya gore fa mosadi a na le bana ba a ba tlhokomelang e bile a dira ditiro tsa mo gae, seno se ka dira gore a se ka a nna le mokgwa wa go seba le go itshunya nko mo dilong tsa batho. (1 Tim. 5:13) Le fa go ntse jalo, o sa ntse a ka nna le mathata mo lelapeng.

Motho a ka itshokela jang go tlhokafalelwa ke mongwe yo a mo ratang? (Bona serapa 9 le 12)

9. Ke eng fa go tlhokafalelwa ke molekane wa lenyalo e le teko e kgolo?

9 Fa go tla mo mathateng a a amanang le lenyalo, go na le pitlagano nngwe e go seng motlhofo go akanya ka yone. Go tlhokafalelwa ke molekane wa lenyalo. Eno ke teko e batho ba le bantsi ba ileng ba lebana le yone. Molekane yo o setseng a ka nna a bo a ne a sa lebelela gore seo se ka mo diragalela. Bakeresete ba dumela tsholofetso ya ga Jesu ya gore batho ba tla tsosiwa. (Joh. 5:28, 29) Tsholofetso eno e ka thusa jang motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa lenyalo? E mo gomotsa fela thata. Eno ke tsela e nngwe e Rraarona yo o lorato a thusang le go gomotsa ba ba mo pitlaganong a dirisa Lefoko la gagwe. Mma jaanong re sekaseke kafa Jehofa a ileng a gomotsa batlhanka ba gagwe le kafa ba ileng ba solegelwa molemo ke kgomotso ya gagwe ka gone.

KGOMOTSO FA RE LEBANE LE DITEKO

10. Hana o ne a gomodiwa ke eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Mosadi wa ga Elekana e bong Hana o ne a lebana le teko nngwe. O ne a se na bana mme mosadi yo mongwe wa ga Elekana e bong Penina o ne a na le bone. (Bala 1 Samuele 1:4-7.) Penina o ne a sotla Hana “ngwaga le ngwaga.” Seno se ne sa dira gore Hana a tlalelwe le gore a tshwenyege mo maikutlong. O ne a bona kgomotso ka go rapela Jehofa. O ne “a rapela ka lobaka lo loleele fa pele ga ga Jehofa.” A o ne a tsaya gore Jehofa o tla mo araba? O ne a dumela gore seo se tla direga. Le fa lebaka e ne e ka tswa e le lefe, “sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.” (1 Sam. 1:12, 17, 18) O ne a dumela gore Jehofa o tla mo naya ngwana kgotsa o tla mo gomotsa ka tsela nngwe.

11. Go rapela go ka re gomotsa jang?

11 Re tla tswelela re lebana le diteko fa fela re sa ntse re sa itekanela e bile re tshela mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane. (1 Joh. 5:19) Le fa go ntse jalo, go a itumedisa go itse gore Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” Sengwe se se ka re thusang go emelana le diteko ke go rapela. Hana o ne a rapela Jehofa go tswa pelong. Ka tsela e e tshwanang, fa re lebane le diteko, ga re a tshwanela go bolelela Jehofa fela gore re ikutlwa jang. Re tshwanetse go dira mekokotlelo, re mmolelele maikutlo a rona ka go rapela ka tlhoafalo go tswa pelong.—Bafil. 4:6, 7.

12. Ke eng se se neng sa dira gore Ana a itumele?

12 Le fa re ka tswa re ikutlwa re se batho ba sepe ka gonne re se na bana kgotsa re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang, re sa ntse re ka bona kgomotso. Mo motlheng wa ga Jesu, moporofeti wa mosadi e bong Ana o ne a tlhokafalelwa ke monna morago ga dingwaga di le supa fela ba nyalane. Baebele ga e bue sepe ka gore a o ne a na le bana. Ana o ne a dira eng fa a ne a na le dingwaga di le 84?  Luke 2:37 ya re: ‘O ne a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.’ Go direla Jehofa go ne ga mo gomotsa e bile ga dira gore a itumele.

13. Naya sekai sa kafa ditsala tsa mmatota di ka re gomotsang ka gone le fa ba losika ba palelwa ke go dira jalo.

13 Fa re itsalanya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re tla nna le ditsala tsa mmatota le tse re atamalaneng le tsone. (Dia. 18:24) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Paula, o gopola kafa a ileng a utlwa botlhoko ka gone fa a ne a le dingwaga di le tlhano fa mmaagwe a ne a tlogela go direla Jehofa. Go fenya teko eno go ne go se motlhofo. Mme o ne a kgothala fa kgaitsadi mongwe wa mmulatsela e bong Ann a ne a mo thusa gore a nonotshe kamano ya gagwe le Jehofa. Paula a re: “Le fa nna le Ann re ne re sa amane ka losika, tsela e a neng a mpontsha ka yone gore o a nkgathalela e ne ya nthusa tota. E ne ya nthusa gore ke tswelele ke direla Jehofa.” Paula o sa ntse a direla Jehofa ka boikanyegi. Gape o itumelela gore mmaagwe o boetse mo phuthegong. Ann le ene o itumetse ka gonne o ile a nna mmê wa ga Paula wa mo phuthegong.

14. Fa re gomotsa ba bangwe re ka nna le masego afe?

14 Se se kgatlhang ke gore, fa re bontsha ba bangwe gore re a ba kgatlhegela le gore re a ba rata, seo ka nna sa re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a rona.  Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le ba ba nyetsweng ba itumelela go rera dikgang tse di molemo e re ka ba dira mmogo le Modimo. Ba batla go tlotla Modimo ka go dira thato ya gagwe. Bangwe ba bone ba leba go rera e le tsela nngwe ya go alafa maikutlo. Eleruri, rotlhe re dira gore phuthego e nne seoposengwe fa re amega ka ba bangwe, ba ba mo phuthegong le batho ba re kopanang le bone mo bodireding. (Bafil. 2:4) Moaposetoloi Paulo o ile a re tlhomela sekao se se molemo. O ne a nna jaaka “mmè yo o amusang” mo phuthegong ya kwa Thesalonika e bile o ne a tshwana le rre.—Bala 1 Bathesalonika 2:7, 11, 12.

KGOMOTSO MO LELAPENG

15. Ke bomang ba tshwanetseng go ruta bana boammaruri?

15 Re tshwanetse go gomotsa le go thusa malapa. Ka dinako dingwe, baboledi ba basha ba ka kopa baboledi ba ba nang le maitemogelo gore ba rute bana ba bone, gongwe le e leng go ithuta Baebele le bone. Baebele ya re batsadi ke bone ba tshwanetseng go ruta le go thapisa bana ba bone. (Dia. 23:22; Baef. 6:1-4) Mo maemong mangwe, batsadi ba ka tlhoka thuso mme ga go pelaelo gore ba ka e anaanela fela thata. Le fa go ntse jalo, seno ga se golole batsadi mo maikarabelong a bone. Go botlhokwa gore ba buisane le bana ba bone ka metlha.

16. Fa Mosupi a ithuta le bana ba batsadi ba e seng Basupi, o tshwanetse go gopola eng?

16 Fa batsadi ba kopa mongwe gore a ithute Baebele le bana ba bone, motho yoo ga a tshwanela go leka go ba tseela maikarabelo. Mo maemong mangwe, Mosupi a ka kopiwa go ithuta Baebele le bana ba batsadi ba bone ba sa kgatlhegeleng boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Mosupi yono o tshwanetse go gopola gore le fa gone a ruta bana bano Baebele, ga se motsadi wa bone. Mme fa a ithuta le bana bano, go tla bo le molemo gore thuto e tshwarelwe mo legaeng la bana bao mme batsadi ba bone kgotsa Mosupi yo mongwe o tshwanetse a bo a le gone kgotsa e tshwanetse go tshwarelwa mo lefelong la batho botlhe. Fa a dira jalo, ga go kitla go nna le ope yo o nang le lebaka la go belaela se se diregang. Re solofela gore fa nako e ntse e tsamaya, batsadi ba bana bano ba tla diragatsa maikarabelo a ba a neilweng ke Modimo a go ruta bana ba bone boammaaruri.

17. Bana ba ka gomotsa ba malapa a bone jang?

17 Basha ba ba ratang Modimo e bile ba ikobela melao ya gagwe ba ka gomotsa ba malapa a bone fela thata. Ba ka dira jalo ka go tlotla batsadi ba bone le ka go ba thusa ka dilo dingwe tsa botlhokwa. Gape ba ka thusa ba malapa a bone gore ba rate Jehofa. Pele ga Morwalela, setlogolwana sa ga Sethe e bong Lameke, o ne a obamela Jehofa. Monna yono yo o neng a rata lelapa la gagwe, o ne a bua jaana ka morwawe e bong Noa: “O tla re tlisetsa kgomotso mo tirong ya rona le mo botlhokong jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.” Boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa fa phutso eo e ne e fedisiwa. (Gen. 5:29; 8:21) Gompieno bana ba ba direlang Modimo ba ka gomotsa ba malapa a bone mme ba ka ba thusa gore ba itshokele diteko le gore kwa bofelong ba falole sengwe se segolo go feta Morwalela.

18. Ke eng se se ka re thusang gore re itshoke le fa re lebana le diteko?

18 Go rapela, go tlhatlhanya ka dikao tse di mo Baebeleng le go kopanela le batho ba ga Jehofa, go thusa batho ba le bantsi gompieno gore ba gomotsege fa ba lebane le diteko. (Bala Pesalema 145:18, 19.) Fa re nna re gopotse gore Jehofa ke Motswedi wa kgomotso ya mmatota, seo se tla re thusa gore re itshokele diteko dipe tse re lebanang le tsone gone jaanong le tse re tla lebanang le tsone mo isagweng.