Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha “Batho ba Mefuta Yotlhe” Bopelotlhomogi

Bontsha “Batho ba Mefuta Yotlhe” Bopelotlhomogi

FA Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rera dikgang tse di molemo, o ile a ba bolelela gore batho bangwe ga ba kitla ba ba reetsa. (Luke 10:3, 5, 6) Fa re le mo bodireding, ka dinako tse dingwe re kopana le batho ba ba sa amogeleng molaetsa wa rona e bile ba bangwe ba le dikgoka. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna thata gore re ba bontshe bopelotlhomogi.

Motho yo o pelotlhomogi o lemoga mathata a batho, o ba utlwela botlhoko e bile o batla go ba thusa. Fa re sa utlwele botlhoko batho ba re ba rerelang, seno se ka dira gore re goge dinao mo tirong ya go rera. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re leka go nna kutlwelobotlhoko, go ntse jaaka e kete re kgotletsa molelo, re tla tlhagafala mo tirong ya go rera.—1 Bathes. 5:19.

Re ka bontsha jang batho ba bangwe bopelotlhomogi le fa go dira jalo go se motlhofo? Mma re tlotle ka batho ba bararo ba re ka ba etsang—Jehofa, Jesu le moaposetoloi Paulo.

ETSA JEHOFA

Go fetile dingwaga di le dintsi batho ba bua maaka ka Jehofa. Le fa go ntse jalo, “o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo.” (Luke 6:35) O pelotelele ka gonne o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Tim. 2:3, 4) Le fa gone Modimo a tlhoile bosula, batho ba botlhokwa mo go ene e bile ga a batle gore ba senngwe.—2 Pet. 3:9.

Jehofa o a itse gore Satane o kgona go dira gore batho ba dumele maaka. (2 Bakor. 4:3, 4) Batho ba le bantsi ba rutilwe maaka ka Jehofa go tloga ba sa le bannye mme seno se dira gore go nne thata gore ba amogele boammaaruri. Jehofa o batla go thusa batho bao. Re itse jang?

Akanya kafa Jehofa a neng a ikutlwa ka gone ka Baninife. Le fa ba ne ba dira dilo tse di bosula, Jehofa o ne a raya Jona a re: “A ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema?” (Jona 4:11) Jehofa o ile a utlwela batho ba motse oo botlhoko ka gonne ba ne ba sa itse boammaaruri ka ene. Ka jalo o ile a roma Jona go ya go ba tlhagisa.

Fela jaaka Jehofa, le rona re tsaya batho ba le botlhokwa. Re ka etsa Jehofa ka go thusa batho ba ba ka nnang ba reetsa molaetsa wa rona le fa kwa tshimologong go ka lebega e kete ga ba kgatlhege.

ETSA JESU

Fela jaaka Rragwe, Jesu o ne a utlwela batho botlhoko “ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) Jesu o ne a tlhaloganya maemo a bone; o ne a itse gore ba ne ba rutilwe maaka le gore baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ne ba sa ba tshware sentle. Jesu o ne a itse gore go na le dilo di le dintsi tse di tla thibelang bontsi jwa bone go amogela boammaaruri, le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a “ba ruta dilo di le dintsi.”—Mar. 4:1-9.

O se ka wa kgobega marapo fa kwa tshimologong motho a sa kgatlhege

Fa maemo a botshelo a fetoga, motho a ka kgatlhegela molaetsa wa Bogosi

Fa batho ba sa amogele molaetsa wa rona, re tshwanetse go leka go tlhaloganya gore ke eng fa ba sa o amogele. Bangwe ga ba kgatlhegele Baebele kgotsa bodumedi ka gonne  batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba dira dilo tse di maswe. Ba bangwe ba boleletswe maaka ka dilo tse re di dumelang. Mme ba bangwe bone ba tshaba gore ba masika kgotsa baagelani ba tla ba sotla fa ba bona ba bua le rona.

Batho bangwe ga ba amogele molaetsa wa rona ka gonne ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Kgaitsadi mongwe wa morongwa e bong Kim a re: “Mo lefelong la rona, batho ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke dilo di le dintsi ka ntlha ya ntwa. Ga ba na tsholofelo ya gore dilo di tla siama, ba kgobegile marapo e bile ga ba tshepe ope. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa bone ga ba amogele molaetsa wa rona. Nako nngwe ke ile ka tlhaselwa fa ke ne ke rera.”

Ke eng se se thusang Kim go tswelela a le pelotlhomogi le fa a sa tshwarwe sentle? A re: “Fa batho ba sa ntshware sentle, ke nna ke gopotse Diane 19:11 e e reng: ‘Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.’ Go akanya ka maemo a batho ba mo tshimong ya rona ba lebaneng le one go nthusa gore ke ba tlhomogele pelo. Ga se gore mongwe le mongwe yo re kopanang le ene o ganetsa molaetsa wa rona. Go na le batho ba le bantsi ba ba re kopang gore re boele kwa go bone.”

Re ka ipotsa jaana: ‘Fa nkabo ke sa itse boammaaruri, ke ne ke tla tsiboga jang fa Basupi ba ga Jehofa ba ntherela?’ Ka sekai, a re re o godile o bolelelwa maaka ka Basupi ba ga Jehofa. Gongwe o ne o se kitla o amogela molaetsa wa Bogosi mme o ne o tla tlhoka go bontshiwa bopelotlhomogi. Jesu o ile a re re tshware batho ba bangwe ka tsela e re batlang ba re tshwara ka yone. Ka jalo re tshwanetse go leka go tlhaloganya maemo a bone le go nna pelotelele le fa go dira jalo go ka tswa go se motlhofo.—Math. 7:12.

ETSA PAULO

Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha batho ba ba neng ba mo ganetsa bopelotlhomogi. Goreng? Ka gonne le ene o kile a bo a le jalo. O ne a re: “Ke ne ke le motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo. Le fa go ntse jalo, ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.” (1 Tim. 1:13) O ne a itse gore Jehofa le Jesu ba ile ba mo utlwela botlhoko. O ne a tlhaloganya gore batho ba a ba rerelang ba ikutlwa jang ka gonne le ene o ne a ntse jalo.

Ka dinako tse dingwe, Paulo o ne a kopana le batho ba ba neng ba tsene ka tlhogo mo tumelong ya maaka. Seno se ile sa dira gore a ikutlwe jang? Ditiro 17:16 ya re fa Paulo a le  kwa Athena, “moya wa gagwe wa simolola go serega fa a bona gore motse o ne o tletse medingwana.” Le fa go ntse jalo, o ile a dirisa tsone dilo tse di neng di mo sera gore a rerele batho. (Dit. 17:22, 23) O ile a fetola tsela e a neng a rera ka yone fa a rerela batho ba ba farologaneng “gore kafa go ka kgonegang ka gone [a] boloke bangwe.”—1 Bakor. 9:20-23.

Re ka etsa sekao sa ga Paulo fa re rerela batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona. Re ka dirisa dilo tse re di itseng ka bone gore re ba thuse go itse “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” (Isa. 52:7) Kgaitsadi mongwe e bong Dorothy a re: “Mo lefelong le ke nnang mo go lone, batho ba le bantsi ba rutilwe gore Modimo o setlhogo e bile o rata go atlhola batho. Mo maemong a a ntseng jalo, ke akgola batho go bo ba dumela mo Modimong ke bo ke ba bontsha gore Baebele ya re Jehofa o ntse jang le gore o re solofetsa gore o tla re direlang.”

“NNANG LO FENYE BOSULA KA MOLEMO”

E re ka re tshela mo “metlheng ya bofelo,” re a itse gore batho “ba tla tswelela ba sulafalela pele.” (2 Tim. 3:1, 13) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go letla tsela e batho ba itshwarang ka yone e dire gore re se ka ra nna le bopelotlhomogi kgotsa ya re amoga boitumelo. Jehofa o tla re thusa gore re “fenye bosula ka molemo.” (Bar. 12:21) Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela e bong Jessica a re: “Gantsi fa ke le mo bodireding ke kopana le batho ba ba re nyatsang e bile ba sa amogele molaetsa wa rona. Seno se betisa pelo. Ka jalo pele ke rerela motho, ke rapela thapelo e khutshwane ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke lebe motho yoo jaaka a mo leba. Seno se nthusa gore ke se ka ka akanya thata ka maikutlo a me, go na le moo, ke bone gore nka thusa motho yoo jang.”

Re nna re batla batho ba ba batlang go itse boammaaruri

Fa nako e ntse e ya, batho ba ka reetsa molaetsa wa Bogosi

Gape re tshwanetse go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re berekang le bone mo bodireding. Jessica a re: “Fa mongwe yo ke tsamayang le ene a sa tshwarwa sentle, ga ke bue thata ka gone. Go na le moo, ke bua ka dilo tse di agang, tse di jaaka dilo tse re di fitlheletseng mo bodireding le fa batho bangwe ba sa amogela molaetsa wa rona.”

Jehofa o a itse gore fa re le mo bodireding re lebana le dikgwetlho. Ka jalo, o a itumela fa a bona re etsa kutlwelobotlhoko ya gagwe. (Luke 6:36) Mme gone, Jehofa a ka se tlhomogele batho pelo go ya go ile. O a itse gore o tlile go fedisa lefatshe leng. Fa nako eo e ise e tle, re tshwanetse go tswelela re rera. (2 Tim. 4:2) Ka jalo a re tsweleleng re tlhagafetse mo bodireding e bile re bontsha “batho ba mefuta yotlhe” bopelotlhomogi.