Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Batla go Amogelwa ke Mang?

O Batla go Amogelwa ke Mang?

“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—BAHEB. 6:10.

PINA: 39, 30

1. Rotlhe re na le keletso efe, mme e akaretsa eng?

O IKUTLWA jang fa mongwe yo o mo itseng le yo o mo tlotlang a lebala leina la gago, gongwe e bile a sa tlhole a go gopola? Ruri seno se ka go kgoba marapo. Ka ntlha yang? Ka gonne rotlhe re na le keletso ya go batla go amogelwa. Mme ga re batle fela gore batho ba itse gore re bomang; re batla gore ba itse gore re batho ba ba ntseng jang le gore ke eng se re se fitlheletseng.—Dipa. 11:16; Jobe 31:6.

2, 3. Keletso ya go batla go amogelwa e ka tswa jang mo taolong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Fela jaaka dikeletso tse dingwe tsa rona, keletso ya rona ya go batla go amogelwa e ka tswa mo taolong ka gonne re sa itekanela. E ka dira gore re batle kamogelo e e sa siamang. Lefatshe la ga Satane le dira gore re batle go itsege le go nna botlhokwa mme seo se dira gore batho ba se ka ba tlhoma mogopolo mo mothong yo tota a tshwanelwang ke go amogelwa le go obamelwa e bong Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo.—Tshen. 4:11.

3 Mo motlheng wa ga Jesu, baeteledipele bangwe ba bodumedi  ba ne ba leba kamogelo ka tsela e e sa siamang. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Tlhokomelang bakwadi ba ba eletsang go ebela ba apere diaparo tse di telele e bile ba rata ditumediso mo marekisetsong le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng le mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa.” O ne a tswelela ka go re: “Bano ba tla amogela katlholo e e boima segolo.” (Luke 20:46, 47) Go farologana le seo, Jesu o ne a akgola motlholagadi yo o humanegileng yo o neng a ntshitse moneelo o monnye mme gongwe a sa bonwa ke batho ba bangwe. (Luke 21:1-4) Tsela e Jesu a neng a leba kamogelo ka yone e ne e farologane thata le e batho ba neng ba e leba ka yone. Setlhogo seno se tla re thusa go leba kamogelo ka tsela e Jehofa Modimo a e lebang ka yone.

KAMOGELO E E MOLEMO GO GAISA

4. Kamogelo e e molemo go gaisa ke efe, mme ka ntlha yang?

4 Kamogelo e e molemo go gaisa ke efe? Ga se kamogelo e batho ba le bantsi ba lekang go nna le yone ka go batla thutego e e kwa godimo, go bula dikgwebo kgotsa go tuma mo go tsa boitlosobodutu jwa lefatshe leno. Go na le moo, ke kamogelo e Paulo a ileng a e tlhalosa mo mafokong ano: “E re ka jaanong lo simolotse go itse Modimo, kgotsa go na le moo e re ka jaanong lo simolotse go itsiwe ke Modimo, go tla jang gore lo bo lo boela gape kwa dilong tse di bokoa le tsa lehumanyana tsa tshimologo lo bile lo batla go nna batlhanka ba tsone gape?” (Bagal. 4:9) Eleruri ke tshiamelo e e molemo tota “go itsiwe ke Modimo,” yo e leng Molaodimogolo wa lobopo lotlhe! O iketleeleditse go nna le kamano e e molemo le rona. Fela jaaka moithuti mongwe a ile a tlhalosa, re ka kgona “go nna batho ba a itumelelang go ba amogela.” Fa Jehofa a re tsaya re le ditsala tsa gagwe, re tla kgona go fitlhelela se a re bopetseng sone e leng go nna ditsala tsa gagwe.—Mor. 12:13, 14.

5. Re ka dira eng gore Modimo a re itse?

5 Moshe o ne a nna le tshiamelo eo. Fa a ne a kopa Jehofa gore a mo itsise ditsela tsa Gagwe ka botlalo, Jehofa o ne a mo araba jaana: “Selo seno le sone, se o buileng ka sone, ke tla se dira, ka gonne o bone kamogelo mo matlhong a me e bile ke go itse ka leina.” (Ekes. 33:12-17) Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka bona masego a a molemo fa Jehofa a re itse ka namana. Mme gone, re ka dira eng gore Jehofa a re itse? Re dira seo ka go mo rata le ka go ineela mo go ene.—Bala 1 Bakorintha 8:3.

6, 7. Ke eng se se ka senyang kamano ya rona le Jehofa?

6 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tswelela re na le kamano e e molemo le Rraarona yo o kwa legodimong. Fela jaaka Bakeresete ba kwa Galatia ba Paulo a ileng a ba kwalela, le rona re tshwanetse go tila go nna batlhanka ba “[dilo] tse di bokoa le tsa lehumanyana tsa tshimologo” tsa lefatshe leno, go akaretsa go batla go ratiwa ke lone. (Bagal. 4:9) Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba setse ba itsiwe ke Modimo. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a re ba ne ba “boela gape” kwa dilong tse di se nang mosola. Ka mafoko a mangwe, Paulo o ne a ba raya a re: “Morago ga gore lo dire diphetogo tse dikgolo jaana, ke eng fa lo boela morago gape kwa dilong tse di se nang mosola tse lo di tlogetseng?”

7 A le rona re ka iphitlhela re le mo maemong a a tshwanang gompieno? Ee, go a kgonega. Fela jaaka Paulo, fa re ne re simolola go itse Jehofa, re ne ra tlogela dilo tse di neng di ka dira gore re tlotlomadiwe ke lefatshe la ga Satane. (Bala Bafilipi 3:7, 8.) Gongwe o tlogetse dilo tse di jaaka go nna le thutego e e kwa godimo kgotsa o ganne maemo a a kwa godimo kwa tirong kgotsa o tlogetse tshono ya go dira madi a a oketsegileng mo go tsa kgwebo. Gongwe re na le bokgoni jwa go  opela kgotsa jwa go tshameka motshameko mongwe o o rileng mme seo se ne se ka dira gore re tume le gore re nne le madi a mantsi, mme gone, ga re a ka ra dira dilo tseo. (Baheb. 11:24-27) Go tla bo go se botlhale gore re lebe ditshwetso tse di molemo tse re di dirileng e le diphoso! Go akanya jalo go ka dira gore re boele kwa dilong tse re neng re dirile tshwetso ya gore ke dilo “tse di bokoa le tsa lehumanyana” tsa lefatshe leno. *

LEKA KA NATLA GO BONA KAMOGELO YA GA JEHOFA

8. Ke eng se se tla dirang gore re leke ka natla go bona kamogelo ya ga Jehofa?

8 Re ka dira eng gore re bone kamogelo ya ga Jehofa e seng ya lefatshe? Gore re dire jalo, re tshwanetse go gopola dintlha tse pedi tsa botlhokwa. Sa ntlha, ka metlha Jehofa o amogela batho ba ba mo direlang ka boikanyegi. (Bala Bahebera 6:10; 11:6) O tsaya batlhanka ba gagwe botlhe ba le botlhokwa e bile o tsaya go itlhokomolosa batho ba ba ikanyegang mo go ene e le “tshiamololo.” Ka metlha Jehofa “o itse ba e leng ba gagwe.” (2 Tim. 2:19) “O itse tsela ya basiami” e bile o itse gore a ka ba golola jang mo ditekong.—Pes. 1:6; 2 Pet. 2:9.

9. Naya dikai tsa tsela e Jehofa a ileng a bontsha batho ba gagwe kamogelo ka yone.

9 Ka dinako dingwe, Jehofa o ile a bontsha batho ba gagwe kamogelo ka ditsela tse di gakgamatsang. (2 Ditir. 20:20, 29) Ka sekai, akanya ka tsela e Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe ka yone fa ba ne ba lelekisiwa ke masole a a maatla a ga Faro. (Ekes. 14:21-30; Pes. 106:9-11) Tiragalo eno e ne e kgatlha thata jaana mo e leng gore batho ba lefelo leo ba ne ba sa ntse ba bua ka yone dingwaga di le 40 morago ga moo. (Josh. 2:9-11) Fa re ntse re letetse tlhaselo e e boleletsweng pele ya ga Gogo wa Magogo, re tla kgothadiwa ke go nna re gopotse tsela e Jehofa a ileng a bontsha batho ba gagwe ka yone gore o lorato le gore o na le maatla. (Esek. 38:8-12) Ka nako eo re tla bo re itumetse ka gonne re ile ra batla go amogelwa ke Modimo e seng lefatshe.

10. Re tshwanetse go gopola eng ka kamogelo ya ga Jehofa?

10 Gape re tshwanetse go gopola ntlha ya bobedi ya botlhokwa: Jehofa a ka re bontsha kamogelo ka ditsela tse re sa di lebelelang. Jehofa ga a kitla a duela batho ba ba dirang dilo tse di molemo fela ka gonne ba batla go bonwa ke batho. Ka ntlha yang? Ka gonne ba amogela tuelo ya bone ka botlalo fa batho ba bangwe ba ba tlotlomatsa. (Bala Mathaio 6:1-5.) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re Rraagwe “o [lebile] mo sephiring” batho ba ba sa tlotlomadiweng ka ntlha ya dilo tse di molemo tse ba di direlang batho ba bangwe. O bona dilo tseo e bile o segofatsa mongwe le mongwe ka tsela e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe Jehofa o re segofatsa ka ditsela tse re sa di lebelelang. Mma re tlotle ka dikai dingwe.

JEHOFA O NAYA LEKGAREBE LENGWE KAMOGELO E LE SA E LEBELELANG

11. Jehofa o ne a bontsha Marea kamogelo jang?

11 Fa nako ya gore Morwa Modimo a tsholwe e le motho e goroga, Jehofa o ne a tlhopha mosadi yo o ikokobeditseng e bong Marea gore a nne mmaagwe ngwana yono yo o kgethegileng. Marea o ne a nna mo toropong ya maemo a a kwa tlase e e bidiwang Nasaretha e e neng e le kgakala le motse wa Jerusalema le tempele ya yone e e ntle. (Bala Luke 1:26-33.) Ke eng fa Marea a ile a newa tshiamelo eno? Moengele Gabariele o ne a mmolelela gore “o bone kamogelo mo Modimong.” Marea o ne a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng moragonyana fa a ne a  bua le mosadi wa mo losikeng lwa gagwe e bong Elisabetha. (Luke 1:46-55) Eleruri Jehofa o ne a lebile Marea mme o ne a mo naya tshiamelo eo ka gonne o ne a ikanyega.

12, 13. Jehofa o ne a bontsha Jesu kamogelo jang fa a sena go tsholwa le fa a ne a isiwa kwa tempeleng malatsi a le 40 morago ga moo?

12 Fa Marea a sena go tshola Jesu, Jehofa ga a ka a itsise balaodi kgotsa babusi ba maemo a a kwa godimo ba kwa Jerusalema le Bethelehema se se diragetseng. Baengele ba ne ba tlhagelela kwa badiseng ba ba neng ba tlhokometse dinku gaufi le Bethelehema. (Luke 2:8-14) Go tswa foo, badisa bao ba ne ba etela lesea leo. (Luke 2:15-17) Ruri Marea le Josefa ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamalela go bona kafa Jesu a ileng a tlotlomadiwa ka gone! Tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone e farologane le ya ga Diabolo. Fa Satane a ne a romela balepadinaledi kwa go Jesu le batsadi ba gagwe, batho botlhe mo Jerusalema ba ne ba fuduega fa ba utlwa ka go tsholwa ga ga Jesu. (Math. 2:3) Tiragalo eno e ile ya dira gore bana ba le bantsi ba ba se nang molato ba bolawe.—Math. 2:16.

13 Malatsi a le 40 fa Jesu a sena go tsholwa, Marea o ne a tshwanetse go ya go ntshetsa Jehofa setlhabelo kwa tempeleng ya kwa Jerusalema e e neng e ka nna dikilometara di le robonngwe go tswa kwa Bethelehema. (Luke 2:22-24) Fa Marea, Josefa le Jesu ba ntse ba le mo tseleng, Marea a ka tswa a ile a ipotsa gore a moperesiti o tla tlotlomatsa Jesu ka tsela nngwe e e kgethegileng. Jesu o ne a tlotlomadiwa mme e seng ka tsela e Marea a neng a e akantse. Go na le moo, Jehofa o ne a dirisa monna yo o neng “a siame e bile a na le poifo ya bomodimo” e bong Simeone mmogo le motlholagadi wa dingwaga di le 84, yo gape e neng e le moporofeti wa mosadi e bong Ana go bolela gore ngwana yoo o ne a tla nna Mesia yo o solofeditsweng kgotsa Keresete.—Luke 2:25-38.

14. Jehofa o ne a segofatsa Marea jang?

14 Gotweng ka Marea? A Jehofa o ile a tswelela a mmontsha kamogelo ka gonne a ile a tlhokomela le go godisa Morwawe ka boikanyegi? Ee, o ne a dira jalo. Modimo o ne a dira gore mafoko a gagwe le dilo tse a neng a di dira di kwalwe mo Baebeleng. Go bonala Marea a ne a se mo maemong a a siameng gore a ka tsamaya le Jesu mo bodireding jwa gagwe jwa dingwaga di le tharo le halofo. Gongwe Marea o ne a tshwanelwa ke go sala mo Nasaretha ka gonne e le motlholagadi. Le fa gone a ile a fetwa ke ditshiamelo di le dintsi, o ne a na le Jesu ka nako ya fa a ne a bolawa. (Joh. 19:26) Le fa go ntse jalo, moragonyana Marea o ne a na le barutwa kwa Jerusalema malatsinyana pele ga Pentekosete fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa barutwa. (Dit. 1:13, 14) Go bonala a ile a tlodiwa le batho ba bangwe ba ba neng ba le gone. Fa go le jalo, seo se raya gore o ne a newa tshono ya go ya go tshela le Jesu kwa legodimong go ya go ile. Ruri jono ke bosupi jo bo molemo jo bo bontshang gore o ne a segofalediwa boikanyegi jwa gagwe!

JEHOFA O NE A BONTSHA JESU KAMOGELO

15. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ke eng se Jehofa a ileng a se dira go bontsha gore o a mo amogela?

15 Jesu ga a ka a eletsa go tlotlomadiwa ke baeteledipele ba bodumedi kgotsa ba dipolotiki ba mo motlheng wa gagwe. Mme gone, o ile a kgothala tota fa Jehofa a ne a mmontsha kamogelo makgetlo a le mararo ka go bua le ene ka tlhamalalo go tswa kwa legodimong. Morago ga gore Jesu a kolobediwe mo Nokeng ya Joredane, Jehofa o ne a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:17) Go bonala Johane Mokolobetsi e le ene fela motho yo mongwe yo o utlwileng mafoko ao. Go tswa foo, ngwaga pele ga gore Jesu a bolawe, baaposetoloi ba gagwe ba le  bararo ba ne ba utlwa Jehofa a bua mafoko ano ka Jesu: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.” (Math. 17:5) La bofelo, malatsi a le mmalwa pele Jesu a bolawa, Jehofa o ne a bua le Morwawe gape go tswa kwa legodimong.—Joh. 12:28.

O ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a bontsha Morwawe kamogelo ka yone? (Bona serapa 15-17)

16, 17. Jehofa o ile a tlotla Jesu jang ka tsela e e sa lebelelwang?

16 Le fa gone Jesu a ne a itse gore o tla bolawa ka tsela e e tlhabisang ditlhong le gore o tla latofadiwa ka maaka gore ke motlhapatsi, o ne a rapelela gore thato ya ga Jehofa e dirwe e seng ya gagwe. (Math. 26:39, 42) “O ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong” e bile o ne a sa batle kamogelo ya lefatshe, go na le moo, o ne a batla go amogelwa ke Rraagwe. (Baheb. 12:2) Jehofa o ne a bontsha jang gore o a mo amogela?

17 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o eletsa go boela kwa go Rraagwe kwa legodimong gore a nne le kgalalelo e a kileng a bo a na le yone. (Joh. 17:5) Ga go sepe se se bontshang gore Jesu o ne a batla se se fetang seo. O ne a sa lebelela gore a newe tuelo nngwe e e kgethegileng. Mme gone, Jehofa o ile a dira eng? O ne a tlotla Jesu ka tsela e a neng a sa e lebelela ka go mo tsosetsa “kwa boemong jo bo kwa godimo” le ka go mo naya sengwe se go neng go se na ope yo o neng a na le sone ka nako eo, e leng bosasweng! * (Bafil. 2:9; 1 Tim. 6:16) Ruri eo ke tsela e e molemo e Jehofa a ileng a segofatsa Jesu ka yone ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe!

18. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra batla go amogelwa ke lefatshe leno?

18 Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra batla go amogelwa ke lefatshe leno? Nna o gopotse gore ka metlha Jehofa o amogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le gore gantsi o ba segofatsa ka ditsela tse ba sa di lebelelang. Ke mang a itseng gore re tla amogela masego afe a re sa a lebelelang mo isagweng? Mme gone, fa nako eo e ise e tle, a re tsweleleng re itshokela mathata le diteko tsa lefatshe leno le le bosula, re nna re gopotse gore lefatshe leno le kamogelo ya lone, di a feta. (1 Joh. 2:17) Rraarona yo o lorato e bong Jehofa ‘ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe.’ (Baheb. 6:10) Eleruri o tla re bontsha kamogelo, gongwe le ka ditsela tse re sa kgoneng go di akanya gone jaanong!

^ ser. 7 Mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele, lefoko “lehumanyana” le ranotswe e le “selo se se se nang mosola,” “go sa nne le sepe,” “go humanega,” le “go nna mo khutsafalong.”

^ ser. 17 Eno e ne e le tshegofatso e e sa lebelelwang, ka gonne Dikwalo Tsa Sehebera ga di bue sepe ka bosasweng.