Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go tla bo go siame gore Mokeresete a nne le tlhobolo (sethunya) gore a itshireletse mo bathong ba bangwe?

Le fa gone Bakeresete ba ka dira dilo dingwe gore ba leke go itshireletsa, ba dira jalo go dumalana le melaometheo ya Baebele. Melaometheo eo e re kgothaletsa gore re se ka ra dirisa dibetsa tse di jaaka ditlhobolo go leka go itshireletsa mo bathong ba bangwe. Akanya ka dintlha tseno tse di ka re thusang:

Jehofa o leba botshelo bo le boitshepo, segolobogolo botshelo jwa motho. Mopesalema Dafide o ne a itse gore Jehofa ke “motswedi wa botshelo.” (Pes. 36:9) Ka jalo, fa Mokeresete a tlhopha go dira dilo dingwe gore a itshireletse kgotsa a sireletse dithoto tsa gagwe, o tla leka ka natla gore a se ka a bolaya motho yo mongwe le gore a se ka a nna le molato wa madi.—Dute. 22:8; Pes. 51:14.

Le fa gone go dirisa dilo dingwe go ka dira gore motho a nne le molato wa madi, ditlhobolo di dira gore go nne motlhofo go bolaya motho yo mongwe, e ka ne e le ka phoso kgotsa ka boomo. * Mo godimo ga moo, fa motho yo o lekang go go tlhasela a bona gore o tshotse tlhobolo, a ka nna a tshoga mme seo se ka dira gore go nne maswe le go feta mo mongwe a ka feleletsang a bolailwe.

Fa Jesu a ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tle ka ditšhaka mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng, o ne a sa akanya ka kgang ya go itshireletsa. (Luke 22:36, 38) Go na le moo, Jesu o ne a re ba tle ka tsone gore a tle a ba rute thuto ya botlhokwa ya gore ba se ka ba itlwaetsa thubakanyo, tota le fa ba lebane le segongwana se  se galefileng se se tshotseng dibetsa. (Luke 22:52) Fa Petere a sena go gobatsa motlhanka wa moperesiti yo mogolo ka tšhaka, Jesu o ne a mo laela jaana: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone.” Go tswa foo, Jesu o ne a bua ntlha eno ya botlhokwa, e leng molaomotheo o le gompieno o thusang balatedi ba gagwe: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.”—Math. 26:51, 52.

Go dumalana le Mika 4:3, batho ba Modimo ba “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” Kgang eno e e tlhomololang Bakeresete ba boammaaruri e dumalana le mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Bar. 12:17, 18) Le fa gone Paulo a ile a lebana le mathata a le mantsi, a a akaretsang ‘dikotsi tsa dinokwane,’ o ne a tshela go dumalana le mafoko a gagwe, ga a ka a dira gore tshireletsego ya gagwe e nne botlhokwa go feta melaometheo ya Dikwalo. (2 Bakor. 11:26) Go na le moo, o ne a ikanya Modimo le botlhale jo bo mo Lefokong la Gagwe e leng botlhale jo “bo botoka go na le didirisiwa tsa tlhabano.”—Mor. 9:18.

Bakeresete ba tsaya botshelo bo le botlhokwa thata go feta dithoto. Baebele ya re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ka jalo, fa go bua ka bonolo go dira gore o se ka wa kgona go thiba motho yo o go tlhasetseng, Bakeresete ba ikobela molaomotheo ono o o mo mafokong a Jesu a ileng a a bua: “O se ka wa emelelana le yo o boikepo.” Re ka nna ra bo ra tlhoka go lesa seaparo sa rona sa ka fa ntle le sa ka fa teng ka tsela ya tshwantshetso. (Math. 5:39, 40; Luke 6:29) * Le fa go ntse jalo, selo se se ka re thusang thata ke go tila maemo a a ntseng jalo. Fa re tila “go bontsha ka mabela se [re] nang le sone mo botshelong,” e bile re itsege re le Basupi ba ga Jehofa ba ba ratang kagiso, re ka nna ra tila go tlhaselwa ke dikebekwa tse di dikgoka.—1 Joh. 2:16; Dia. 18:10.

Bakeresete ba tlotla digakolodi tsa ba bangwe. (Bar. 14:21) Fa go ka itsege gore Mokeresete mongwe o na le tlhobolo e a e dirisang go itshireletsa mo bathong ba bangwe, Bakeresetemmogo le ene ba ka nna ba gakgamala gongwe le e leng go kgopisega. Lorato lo re tlhotlheletsa go baya dilo tse ba bangwe ba tshwenyegileng ka tsone kwa pele, tota le fa go dira jalo go ka tlhoka gore re tlogele sengwe se re tsayang gore ke tshwanelo ya semolao.—1 Bakor. 10:32, 33; 13:4, 5.

Bakeresete ba leka ka natla go tlhoma sekao se se molemo. (2 Bakor. 4:2; 1 Pet. 5:2, 3) Fa Mokeresete a sena go newa kgakololo ya Dikwalo, mme a bo a tswelela a dirisa tlhobolo go itshireletsa mo bathong ba bangwe, a ka se tsewe e le motlhomasekao. Ka jalo, ga a kitla a tshwanelega go newa maikarabelo kgotsa ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong. Go ntse jalo le ka Mokeresete yo o dirisang tlhobolo kwa tirong. Go tla bo le botoka gore Mokeresete yono a batle tiro e nngwe. *

Gone ke boammaaruri gore tsela e Mokeresete a tlhophang go itshireletsa ka yone, go sireletsa lelapa la gagwe le dithoto, ke tshwetso ya botho, fela jaaka gore o tlhopha tiro efe. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e re bontsha botlhale jwa Modimo le gore o a re rata. Ka jalo, ka ntlha ya melaometheo eo, Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba tlhopha gore ba se ka ba nna le tlhobolo e ba e dirisang go itshireletsa mo bathong ba bangwe. Ba a itse gore tshireletsego ya mmatota e bonwa ke batho ba ba ikanyang Modimo le ba ba tshelang go dumalana le melaometheo ya Baebele.—Pes. 97:10; Dia. 1:33; 2:6, 7.

Ka pitlagano e e kgolo, Bakeresete ba tla ikaega ka Jehofa mme ga ba kitla ba leka go itshireletsa

^ ser. 3 Mokeresete a ka tlhopha go nna le tlhobolo ya go tsoma kgotsa go itshireletsa mo diphologolong. Mme gone, fa a sa e dirise, o tshwanetse go e ntsha marumo, go e tlhatlhamolola le go e lotlelela. Mo mafelong a batho ba sa letlelelwang go nna le ditlhobolo, kgotsa a go nang le dithibelo dingwe, Bakeresete ba tshwanetse go ikobela melao eo.—Bar. 13:1.

^ ser. 2 Go bona kafa re ka itshireletsang ka gone kgatlhanong le go betelelwa, bona setlhogo se se reng, “Tsela ya go Fema Petelelo” se se mo makasineng wa Tsogang! wa March 8, 1993.

^ ser. 4 Dintlha tse di oketsegileng malebana le kgang ya go tlhopha tiro e e tlhokang gore motho a tshole dibetsa di mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2005, ts. 31; le wa July 15, 1983, ts. 25-26 ka Seesemane.