Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota

Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota

“Itireleng ditsala ka dikhumo tse di sa siamang.”—LUKE 16:9.

PINA: 32, 154

1, 2. Ke eng fa go tla tswelela go na le batho ba ba humanegileng mo tsamaisong eno?

MAEMO a ikonomi a lefatshe leno a thata e bile a solegela molemo batho ba ba rileng fela. Basha ga ba na ditiro. Batho ba le bantsi ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go fudugela kwa dinageng tse di humileng. Khumanego e aname thata, tota le kwa dinageng tse di humileng. Batho ba ba humileng ba huma le go feta mme batho ba ba humanegileng ba humanegela pele. Go ya ka dipego tsa bosheng, palo e nnye ya bahumi ba lefatshe ba na le madi a mantsi go feta batho ba bangwe botlhe ba kopane. Le fa gone re ka se itse gore seo se boammaaruri go le kae, ga go na ope yo o ka ganelang gore batho ba le dibilione ba humanegile thata fa batho ba bangwe bone ba na le madi a a ka ba letlang go tlhokomela ba malapa a bone go ya go ile. Jesu o ne a bontsha gore o itse seno fa a ne a re: “Lo na le bahumanegi ka metlha.” (Mar. 14:7) Ke eng fa go na le pharologanyo eno e e kgolo?

2 Jesu o ne a itse gore maemo a ikonomi a lefatshe leno a ka se fetoge fa fela Bogosi Jwa Modimo bo ise bo tle. Dipolotiki, bodumedi le kgwebo ke karolo ya lefatshe la ga Satane mme mo go Tshenolo 18:3 di tlhalosiwa e le “bagwebi.” Go farologana le batho ba Modimo ba ba ikgaogantseng le dipolotiki le bodumedi jwa maaka, batho ba  le bantsi ga ba kgone go kgaogana gotlhelele le karolo ya kgwebo ya lefatshe la ga Satane.

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 E re ka re le Bakeresete, go tla bo go le molemo gore re sekaseke tsela e re lebang ditiro tsa kgwebo tsa lefatshe leno ka go ipotsa dipotso tseno: ‘Nka dirisa jang dithoto tsa me go bontsha gore ke ikanyega mo Modimong? Nka fokotsa jang seabe se ke nang le sone mo dikgannyeng tsa kgwebo tsa lefatshe leno? Go na le maitemogelo afe a a bontshang gore batho ba Modimo ba mo ikanya ka botlalo le fa gone ba tshela mo maemong ano a a thata?’

SETSHWANTSHO SA MOLEBEDI YO O SA SIAMANG

4, 5. (a) Molebedi wa mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a lebana le boemo bofe? (b) Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe kgakololo efe?

4 Bala Luke 16:1-9. Setshwantsho sa ga Jesu sa molebedi yo o sa siamang se dira gore re akanye. Fa molebedi yono a sena go latofadiwa ka bosenyi, o ne a bontsha “botlhale jo bo mosola” ka go ‘itirela ditsala’ tse di tla mo thusang fa a sena go latlhegelwa ke tiro ya gagwe ya bolebedi. * Le fa go ntse jalo, fano Jesu o ne a sa kgothaletse barutwa ba gagwe gore ba dire dilo tse di sa siamang gore ba tle ba tshele sentle mo lefatsheng leno. O ne a re boitshwaro jo bo ntseng jalo bo tshwana le jwa “bana ba tsamaiso eno ya dilo,” mme gone, o ne a dirisa setshwantsho seno go tlhalosa ntlha nngwe ya botlhokwa.

5 Jesu o ne a itse gore fela jaaka molebedi yoo yo o neng a lebane le boemo jo bo thata, bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke go itshedisa mo lefatsheng leno le le tletseng tshiamololo. Ka jalo, o ne a ba kgothatsa jaana: ‘Itireleng ditsala ka dikhumo tse di sa siamang, gore, fa tse di ntseng jalo di fela, [Jehofa le Jesu] ba lo amogele mo mafelong a bonno a bosakhutleng.’ Re ka ithuta eng mo kgakololong eno ya ga Jesu?

6. Re itse jang gore go dira madi e ne e se karolo ya maikaelelo a Modimo?

6 Le fa gone Jesu a sa tlhalose lebaka la go bo a re dikhumo ga di a ‘siama,’ Baebele e tlhalosa sentle gore go dira madi e ne e se karolo ya maikaelelo a Modimo. Jehofa o ne a naya Adame le Efa sengwe le sengwe se ba se tlhokang kwa tshimong ya Edene. (Gen. 2:15, 16) Moragonyana, fa moya o o boitshepo o ne o okame phuthego ya batlodiwa ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “ga go na le a le mongwe yo o neng a bolela gore sengwe sa dilo tse a neng a na le tsone e ne e le sa gagwe; mme ba ne ba tlhakanetse dilo tsotlhe.” (Dit. 4:32) Moporofeti Isaia o ne a bua ka nako e mo go yone batho botlhe ba neng ba tla itumelela dilo tse di molemo tsa mo lefatsheng. (Isa. 25:6-9; 65:21, 22) Mme fa nako eo e ise e goroge, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla tlhoka “botlhale jo bo mosola” gore ba kgone go itshedisa ka “dikhumo tse di sa siamang” tsa lefatshe leno mme ba ntse ba leka go itumedisa Modimo.

GO DIRISA DIKHUMO TSE DI SA SIAMANG KA TSELA E E BOTLHALE

7. Go na le kgakololo efe mo go Luke 16:10-13?

7 Bala Luke 16:10-13. Motlhanka yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a itirela ditsala gore di tle di mo thuse. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba tsalane le ene le Jehofa mme ba sa dire jalo ka mabaka a bopelotshetlha. Ditemana tse di tlang morago ga pego ya setshwantsho seno di amanya go dirisa “dikhumo tse di sa siamang” le go ikanyega mo Modimong. Se Jesu a neng a se tlhalosa e ne e le gore re ka kgona go ‘itshupa re ikanyega’ ka tsela e re dirisang dikhumo tseo ka gone. Re ka dira seo jang?

8, 9. Bangwe ba dirisa dithoto tsa bone jang?

8 Tsela nngwe e re ka bontshang ka yone gore re ikanyega ka dithoto tsa rona ke ka go ntsha meneelo go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe  ya go rera e Jesu a neng a bua ka yone. (Math. 24:14) Mosetsana mongwe wa kwa India o ne a itirela letlole le lennye la madi mme a nna a tsenya madi mo go lone, o ne a bo a rekisa ditshamekisi tsa gagwe gore a nne le madi a a ka a tsenyang mo letloleng leo. Fa letlole leo le tlala, o ne a ntsha madi ao gore a dirisediwe tiro ya go rera. Mokaulengwe mongwe wa kwa India yo o nang le tshimo ya dikhokonate, o ne a naya ofisi ya thanolo ya kwa Malayalam dikhokonate tse dintsi ka gonne a re ba tlhoka dikhokonate, ka jalo, fa a ba naya tsone seo se tla ba thusa thata go feta fa a ka bo a ba naya madi. Joo ke botlhale jo bo mosola. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe ba kwa Greece ba naya lelapa la Bethele mafura a a apayang, tšhisi le dijo tse dingwe mme ba dira jalo ka metlha.

9 Mokaulengwe mongwe wa kwa Sri Lanka yo o nnang kwa nageng e nngwe, o neelane ka setsha le ntlo ya gagwe gore bakaulengwe ba tshwarele dipokano le dikopano mo go tsone le gore badiredi ba nako e e tletseng ba di dirise. Mokaulengwe yono a ka bo a ile a di dirisa gore a itirele lotseno, le fa go ntse jalo, o ne a di dirisa go thusa baboledi bao ba ba se nang go le kalo. Kwa mafatsheng a tiro ya rona e thibetsweng kwa go one, bakaulengwe ba neelana ka magae a bone gore a dirisiwe e le Diholo Tsa Bogosi mme seno se letla babulatsela ba le bantsi le batho ba bangwe ba ba se nang madi a a kalo gore ba nne le lefelo le ba ka tshwarelang dipokano mo go lone ntle le go duela madi mangwe.

10. Re nna le masego afe fa re aba ka bopelotshweu?

10 Dikai tse re sa tswang go bua ka tsone di bontsha gore batho ba Modimo ba ‘ikanyega mo go se sebotlana thata’ ka tsela e ba dirisang dithoto tsa bone ka yone, tse tota di seng botlhokwa go le kalo fa di bapisiwa le dikhumo tsa mmatota. (Luke 16:10) Bakaulengwe bano ba ikutlwa jang ka se ba se dirileng? Ba a itse gore go nna pelotshweu ke tsela ya go iponela dikhumo tsa mmatota. (Luke 16:11) Kgaitsadi mongwe yo o ntshang moneelo ka metlha go thusa mo tirong ya Bogosi o bua jaana ka dilo dingwe tse di mo itumedisang: “Fa ke dirisa dithoto tsa me go thusa ba bangwe, ke nna le boikutlo bongwe jo bo sa tlwaelegang. Ke lemogile gore fa ke dira jalo thata, seo se dira gore ke dirisane botoka le batho ba bangwe. Ke kgona go itshwarela ba bangwe ka tsela e e oketsegileng, ke pelotelele go feta pele e bile gone jaanong go motlhofo go amogela kgakololo le go itshokela go swabisiwa.” Batho ba le bantsi ba lemogile gore go nna pelotshweu go nonotsha tumelo ya bone.—Pes. 112:5; Dia. 22:9.

11. (a) Go aba ka bopelotshweu go bontsha jang “botlhale jo bo mosola”? (b) Ke go lekalekanngwa gofe go go diregang mo bathong ba Modimo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 Go dirisa dithoto tsa rona go ema nokeng tiro ya Bogosi go bontsha “botlhale jo bo mosola” ka tsela e nngwe gape. Go re letla gore re dirise maemo a rona go thusa batho ba bangwe. Batho ba ba itsholetseng mme ba sa kgone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng kgotsa go fudugela kwa dinageng tse dingwe ba ka nna le kgotsofalo ya go itse gore meneelo e ba e ntshang e ema nokeng bodiredi jwa ba bangwe. (Dia. 19:17) Meneelo e e ntshiwang ka go rata e thusa gore bakaulengwe ba ba nnang kwa mafatsheng a a sa itsholelang ba kgone go amogela dikgatiso le go tswelela ka tiro ya go  rera. Mo mafatsheng a a jaaka Congo, Madagascar le Rwanda, bakaulengwe ga ba bolo go tshwanelwa ke go tlhopha gore a ba tla rekela ba malapa a bone dijo kgotsa ba tla reka Dibaebele tse ka dinako dingwe tlhwatlhwa ya tsone e neng e lekana le madi a modiri a a amogelang mo bekeng kgotsa mo kgweding. Gone jaanong ka ntlha ya meneelo ya ba le bantsi le go ‘lekalekanngwa’ ga madi, phuthego ya ga Jehofa e ile ya kgona go ranola le go anamisa Dibaebele kwa malapeng a a sa itsholelang le kwa bathong ba ba batlang go ithuta boammaaruri. (Bala 2 Bakorintha 8:13-15.) Ka jalo, batho botlhe ba kgona go nna le tshono ya go atamalana le Jehofa.

GO TILA GO NNA LE SEABE SE SEGOLO MO ‘DITIRONG TSA KGWEBO TSA BOTSHELO’

12. Aborahame o ne a bontsha jang gore o ikanya Modimo?

12 Tsela nngwe e re ka nnang le botsala jo bo molemo le Jehofa ka yone ke ka go fokotsa seabe se re nang le sone mo ditirong tsa kgwebo le ka go dirisa maemo a rona go batla dikhumo tsa mmatota. Monna wa tumelo wa mo metlheng ya bogologolo e bong Aborahame o ne a fuduga kwa Ure mme a ya go nna mo ditenteng gore a nonotshe botsala jwa gagwe le Jehofa. (Baheb. 11:8-10) O ne a nna a ikanya Modimo e re ka e le ene Motswedi wa dikhumo tsa mmatota, mme ga a ka a ipatlela dikhumo ka gonne seo se ne se tla bo se bontsha gore ga a mo ikanye. (Gen. 14:22, 23) Jesu o ne a kgothatsa lekau lengwe le le humileng jaana: “Fa o batla go itekanela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsa gago o bo o abele bahumanegi mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.” (Math. 19:21) Lekau leo le ne le se na tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame, le fa go ntse jalo, go na le batho ba bangwe ba ba ileng ba bontsha gore ba ikanya Modimo ka botlalo.

13. (a) Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo efe? (b) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo gompieno?

13 Timotheo o ne a na le tumelo e e nonofileng. Fa Paulo a sena go bitsa Timotheo a re ke “lesole le le molemo la ga Keresete Jesu,” o ne a mo raya a re: “Ga go na motho ope yo e reng e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng go nna lesole.” (2 Tim. 2:3, 4) Gompieno balatedi ba ga Jesu go akaretsa Bakeresete ba feta milione ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba dirisa kgakololo eno ya ga Paulo go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka gone. Ba leka go emelana le kgatelelo ya dipapatso le ya dilo tse di ba dikologileng mme ba nna ba gopotse molaomotheo ono: “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Dia. 22:7) Satane o batla gore re fetse nako ya rona yotlhe le maatla otlhe a rona re le makgoba a dilo tsa kgwebo. Ditshwetso dingwe tse re di dirang di ka dira gore re nne le dikoloto tse di sa feleng. Go duelela matlo a magolo, dithuto, dikoloi tse di turang le go dira manyalo a a magasigasi, go ka dira gore re nne le mathata a madi. Re bontsha botlhale jo bo mosola fa re tlhofofatsa matshelo a rona le go fokotsa dikoloto tsa rona mme seno se dira gore re gololesege go direla Modimo go na le go nna makgoba a lefatshe leno.—1 Tim. 6:10.

14. Ke boikutlo bofe jo re tlhokang go bo bontsha? Naya dikai.

14 Go tlhofofatsa matshelo a rona go tlhoka gore re rulaganye gore ke eng se se tlang pele. Banyalani bangwe ba ne ba na le kgwebo nngwe e e atlegileng. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ba ne ba rekisa kgwebo ya bone, sekepe le dithoto tse dingwe tsa bone. Gape ba ne ba ithaopela go thusa ka tiro ya go aga ntlokgolo e ntšha e e kwa Warwick, New York. Sengwe se ba neng ba se itumelela thata e ne e le go direla kwa Bethele le morwadiabone le monna wa gagwe, mme gape ba ne ba bereka dibeke di le mmalwa le batsadi ba bone mo porojekeng eo ya Warwick. Kgaitsadi mongwe yo e leng mmulatsela kwa Colorado, U.S.A., o ne a bona tiro kwa bankeng mme o ne a dira tiro eo ka malatsi  a a rileng fela. Badiri ba kwa bankeng ba ne ba itumelela tiro ya gagwe thata jaana mo ba neng ba mo naya tshono ya go bereka beke yotlhe le go mo okeletsa madi. Le fa go ntse jalo, e re ka tiro eo e ne e tla fokotsa tlhoafalo ya gagwe mo bodireding, o ne a e gana. Tseno ke dikai di le mmalwa fela tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ileng ba intsha setlhabelo gore ba mo direle. Go iketleeletsa go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele go bontsha gore re anaanela botsala jwa rona le Modimo le gore re anaanela dikhumo tsa mmatota tse di leng tlhwatlhwakgolo go feta sepe fela se se mo lefatsheng leno.

FA DIKHUMO DI SA TLHOLE DI NA LE MOSOLA

15. Ke dikhumo dife tse di dirang gore re itumele thata?

15 Go huma ga go reye gore motho o segofadiwa ke Modimo. Jehofa o segofatsa batho ba ba ‘humileng mo ditirong tse di molemo.’ (Bala 1 Timotheo 6:17-19.) Ka sekai, fa Lucia * wa kwa Italy a ne a utlwa gore go na le tlhokego ya baboledi kwa Albania, o ne a fudugela koo ka 1993 mme o ne a se na sepe se a itshedisang ka sone, o ne a ikantse Jehofa ka botlalo. O ne a ithuta puo ya kwa Albania mme a thusa batho ba feta 60 gore ba kolobediwe. Le fa gone bontsi jwa batho ba Modimo ba sa rere kwa mafelong a a ntseng jalo, sepe fela se re se dirang go thusa batho ba bangwe go tsena mo tseleng ya botshelo, ke sengwe se rona le bone re tla tswelelang re se itumelela go ya go ile.—Math. 6:20.

16. (a) Go tlile go direga eng ka tsamaiso eno? (b) E re ka re itse se se tla diregang mo isagweng, re tshwanetse go dirisa jang dithoto tsa rona?

16 Jesu o ne a re, “fa [dikhumo] tse di ntseng jalo di fela,” ga a ka a re ‘fa e le gore di tla fela.’ (Luke 16:9) Go jewa ga dibanka le go wa ga ikonomi ga se sepe fa go bapisiwa le se se tla diregang mo lefatsheng lotlhe mo isagweng. Tsamaiso yotlhe ya ga Satane go akaretsa dipolotiki, bodumedi le kgwebo, e tlile go fedisiwa. Moporofeti Esekiele le Sefania ba ne ba bolelela pele gore dilo tse go tloga kgale di leng botlhokwa tota mo dilong tsa kgwebo e leng gouta le selefera, ga di kitla di tlhola di nna le mosola ope. (Esek. 7:19; Sefa. 1:18) Re ne re tla ikutlwa jang fa re setse re tsofetse mme re bo re lemoga gore re ile ra tlogela dikhumo tsa mmatota ka ntlha ya “dikhumo tse di sa siamang” tsa lefatshe leno? Re ka nna ra ikutlwa jaaka monna yo o ileng a dira ka natla botshelo jotlhe gore a nne le madi a mantsi mme a bo a lemoga morago gore madi ao ga se a mmatota. (Dia. 18:11) Eleruri dikhumo tseo di tlile go fela, ka jalo, o se ka wa latlhegelwa ke tshono ya go di dirisa gore o nne le botsala jo bo molemo le Jehofa le Jesu. Sepe fela se re se dirang go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, se tla dira gore re nonofe mo tumelong.

17, 18. Batho ba ba atamalaneng le Modimo ba tla amogela eng?

17 Fa Bogosi Jwa Modimo bo tla, ga re kitla re tlhola re duelela matlo, dijo e tla bo e le mahala e bile e le ntletsentletse gape ga re kitla re duelela kalafi. Batho ba ga Jehofa ba tla itumelela dilo tse di molemo thata tsa lefatshe. Gauta, selefera le matlotlo a mangwe e tla bo e le mekgabisa fela, e seng dilo tse batho ba di ipolokelang gore ba hume. Batho botlhe ba tla kgona go dirisa dilwana tsa go aga tsa maemo a a kwa godimo tse di jaaka logong, leje le tshipi. Batho ba tla thusana e seng ka gonne ba batla madi mme ka gonne ba itumelela go dira jalo. Batho botlhe ba tla dirisa metswedi ya lefatshe ka tsela e e lekalekanang, go se na ope yo o nang le mo gontsi go feta ba bangwe.

18 Ano ke mangwe a masego a batho ba ba atamalanang le Jehofa le Jesu ba tla nnang le one. Baobamedi ba ga Jehofa ba mo lefatsheng ba tla itumela tota fa ba utlwa mafoko ano a ga Jesu: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.”—Math. 25:34.

^ ser. 4 Jesu ga a tlhalose gore a tatofatso eo e ne e le boammaaruri. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “latofadiwa” mo go Luke 16:1, le naya kgopolo ya gore gongwe molebedi yoo o ne a sentswe leina. Jesu o tlhomolola tsela e molebedi yono a ileng a tsiboga ka yone e seng mabaka a go bo a ile a latlhegelwa ke tiro ya gagwe.

^ ser. 15 Kgang ya botshelo ya ga Lucia Moussanett e mo makasineng wa Tsogang! wa July 8, 2003, ts. 28-32.