Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Eric le Amy

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ghana

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ghana

A O ITSE mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe yo o fudugetseng kwa nageng e sele kwa go tlhokegang baboledi ba Bogosi gone? A o kile wa ipotsa go re: ‘Ke eng se se ba tlhotlheletsang gore ba fudugele kgakala jaana? Ba ipaakanyetsa jang mofuta oo wa tirelo? A le nna nka kgona go dira jalo?’ Ga go pelaelo gore dikarabo tsa dipotso tseno re ka di bona fela fa re bua le bakaulengwe le bokgaitsadi bano. Mma re dire jalo.

KE ENG SE SE BA TLHOTLHELETSANG GO TSAYA KGATO EO?

Ke eng se se go tlhotlheleditseng gore o akanyetse go direla kwa nageng e sele kwa go tlhokegang baboledi gone? Amy, yo o mo dingwageng tsa bo30, yo o tswang kwa United States a re: “Go fetile dingwaga ke ntse ke akanyetsa go ya go direla kwa nageng e sele mme go bonala e le go ijesa dijo tsa ditoro fela.” Ke eng se se ileng sa fetoga? “Ka 2004, banyalani bangwe ba ba direlang kwa Belize ba ne ba ntaletsa gore ke ba etele mme ke nne mmulatsela kgwedi e le nngwe fela. Ke ile ka dira jalo—mme go ne go le monate tota! Ngwaga morago ga moo, ke ne ka fudugela kwa Ghana go ya go direla ke le mmulatsela.”

Aaron le Stephanie

Dingwaga tse di fetileng, Stephanie, yo ga jaana a leng mo dingwageng tsa bo20, yo le ene a tswang kwa United States, o ne a sekaseka boemo jwa gagwe mme a akanya jaana: ‘Ga ke lwale e bile ga ke na maikarabelo a lelapa. Tota ga ke na seipato sa go sa direle Jehofa mo go oketsegileng.’ Go itshekatsheka ka tsela eo go ile ga mo tlhotlheletsa gore a fudugele kwa Ghana. Banyalani ba babulatsela ba ba mo dingwageng tsa bo40 go ya go 60 ba ba tswang kwa Denmark e bong Filip le Ida, ba ne ba tlhola ba eletsa go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang baboledi kwa go lone. Ba ne ba batlana le ditsela tsa go dira jalo. Filip a re: “Fa tshono eo e tlhaga, go ne go ntse jaaka e kete Jehofa a re: ‘Jaanong lo ka tsamaya!’” Ka 2008, ba ne ba fudugela kwa Ghana mme ba rera koo dingwaga di feta tse tharo.

Brook le Hans

 Hans le Brook ke banyalani ba babulatsela ba ba mo dingwageng tsa bo30, ba ba direlang kwa United States. Ka 2005, ba ne ba thusa mo tirong ya go namola e e neng ya dirwa morago ga masetlapelo a Hurricane Katrina. Moragonyana ba ne ba tsenya kopo ya go thusa mo diporojekeng tsa boditšhabatšhaba tsa go aga mme kopo eo ya se ka ya atlega. Hans a re: “Go tswa foo, fa re le kwa kopanong, re ne ra utlwa puo e e neng e umaka ntlha ya gore fa Kgosi Dafide a ne a sa letlelelwa go aga tempele, o ne a fetola mokgele wa gagwe. Ntlha eo e ile ya re thusa go lemoga gore ga go phoso go fetola mekgele ya semoya.” (1 Ditir. 17:1-4, 11, 12; 22:5-11) Brook o oketsa ka go re: “Jehofa o ne a batla gore re kokote mo kgorong e nngwe.”

Fa Hans le Brook ba utlwa maitemogelo a a itumedisang a ditsala tsa bone tse di direlang kwa dinageng di sele, ba ne ba tlhotlheletsega go leka go nna babulatsela kwa nageng e sele. Ka 2012, ba ne ba fudugela kwa Ghana mme ba nna gone dikgwedi di le nnè ba thusa mo phuthegong ya puo ya diatla. Le fa ba ne ba feleletsa ba boetse kwa United States, maitemogelo a ba nnileng le one kwa Ghana a ile a dira gore ba eletse le go feta go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. Ba ile ba kgona go thusa mo porojekeng ya go aga lekala la kwa Micronesia.

BA TSAYA DIKGATO GO FITLHELELA MEKGELE YA BONE

O ile wa ipaakanyetsa jang go ya go direla kwa go tlhokegang baboledi gone? “Stephanie a re: “Ke ile ka dira dipatlisiso mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tse di neng di bua ka batho ba ba direlang kwa go tlhokegang baboledi gone. * Gape ke ile ka bua le bagolwane mmogo le molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe. Mo godimo ga moo, gantsi ke ne ke umaka mokgele oo mo dithapelong tsa me.” Gape Stephanie o ne a tlhofofatsa botshelo jwa gagwe mme seo sa dira gore a kgone go beela madi kwa thoko gore a kgone go itlhokomela fa a ntse a direla kwa nageng e sele.

Hans a re: “Re ne ra kopa Jehofa gore  a re kaele ka gonne re batla go latela kaelo ya gagwe. Gape mo dithapelong tsa rona, re ne re umaka letlha le re neng re batla go tsamaya ka lone.” Banyalani bano ba ne ba kwalela makala a le manè. Fa lekala la Ghana le ba araba, ba ne ba ya koo ka boikaelelo jwa go eta dikgwedi tse pedi fela. Hans a re: “Re ne re bereka monate thata le phuthego, mo re neng ra nna lobakanyana koo.”

Adria le George

Banyalani ba kwa Canada e bong George le Adria ba ba mo dingwageng tsa bo30, ba ne ba nna ba gopotse gore Jehofa o segofatsa motho yo o tsayang kgato e e siameng e seng yo o nang le maikaelelo a a siameng mme gone a sa tseye kgato. Ka jalo, ba ne ba tsaya kgato go fitlhelela mokgele wa bone. Ba ne ba ikgolaganya le kgaitsadi yo o neng a direla kwa go tlhokegang baboledi gone kwa Ghana mme ba mmotsa dipotso tse dintsi. Gape ba ile ba kwalela lekala la kwa Canada le la kwa Ghana. Adria a re: “Re ne re batla ditsela tsa go tlhofofatsa botshelo jwa rona go feta kafa re neng re setse re bo tlhofofaditse ka gone.” Ditshwetso tseo di ile tsa ba thusa gore ba fudugele kwa Ghana ka 2004.

GO LEPALEPANA LE DIKGWETLHO

Ke dikgwetlho dife tse o ileng wa lebana le tsone fa o setse o fudugile mme o ile wa lepalepana jang le tsone? Kgwetlho e Amy a neng a lebana le yone ke go gopola kwa gae. “Go ne go sa tshwane le kwa ke tswang teng.” O ile a thusiwa ke eng? “Go founelwa ke maloko a lelapa ba mpolelela kafa ba anaanelang tirelo ya me ka gone, go ile ga nthusa gore ke gopole lebaka la go bo ke ile ka dira tshwetso eo. Ke ne ka simolola go buisana le bone ka Internet. E re ka ke ne ke kgona go bona difatlhego tsa bone, go ne go nna jaaka e kete ba gaufi le nna.” Amy a re go itsalanya le kgaitsadi yo  o godileng wa mo lefelong leo go ile ga mo thusa gore a ithute dingwao tse di farologaneng. “Ke ne ke mmotsa nako le nako fa ke sa tlhaloganye lebaka la go bo batho ba dira dilo ka tsela e e rileng. O ile a nthusa go ithuta dilo tse ke tshwanetseng go di dira le tse ke sa tshwanelang go di dira mme seo se ile sa nthusa gore ke itumelele bodiredi fela thata.”

George le Adria ba re la ntlha fa ba goroga kwa Ghana, e ne e kete ba tshela mo dinakong tsa bogologolo. “Re ne re tlhatswetsa diaparo mo dikgamelong e seng mo motšhineng.” Adria a re: “Go apaya dijo go ne go tsaya nako. Mme fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra tlwaela.” Brook a re: “Go sa kgathalesege dikgoreletsi tse rona babulatsela re kopanang le tsone, re kgotsofetse. Fa re akanya ka dilo tse di molemo tse di re diragaletseng, re itumelela maitemogelo a a itumedisang a re nnileng le one.”

GO ITUMELELA BODIREDI

Ke eng fa o buelela mofuta ono wa tirelo? Stephanie a re: “Go itumedisa tota go bereka mo tshimong e mo go yone mongwe le mongwe a tlhoafaletseng go ithuta boammaaruri mo a batlang gore o ithute Baebele le ene letsatsi le letsatsi. Go ya go direla kwa go tlhokegang baboledi gone ke tshwetso e e molemo e ke ileng ka e dira!” Ka 2014, Stephanie o ne a nyalwa ke Aaron, mme gone jaanong ba direla kwa ofising ya lekala ya Ghana.

Mmulatsela mongwe wa kwa Jeremane yo o mo dingwageng tsa bo30 e bong Christine a re: “Ke maitemogelo a a monate tota!” Christine o ne a direla kwa Bolivia pele a fudugela kwa Ghana. A re: “E re ka ke le kgakala le ba lelapa la gaetsho, ke ikaega ka Jehofa ka dinako tsotlhe gore a nthuse. Ke mo tsaya e le motho wa mmatota go feta le fa e le leng pele. Gape ke ile ka bona kutlwano e batho ba ga Jehofa ba nang le yone. Ke itumelela tirelo eno fela thata.” Bosheng jaana, Christine o ne a nyalwa ke Gideon, mme ba direla kwa Ghana.

Christine le Gideon

Filip le Ida ba re bolelela se ba ileng ba se dira go thusa batho ba ba ithutang Baebele le bone gore ba gatele pele. “Re ne re ithuta Baebele le batho ba le 15 kgotsa go feta mme re ne ra ba fokotsa gore ba nne 10 gore re kgone go ipha nako e e lekaneng ya go ithuta le bone.” A seo se ile sa solegela baithuti bao molemo? Filip a re: “Ke ne ke ithuta le lekawana le le bidiwang Michael. O ne a kgona go ithuta letsatsi le letsatsi e bile a baakanyetsa sentle mo re neng ra fetsa buka ya Baebele e Ruta Eng mo kgweding fela. Morago ga moo, Michael o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Letsatsi la ntlha fa a le mo bodireding, o ne a nthaya a re: ‘Ke kopa o nthuse ka batho ba ke ithutang Baebele le bone.’ Ke ne ka mo leba ke gamaregile. Michael o ne a mpolelela gore o simolotse go ithuta Baebele le batho ba le bararo mme o kopa gore ke mo thuse.” Akanya fela, tsela e go tlhokegang baboledi ka yone e dirile gore batho ba ba ithutang Baebele, ba rute ba bangwe Baebele le fa bone ka bobone ba ntse ba rutiwa Baebele!

Ida le Filip

Amy o tlhalosa kafa a lemogileng ka bonako ka gone gore go na le tlhokego: “Ka bonako fela fa re sena go goroga kwa Ghana, re ne ra ya go rera kwa motsaneng mongwe le go batla batho ba ba dirisang puo ya diatla. Ga re a fitlhela motho a le mongwe fela, go na le moo, re fitlhetse batho ba le robedi mo motsaneng oo!” Fa nako e ntse e ya, Amy o ne a nyalwa ke Eric mme ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng. Ba mo phuthegong ya puo ya diatla e bile ba thusa baboledi ba feta 300 le batho ba ba kgatlhegang mo nageng eo. Go direla kwa Ghana go ile ga dira gore George le Adria ba iponele se go nna morongwa go se kayang. Akanya fela kafa ba neng ba itumetse ka gone fa ba lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo126 ya Sekolo sa Gileade! Gone jaanong ba direla e le barongwa kwa Mozambique.

BA TLHOTLHELEDIWA KE LORATO

Go itumedisa tota go bona baboledi ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mafelo a ba direlang mo go one mo tirong eno ya thobo. (Joh. 4:35) Beke nngwe le nngwe mo ngwageng, go kolobediwa batho ba ka nna 120 kwa Ghana. Fela jaaka go ile ga nna ka baboledi ba le 17 ba ba fudugetseng kwa Ghana, baefangele ba le bantsi lefatshe ka bophara ba ile ba tlhotlhelediwa ke tsela e ba ratang Jehofa ka yone mme ba “ithaopa ka go rata.” Ba direla kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi kwa go one. Ruri badiri bano ba ba intshang setlhabelo ba tshwanetse ba bo ba ipedisa pelo ya ga Jehofa fela thata!—Pes. 110:3; Dia. 27:11.

^ ser. 9 Ka sekai, bala setlhogo se se reng, “A o Ka Direla Kwa Baboledi ba Bogosi ba Tlhokegang Thata Teng?” le se se reng, “A o Ka Tla ka Kwano mo Makedonia?”—Tora ya Tebelo ya April 15 le December 15, 2009.