Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata

Ba Ithaopile ka go Rata

BONTSI jwa Basupi ba ba tlhagafetseng ba ba direlang kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone, ke bokgaitsadi ba ba sa nyalwang. Bangwe ba bone ga ba bolo go direla kwa moseja dingwaga di le dintsi. Ke eng se se ba thusitseng go fudugela kwa nageng e nngwe? Ba ithutile eng ka go fudugela kwa moseja? Ba ile ba nna le masego afe? Bangwe ba bokgaitsadi bano ba ba nang le maitemogelo ba ne ba botsolodiwa. Fa e le gore ga o a nyalwa mme o eletsa go ya go direla kwa nageng e nngwe, o ka solegelwa molemo ke se ba se buang. Ruri batho botlhe ba Modimo ba ka solegelwa molemo ke go etsa sekao sa bone se se molemo.

GO FENYA DIPELAELO

Anita

A o a tle o ipotse gore a mme wena o tla kgona go nna mmulatsela kwa nageng e nngwe? Anita yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo70, o ne a nna a ikobonya. O goletse kwa Engelane, mme o ne a nna mmulatsela a le dingwaga di le 18. A re: “Ke ne ke rata go ruta batho ka Jehofa, mme ke ne ke ise ke akanye ka go ya go direla kwa moseja. Ke ne ke ise ke tsamaye ke ithute puo e nngwe e bile ke ne ke tlhomamisegile gore nka se itse dipuo tse dingwe. Ka jalo, fa ke ne ke lalediwa go ya kwa Sekolong sa Gileade, ke ne ke gamaregile. Ke ne ke gakgamaditswe ke gore go tla jang gore motho yo o sa reng sepe jaaka nna a lalediwe go ya sekolong seo. Mme ke ne ka re, ‘Fa Jehofa a akanya gore nka kgona, ke tla leka.’ Dilo tseno di diragetse dingwaga di le 50 tse di fetileng. Fa e sa le ka nako eo, ke sa ntse ke le morongwa mo Japane.” Gape Anita a re: “Ka dinako tse dingwe, ke leba bokgaitsadi ba basha ke nyenya ke bo ke ba raya ke re, ‘Tla ka beke ya gago o tsamaye le nna mme o itumelele tiro e e molemo go di gaisa tsotlhe!’ Se se itumedisang ke gore ba le bantsi ba ile ba dira jalo.”

GO NNA PELOKGALE

Bontsi jwa bokgaitsadi ba ba neng ba direla kwa moseja, ba kile ba bo ba okaoka go ya go direla koo. Ke eng se se ba thusitseng go nna pelokgale?

Maureen

Maureen yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo60 a re: “Fa ke ntse ke gola, ke ne ke batla go tshela botshelo jo bo nang le bokao, ke ne ke batla go thusa batho.” Fa a le dingwaga di le 20, o ne a fudugela kwa Quebec, kwa Canada, kwa go neng go na le tlhokego e kgolo ya babulatsela. Maureen a re: “Ke ne ka lalediwa go ya kwa Sekolong sa Gileade mme ke ne ke tshaba go ya kwa lefelong le ke sa le tlwaelang, ditsala tsa me di seyo. Gape ke ne ke tshwenngwa ke go tlogela mmè a le nosi e re ka a ne a tlhokometse rre ka gonne o ne a lwala thata. Ke ne ke nna ke kopa Jehofa gore a nthuse ka dilo tse  di neng di ntshwenya. Ke ne ka bolelela batsadi ba me ka dilo tseno mme ba ne ba nkgothaletsa gore ke tsamaye. Gape ke ne ka bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba eme batsadi ba me nokeng fela thata. Fa ke bona kafa Jehofa a neng a tlhokometse batsadi ba me ka gone, ke ne ka tlhomamisega gore le nna o tla ntlhokomela. Jaanong ke ne ke ikemiseditse go tsamaya!” Fa e sa le ka 1979, Maureen o feditse dingwaga di feta 30 e le morongwa kwa West Africa. Le fa gone Maureen a tlhokomela mmaagwe kwa Canada, e sa ntse e le mmulatsela yo o kgethegileng. Fa a akanya ka dingwaga tse a di feditseng a direla kwa moseja, a re: “Ka metlha Jehofa o ne a nnaya se ke se tlhokang, ka nako e ke neng ke se tlhoka ka yone.”

Wendy

Wendy yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo60, o ne a nna mmulatsela kwa Australia a le mo dingwageng tsa bolesome. A re: “Ke ne ke le ditlhong e bile go le thata gore ke bue le batho ba ke sa ba itseng. Mme go nna mmulatsela go nthutile gore ke kgone go bua le batho ba mefuta yotlhe. Ka jalo, ke ne ka feleletsa ke se ditlhong. Go nna mmulatsela go ne go nthuta gore ke ikaege ka Jehofa, mme jaanong ke ne ke sa tlhole ke tshaba go ya go direla kwa moseja. Gape, kgaitsadi mongwe yo o neng a sa nyalwa yo neng a direla e le morongwa dingwaga di feta 30 kwa Japane, o ne a nkopa gore re ye go rera mmogo dikgwedi di le tharo koo. Go bereka le ene go ne ga dira gore ke kgatlhegele go fudugela kwa dinageng tse dingwe.” Mo bogareng jwa bo1980, Wendy o ne a fudugela kwa Vanuatu, e leng setlhakatlhake se se leng bokgakala jwa dikilometara di ka nna 1 770 go tswa kwa botlhaba jwa Australia.

Wendy o sa ntse a le kwa Vanuatu, mme o direla kwa ofising ya baranodi. A re: “Ke itumela tota fa ke bona go tlhomiwa ditlhopha le diphuthego mo mafelong a a kgakala le kwa bontsi jwa batho ba nnang teng. Go nna le seabe mo tirong ya ga Jehofa kwa ditlhaketlhakeng tseno, ke tshiamelo e e seng kana ka sepe.”

Kumiko (yo o mo gare)

Kumiko yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo60, e ne e le mmulatsela wa ka metlha kwa Japane mme kgaitsadi yo o neng a rera mmogo le ene o ne a re ba fudugele kwa Nepal. Kumiko a re: “O ne a nna a nkemeletse ka kgang eno, mme ke ne ke nna ke gana. Ke ne ke tshwenyegile ka gore a ke tla kgona go ithuta puo e nngwe le gore a ke tla tlwaela naga e nngwe. Gape ke ne ke sena madi a go fudugela kwa nageng e nngwe. Fa ke ntse ke leka go dira tshwetso, ke ne ka tlhagelwa ke kotsi ya sethuthuthu mme ka isiwa bookelong. Fa ke le koo, ke ne ka akanya jaana: ‘Gongwe dikgolo di a tla. Nka lwala thata, ke bo ke sa nne le tshono ya go nna mmulatsela kwa moseja. A nka palelwa ke go ya go direla kwa moseja ngwaga e le nngwe fela? Ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a nthuse go dira tshwetso.”  Fa Kumiko a sena go tswa kwa bookelong, o ne a ya go etela kwa Nepal, mme moragonyana a fudugela koo le kgaitsadi yo a neng a dira mmogo le ene.

Fa Kumiko a gopola dingwaga di le lesome tse a di feditseng a le kwa Nepal, a re: “Ke ile ka fenya dilo tse ke neng ke tshwenyegile ka tsone jaaka e kete ke kgabaganya Lewatle le Lehibidu. Ke itumelela gore ke ne ka ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Gantsi fa re ithuta Baebele le lelapa lengwe, baagelani ba ka nna batlhano kgotsa barataro ba ne ba tla go reetsa. Tota le bananyana ba a tle ba nkope dipampitshana. Go itumedisa tota go rerela batho ba ba kgatlhegang.”

GO LEBANA LE DIKGWETLHO

Ga go pelaelo gore bokgaitsadi bano ba ile ba lebana le dikgwetlho. Ba ile ba di fenya jang?

Diane

Diane wa kwa Canada a re: “Go ne go le thata go nna kgakala le ba lelapa la gaetsho.” Gone jaanong o mo dingwageng tsa bo60, mme e ne e le morongwa dingwaga di le 20 kwa Ivory Coast (e gone jaanong e bidiwang Côte d’Ivoire). A re: “Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse go rata batho ba mo tshimong eo. Mokaedi mongwe kwa Sekolong sa Gileade e bong Mokaulengwe Jack Redford, o ne a re bolelela gore ka dinako dingwe re ka tshwenngwa kgotsa ra gakgamadiwa ke maemo a kwa mafelong ao, segolobogolo fa re kopana le batho ba ba humanegileng thata. Mme o ne a re: ‘Lo se ka lwa tshwenyega ka khumanego ya koo. Go na le moo, lebang difatlhego tsa batho ba lo ba rerelang. Elang tlhoko kafa ba tsibogelang molaetsa wa Baebele ka gone.’ Ke ile ka dira jalo, mme go ne ga intumedisa tota! Fa ke bolelela batho molaetsa o o gomotsang wa Bogosi, ke ne ke bona ba itumela!” Ke eng gape se se neng sa thusa Diane go tlwaela go direla kwa moseja? A re: “Ke ne ka atamalana le batho ba ke neng ke ithuta Baebele le bone, le go bona ba nna batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Jaanong ke ne ke setse ke ikutlwa ke le mo lapeng. Ke ne ka nna le bommè, borre, bomorwarre le bomorwadiarre mo phuthegong fela jaaka Jesu a solofeditse.”—Mar. 10:29, 30.

Anne yo o mo dingwageng tsa bo40, o direla kwa Asia kwa tiro ya rona ya go rera e thibetsweng gone. A re: “Mo dingwageng tse ke di feditseng ke direla kwa moseja, ke ne ke nna le bokgaitsadi ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng e bile botho jwa bone bo farologane le jwa me. Ka dinako tse dingwe, seo se ne se dira gore re se ka ra tlhaloganyana e bile re utlwisane botlhoko. Fa seo se direga, ke ne ke leka go atamalana thata le bone le go tlhaloganya tsela e ba dirang dilo ka yone. Gape ke ne ke leka thata go ba rata le go nna tekatekano fa ke dirisana le bone. Ke itumelela go bo  maiteko ao e ne e se matsapa a bophiri e bile botsala jwa rona bo ne jwa nonofa mme seo se ne sa nthusa gore ke itshoke.”

Ute

Ka 1993, Ute wa kwa Jeremane, yo o mo dingwageng tsa bo50 o ne a abelwa go ya go direla e le morongwa kwa Madagascar. A re: “Kwa tshimologong, go ne go le thata go ithuta puo ya koo, go tlwaela lefelo le le bongola e bile le le mogote thata, malaria, ditshenekegi tse dinnye tse di nnang mo metsing le menopi. Mme gone ke ne ka thusiwa gore ke kgone go lebana le dilo tseno. Bokgaitsadi, bana ba bone le batho ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba ne ba nthusa go ithuta puo ya bone. Kgaitsadi yo ke neng ke dira mmogo le ene mo bodireding, o ne a nkoka fa ke ne ke lwala. Mme sa botlhokwa le go feta, Jehofa o ne a nthusa. Ke ne ke mo tshololela maikutlo ka metlha. Go tswa foo, ke bo ke leta ka bopelotelele gore a nkarabe, ka metlha o ne a dira jalo.” Gone jaanong, Ute o na le dingwaga di le 23 e le morongwa kwa Madagascar.

BA SEGOFADITSWE FELA THATA

Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba ileng ba fudugela kwa dinageng tse dingwe, ba re go direla koo go ile ga tokafatsa matshelo a bone. Ba ile ba segofadiwa jang?

Heidi

Heidi wa kwa Jeremane, yo o mo dingwageng tsa bo70, o na le dingwaga di le 48 e le morongwa kwa Ivory Coast (e gone jaanong e bidiwang Côte d’Ivoire). A re: “Se se intumedisang le go feta ke go bona batho ba ke ithutileng Baebele le bone ‘ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.’ Bangwe ba bone ke babulatsela, mme ba bangwe ke bagolwane. Bontsi jwa bone ba mpitsa Mama kgotsa Mmèmogolo. Mongwe wa bagolwane bao le lelapa la gagwe ba ntsaya ke le wa lelapa la bone. Ka jalo, Jehofa o ntshegofaditse ka morwa, ngwetsi le ditlogolo di le tharo.”—3 Joh. 4.

Karen (yo o mo gare)

Karen wa kwa Canada yo o mo dingwageng tsa bo70, o na le dingwaga di feta 20 a direla kwa West Africa. A re: “Go nna morongwa go nthutile go intsha setlhabelo, go nna lorato le go nna pelotelele. Gape, go dira mmogo le bakaulengwe ba ditso tse dingwe, go nthusitse gore ke tokafatse tsela e ke lebang dilo ka yone. Ke ithutile gore batho ba dira dilo ka ditsela tse di farologaneng. Ruri ke tshegofatso go nna le ditsala lefatshe lotlhe! Le fa matshelo a rona a fetogile e bile re dira dikabelo tse di farologaneng, botsala jwa rona jone ga bo a fetoga.”

Margaret wa kwa Engelane yo o mo dingwageng tsa bo70, e ne e le morongwa kwa Laos. A re: “Go direla kwa moseja go nthusitse go bona kafa Jehofa a gogelang batho ba ditso tsotlhe ka gone mo phuthegong ya gagwe. Seo se ile sa nonotsha tumelo ya me fela thata. Ruri ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o kaela phuthego ya gagwe le gore mo bogautshwaneng, o tla diragatsa maikaelelo a gagwe.”

Ruri bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba direlang kwa moseja ba dirile tiro e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo. Ba tshwanelwa ke go akgolwa. (Baatlh. 11:40) Mo godimo ga moo, ba ntse ba oketsega. (Pes. 68:11) A o ka kgona go rulaganya maemo a gago sentle gore o kgone go etsa sekao sa bokgaitsadi bano ba ba tlhagafetseng ba ba botsoloditsweng fano? Fa o ka dira jalo, ga go pelaelo gore o tla ‘bona gore Jehofa o molemo.’—Pes. 34:8.