Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 7

Nna Bonolo Mme o Itumedise Jehofa

Nna Bonolo Mme o Itumedise Jehofa

“Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe . . . Batlang bopelonolo.”—SEFA. 2:3.

PINA 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Baebele ya re Moshe o ne a ntse jang mme o ile a dirang? (b) Re na le lebaka lefe le le utlwalang la go nna bonolo?

BAEBELE ya re Moshe “e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 12:3) A seno se raya gore o ne a le bokoa, a sa kgone go dira ditshwetso e bile a sa kgone go ikemela fa ba bangwe ba mo ganetsa? Batho bangwe ba re motho yo o bonolo o ntse jalo, mme seo ga se boammaaruri. Moshe e ne e le motlhanka wa Modimo yo o pelokgale le yo o kgonang go dira ditshwetso tse di molemo. Jehofa o ile a mo thusa gore a emelane le mmusi yo o maatla wa kwa Egepeto, a etelele pele batho ba ka nna 3 000 000 mo sekakeng le gore a thuse Baiseraele go fenya baba ba bone.

2 Gone ke boammaaruri gore ga re lebane le dikgwetlho tse Moshe a ileng a lebana le tsone. Le fa go ntse jalo, letsatsi le letsatsi re kopana le batho kgotsa maemo a a ka dirang gore go nne thata gore re nne bonolo. Mme gone, re na le lebaka le le utlwalang la gore re lwele go nna le nonofo eno. Jehofa o re solofetsa gore “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pes. 37:11) A wena o akanya gore o motho yo o bonolo? A batho ba bangwe ba go leba o le motho yo o bonolo? Pele re araba dipotso tseno, mma re tlotle ka gore go nna bonolo go kayang.

GO NNA BONOLO GO KAYANG?

3-4. (a) Re ka tshwantsha nonofo ya bonolo le eng? (b) Ke dinonofo dife tse tharo tse re tlhokang go nna le tsone fa re batla go nna bonolo?

3 Nonofo ya bonolo * e tshwana le setshwantsho se se ntle.  Re raya jang? Fela jaaka motho yo o terowang a dirisa mebala e e farologaneng e e kgatlhang, le rona fa re batla go nna bonolo, re tlhoka go nna le dinonofo dingwe tse di molemo. Dingwe tsa tsone ke boikokobetso, go nna kutlo le bopelokgale. Ke eng fa re tshwanetse go nna le dinonofo tseno gore re kgone go itumedisa Jehofa?

4 Batho ba ba boikokobetso ke bone fela ba dumelang go dira thato ya Modimo. Modimo o batla gore re nne bonolo. (Math. 5:5; Bagal. 5:23) Fa re dira thato ya Modimo, re galefisa Satane. Ka jalo, le fa re le boikokobetso e bile re le bonolo, batho ba le bantsi mo lefatsheng leno la ga Satane ba re tlhoile. (Joh. 15:18, 19) Re tlhoka go nna pelokgale gore re kgone go ganetsa Satane.

5-6. (a) Ke eng fa Satane a tlhoile batho ba ba bonolo? (b) Re tlile go araba dipotso dife?

5 Motho yo o seng bonolo o boikgogomoso, o bogale e bile ga a ikobele Jehofa. Satane o ntse fela jalo. Ke ka moo a tlhoileng batho ba ba bonolo. E re ka ba na le dinonofo tse di molemo tse ene a se nang tsone, ba senola gore o bosula. Mo godimo ga moo, ba bontsha gore ke ramaaka. Re raya jang? Go sa kgathalesege gore Satane a reng kgotsa o dira eng, ga a kgone go dira gore batho ba ba bonolo ba tlhanogele Jehofa.—Jobe 2:3-5.

6 Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go nna bonolo? Ke eng fa re tshwanetse go nna re lwela go nna bonolo? Gore re kgone go araba dipotso tseno, re tla tlotla ka sekao sa ga Moshe, sa Bahebera ba bararo le sa ga Jesu.

KE ENG SE SE KA DIRANG GORE GO NNE THATA GO NNA BONOLO?

7-8. Moshe o ile a dira eng fa a ne a tlontlololwa?

7 Go nna le taolo. Go ka nna thata gore motho yo o nang le taolo a tswelele a le bonolo, segolobogolo fa mongwe yo o kafa tlase ga gagwe a bontsha gore ga a mo tlotle kgotsa a sa dumalane le ditshwetso tsa gagwe. A o kile wa diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo? Gotweng fa mongwe mo lelapeng la gago a ka dira jalo? O ka dira eng? Akanya ka se Moshe a ileng a se dira mo maemong a a ntseng jalo.

8 Jehofa o ile a tlhoma Moshe gore a etelele Baiseraele pele e bile o ile a mo naya tshiamelo ya go kwala melao e ba neng ba tshwanetse go tshela ka yone. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a ema Moshe nokeng. Le fa go ntse jalo, kgaitsadie Moshe e bong  Miriame le morwarraagwe e bong Arone ba ne ba mo tshwaya phoso e bile ba re o ne a sa tshwanela go nyala mosadi yo a neng a mo nyetse. Batho ba le bantsi ba ka bo ba ile ba galefa e bile ba batla go ipusulosetsa fa ba ka bo ba le mo maemong a ga Moshe, mme ene ga a ka a dira jalo. O ne a sa kgopisege ka bonako. Tota e bile, o ile a kopa Jehofa gore a fodise Miriame. (Dipa. 12:1-13) Ke eng fa a ile a dira jalo?

Moshe o ne a kopa Jehofa gore a fodise Miriame (Bona serapa 8)

9-10. (a) Jehofa o ile a thusa Moshe go tlhaloganya eng? (b) Ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Moshe?

9 Moshe o ne a amogela thapiso ya ga Jehofa. Dingwaga di ka nna 40 pelenyana, fa a ne a sa ntse a nna kwa ntlong ya segosi kwa Egepeto, o ne a se bonolo. Tota e bile, o ne a le bosilo tota mo a neng a bolaya monna mongwe yo a neng a tsaya gore o dirile sengwe se se phoso. O ne a akanya gore Jehofa o amogela se a se dirileng. Jehofa o ile a fetsa dingwaga di le 40 a thusa Moshe go tlhaloganya gore o ne a sa tlhoke go nna pelokgale fela gore a kgone go etelela Baiseraele pele, gape o ne a tlhoka go nna bonolo. Mo godimo ga moo, o ile a mo thusa go tlhaloganya gore fa a batla go nna bonolo, gape o tshwanetse go nna boikokobetso le go nna kutlo. Moshe o ile a ithuta thuto eo ya botlhokwa mme ka ntlha ya seo o ile a nna moeteledipele yo o molemo.—Ekes. 2:11, 12; Dit. 7:21-30, 36.

10 Ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Moshe. Fa ba bangwe ba sa go bontshe tlotlo, o se ka wa kgopisega ka bonako. Nna boikokobetso mme o amogele fa o dirile diphoso. (Mor. 7:9, 20) Latela kaelo ya ga Jehofa fa o rarabolola mathata mme ka metlha o arabe ka bonolo. (Dia. 15:1) Ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba ba dirang jalo ba itumedisa Jehofa, ba dira gore go nne le kagiso e bile ba tlhomela ba bangwe sekao se se molemo sa go nna bonolo.

11-13. Bahebera ba bararo ba re tlhometse sekao sefe se se molemo?

11 Go bogisiwa. Babusi ga ba bolo go bogisa batho ba ga Jehofa. Ba ka nna ba re latofatsa ka gore re dira dilo tse di bosula, mme gone lebaka la konokono la bo go ba re bogisa ke gore re ikobela Modimo, e seng bone. (Dit. 5:29) Ba ka nna ba re tlhaba ka mafoko, ba re tsenya mo kgolegelong tota le e leng go re itaya. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla re thusa gore re se ka ra ipusolosetsa, go na le moo, re tswelele re wetse makgwafo.

12 Akanya ka sekao se se molemo sa Bahebera ba bararo ba ba neng ba le kwa botshwarwa e bong Hanania, Mishaele le Asaria. * Kgosi ya Babelona e ne ya ba laela gore  ba obamele setshwantsho sa gauta. Ba ile ba tlhalosetsa Kgosi gore ke eng fa ba se kitla ba obamela setshwantsho seo mme gone ba ile ba dira jalo ka bonolo. Le fa gone kgosi e ne e ba tshosetsa ka gore e tla ba latlhela mo leubelong, ga ba a ka ba tlola molao wa Modimo. Jehofa o ile a ba boloka, mme gone, e ne e se gore ba a itse gore o tla dira jalo. Go na le moo, ba ne ba ikemiseditse go amogela sengwe le sengwe fela se Jehofa a neng a tla se letlelela. (Dan. 3:1, 8-28) Ba ile ba bontsha gore batho ba ba bonolo ba pelokgale le gore ga go na kgosi epe, matshosetsi ape kgotsa kotlhao epe e e ka dirang gore re se ka ra naya Jehofa “boineelo jo bo feletseng.”—Ekes. 20:4, 5.

13 Re ka bontsha jang gore re a ikanyega jaaka Bahebera ba bararo fa re lebane le diteko? Re ka dira jalo ka go nna boikokobetso re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla re tlhokomela. (Pes. 118:6, 7) Fa re bua le batho ba ba re latofatsang ka dilo tse di bosula, re ba araba ka bonolo le ka tlotlo. (1 Pet. 3:15) Mo godimo ga moo, ga re dire sepe se se tla senyang kamano ya rona le Jehofa.

Fa batho ba re ganetsa, re ba araba ka tlotlo (Bona serapa 13)

14-15. (a) Go ka direga eng fa re gateletswe mo maikutlong? (b) Go ya ka Isaia 53:7, 10, ke eng fa re ka re Jesu ke sekao se se molemo sa motho yo o ileng a bontsha bonolo le fa a gateletswe mo maikutlong?

14 Go gatelelwa mo maikutlong. Re ka nna le kgatelelo ya maikutlo ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Seno se ka re diragalela fa re kwala tlhatlhobo kwa sekolong kgotsa fa re dira sengwe se se potlakileng kwa tirong. Gape re ka gatelelwa mo maikutlong fa re akanya ka bothata bongwe jwa botsogo jo re nang le jone. Ga go motlhofo go nna bonolo fa re gateletswe mo maikutlong. Re ka nna ra simolola go galefisiwa ke dilo tse di sa reng sepe. Re ka nna ra bua dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko kgotsa ra ba tshwara makgwakgwa. Fa e le gore o kile wa gatelewa mo maikutlong, akanya ka sekao sa ga Jesu.

15 Mo dikgweding tsa bofelo fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a gateletswe thata mo maikutlong. O ne a itse gore o tlile go bogisiwa botlhoko le go bolawa. (Joh. 3:14, 15; Bagal. 3:13) Dikgwedi di le mmalwa pele a bolawa, o ile a tlhalosa gore o tshwenyegile. (Luke 12:50) Malatsi a le mmalwa pele a bolawa, o ne a re: “Moya wa me o tshwenyegile.” Mafoko a a ileng a a bua fa a ne a tlhalosetsa Rraagwe gore o ikutlwa jang a bontsha gore o ne a le boikokobetso e bile a le kutlo. O ne a re: “Rara, mpoloke mo nakong eno. Le fa go ntse jalo, ke gone ka moo ke tlileng mo nakong eno. Rara, galaletsa leina la gago.” (Joh. 12:27, 28) Fa nako ya gore a bolawe e goroga, Jesu o ile a bontsha gore o pelokgale ka go letla baba ba gagwe gore ba mo tshware le go mmolaya ka tsela e e setlhogo le e e tlhabisang ditlhong. Le fa gone Jesu a ne a gateletswe mo maikutlong e bile a bogisiwa, o ile a dira thato ya Modimo. Ka jalo, Jesu ke sekao se se molemo tota sa motho yo o ileng a bontsha bonolo le fa a ne a gateletswe thata mo maikutlong.—Bala Isaia 53:7, 10.

Jesu ke sekao se se molemo sa go nna bonolo (Bona serapa 16-17) *

16-17. (a) Ditsala tsa ga Jesu di ile tsa dira eng se se neng se ka dira gore go nne thata gore a nne bonolo? (b) Re ka etsa Jesu jang?

16 Mo bosigong jwa bofelo pele Jesu a bolawa, ditsala tsa gagwe di ile tsa dira sengwe se se neng se tla dira gore go nne thata gore a nne bonolo. Jesu o tshwanetse a bo a ne a gateletswe thata mo maikutlong. A o ne a tla kgona go nna a ikanyega go fitlha a swa? Fa a ne a ka palelwa, batho botlhe ba ne ba tla latlhegelwa ke tshono ya go tshelela ruri. (Bar. 5:18, 19) Sa botlhokwa le go feta, o ne a tla tlontlolola leina la ga Rraagwe. (Jobe 2:4) Mo go jone bosigo joo fa a ne a ja le baaposetoloi ba gagwe, go ne ga tsoga “kganetsano e e gotetseng mo gare ga bone ka ga gore  ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” Jesu o ne a kile a ba kgalemela makgetlo a le mmalwa ka kgang eno go akaretsa le mo go jone bosigo joo. Mme gone, Jesu ga a ka a ba galefela. Go na le moo, o ne a bua le bone ka bonolo. O ile a ba tlhalosetsa gape tsela e ba tshwanetseng go itshwara ka yone. Mo godimo ga moo, o ile a ba akgola ka gonne ba ne ba mo eme nokeng.—Luke 22:24-28; Joh. 13:1-5, 12-15.

17 Wena o ka bo o ile wa dira eng mo maemong ao? Re ka etsa Jesu ka go nna bonolo le fa re gateletswe mo maikutlong. Ikobele taelo ya ga Jehofa ya gore re ‘tswelele re itshokelana.’ (Bakol. 3:13) Re tla ikobela taelo eno fa re nna re gopotse gore le rona re dira le go bua dilo tse batho ba bangwe ba sa di rateng. (Dia. 12:18; Jak. 3:2, 5) Akgola ba bangwe ka dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone.—Baef. 4:29.

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO LWELA GO NNA BONOLO?

18. Jehofa o thusa jang batho ba ba bonolo gore ba dire ditshwetso tse di siameng, mme ba tshwanetse go dira eng?

18 Re tla dira ditshwetso tse di siameng. Fa re sa itse gore re dire eng, Jehofa o tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Mme gone o tla dira jalo fa fela re le bonolo. O solofetsa gore o tla “utlwa keletso ya ba ba pelonolo.” (Pes. 10:17) Mme ga a reetse dikopo tsa rona fela. Baebele ya re: “O tla dira gore ba ba pelonolo ba tsamaye mo tshwetsong ya gagwe ya boatlhodi, mme o tla ruta ba ba pelonolo tsela ya gagwe.” (Pes. 25:9) Jehofa o re kaela a dirisa Baebele, dikgatiso, * dibidio le dipokano tse re di baakanyediwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) Re tshwanetse go amogela thuso ya ga Jehofa ka go nna boikokobetso, ka go bala dikgatiso le ka go dirisa se re se ithutang.

19-21. Moshe o ile a dira phoso efe kwa Kadeshe mme re ithuta eng mo go se se mo diragaletseng?

19 Re tla tila go dira diphoso. Akanya gape ka se se diragaletseng Moshe. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi a le bonolo e bile a itumedisa Jehofa. Mme morago ga dingwaga di ka nna 40 Baiseraele ba le kwa nageng, Moshe o ne a palelwa ke go bontsha nonofo eno. Miriame yo a ka tswang a bolokile botshelo jwa gagwe kwa Egepeto o ne sa tswa go tlhokafala le go fitlhwa kwa Kadeshe. Le mo lekgetlong leno Baiseraele ba ne ba ngongorega ka gore ga ba tlhokomelwe  sentle. Ba ne ba “omana le Moshe” ka gonne go ne go se na metsi. Le fa gone Jehofa a ile a naya Moshe maatla a go dira dikgakgamatso tse dintsi e bile Moshe a ile a ba etelela pele dingwaga di le dintsi, batho bao ba ile ba ngongorega. Ba ne ba sa ngongorege ka metsi fela, gape ba ne ba ngongorega ka Moshe jaaka e kete ke phoso ya gagwe go bo ba se na metsi.—Dipa. 20:1-5, 9-11.

20 Moshe o ile a galefa mme a palelwa ke go nna bonolo. Ga a ka a bua le lefika jaaka Jehofa a ne a mo laetse. Go na le moo, o ile a bua le batho ka bogale le go itlotlomatsa. Morago ga moo o ile a itaya lefika gabedi go bo go tswa metsi a mantsi. O ile a dira phoso e e masisi ka gonne o ile a itetla go galefa le go nna boikgogomoso. (Pes. 106:32, 33) Ka gonne Moshe o ile a palelwa ke go nna bonolo ka nakwana, ga a ka a tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Dipa. 20:12.

21 Re ithuta sengwe sa botlhokwa mo go se se diragaletseng Moshe. Sa ntlha, re tshwanetse go tswelela re le bonolo. Fa re sa dire jalo re ka nna ra simolola go ikgogomosa mme seo se ka dira gore re bue le go itshwara ka boeleele. Sa bobedi, kgatelelo ya maikutlo e ka re koafatsa, ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla go nna bonolo le fa re gateletswe mo maikutlong.

22-23. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re le bonolo? (b) Mafoko a a mo go Sefania 2:3 a kayang?

22 Re tla sirelediwa. Go ise go ye kae, Jehofa o tla nyeletsa batho botlhe ba ba bosula, mme go tla sala fela ba ba bonolo. Go tla nna le kagiso mo lefatsheng. (Pes. 37:10, 11) A o tla nna mongwe wa batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng? O ka kgona fa o ka dira se Jehofa a kopang gore re se dire mo bukeng ya Sefania.—Bala Sefania 2:3.

23 Ke eng fa Sefania 2:3 e re: “Gongwe lo ka nna lwa sujwa”? Temana eno ga e reye gore Jehofa a ka se kgone go sireletsa batho ba ba lekang go mo itumedisa le ba a ba ratang. Go na le moo, e raya gore re tshwanetse go dira sengwe gore Jehofa a re sireletse. Re ka kgona go falola ‘letsatsi la bogale jwa ga Jehofa’ le go tshelela ruri fa fela re dira ka natla gone jaanong go nna bonolo le go itumedisa Jehofa.

PINA 120 Nna Bonolo Jaaka Keresete

^ ser. 5 Ga go ope yo o tsholwang a le bonolo. Re tshwanetse go ithuta go nna bonolo. Go ka nna motlhofo gore re nne bonolo fa re dirisana le batho ba ba boikokobetso mme go ka nna thata go bontsha nonofo eno fa re dirisana le batho ba ba boikgogomoso. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo dingwe tse di ka dirang gore go nne thata go nna bonolo.

^ ser. 3 TLHALOSO: Bonolo. Batho ba ba bonolo ba dirisana le ba bangwe ka bopelontle e bile ga ba tseege maikutlo fa ba rumolwa. Boikokobetso. Batho ba ba boikokobetso ga ba ikgantshe e bile ga ba akanye gore ba botoka go na le batho ba bangwe. Jehofa o boikokobetso ka gonne fa a dirisana le batho ba maemo a a kwa tlase ga a gagwe, o ba bontsha lorato le kutlwelobotlhoko.

^ ser. 12 Bababelona ba ile ba fetola maina a bone gore e nne Shaderake, Meshake le Abedenego.—Dan. 1:7.

^ ser. 18 Ka sekai, bona setlhogo se se reng “Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2011.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Jesu o tswelela a le bonolo fa a kgalema barutwa ba gagwe fa ba sena go ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone.