Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 9

Lorato le Tshiamiso Kwa Iseraele wa Bogologolo

Lorato le Tshiamiso Kwa Iseraele wa Bogologolo

“Ke morati wa tshiamo le tshiamiso. Lefatshe le tletse ka bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa.”—PES. 33:5.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Rotlhe re batla eng? (b) Re ka tlhomamisega ka eng?

ROTLHE re batla go ratiwa e bile re batla go tshwarwa sentle. Fa batho ba sa re rate e bile ba re direla tshiamololo, re ka nna ra ikutlwa re se batho ba sepe e bile re se na tsholofelo.

2 Jehofa o a itse gore re batla go ratiwa le go tshwarwa sentle. (Pes. 33:5) Re ka tlhomamisega gore Modimo o a re rata e bile o batla gore re tshwarwe sentle. Molao o Jehofa a neng a o naya Baiseraele a dirisa Moshe ke bosupi jwa seo. Fa o utlwile botlhoko ka gonne o sa ratiwe kgotsa o diretswe tshiamololo, akanya kafa Molao wa ga Moshe * o re bontshang ka gone gore Jehofa o rata batho ba gagwe.

3. (a) Go ya ka Baroma 13:8-10, Molao wa ga Moshe o re thusa go lemoga eng? (b) Setlhogo seno se tla araba dipotso dife?

3 Fa re ithuta Molao wa ga Moshe, re kgona go lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o lorato. (Bala Baroma 13:8-10.) Mo setlhogong seno, re tla sekaseka melao e le mmalwa e e neng e neilwe Baiseraele re bo re araba dipotso tseno: Ke eng fa re ka re Molao o ne o theilwe mo loratong? Ke eng fa re ka re Molao o ne o kgothaletsa batho gore ba dirisane sentle? Batho ba ba nang le taolo ba ne ba tshwanetse go dira eng go tlhomamisa gore batho ba latela Molao? Mme Molao o ne o sireletsa bomang? Dikarabo tsa dipotso tseo di ka re gomotsa, tsa re naya tsholofelo le go re thusa gore re atamalane thata le Jehofa.—Dit. 17:27; Bar. 15:4.

 MOLAO O NE O THEILWE MO LORATONG

4. (a) Re itse jang gore Molao wa ga Moshe o ne o theilwe mo loratong? (b) Jesu o ile a umaka ditaelo dife mo go Mathaio 22:36-40?

4 Molao wa ga Moshe o ne o theilwe mo loratong ka gonne sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang se tlhotlhelediwa ke lorato. (1 Joh. 4:8) Molao wa ga Moshe o ne o theilwe mo ditaelong tse pedi, e leng go rata Modimo le go rata moagelani. (Lefi. 19:18; Dute. 6:5; bala Mathaio 22:36-40.) Ka jalo, melao eo yotlhe e e fetang 600 e re ruta sengwe ka lorato lwa ga Jehofa. Mma re bone dikai dingwe.

5-6. Jehofa o batla gore banyalani ba dire eng mme o bona eng? Naya sekai.

5 Ikanyege mo lenyalong mme o tlhokomele bana. Jehofa o batla gore banyalani ba ratane thata ka tsela e e tla dirang gore lorato lwa bone lo nnele ruri. (Gen. 2:24; Math. 19:3-6) Go dira boaka ke nngwe ya dilo tse di utlwisang botlhoko thata tse motho a ka di dirang. Ka jalo go a utlwala go bo molao wa bosupa mo Melaong e e Lesome o ne o kgala boaka. (Dute. 5:18) Fa motho a dira boaka, o “leofela Modimo” e bile o utlwisa molekane wa gagwe botlhoko. (Gen. 39:7-9) Go ka nna ga feta dingwaga di le dintsi a sa ntse a utlwile botlhoko.

6 Jehofa o bona tsela e banyalani ba tshwaranang ka yone. O ne a batla gore basadi ba Baiseraele ba tshwarwe sentle. Monna yo o neng a ikobela Molao o ne a rata mosadi wa gagwe e bile o ne a ka se mo tlhale ka mabaka a a sa utlwaleng. (Dute. 24:1-4; Math. 19:3, 8) Fa ba nna le mathata a a masisi a bo a mo tlhala, o ne a tshwanetse go mo naya lekwalo la tlhalo. Lekwalo leo le ne le sireletsa mosadi gore a se ka a latofadiwa ka gore o dirile boitsholo jo bo sa siamang. Mo godimo ga moo, pele monna a ka naya mosadi wa gagwe lekwalo la tlhalo, o ne a tshwanetse go bua le bagolwane ba motse. Seo se ne se tla naya bagolwane tshono ya gore ba leke go ba thusa go rarabolola mathata a bone. Ga se ka metlha Jehofa a neng a tsereganya fa monna a tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya mabaka a a sa utlwaleng. Le fa go ntse jalo, o ne a utlwa selelo sa mosadi yoo e bile a mo tlhomogela pelo.—Mal. 2:13-16.

Jehofa o ne a batla gore batsadi ba rate bana ba bone, ba ba sireletse le go ba ruta (Bona serapa 7-8) *

7-8. (a) Jehofa o ne a laela batsadi gore ba dire eng? (Bona setshwantsho sa khabara.) (b) Re ithuta eng?

7 Gape Molao o bontsha gore Jehofa o rata bana e bile o batla gore ba tlhokomelwe. Batsadi ba ne ba laelwa gore ba tlamele bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang, le go ba thusa gore ba atamalane le Modimo. Ba ne ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba tlhaloganye Molao wa ga Jehofa le gore ba mo rate. (Dute. 6:6-9; 7:13) Lebaka lengwe la go bo Jehofa a ile a otlhaya Baiseraele ke gore bangwe ba bone ba ne ba sotla bana ka tsela e e setlhogo. (Jer. 7:31, 33) Batsadi ba ne ba sa tshwanela go itlhokomolosa kgotsa go sotla bana ba bone, go na le moo, ba ne ba tshwanetse go ba tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa e ba tshwanetseng go e rata le go e tlhokomela.—Pes. 127:3.

8 Se re se ithutang: Jehofa o bona tsela e banyalani ba tshwaranang ka yone. O batla gore batsadi ba rate bana ba bone mme o tla atlhola batsadi ba ba sa tshwareng bana sentle.

9-11. Ke eng fa Jehofa a ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba eletsa dilo tsa batho ba bangwe?

9 O se ka wa eletsa dilo tsa ba bangwe. Molao wa bofelo mo Melaong e e Lesome o ne o kgala mokgwa wa go eletsa dilo tsa ba bangwe. (Dute. 5:21; Bar. 7:7) Jehofa o ne a dirisa molao go ruta batho ba gagwe thuto ya botlhokwa ya gore ba tshwanetse go sireletsa dipelo tsa bone, e leng se ba se akanyang le maikutlo a bone. Jehofa o a itse gore go nna le maikutlo le dikakanyo tse di  sa siamang go dira gore motho a dire dilo tse di bosula. (Dia. 4:23) Fa Moiseraele a ne a ka letla dikeletso tse di sa siamang di gola mo pelong ya gagwe, ntle le pelaelo, o ne a se kitla a tshwara batho ba bangwe sentle. Kgosi Dafide o ne a dira phoso eo. Dafide e ne e le motho yo o siameng, mme gone, nako nngwe o ne a simolola go eletsa mosadi wa monna yo mongwe. Seno se ne sa felela ka gore a dire boleo. (Jak. 1:14, 15) Dafide o ne a dira boaka, a bo a leka go tsietsa monna wa mosadi yoo mme kwa bofelong o ne a dira gore monna yoo a bolawe.—2 Sam. 11:2-4; 12:7-11.

10 Jehofa o itse se se mo dipelong tsa rona, ka jalo, o ne a bona fa Moiseraele a eletsa dilo tsa batho ba bangwe. (1 Ditir. 28:9) Molao oo o ne o ruta batho gore ba tshwanetse go tila dikakanyo tse di ka dirang gore ba dire dilo tse di bosula. Eleruri, Jehofa ke Rre yo o lorato le yo o botlhale!

11 Se re se ithutang: Jehofa ga a bone ponalo fela, go na le moo, o bona se tota re leng sone kafa teng, se se mo dipelong tsa rona. (1 Sam. 16:7) Ga re ka ke ra kgona go mo fitlhela sepe. Gone ke boammaaruri gore Jehofa o tlhoma mogopolo mo dinonofong le mo ditirong tsa rona tse di molemo. Le fa go ntse jalo, o batla gore re laole dikakanyo tse di sa siamang gore re se ka ra feleletsa re dirile dilo tse di bosula.—2 Ditir. 16:9; Math. 5:27-30.

MOLAO O O NENG O BONTSHA TSHIAMISO

12. Molao wa ga Moshe o re ruta eng?

12 Gape Molao wa ga Moshe o re ruta gore Jehofa o rata tshiamiso. (Pes. 37:28; Isa. 61:8) O re tlhometse sekao se se molemo sa go tshwara ba bangwe sentle. Fa Baiseraele ba ne ba ikobela melao ya ga Jehofa, o ne a ba segofatsa. Mme fa ba sa dire jalo, dilo di ne di sa ba tsamaele sentle. Mma re sekaseke melao e mengwe e mebedi.

13-14. Melao ya ntlha e mebedi mo Melaong e e Lesome e ne e laela Baiseraele gore ba dire eng, mme go ikobela melao eo go ne go tla ba solegela molemo jang?

13 Obamela Jehofa fela. Melao ya ntlha e mebedi mo Melaong e e Lesome e ne e laela Baiseraele gore ba obamele Jehofa fela e bile e ba tlhagisa gore ba se ka ba obamela medingwana. (Ekes. 20:3-6) Melao eo e ne e solegela batho molemo, e seng Jehofa. Fa Baiseraele ba ne ba ikanyega mo go Jehofa, dilo di ne di ba tsamaela sentle. Mme fa ba obamela medimo ya ditšhaba tse dingwe, ba ne ba di gama ba sa di tlhapela.

14 Bakanana ba ne ba obamela medingwana e e sa tsheleng go na le gore ba obamele Modimo wa boammaaruri le yo o tshelang e bong Jehofa. Ka ntlha ya seo, ba ne ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong. (Pes. 115:4-8) Kobamelo ya bone e ne e akaretsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le go ntsha ditlhabelo ka bana. Ka tsela e e tshwanang, fa Baiseraele ba ne ba itlhokomolosa melao ya ga Jehofa ba bo ba obamela medingwana, ba ne ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le go utlwisa ba malapa a bone botlhoko. (2 Ditir. 28:1-4) Ba ba nang le taolo ba ne ba itlhokomolosa melao ya ga Jehofa ya tshiamiso. Ba ne ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa siamang e bile ba gatelela batho ba ba bokoa. (Esek. 34:1-4) Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore o tla otlhaya botlhe ba ba neng ba sa tshware basadi le bana sentle e re ka ba sa kgone go itshireletsa. (Dute. 10:17, 18; 27:19) Fa Baiseraele ba ne ba ikanyega mo go Jehofa e bile ba dirisana sentle, o ne a ba segofatsa.—1 Dikg. 10:4-9.

Jehofa o a re rata e bile o a bona fa re sa tshwarwe sentle (Bona serapa 15)

15. Re ithuta eng ka Jehofa?

15 Se re se ithutang: Ga se molato wa ga Jehofa fa batho ba ba reng ba a mo direla ba itlhokomolosa melao ya gagwe e bile ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Mme gone,  Jehofa o a re rata e bile o a bona fa re sa tshwarwe sentle. O re utlwela botlhoko go feta tsela e mmê yo o anyisang a utlwelang lesea la gagwe botlhoko ka yone. (Isa. 49:15) Le fa gone Jehofa a sa tsereganye ka bonako, mo nakong e e siameng, o tla atlhola baleofi botlhe ba ba sa ikwatlhaeng ka ntlha ya tsela e ba neng ba bogisa batho ba bangwe ka yone.

MOLAO O NE O TSHWANETSE GO DIRISIWA JANG?

16-18. Molao wa ga Moshe o ne o dirisiwa jang, mme seno se re ruta eng?

16 Molao wa ga Moshe o ne o tlhalosa dilo di le dintsi malebana le gore Baiseraele ba tshwanetse go tshela jang. Ka jalo, fa banna ba bagolwane ba atlhola batho, ba ne ba tshwanetse go dira jalo ka tshiamiso. Ba ne ba sa atlhole dikgang tse di amanang le kobamelo fela, gape ba ne ba atlhola tse di amanang le tlolomolao e bile ba ne ba rarabolola dikgotlhang. Mma re bone dikai di le mmalwa.

17 Fa Moiseraele a bolaile motho, o ne a sa bolawe fela go sa dirwa dipatlisiso. Bagolwane ba motse ba ne ba dira dipatlisiso ka se se diragetseng go bona gore a motho yoo o ne a tshwanetse go bolawa kgotsa nnyaa. (Dute. 19:2-7, 11-13) Bagolwane ba ne ba rarabolola dikgang di le dintsi tse di akaretsang dikgotlhang tse di malebana le dithoto le mathata a lenyalo. (Ekes. 21:35; Dute. 22:13-19) Fa bagolwane ba ne ba atlhola ka tshiamiso e bile Baiseraele ba ikobela Molao, ba ne ba itumela mme seno se ne se galaletsa Jehofa.—Lefi. 20:7, 8; Isa. 48:17, 18.

18 Se re se ithutang: Tsela e re tshelang ka yone e botlhokwa mo go Jehofa. O batla gore re dirisane le batho ba bangwe sentle. Gape Jehofa o bona dilo tsotlhe tse re di buang le tse re di dirang, tota le fa batho ba bangwe ba sa re bone.—Baheb. 4:13.

19-21. (a) Bagolwane le baatlhodi ba ne ba tshwanetse go atlhola batho ba Modimo jang? (b) Molao wa ga Moshe o ne o sireletsa batho jang, mme re ithuta eng mo go one?

19 Jehofa o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba ithute mekgwa e e sa siamang ya ditšhaba tse di neng di nna gaufi le bone. Ka jalo, o ne a laela bagolwane le baatlhodi gore ba tlhomamise gore batho botlhe ba diragatsa molao. Le fa go ntse jalo, fa ba atlhola batho, ba ne ba sa tshwanela go nna peloethata. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go atlhola ka tshiamiso.—Dute. 1:13-17; 16:18-20.

20 Jehofa o rata batho ba gagwe, ka jalo, o ile a tlhoma melao e e neng e tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tshwarwa sentle. Ka sekai, Molao o ne o dira gore go se ka ga nna motlhofo gore motho a pegwe molato o a sa o dirang. Fa motho a ne a latofadiwa ka sengwe, o ne a na le tshwanelo ya go itse gore ke mang yo o mo latofatsang. (Dute. 19:16-19; 25:1) Mme pele a ka bonwa molato, go ne go tshwanetse ga nna le basupi ba babedi kgotsa go feta.  (Dute. 17:6; 19:15) Gotweng fa Moiseraele a ne a tlodile molao mme gone a bonwe ke motho a le mongwe fela? O ne a sa tshwanela go akanya gore ga a kitla a otlhaiwa ka gonne Jehofa o ne a bone se a se dirileng. Mo lelapeng, rre o ne a neilwe taolo, mme gone, taolo eo e ne e lekanyeditswe. Mo maemong a mangwe fa go na le dikgotlhang mo lelapeng, bagolwane ba motse ba ne ba tsereganya e bo e nna bone ba atlholang kgang.—Dute. 21:18-21.

21 Se re se ithutang: Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo; o atlhola ka tshiamiso ka metlha. (Pes. 9:7) O segofatsa botlhe ba ba mo ikobelang mme o otlhaya botlhe ba ba sa tshwareng ba bangwe sentle. (2 Sam. 22:21-23; Esek. 9:9, 10) Batho bangwe ba dira dilo tse di sa siamang go bo go bonala e kete ga ba otlhaiwe, mme gone, ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o tlile go tlhomamisa gore ba a otlhaiwa. (Dia. 28:13) Fa ba sa ikwatlhaye, ba tla bona gore “ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang.”—Baheb. 10:30, 31.

MOLAO O NE O SIRELETSA BOMANG?

Fa bagolwane ba rarabolola dikgotlhang, ba ne ba tshwanetse go bontsha gore fela jaaka Jehofa, ba rata batho e bile ba rata tshiamiso (Bona serapa 22) *

22-24. (a) Molao o ne o sireletsa bomang, mme seno se re ruta eng ka Jehofa? (b) Ekesodo 22:22-24 e na le tlhagiso efe?

22 Molao o ne o sireletsa batho ba ba sa kgoneng go itshireletsa, ba ba jaaka dikhutsana, batlholagadi le batswakwa. Baatlhodi ba kwa Iseraele ba ne ba laelwa jaana: “O se ka wa sokamisa katlholo ya moagi wa moeng kgotsa ya mosimane yo o se nang rre, e bile o se ka wa tsaya seaparo sa motlholagadi e le sebeelo.” (Dute. 24:17) Jehofa  o ne a rata batho bao ba go neng go lebega ba le bokoa. Mme o ne a otlhaya ope fela yo o neng a sa ba tshware sentle.—Bala Ekesodo 22:22-24.

23 Gape Molao o ne o sireletsa malapa ka gonne o ne o kgala go tlhakanela dikobo ga ba lelapa kgotsa ba losika. (Lefi. 18:6-30) Batho ba ditšhaba tse di neng di nna gaufi le Baiseraele ba ne ba letlelela e bile ba amogela boitsholo jono jo bo maswe, mme batho ba ga Jehofa bone ba ne ba tshwanetse go bo leba e le selo se se makgapha ka gonne Jehofa o bo leba jalo.

24 Se re se ithutang: Jehofa o batla gore batho ba a ba neileng taolo, ba rate bao ba ba okametseng e bile ba ba tlhokomele. O tlhoile batho ba ba sotlang ba bangwe ka tlhakanelodikobo e bile o batla gore batho botlhe ba sirelediwe e bile ba tshwarwe sentle, segolobogolo ba go lebegang ba le bokoa.

MOLAO E NE E LE “MORITI WA DILO TSE DI MOLEMO TSE DI TLA TLANG”

25-26. (a) Ke eng fa re ka re lorato le tshiamiso di tshwana le mohemo le botshelo? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang mo motseletseleng ono wa ditlhogo?

25 Lorato le tshiamiso di tshwana le botshelo le mohemo, ga di ka ke tsa kgaogana. Fa re tlhatswegile pelo gore ka metlha Jehofa o re tshwara sentle, re tla mo rata le go feta. Fa re rata Modimo e bile re rata melao ya gagwe e e siameng, re tla rata batho ba bangwe e bile re tla ba tshwara sentle.

26 Molao wa ga Moshe o ne o thusa Baiseraele gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa. Mme gone, fa Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, go ne go sa tlhole go tlhokega gore batho ba Modimo ba ikobele Molao wa ga Moshe. Molao oo o ne wa emisediwa ka sengwe se se botoka. (Bar. 10:4) Moaposetoloi Paulo o ne a re Molao e ne e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Baheb. 10:1) Setlhogo se se latelang mo motseletseleng ono, se tla tlotla ka dilo tseo tse di molemo, gape se tla tlhalosa botlhokwa jwa lorato le tshiamiso mo phuthegong ya Bokeresete.

PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong

^ ser. 5 Setlhogo seno ke sa ntlha mo motseletseleng wa ditlhogo di le nnê tse di tla tlhalosang lebaka la go bo re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata. Ditlhogo tse dingwe tse tharo di tla tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 2019. Ditlhogo tseo di tla sekaseka kafa Jehofa a bontshang lorato le tshiamiso ka gone mo phuthegong ya Bokeresete, kafa bagolwane ba ka sireletsang phuthego ka gone le kafa batsadi ba ka sireletsang bana ka gone gore ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo le kafa re ka gomotsang batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo.

^ ser. 2 TLHALOSO: Melao e e fetang 600 e Jehofa a neng a e naya Baiseraele a dirisa Moshe e bidiwa “Molao,” “Molao wa ga Moshe” le “ditaelo.” Mo godimo ga moo, dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa mo Baebeleng (Genesise go ya go Duteronome) le tsone di bidiwa Molao. Ka dinako tse dingwe, Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera di bidiwa Molao.

^ ser. 60 SETSHWANTSHO: Mmê wa Moiseraele o tlotla le bomorwadie fa a ntse a dira dijo. Kwa morago, rre o ruta morwawe go tlhokomela dinku.

^ ser. 64 SETSHWANTSHO: Bagolwane ba thusa motlholagadi le ngwana wa gagwe ba ba sa tshwarwang sentle ke rrakgwebo mongwe.