Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

“E kete Modimo . . . a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—BAR. 15:5.

PINA: 84, 5

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba akanyang ka go nna le tumelo e e nonofileng? (b) Re tlile go araba dipotso dife?

KGAITSADI mongwe wa kwa Canada a re: “Go nna motho yo o nonofileng mo tumelong go dirile gore ke itumele le go feta e bile go nthusitse gore ke kgone go lebana le mathata a botshelo.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Brazil a re: “Re itumeletse dingwaga tse 23 tse re di feditseng re nyalane ka gonne re ile ra dira maiteko a go nna re atamalane le Jehofa.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Philippines a re: “Go nna le tumelo e e nonofileng go dirile gore ke nne le kagiso ya mogopolo e bile go nthusitse gore ke tokafatse tsela e ke dirisanang le bakaulengwe ba maemo a a farologaneng ka yone.”

2 Dilo tse bakaulengwe bano ba di buileng di re bontsha gore go nna le tumelo e e nonofileng ke selo se se molemo tota. Ka jalo, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Nka dira eng gore ke nonotshe tumelo ya me mme ke itumelele masego a bakaulengwe bano ba buileng ka one?’ Mme gone, pele re araba potso eo, re tshwanetse go itse se Baebele e se buang ka batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng, kgotsa ba ba lebang dilo jaaka Jehofa a di leba. Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tse tharo. (1) Go nna le tumelo e e nonofileng  go kaya eng? (2) Ke dikao dife tse di tla re thusang gore re nonotshe tumelo ya rona? (3) Go nna le “mogopolo wa ga Keresete” go tla re thusa jang gore re nne le tumelo e e nonofileng?

MOTHO YO O NANG LE TUMELO E E NONOFILENG O NTSE JANG?

3. Baebele e farologanya jang motho wa senama le motho yo o nonofileng mo tumelong?

3 Moaposetoloi Paulo o re thusa go tlhaloganya gore motho yo o nonofileng mo tumelong o ntse jang ka go dira pharologanyo fa gare ga motho yo o nonofileng mo tumelong kgotsa “motho wa semoya” le “motho wa senama.” (Bala 1 Bakorintha 2:14-16.) Batho bano ba farologana jang? “Motho wa senama” ga a amogele “dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene; mme ga a ka ke a di itse.” Go farologana le seo, “motho wa semoya” ke motho yo o ‘sekasekang dilo tsotlhe’ e bile o na le “mogopolo wa ga Keresete.” Paulo o re kgothaletsa gore re nne le tumelo e e nonofileng. Motho wa senama o farologana jang gape le motho yo o nang le tumelo e e nonofileng?

4, 5. Re ka lemoga jang motho yo o se nang tumelo?

4 Ela tlhoko tsela e motho wa senama a akanyang ka yone. Lefatshe le kgothaletsa batho gore ba tlhome mogopolo mo dilong tsa senama. Paulo o tlhalosa boikutlo jono e le “moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” (Baef. 2:2) Boikutlo jono bo dira gore batho ba le bantsi ba tlwaele go dira se batho ba bangwe botlhe ba se dirang. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba dira se bone ba akanyang gore se siame e bile ga ba dire maiteko ape gore ba tshele go dumalana le melao ya Modimo. Motho wa senama o tsaya gore maemo, madi kgotsa ditshwanelo tse a nang le tsone di botlhokwa go feta sengwe le sengwe.

5 O ka lemoga motho wa senama kgotsa motho yo o se nang tumelo ka eng gape? Batho ba ba se nang tumelo ba dira “ditiro tsa nama.” (Bagal. 5:19-21) Lekwalo la ntlha le Paulo a le kwaletseng Bakorintha le bua ka mekgwa e mengwe ya batho ba senama. Mengwe ya mekgwa eno ke: go baka dikgaogano, go tsaya letlhakore, go isana kwa kgotlatshekelong, go se tlotle botlhogo, go ja le go nwa bobe. Fa motho wa senama a lebana le diteko, o ineela motlhofo fela. (Dia. 7:21, 22) Jude o ne a bua ka bangwe ba tumelo ya bone e neng e tla koafala mo ba neng ba tla nna “ba ba se nang bomoya.”—Jude 18, 19.

6. Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng o ntse jang?

6 Ka jalo, go kaya eng go nna motho yo o nang le tumelo e e nonofileng? Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng o amegile thata ka kamano ya gagwe le Modimo go farologana le motho yo o se nang tumelo. Motho yono o leka ka natla go ‘etsa Modimo.’ (Baef. 5:1) Seno se raya gore o leka ka natla go leba dilo jaaka Jehofa a di leba. Modimo ke motho wa mmatota mo go ene. Go farologana le motho yo o se nang tumelo, o leka ka natla go tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa. (Pes. 119:33; 143:10) Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng ga a tlhome mogopolo mo ditirong tsa nama, go na le moo, o leka go bontsha “maungo a moya.”—Bagal. 5:22, 23.

7. Baebele ya reng ka batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng?

7 Baebele e bua bontle ka batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Mathaio 5:3 ya re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” Baroma 8:6 e tlhalosa mosola wa go nna motho yo o nang le tumelo e e nonofileng. Ya re: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso, mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” Fa re tlhoma mogopolo mo go obameleng Modimo, re nna le kagiso le Modimo, re nna le kagiso ya mogopolo le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.

8. Ke eng fa re tlhoka go tsaya matsapa gore re nne re nonofile mo tumelong?

 8 Le fa go ntse jalo, re tshela mo lefatsheng le le bosula. E re ka re tshela le batho ba ba sa direleng Modimo, re tshwanetse go leka ka natla gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa le go tswelela re na le yone. Fa tumelo ya rona e ka koafala, go tla nna motlhofo gore re tlhotlhelediwe ke batho ba ba sa obameleng Modimo. Re ka dira eng gore seo se se ka sa direga? Ke eng se re ka se dirang gore re nonotshe tumelo ya rona?

DIKAO TSE DI MOLEMO TSE RE KA DI ETSANG

9. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re nonotshe tumelo ya rona? (b) Re tlile go tlotla ka bomang?

9 Ngwana a ka kgona go nna motho yo o nang le maikarabelo fa a gola ka go etsa sekao se se molemo sa batsadi ba gagwe. Ka tsela e e tshwanang, re ka kgona go nna le tumelo e e nonofileng ka go etsa batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Seno se re ruta gore re se ka ra etsa batho ba ba se nang tumelo. (1 Bakor. 3:1-4) Baebele e bua ka batho ba ba se nang tumelo le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Mme gone, e re ka re batla go nonotsha tumelo ya rona, mma re tlotle ka dikao tse di molemo tse re ka di etsang. Re tlile go bua ka Jakobe, Marea le Jesu.

Re ka ithuta eng mo go Jakobe? (Bona serapa 10)

10. Jakobe o ne a bontsha jang gore o na le tumelo e e nonofileng?

10 Mma re simolole ka Jakobe. Botshelo jwa ga Jakobe bo ne bo le thata. O ne a tshwanelwa ke go itshokela morwarraagwe e bong Esau yo o neng a batla go mmolaya. Mo godimo ga moo, o ne a tshwanelwa ke go lebana le mogwagadie yo o neng a nna a leka go mo tsietsa. Le fa gone Jakobe a ne a tshela le batho bano, o ne a na le tumelo e e nonofileng. O ne a dumela tsholofetso e Modimo a neng a e naya Aborahame e bile o ne a leka ka natla go tlhokomela lelapa la gagwe le le neng le tla nna le seabe se segolo mo go diragatseng maikaelelo a ga Jehofa. (Gen. 28:10-15) Se Jakobe a neng a se bua le se a neng a se dira se ne se bontsha gore o ne a nna a akantse ka melao ya Modimo le ka thato ya gagwe. Ka sekai,  fa a ne a tshosediwa ke Esau, o ne a raya Modimo a re: “Ke a go rapela, nkgolola . . . O rile, ‘Kwantle ga pelaelo ke tla dirisana sentle le wena mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka moshawa wa lewatle, o o ka se kang wa balwa ka ntlha ya bontsintsi jwa one.’” (Gen. 32:6-12) Ruri o ne a na le tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa e bile o ne a batla go dira dilo go dumalana le thato le boikaelelo jwa gagwe.

Re ka ithuta eng mo go Marea? (Bona serapa 11

11. Ke eng se se bontshang gore Marea o ne a na le tumelo e e nonofileng?

11 Jaanong mma re tlotle ka Marea. Ke eng fa Jehofa a ile a tlhopha Marea gore e nne mmaagwe Jesu? Ga go na pelaelo gore o ile a dira jalo ka gonne Marea o ne a na le tumelo e e nonofileng. Re itse seo jang? O ne a bontsha gore tumelo ya gagwe e nonofile fa a ne a bua mafoko a a molemo a pako ka nako ya fa a etetse ba losika lwa gagwe e bong Sekarea le Elisabetha. (Bala Luke 1:46-55.) Se Marea a neng a se bua se ne se bontsha gore o ne a rata Lefoko la Modimo le gore o ne a itse Dikwalo Tsa Sehebera. (Gen. 30:13; 1 Sam. 2:1-10; Mal. 3:12) Ela tlhoko gore le fa ene le Josefa ba ne ba sa tswa go nyalana, ga ba a ka ba tlhakanela dikobo pele Jesu a tsholwa. Seno se re ruta eng? Ba ne ba tshwenyegile thata ka go dira thato ya Modimo go na le ka go kgotsofatsa dikeletso tsa bone. (Math. 1:25) Fa nako e ntse e ya, Marea o ne a ela tlhoko dilo tse di neng di direga mo botshelong jwa ga Jesu e bile o ne a reetsa ka kelotlhoko dilo tse di botlhale tse Jesu a neng a di bua. Mo godimo ga moo o ne “a boloka mafoko ano otlhe mo pelong ya gagwe.” (Luke 2:51) Go bonala sentle gore o ne a tshwenyegile ka go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo malebana le Mesia. Sekao sa ga Marea se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go akanya kafa re ka dirang gore thato ya Modimo e nne selo sa botlhokwa mo go rona.

12. (a) Jesu o ne a tshwana jang le Rraagwe? (b) Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

12 Ke mang yo o nang le tumelo e e nonofileng yo e leng sekao se se molemo go gaisa? Ke Jesu. Ka nako ya fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a bontsha sentle gore o ne a batla go etsa Rraagwe e bong Jehofa. O ne a akanya, a ikutlwa e bile a dira dilo jaaka Jehofa, mo godimo ga moo, o ne a tshela go dumalana le thato le melao ya Modimo. (Joh. 8:29; 14:9; 15:10) Ka sekai, ela tlhoko kafa moporofeti Isaia a tlhalosang kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa ka gone mme o bapise seo le tsela e Mareko a ileng a tlhalosa maikutlo a ga Jesu ka gone. (Bala Isaia 63:9; Mareko 6:34.) A re etsa Jesu ka go nna re iketleeleditse go utlwela botlhoko batho ba ba tlhokang thuso? Mo godimo ga moo, Jesu o ne a dira ka natla mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Luke 4:43) Dilo tseno tsotlhe di bontsha sentle gore Jesu o ne a na le tumelo e e nonofileng.

13, 14. (a) Re ka ithuta eng mo Bakereseteng ba ba nang le tumelo e e nonofileng? (b) Umaka sekai.

13 Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ba ileng ba leka ka natla go etsa botho jwa ga Keresete. O ka tswa o ile wa lemoga gore ba tlhagafetse mo bodireding, ba rata go amogela baeng, ba kutlwelobotlhoko e bile ba na le dinonofo tse dingwe tse di molemo. Le bone ba ile ba lwantsha makoa a bone fa ba ntse ba leka go nna le dinonofo tseo tse di molemo. Kgaitsadi mongwe wa kwa Brazil e bong Rachel a re: “Ke ne ke rata feshene. Ka ntlha ya seo, ke ne ke sa apare sentle. Go ithuta boammaaruri go ne ga dira gore ke tseye matsapa a go nonotsha tumelo ya me. Go ne go se motlhofo go dira diphetogo, mme gone, ke ne ka itumela thata e bile botshelo jwa me bo ne jwa nna le bokao.”

14 Reylene wa kwa Philippines o ne a lebana le teko e e farologaneng. O ne a tlhomile  mogopolo mo thutong e e kwa godimo le mo go boneng tiro ya maemo a a kwa godimo e le gore a tle a atlege mo botshelong. A re: “Ke ne ka simolola go lebala mekgele e ke neng ke ipeetse yone mo tirelong ya ga Jehofa. Mme gone, ke ne ka simolola go lemoga gore go na le sengwe se se tlhaelang, sengwe se se botlhokwa go feta tiro ya me ya boitshediso. Ka jalo, ke ne ka simolola go tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa.” Gone jaanong Reylene ke sekao se se molemo sa go nna le tumelo mo tsholofetsong ya ga Jehofa e e mo go Mathaio 6:33, 34. A re: “Ke a itse gore Jehofa o tla ntlhokomela!” Gongwe o ka tswa o itse bangwe mo phuthegong ya lona ba ba dirang se se tshwanang. Ruri go tla bo go le molemo gore re etse bakaulengwe bano ba ba ikanyegang fa ba ntse ba etsa Keresete.—1 Bakor. 11:1; 2 Bathes. 3:7.

NNA LE “MOGOPOLO WA GA KERESETE”

15, 16. (a) Re tshwanetse go dira eng gore re tshwane le Keresete? (b) Re tshwanetse go dira eng gore re itse “mogopolo wa ga Keresete”?

15 Re ka etsa Keresete jang? Mo go 1 Bakorintha 2:16, Baebele e bua ka go nna le “mogopolo wa ga Keresete.” Baroma 15:5 e bua ka go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.” Ka jalo, fa re batla go tshwana le Keresete, re tshwanetse go ithuta tsela e a neng a akanya ka yone le go itse gore e ne e le motho yo o ntseng jang. Go tswa foo, re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo kamanong ya gagwe le Modimo. Ka jalo, fa re tshwana le Jesu, seo se tla dira gore re atamalane le Jehofa. Dintlha tseno di re bontsha gore go botlhokwa gore re ithute go akanya jaaka Jesu a ne a akanya.

16 Re ka dira seno jang? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bona dikgakgamatso tse a neng a di dira, ba reetsa dipuo tsa gagwe, ba bona kafa a neng a dirisana le batho botlhe ka gone e bile ba ne ba bona kafa a neng a ikobela melao ya Modimo ka gone. Ba ne ba re: “Re basupi ba dilo tsotlhe tse a neng a di dira.” (Dit. 10:39) Le fa go ntse jalo, rona ga re ka ke ra kgona go bona Jesu ka matlho. Mme gone, Jehofa o re neile dipego tsa Diefangele tse di re thusang go ithuta ka botho jwa ga Jesu. Fa re bala le go tlhatlhanya ka buka ya Mathaio, Mareko, Luke le Johane, re tla kgona go ithuta tsela e Jesu a neng a akanya ka yone. Seno se tla re thusa gore re “latele dikgato tsa gagwe gaufiufi” le gore re ‘itlhomele ka tshekamelo ya mogopolo’ wa ga Keresete.—1 Pet. 2:21; 4:1.

17. Go akanya jaaka Keresete go tla re solegela molemo jang?

17 Go ithuta go akanya jaaka Keresete go tla re solegela molemo jang? Fela jaaka dijo tse di nang le dikotla di nonotsha mmele, go ithuta ka tsela e Keresete a neng a akanya ka yone go tla nonotsha tumelo ya rona. Kgabagare re tla kgona go itse gore Jesu o ne a tla lebana le maemo a a farologaneng ka tsela efe. Seno se tla re thusa gore re dire ditshwetso tse di tla dirang gore re nne le segakolodi se se phepa le gore re amogelwe ke Modimo. Ruri seno se re naya mabaka a a molemo a gore ‘re apare [kgotsa re etse] Morena Jesu Keresete.’—Bar. 13:14.

18. O ithutile eng mo setlhogong seno ka go nna le tumelo e e nonofileng?

18 Re ithutile gore go nna le tumelo e e nonofileng go kaya eng. Gape re bone gore re ka ithuta eng mo bathong ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Mo godimo ga moo, re bone kafa go nna le “mogopolo wa ga Keresete” go ka re thusang ka gone gore re nonotshe tumelo ya rona. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse di malebana le go nna le tumelo e e nonofileng tse re tshwanetseng go di sekaseka. Ka sekai, re ka bona jang gore tumelo ya rona e nonofile go le kae? Ke eng se sengwe se re ka se dirang go e nonotsha? Mme go nna le tumelo e e nonofileng go ka ama jang botshelo jwa rona? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.