Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Itse Jehofa Jaaka Noa, Daniele le Jobe?

A o Itse Jehofa Jaaka Noa, Daniele le Jobe?

“Batho ba ba ineeletseng bosula ga ba ka ke ba tlhaloganya katlholo, mme ba ba senkang Jehofa ba ka tlhaloganya sengwe le sengwe.”—DIA. 28:5.

PINA: 43, 133

1-3. (a) Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re ikanyega mo Modimong mo metlheng eno ya bofelo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

FA BOKHUTLO bo ntse bo atamela, batho ba ba bosula ba nna “ba tlhoga jaaka dimela.” (Pes. 92:7) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba dira dilo tse di bosula. E re ka re tshela mo maemong ano, re ka nna jang “masea malebana le bosula” mme gone re le “ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a [rona a] go tlhaloganya”?—1 Bakor. 14:20.

2 Temana ya setlhogo seno e re naya karabo. Ya re: “Ba ba senkang Jehofa ba ka tlhaloganya sengwe le sengwe,” e leng sengwe le sengwe se se tlhokegang gore ba mo itumedise. (Dia. 28:5) Diane 2:7, 9 e tlhalosa ntlha e e tshwanang. Ya re Jehofa o “bolokela ba ba thokgameng botlhale jo bo mosola.” Ka ntlha ya seo, batho ba ba siameng ba kgona go “tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.”

3 Noa, Daniele le Jobe ba ne ba bontsha botlhale joo. (Esek. 14:14) Go ntse jalo le ka batho ba Modimo gompieno. Mme gotweng ka wena? A o “tlhaloganya sengwe le sengwe” se se tlhokegang gore o itumedise Jehofa? O tshwanetse go mo itse sentle. Mo setlhogong seno, re tla  sekaseka (1) se se ileng sa thusa Noa, Daniele le Jobe gore ba itse Modimo, (2) kafa go mo itse go ileng ga ba solegela molemo ka gone, le (3) kafa re ka nnang le tumelo e e nonofileng jaaka ya bone.

NOA O NE A IKANYEGA MO MODIMONG LE FA A TSHELA LE BATHO BA BA BOSULA

4. Ke eng se se thusitseng Noa gore a itse Jehofa, mme kitso ya boammaaruri e ne ya mo thusa jang?

4 Ke eng se se thusitseng Noa gore a itse Jehofa? Go tloga kwa tshimologong, banna le basadi ba ba ratang Modimo ba ile ba ithuta ka Modimo ka ditsela tse tharo tsa konokono: ka go leba popo, go ithuta go tswa mo bathong ba bangwe le ka go bona masego a go tshela go dumalana le melao le melaometheo e e siameng ya Modimo. (Isa. 48:18) Fa Noa a lebile popo, o ne a bona bosupi jwa gore Modimo o teng e bile o ne a ithuta ka dinonofo tsa gagwe tse di sa bonaleng jaaka “maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Bar. 1:20) Ka ntlha ya seo, Noa o ne a nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong.

5. Go tlile jang gore Noa a itse boikaelelo jwa Modimo ka batho?

5 Baebele ya re: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Bar. 10:17) Go tlile jang gore Noa a itse ka Jehofa? O tshwanetse a bo a ile a ithuta go le gontsi ka ene go tswa mo go ba losika. Mongwe wa bone e ne e le rraagwe e bong Lameke, yo o ileng a tsholwa pele Adame a swa. (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) Gape a ka tswa a ile a ithuta mo go rremogolo wa gagwe e bong Methusela le rremogologolwane wa gagwe e bong Jarede yo o ileng a swa dingwaga di le 366 Noa a sena go tsholwa. * (Luke 3:36, 37) Banna bano le basadi ba bone ba ka tswa ba ile ba ruta Noa ka tshimologo ya batho, ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore batho ba ba siameng ba tlatse lefatshe le ka botsuolodi jwa kwa Edene jo bo ileng jwa baka mathata a Noa a neng a setse a a bona. (Gen. 1:28; 3:16-19, 24) Go sa kgathalesege gore Noa o ithutile mo go mang, se a neng a se ithuta se ne sa mo ama pelo mme sa mo tlhotlheletsa gore a direle Modimo.—Gen. 6:9.

6, 7. Tsholofelo e ne ya nonotsha jang tumelo ya ga Noa?

6 Tsholofelo e nonotsha tumelo. Ka jalo, akanya fela gore Noa o ne a ikutlwa jang fa a utlwa gore leina la gagwe le le ka tswang le kaya “Boikhutso; Kgomotso,” le ne le akaretsa tsholofelo e Jehofa a re nayang yone. (Gen. 5:29) Lameke o ne a tlhotlheletsega go bua jaana: “Yono [Noa] o tla re tlisetsa kgomotso . . . mo botlhokong jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.” Noa o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo. Fela jaaka Abele le Enoke, o ne a dumela gore “losika” lo ne lo tla gobatsa noga mo tlhogong.—Gen. 3:15.

7 Le fa Noa a ka tswa a ne a sa tlhaloganye boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 ka botlalo, a ka tswa a ile a lemoga gore bo tla naya batho tsholofelo ya kgololo. Mo godimo ga moo, tsholofetso eo ya kwa Edene e ne e dumalana le molaetsa o Enoke a neng a o bolelela pele gore Modimo o tla atlhola batho ba ba bosula. (Jude 14, 15) Molaetsa oo wa ga Enoke o tla diragadiwa ka botlalo ka nako ya ntwa ya Haramagedona mme o tshwanetse wa bo o ile wa nonotsha tumelo ya ga Noa le go dira gore a nne le tsholofelo!

8. Go itse Modimo sentle go ile ga sireletsa Noa jang?

8 Go itse Modimo sentle go ile ga thusa Noa jang? Kitso ya boammaaruri e ne ya thusa Noa gore a nne le tumelo le botlhale jwa bomodimo * jo bo ileng jwa mo sireletsa mo tlhotlheletsong e e sa siamang ya batho ba ba bosula. Ka sekai, e re ka Noa a ne “a tsamaya le Modimo wa boammaaruri,” ga a ka a tsalana le batho ba ba sa rateng  Modimo. Ga a ka a tsiediwa ke madimona a a neng a iphetotse batho. Batho ba ba se nang tumelo bone ba ne ba kgatlhiwa ke madimona ao a a maatla, gongwe e bile bangwe ba bone ba ne ba leka go ba obamela. (Gen. 6:1-4, 9) Gape Noa o ne a itse gore batho ba ne ba laetswe gore ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe. (Gen. 1:27, 28) Ka jalo, o tshwanetse a bo a ne a itse gore go ne go sa siama e bile e se ga tlholego gore baengele le basadi ba tlhakanele dikobo. Kgang eno e ne ya itshupa e le boammaaruri fa basadi bao ba ne ba tshola bana ba ba sa tlwaelegang. Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a bolelela Noa gore o tla tlisa morwalela mo lefatsheng. E re ka Noa a ne a dumela tlhagiso eo ya Modimo, o ne a aga araka mme ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba sireletsega.—Baheb. 11:7.

9, 10. Re ka etsa jang tumelo ya ga Noa?

9 Re ka nna jang le tumelo jaaka Noa? Re tlhoka go nna baithuti ba ba molemo ba Lefoko la Modimo, re akanye thata ka se re se ithutang re bo re se dirisa go dira diphetogo le go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong. (1 Pet. 1:13-15) Fa re dira jalo, tumelo le botlhale jwa bomodimo di tla re sireletsa mo maanong a ga Satane le mo tlhotlheletsong e e sa siamang ya batho ba lefatshe. (2 Bakor. 2:11) Mo lefatsheng go tletse thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Gape batho ba le bantsi ba tlhomile mogopolo thata mo dikeletsong tsa nama. (1 Joh. 2:15, 16) Seno se ka nna sa dira gore batho ba ba se nang tumelo e e nonofileng ba itlhokomolose bosupi jwa gore letsatsi le legolo la Modimo le gaufi. Ela tlhoko gore fa Jesu a ne a bapisa motlha wa rona le wa ga Noa, ga a ka a bua thata ka thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo sa siamang, go na le moo, o ne a bua thata ka kotsi ya go itlhokomolosa botlhokwa jwa go direla Modimo.—Bala Mathaio 24:36-39.

10 Ipotse jaana: ‘A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ruri ke itse Jehofa? A tumelo ya me e ntlhotlheletsa gore ke tshele go dumalana le melao ya Modimo e e siameng le gore ke bolelele batho ba bangwe ka yone?’ Tsela e o arabang dipotso tseno ka yone e tla go thusa go itse gore a o direla Modimo ka boikanyegi jaaka Noa.

DANIELE O NE A BONTSHA BOTLHALE JWA BOMODIMO

11. (a) Tsela e Daniele a neng a rata Jehofa ka yone fa a le mosha e re ruta eng ka batsadi ba gagwe? (b) O ka rata go etsa dinonofo dife tsa ga Daniele?

11 Ke eng se se thusitseng Daniele gore a itse Jehofa? Go bonala batsadi ba ga Daniele ba ile ba mo ruta gore a rate Jehofa le Lefoko la gagwe. Daniele o ne a tswelela a rata Modimo botshelo jotlhe jwa gagwe. Tota le fa a ne a setse a tsofetse, o ne a ithuta Dikwalo ka kelotlhoko. (Dan. 9:1, 2) Thapelo ya ga Daniele e e mo go Daniele 9:3-19 e bontsha gore Daniele o ne a itse Modimo sentle e bile o ne a itse tsela e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone. Iphe nako ya go bala le go tlhatlhanya ka thapelo eo mme o ele tlhoko gore e go ruta eng malebana le gore Daniele e ne e le motho yo o ntseng jang.

12-14. (a) Daniele o ne a bontsha botlhale jwa bomodimo ka ditsela dife? (b) Modimo o ne a segofatsa Daniele jang ka gonne a ile a ikanyega?

12 Go itse Modimo sentle go ile ga thusa Daniele jang? Go ne go le thata go direla Modimo ka boikanyegi kwa Babelona ka gonne Bababelona ba ne ba sa direle Jehofa. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Bajuda a re: “Batlang kagiso ya motse o ke dirileng gore lo ye botshwarwa kwa go one.” (Jer. 29:7) Mme gone, o ne a batla gore ba mo direle ka pelo yotlhe. (Ekes. 34:14) Ke eng se se neng sa thusa Daniele gore a kgone go dira dilo tseno tsoopedi? Go nna le botlhale jwa bomodimo go ne ga mo thusa gore a tlhaloganye gore o tshwanetse go ikobela Jehofa pele ga batho ba bangwe botlhe. Dingwaga moragonyana, Jesu o ne a ruta batho thuto eo.—Luke 20:25.

13 Akanya ka se Daniele a ileng a se dira fa go ne go ntshiwa taelo ya gore go se ka ga rapelwa modimo ope kgotsa motho ope ntle le kgosi malatsi a le 30. (Bala Daniele 6:7-10.) Daniele o ne a ka nna a ipolelela jaana: ‘Malatsi a le 30 ga  a mantsi go le kalo!’ Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla molao wa kgosi o nna botlhokwa go feta go obamela Modimo. Gone o ne a ka nna a rapela mo sephiring gore ope a se ka a mmona. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore batho ba itse thulaganyo ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. Ka jalo, le fa gone a ne a ka nna a bolawa, o ne a sa batle gore batho ba akanye gore o tlogetse go direla Modimo.

14 Jehofa o ne a segofatsa tshwetso e e molemo ya ga Daniele ka go mo golola gore a se ka a bolawa ka tsela e e setlhogo. Tota e bile, kgang eno e ne ya dira gore go neelwe bosupi ka Jehofa go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia!—Dan. 6:25-27.

15. Re ka nna jang le tumelo jaaka Daniele?

15 Re ka nna jang le tumelo jaaka Daniele? Ga re a tshwanela go bala Lefoko la Modimo fela, mme gape re tshwanetse go “le tlhaloganya.” (Math. 13:23) Re batla go itse gore Jehofa o leba dilo jang mme seno se tlhoka gore re tlhaloganye melaometheo ya Baebele. Ka jalo, re tshwanetse go tlhatlhanya ka se re se balang. Gape go botlhokwa gore re rapele ka metlha go tswa pelong, segolobogolo fa re lebane le diteko kgotsa mathata a mangwe. Fa re rapelela botlhale e bile re kopa Jehofa gore a re nonotshe, ruri o tla dira jalo.—Jak. 1:5.

JOBE O NE A IKOBELA MODIMO KA METLHA

16, 17. Ke eng se se thusitseng Jobe gore a itse Modimo?

16 Ke eng se se thusitseng Jobe gore a itse Jehofa? Jobe e ne e se Moiseraele. Mme gone, o ne a amana ka tsela nngwe le Aborahame, Isake le Jakobe mme Jehofa o ile a ba senolela dintlha dingwe kaga gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe ka batho. Jobe o ile a ithuta dilo tseo le fa gone Baebele e sa re tlhalosetse gore o di ithutile mo go mang. (Jobe 23:12) O ne a re: “Ke utlwile kaga gago.” (Jobe 42:5) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a re Jobe o buile boammaaruri ka ene.—Jobe 42:7, 8.

Tumelo ya rona e a nonofa fa re bona dinonofo tsa Modimo mo popong (Bona serapa 17)

17 Gape Jobe o ne a ithuta ka dinonofo tse dintsi tsa Modimo go tswa mo popong. (Jobe 12:7-9, 13) Moragonyana, Elihu le Jehofa ba ne ba dirisa popo go gopotsa Jobe gore motho ga a lekane le Modimo. (Jobe 37:14; 38:1-4) Mafoko a ga Jehofa a ne a fitlhelela Jobe pelo, ka gonne o ne a raya Modimo jaana ka boikokobetso: “Ke a itse gore o kgona go dira dilo tsotlhe, e bile ga go na kgopolo epe e o sa kgoneng go e fitlhelela. . . . Ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.”—Jobe 42:2, 6.

18, 19. Jobe o ne a bontsha ka ditsela dife gore o itse Jehofa sentle?

 18 Go itse Modimo sentle go ile ga thusa Jobe jang? Jobe o ne a itse melaometheo sentle. O ne a itse Jehofa sentle mme seno se ne sa mo tlhotlheletsa go dira dilo tse di siameng. Akanya ka seno: Jobe o ne a itse gore ga a ka ke a re o rata Modimo, mme a sa dirisane sentle le batho ba bangwe. (Jobe 6:14) O ne a sa itseele kwa godimo mme gape o ne a bontsha gore o amega ka batho botlhe, ba ba humileng le ba ba humanegileng. O ne a re: “A Ene yo o neng a ntira mo sebopelong ga se ene yo o [ba] dirileng?” (Jobe 31:13-22) Go bonala sentle gore Jobe ga a ka a letla maemo a gagwe a dira gore a tseye batho ba bangwe ba se botlhokwa. Ruri o ne a farologane le batho ba le bantsi ba ba humileng le ba ba nang le taolo gompieno!

19 Jobe o ne a tlhoile mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana, tota le mo pelong o ne a sa eletse go nna le seabe mo go yone. O ne a itse gore kobamelo ya maaka, go akaretsa go rata dikhumo ka tsela e e feteletseng, go ne go tla bo go bontsha gore o itatola “Modimo wa boammaaruri yo o kwa godimo.” (Bala Jobe 31:24-28.) O ne a tsaya lenyalo e le kgolagano e e boitshepo gareng ga monna le mosadi. O ne a bo a dira kgolagano le matlho a gagwe gore ga a kitla a leba lekgarebane ka tsela e e tla dirang gore a batle go dira boitsholo jo bo sa siamang. (Jobe 31:1) Gopola gore ka nako eo Modimo o ne a letlelela go nyala lefufa. Ka jalo, Jobe o ne a ka nna a nyala mosadi wa bobedi. * Le fa go ntse jalo, go bonala a ile a ithuta mo sekaong sa lenyalo la ntlha la kwa Edene, mme a dira gore seno e nne molao mo go ene. (Gen. 2:18, 24) Dingwaga di ka nna 1 600 moragonyana, Jesu Keresete o ne a ruta batho gore ba ikobele melaometheo e e siameng e e malebana le lenyalo le tlhakanelodikobo.—Math. 5:28; 19:4, 5.

20. Go itse Jehofa le melao ya gagwe go re thusa jang go tlhopha ditsala tse di molemo le boitlosobodutu jo bo siameng?

20 Re ka nna jang le tumelo jaaka Jobe? Selo se se ka re thusang ke go nna le kitso e e tlhomameng ka Jehofa le go e letla gore e re kaele mo botshelong. Ka sekai, mopesalema Dafide o ne a re Jehofa “o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo” mme gape o ne a re tlhagisa gore re se ka ra itsalanya le “batho ba ba se nang boammaaruri.” (Bala Pesalema 11:5; 26:4.) Ditemana tseo di go ruta eng ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone? Seno se tshwanetse sa ama jang dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago? Se tshwanetse go ama jang dilo tse o di lebang mo Internet, batho ba o itsalanyang le bone le boitlosobodutu jo o bo tlhophang? Tsela e o arabang dipotso tseno ka yone e tla go thusa go bona gore o itse Jehofa sentle go le kana kang. Gore re tswelele re se na molato mo lefatsheng leno le le bosula, re tshwanetse go thapisa ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga’ gore re kgone go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang le gore re farologanye dilo tse di botlhale mo go tse di seng botlhale.—Baheb. 5:14; Baef. 5:15.

21. Ke eng se se tla re thusang gore re ‘tlhaloganye sengwe le sengwe’ se se tlhokegang gore re itumedise Modimo?

21 E re ka Noa, Daniele le Jobe ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba itse Jehofa, o ne a ba thusa gore ba kgone go “tlhaloganya sengwe le sengwe” se se tlhokegang gore ba kgone go mo itumedisa. Ka jalo, ba ne ba nna dikao tse di molemo e bile ba ne ba atlega mo botshelong. (Pes. 1:1-3) Ipotse jaana: ‘A ke itse Jehofa jaaka Noa, Daniele le Jobe?’ Tota e bile, ka ntlha ya dithuto tse dintsi tse re di amogelang mo phuthegong, o ka kgona go mo itse ka tsela e e oketsegileng! (Dia. 4:18) Ka jalo, ithute Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. Tlhatlhanya ka lone. Mme o rapelele moya o o boitshepo. Seno se tla dira gore o atamalane thata le Rraago yo o kwa legodimong. Mo godimo ga moo, o tla kgona go bontsha botlhale mo lefatsheng leno le le bosula.—Dia. 2:4-7.

^ ser. 5 Rremogologolwane wa ga Noa e bong Enoke, le ene o ne “a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Le fa go ntse jalo, “Modimo o ne a mo tsaya” dingwaga di ka nna 69 pele Noa a tsholwa.—Gen. 5:23, 24.

^ ser. 8 Botlhale jwa bomodimo ke botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa. Fa re bala Baebele ka kelotlhoko e bile re tlhaloganya se re se balang, re tla itse Jehofa sentle. Re tla itse gore ke eng se a se tsayang se siame le se a se tsayang se sa siama. Fa re dirisa se re se itseng, re tla nna le botlhale jwa bomodimo.

^ ser. 19 Go ne go ntse jalo le ka Noa. O ne a nyetse mosadi a le mongwe fela le fa gone go nyala lefufa e ne ya nna tlwaelo morago ga botsuolodi jwa kwa Edene.—Gen. 4:19.