Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo go Jehofa

Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo go Jehofa

“LOSO lo tla bo lo sa tlhole lo le gone, tota le batho ba ba suleng ba tla tsosiwa.” Mosadi wa me e bong Mairambubu o ne a utlwa mosadi mongwe a tlotlela mongwe jalo mo beseng. O ne a batla go utlwa mo go oketsegileng. Fa bese e sena go ema mme batho ba sena go fologa, o ne a latela mosadi yoo. Leina la gagwe e ne e le Apun Mambetsadykova mme e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. Ka nako eo, go bua le Basupi ba ga Jehofa go ne go le kotsi, mme se re ileng ra se ithuta mo go Apun se ne sa fetola botshelo jwa rona.

GO BEREKA LETSATSI LOTLHE

Ke tshotswe ka 1937 mo polasing e e gaufi le toropo ya Tokmok kwa Kyrgyzstan. Batho ba kwa gae ke Ba-Kyrgyz mme re bua Se-Kyrgyz. Batsadi ba me ba ne ba bereka mo masimong, e bile ba ne ba bereka letsatsi lotlhe. Batho ba ba berekang mo masimong ba ne ba newa dijo mme ba ne ba duelwa ka madi gangwe fela mo ngwageng. Ka jalo, go ne go le thata gore mmê a re tlhokomele. Ke ne ka tlogela sekolo morago ga dingwaga di le tlhano mme ka simolola go bereka kwa masimong.

Dithaba tsa Teskey Ala-Too

Kwa re neng re nna gone, batho ba le bantsi ba ne ba humanegile e bile ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba tlamela ba malapa a bone. Fa ke sa le mosha, ke ne ke sa nke ke akanya ka bokao jwa botshelo kgotsa ka isagwe. Ke ne ke sa akanye gore go itse boammaaruri ka Jehofa Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka batho go tla fetola botshelo jwa me. Tsela e molaetsa oo o fitlhileng ka yone mo Kyrgyzstan e kgatlha fela thata. Tiro ya go rera ka molaetsa oo e ne ya simolola kwa re neng re nna teng kwa bokone jwa Kyrgyzstan.

BATSHWARWA BA TLISA MOLAETSA WA BOGOSI MO KYRGYZSTAN

Molaetsa wa Bogosi o ne wa fitlha mo Kyrgyzstan ka bo1950. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba rutilwe dikgopolo tsa Bokomonisi, ka jalo, jaanong ba ne ba tlhoka go rutwa boammaaruri. Ka nako eo, naga ya Kyrgyzstan e ne e wela mo dinageng tse e neng e le karolo ya USSR. Mo dinageng tseo tsotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. (Joh. 18:36) Ka jalo, ba  ne ba bogisiwa ke puso. Mme gone, ga go na sepe se se ka thibelang Lefoko la Modimo gore le se ka la fitlhelela dipelo tsa batho ba ba siameng. Thuto nngwe ya botlhokwa e ke ileng ka ithuta yone mo botshelong ke gore, “dilo tsotlhe di a kgonega” mo go Jehofa.—Mar. 10:27.

Emil Yantzen

E re ka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa, tiro ya bone e ne ya gola mo Kyrgyzstan. Ka ntlha yang? Batshwarwa ba ne ba isiwa kwa nageng ya Siberia e e neng e le karolo ya USSR. Bangwe ba bone ba ne ba ithuta boammaaruri fa ba le koo, mme fa ba gololwa, bontsi jwa bone ba ne ba tla mo Kyrgyzstan. Mongwe wa bone e ne e le Emil Yantzen yo o neng a tsholelwa mo Kyrgyzstan ka 1919. Emil o ne a isiwa kwa kampeng ya pogisetso mme fa a le koo, o ne a kopana le Basupi. Le ene o ne a nna Mosupi, mme ka 1956, o ne a boela gae. O ne a fudugela kwa ke neng ke nna gone, gaufi le toropo ya Sokuluk. Phuthego ya ntlha mo Kyrgyzstan e ne ya tlhomiwa ka 1958 kwa toropong eo.

Victor Vinter

Ngwaga morago ga moo, Victor Vinter le ene o ne a fudugela kwa Sokuluk. Mokaulengwe yono yo o ikanyegang o ne a bogisiwa fela thata. O ne a atlholelwa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong gabedi, morago ga nakonyana o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome kwa kgolegelong, mo godimo ga moo, o ne a fetsa dingwaga tse dingwe tse tlhano mo kgolegelong kwa nageng e nngwe. Le fa batho ba Modimo ba ne ba bogisiwa jalo, phuthego e ne e tswelela e gola.

MOLAETSA WA BOGOSI O FITLHA KWA GAE

Eduard Varter

Ka 1963 go ne go na le Basupi ba ka nna 160 mo Kyrgyzstan, mme bontsi jwa bone ba ne ba tswa kwa Jeremane, Ukraine le Russia. Mongwe wa bone e ne e le Eduard Varter yo o neng a kolobediwa kwa Jeremane ka 1924. Ka bo1940, puso ya Banasi e ne ya mo isa kwa kampeng ya pogisetso, mme dingwaga di le mmalwa moragonyana, Bakomonisi ba USSR ba ne ba mo isa kwa kgolegelong kwa nageng e nngwe. Ka 1961 o ne a fudugela kwa toropong ya Kant, e e leng gaufi le kwa gae.

Elizabeth Fot; Aksamai Sultanalieva

Mosupi mongwe yo o ikanyegang e bong Elizabeth Fot le ene o ne a nna kwa Kant. O ne a itshedisa ka go roka. E re ka tiro ya gagwe e ne e tswile diatla, batho ba ba jaaka dingaka le barutabana ba ne ba reka diaparo mo go ene. Mongwe wa batho ba ba neng ba reka diaparo mo go ene e ne e le mosadi mongwe yo o bidiwang Aksamai Sultanalieva, yo o neng a nyetswe ke modiredi wa kwa ofising ya mosekisi. Aksamai o ne a tlhola a botsa Elizabeth dipotso di le dintsi ka bokao jwa botshelo le ka boemo jwa baswi. Elizabeth o ne a dirisa Baebele go araba dipotso tsotlhe tsa gagwe. Moragonyana, Aksamai o ne a nna mmoledi yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo.

Nikolai Chimpoesh

Ka nako eo, Nikolai Chimpoesh wa kwa Moldova o ne a tlhomiwa go nna molebedi wa potologo, mme o ne a dira kabelo eo dingwaga di ka nna 30. Nikolai o ne a etela diphuthego e bile a rulaganya go anamisiwa ga dikgatiso tsa rona. Mapodise a ne a lemoga se a neng a se dira. Ka jalo, Eduard Varter o ne a mo kgothatsa jaana: “Fa mapodise a go botsolotsa, o ba bolelele gore dikgatiso tsa rona di tswa kwa ntlokgolo kwa Brooklyn. O lebe lepodise la KGB mo matlhong. Ga o tlhoke go boifa sepe.”—Math. 10:19.

Nakonyana morago ga moo, Nikolai o ne a bilediwa kwa diofising tsa KGB kwa Kant. Nikolai o tlhalosa se se neng sa direga jaana: “Lepodise le ne la mpotsa gore re tsaya kae dikgatiso tsa rona. Ke ne ka mmolelela gore re di tsaya kwa Brooklyn. A ne a mo  felela a le tlhaeng. O ne a re ke tsamaye, mme ga a ise a boe a mpitse gape.” Basupi bano ba ba pelokgale ba ne ba tswelela ba rera dikgang tse di molemo kwa lefelong le ke neng ke nna kwa go lone kwa bokone jwa Kyrgyzstan. Mosadi wa me e bong Mairambubu ke ene wa ntlha mo lelapeng la rona go utlwa dikgang tseno tse di molemo.

MOSADI WA ME O AMOGELA BOAMMAARURI

Mairambubu o tswa kwa Kgaolong ya Naryn kwa Kyrgyzstan. Ke kopane le ene ka August 1974 fa a ne a etetse kgaitsadiake. Ke ne ka mo rata fela ke simolola go mmona, mme re ne ra nyalana lone letsatsi leo.

Apun Mambetsadykova

Ka January 1981, Mairambubu o ne a le mo beseng a ya kwa marekisetsong fa a ne a utlwa puisano e ke buileng ka yone kwa tshimologong ya setlhogo seno. O ne a batla go utlwa mo go oketsegileng, ka jalo, o ne a botsa mosadi yoo gore ke mang le gore o nna kae. O ne a mmolelela gore leina la gagwe ke Apun mme gone ga a ka a mmolelela gore o nna kae ka gonne ka bo1980, tiro ya Basupi e ne e sa ntse e thibetswe. Go na le moo, o ne a kopa mosadi wa me gore a mo fe aterese ya gagwe. Mairambubu o ne a fitlha kwa gae a itumetse tota.

O ne a re: “Ke utlwile dikgang tse di monate. Mosadi mongwe o mpoleletse gore go ise go ye kae, batho ga ba kitla ba tlhola ba swa. Tota le diphologolo tse di bogale di tla nna bokgwabo.” Nna ke ne ke akanya gore ke tlhamane fela. Ke ne ka re: “A re emele gore a re etele gore a kgone go re tlhalosetsa mo go oketsegileng.”

Apun o ne a re etela morago ga dikgwedi tse tharo. Morago ga moo o ne a nna a re etela, mme o ne a tla le Basupi ba Ba-Kyrgyz. Bokgaitsadi bano ba ne ba re ruta boammaaruri ka Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe ka batho. Ba ne ba re balela buka ya setlhogo se se reng From Paradise Lost to Paradise Regained. * E re ka go ne go na le khopi e le nngwe fela ya buka eno ka Se-Tokmok, re ne ra e kwalolola ka seatla.

Selo sa ntlha se re neng ra se ithuta ke boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15. Boporofeti jono bo tla diragadiwa ke Kgosi ya Bomesia e bong Jesu. Molaetsa ono o botlhokwa, ka jalo batho botlhe ba tshwanetse go o utlwa. Ke gone ka moo rotlhe re tshwanetseng go nna le seabe mo tirong ya go rera. (Math. 24:14) Go ise go ye kae, Baebele e ne ya simolola go fetola botshelo jwa rona.

DIPOKANO LE KOLOBETSO DI THIBETSWE

Mokaulengwe mongwe wa kwa Tokmok o ne a re  laletsa kwa lenyalong. Nna le mosadi wa me re ne ra lemoga gore Basupi ba farologane le batho ba bangwe. Go ne go se na bojalwa e bile sengwe le sengwe se ne se rulagane sentle. Lenyalo leo le ne le farologane thata le manyalo a re kileng ra ya kwa go one ka gonne kwa manyalong ao, batho ba ne ba nwa thata, ba sa itshware sentle e bile ba dirisa puo e e leswe.

Gape re ne ra ya dipokanong kwa Tokmok. Di ne di tshwarelwa kwa sekgweng fa maemo a bosa a siame. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba itse gore mapodise a re beile leitlho, ka jalo, go ne go kopiwa mokaulengwe mongwe gore a dise. Mariga re ne re kopanela mo ntlong. Mapodise a ne a tla makgetlo a le mmalwa mme ba re botsa gore re dira eng. Nna le mosadi wa me re ne ra kolobediwa mo Nokeng ya Chüy ka July 1982, mme gone, bakaulengwe ba ne ba le kelotlhoko tota. (Math. 10:16) Bakaulengwe ba ne ba tla kwa sekgweng ka ditlhopha tse dinnye. Re ne ra opela pina ya Bogosi re bo re reetsa puo ya kolobetso.

GO OKETSA BODIREDI JWA RONA

Ka 1987, mokaulengwe mongwe o ne a nkopa gore ke etele mongwe yo o kgatlhegang kwa toropong ya Balykchy. Fa re ya koo, re ne ra tsamaya diura di le nnê ka terena. Fa re sena go rera kwa toropong eo makgetlo a le mmalwa, re ne ra lemoga gore batho ba le bantsi ba toropo eo ba ne ba rata boammaaruri. Eno e ne e le tshono ya gore re oketse bodiredi jwa rona.

Nna le Mairambubu re ne re rata go etela kwa Balykchy. Re ne re ya gantsi ka mafelobeke, re ya bodireding e bile re tshwara dipokano. Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go bala dikgatiso tsa rona. Re ne re tsenya dikgatiso mo kgetsing e e tsenyang ditapole. Kgwedi le kgwedi re ne re tsamaya ka dikgetsi tse pedi di tletse dikgatiso, le fa go ntse jalo, gantsi di ne di fela ka bonako. Gape re ne re rerela batho mo tereneng fa re ya le fa re boa kwa Balykchy.

Morago ga dingwaga di le robedi re ntse re rera kwa toropong eo, go ne ga tlhomiwa phuthego ka 1995 kwa Balykchy. Go tswa kwa Tokmok go ya go rera kwa Balykchy go ne go tlhoka madi a mantsi. E re ka re ne re sena madi, mokaulengwe mongwe o ne a tlhola a re naya madi gore re kgone go duelela maeto ao. Jehofa o ne a bona gore re batla go oketsa bodiredi jwa rona, ka jalo o ne a re bulela “dikgoro tsa morwalela tsa magodimo.” (Mal. 3:10) Eleruri, dilo tsotlhe di a kgonega mo go Jehofa!

GO TSHWAREGA MO LAPENG LE MO BODIREDING

Ka 1992, ke ne ka tlhomiwa go nna mogolwane, ke ne ke le mogolwane wa ntlha wa Mo-Kyrgyz mo nageng ya rona. Mo phuthegong ya rona kwa Tokmok, go ne ga nna le ditshono tse dingwe tsa go oketsa bodiredi jwa rona. Re ne re ithuta Baebele le bana ba ba tsenang sekolo ba le mmalwa ba Ba-Kyrgyz. Gone jaanong mongwe wa bone ke leloko la Komiti ya Lekala, mme ba bangwe ba babedi ke babulatsela ba ba kgethegileng. Gape re ne re dira ka natla go thusa ba bangwe mo phuthegong. Ka bo1990, re ne re dirisa dikgatiso tsa Se-Russia e bile dipokano di ne di tshwarwa ka puo eo. Mme gone, batho ba le bantsi mo phuthegong ba ne ba bua Se-Kyrgyz. Ka jalo, ke ne ke ba tolokela, mme seno se ile sa ba thusa go tlhaloganya boammaaruri.

Ke na le mosadi wa me le bana ba rona ba le robedi ka 1989

Gape nna le mosadi wa me re ne re tshwaregile ka go godisa bana ba rona. Re ne re tsamaya le bone  kwa bodireding le kwa dipokanong. Morwadiarona yo o neng a na le dingwaga di le 12 e bong Gulsayra o ne a rata go tlotla le batho ba ba fetang mo mmileng ka Baebele. Mme bana botlhe ba rona ba ne ba rata go tshwarelela ditemana ka tlhogo. Ka ntlha ya seo, bana ba rona le ditlogolo tsa rona ba ne ba na le seabe ka botlalo mo ditirong tsa phuthego. Gone jaanong bana le ditlogolo tsa rona ba le 16 ba direla Jehofa mme ba bangwe bone ba nna gone kwa dipokanong le batsadi ba bone.

DIPHETOGO TSE DIKGOLO

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ba ileng ba simolola tiro ya go rera mo lefelong leno ka bo1950, ba ne ba tla itumela tota go bona kafa phuthego ya ga Jehofa mo lefelong leno e godileng ka gone. Fa e sale go tloga ka bo1990, re na le kgololesego ya go rera dikgang tse di molemo le go kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

Ke na le mosadi wa me mo bodireding

Ka 1991, nna le mosadi wa me re ne ra ya kopanong ya kgaolo lekgetlho la ntlha e e neng e tshwaretswe kwa Alma-Ata e gone jaanong e bidiwang Almaty kwa Kazakhstan. Mme ka 1993, bakaulengwe ba mo Kyrgyzstan ba ne ba tshwara kopano ya kgaolo kwa setadiamong sa Spartak kwa Bishkek. Baboledi ba ne ba dira ka natla go phepafatsa setadiamo beke pele ga kopano. Mookamedi wa setadiamo seo o ne a itumeletse tiro ya rona thata mo a neng a re ga re tlhoke go se duelela.

Ka 1994 re ne ra itumela tota fa re ne re amogela kgatiso ya ntlha ka Se-Kyrgyz. Gone jaanong, setlhopha sa thanolo kwa ofising ya lekala kwa Bishkek se ranolela dikgatiso di le mmalwa mo puong ya Se-Kyrgyz. Ka 1998, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya kwadisiwa semolao mo Kyrgyzstan. Gone jaanong, go na le baboledi ba ka nna 5 000 mo nageng eno. Go na le diphuthego di le 83 le ditlhopha di le 25 tsa puo ya Se-China, Seesemane, Se-Kyrgyz, Se-Russia, Puo ya diatla ya Se-Russia, Se-Turkish, Se-Uighur le Se-Uzbek. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang ba ditso tse di farologaneng ba direla Jehofa ba le seoposengwe. Jehofa ke ene a dirileng gore seno sotlhe se kgonege.

Eleruri Jehofa o fetotse botshelo jwa me. Ke goletse mo lelapeng la maemo a a kwa tlase e bile ke tsene sekolo dingwaga di le tlhano fela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nthusa gore ke nne mogolwane e bile o ne a nthusa gore ke rute batho ba ba rutegileng Baebele. Eleruri, Jehofa o dira dilo tse di gakgamatsang. Dilo tse di diregileng mo botshelong jwa me di ntlhotlheletsa gore ke tswelele go bolelela ba bangwe ka Jehofa, ene yo o kgonang go dira “dilo tsotlhe.”—Math. 19:26.

^ ser. 21 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.