RRE e bong Arthur o ne a rata Modimo, ka jalo, o ne a batla go nna moruti wa kereke ya Methodist. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola mogopolo fa a ne a simolola go bala dikgatiso tsa Baithuti ba Baebele le go kopanela mmogo le bone. O ne a kolobediwa ka 1914 a na le dingwaga di le 17. Ka nako eo, Ntwa ya Lefatshe I e ne e fagile, mme o ne a bilediwa kwa sesoleng. O ne a atlholelwa dikgwedi di le lesome kwa kgolegelong ya Kingston e e kwa Ontario, Canada, ka gonne a ne a gana go tshola dibetsa. Fa a sena go gololwa, o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng e le morekisi wa dibuka (mmulatsela).

Ka 1926, Rre o ne a nyala Hazel Wilkinson, yo mmagwe a neng a ithuta boammaaruri ka 1908. Ke ne ka tsholwa ka April 24, 1931. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le banê mme nna ke wa bobedi. Re ne re rata go obamela Jehofa mme tsela e Rre a neng a rata Baebele ka yone, e ne ya dira gore le rona re e rate fela thata. Ka metlha re ne re rera ka ntlo le ntlo re le lelapa.—Dit. 20:20.

RE ETSA RRE KA GO SE TSEYE LETLHAKORE LE GO NNA BABULATSELA

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya runya ka 1939 mme ka 1940, tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera e ne ya thibelwa kwa Canada. Dikolo tsa puso di ne di dira meletlo ya setšhaba e mo go yone go neng go dumedisiwa folaga e bile go opelwa pina ya setšhaba. Fa seno se ne se direga, nna le kgatsadiake e bong Dorothy, re ne re tswela kwa ntle ga tlelase. Letsatsi lengwe, morutabana o ne a leka go ntsenya matlho ka go nthaya a re ke legatlapa. Morago ga sekolo, bana ba ke tsenang tlelase le bone ba ne ba mpetsa gore ke bo ke wele fa fatshe. Seo se ne sa dira gore ke ikemisetse le go feta gore ke tla “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Dit. 5:29.

 Ke ne ka kolobediwa mo tankeng ya metsi kwa polasing nngwe ka July 1942, fa ke na le dingwaga di le 11. Ngwaga le ngwaga ka malatsi a sekolo a boikhutso, ke ne ke nna mmulatsela wa nakwana (mmulatsela yo o thusang). Ngwaga mongwe ke ne ka tsamaya le bakaulengwe ba bararo go ya go rerela batho ba ba remang ditlhare kwa tshimong e e kwa thoko kwa Ontario.

Ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha ka May 1, 1949. E re ka go ne go dirwa tiro ya go aga kwa lekaleng la Canada, ke ne ka kopiwa go ya go thusa mme ka nna leloko la Bethele ka December 1. Ke ne ka abelwa go direla kwa bogatisetsong mme ka ithuta go dirisa motšhine o o gatisang. Ke ne ke bereka bosigo dibeke di le mmalwa, re gatisa pampitshana e e neng e bua ka pogiso e batho ba ga Jehofa ba neng ba lebane le yone kwa Canada.

Moragonyana fa ke ne ke bereka kwa Lefapheng la Tirelo, ke ne ka botsolotsa babulatsela ba ba neng ba etetse ofisi ya lekala. Ba ne ba ya go direla kwa Quebec e kwa go yone Basupi ba neng ba ganediwa thata. Mongwe wa bone e ne e le Mary Zazula yo o tswang kwa Edmonton, Alberta. Batsadi ba gagwe ba ba tsenang kereke ya Orthodox, ba ne ba leleka ene le mogolowe e bong Joe kwa gae ka gonne ba ne ba gana go tlogela go ithuta Baebele. Ba ne ba kolobediwa ka June 1951 mme morago ga dikgwedi di le thataro ba ne ba nna babulatsela. Fa ke ntse ke ba botsolotsa, ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e Mary a ratang Modimo ka yone. Ke ne ka ipolelela jaana: ‘Fa dilo tsotlhe di ka tsamaya sentle, ke tla nyala lekgarebe leno.’ Re ne ra nyalana morago ga dikgwedi di le robonngwe ka January 30, 1954. Beke morago ga moo, re ne ra thapisediwa tiro ya potologo mme re ne ra fetsa dingwaga di le pedi re potologa kwa Ontario.

E re ka tiro ya go rera e ne e gola, go ne go tlhokega barongwa ba ba oketsegileng. Re ne ra ipolelela gore fa re ile ra kgona go itshokela serame sa mariga a mo Canada le mentsane e e tshwenyang ka selemo, re ne re tla kgona go itshokela kabelo epe fela. Re ne ra aloga mo tlelaseng ya bo27 ya Sekolo sa Gileade ka July 1956, mme ka November re ne ra ya kwa kabelong ya rona kwa Brazil.

TIRELO YA BORONGWA KWA BRAZIL

Fa re goroga kwa ofising ya lekala ya kwa Brazil, re ne ra tshwanelwa ke go ithuta Sepotokisi. Fa re sena go ithuta ditumediso le go tshwarelela puisano ya motsotso o le mongwe ka puo eo, re ne ra simolola go ya bodireding. Re ne ra kgothalediwa gore fa mong wa ntlo a bontsha kgatlhego, re mo balele temana e e tlhalosang gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa Bogosi Jwa Modimo bo busa. Mo letsatsing la ntlha fa re rera, mosadi mongwe o ne a re reetsa ka tlhoafalo, ka jalo ke ne ka mmalela Tshenolo 21:3, 4 go tswa foo ke bo ke idibala. Ke ne ke ise ke tlwaele maemo a bosa a koo e re ka go ne go le mogote e bile go le bongola, mme ke ne ka tswelela ke na le bothata jono.

 Re ne re abetswe go ya go direla kwa toropong ya Campos, e gone jaanong e nang le diphuthego di le 15. Fa re goroga, go ne go se na phuthego mme go ne go na le setlhopha se le sengwe fela le legae la barongwa. Go ne go nna bokgaitsadi ba le banê kwa go lone e bong Esther Tracy, Ramona Bauer, Luiza Schwarz le Lorraine Brookes (jaanong ke Lorraine Wallen). Tiro ya me mo legaeng leo e ne e le go tlhatswa diaparo le go rwalela dikgong. Bosigo bongwe fa re sena go tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo, re ne ra nna le moeng yo o sa lalediwang. Mosadi wa me o ne a ikhuditse mo sofeng fa re ntse re tlotla ka ditiragalo tsa letsatsi. Fa a re o a ema, go ne ga tswa noga mme e ne ya baka khuduego mo tlung go fitlha ke e bolaya!

Morago ga ngwaga ke ntse ke ithuta Sepotokisi, ke ne ka abelwa go nna molebedi wa potologo. Re ne re tshela botshelo jo bo sa reng sepe kwa magaeng, go se na motlakase, re robala mo fatshe e bile re tsaya maeto ka karaki ya dipitse. Nako nngwe fa re ya go rera kwa tshimong e e kwa thoko, re ne ra tsamaya ka terena go ya kwa toropong nngwe e e mo dithabeng mme ra nna mo ntlong e e hirisiwang. Ofisi ya lekala e ne ya re romelela dimakasine di le 800 tse re ka di dirisang mo bodireding. Re ne ra tshwanelwa ke go boaboa kwa posong gore re tseye dibokose tsa dimakasine mme re di ise kwa re nnang gone.

Ka 1962, go ne ga nna le Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se se neng se diretswe barongwa. Ke ne ka abelwa go ruta mo sekolong seo mo mafelong a a farologaneng mme Mary o ne a setse. Ke ne ka ya kwa toropong ya Manaus, Belém, Fortaleza, Recife le Salvador. Ke ne ka rulaganya kopano ya kgaolo kwa Holong e e itsegeng ya baopedi ya kwa Manaus. Dipula tsa matlakadibe di ne tsa kgotlhela metsi mme tsa senya lefelo le go jelwang mo go lone. (Ka nako eo, go ne go apewa kwa dikopanong.) Ke ne ka ikgolaganya le sesole, mme modiredi mongwe yo o pelonomi o ne a ithaopela go re naya metsi e bile o ne a romela masole gore ba tlhome ditente tse pedi, e nngwe re ne re apeela mo go yone mme e nngwe go ne go jelwa mo go yone.

Ka nako eo, Mary ene o ne a rera kwa mafelong a kgwebo a go buiwang Sepotokisi kwa go one, mme batho ba koo ba ne ba bua ka madi fela. Ba ne ba sa batle go utlwa sepe ka Baebele, ka jalo o ne a raya bakaulengwe bangwe ba kwa Bethele a re: “Le fa go ka tweng nka se tsamaye ke rate go nna kwa Portugal.” Re ne ra gakgamala fa moragonyana re kopiwa go ya go direla kwa Portugal. Ka nako eo, tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe koo. Mme gone, re ne ra amogela kabelo eo le fa gone kwa tshimologong Mary a ne a gakgametse.

GO DIRELA KWA PORTUGAL

Re ne ra goroga kwa Lisbon, Portugal, ka August 1964. Mapodise a mo sephiring a kwa Portugal (PIDE) a ne a bogisa bakaulengwe ba rona. Ka ntlha ya seno, fa re goroga ga re a ka ra amogelwa ka tsela epe e e kgethegileng e bile ga re a ka ra ikgolaganya  le Basupi ba koo. Re ne ra nna mo ntlong ya baeng fa re sa ntse re letetse di-visa tsa rona. Fa re sena go di newa, re ne ra hira folete. Kgabagare ka January 1965, re ne ra ikgolaganya le ofisi ya lekala. Re ne re itumetse tota fa re ne re kgona go ya dipokanong lekgetlo la ntlha morago ga dikgwedi di le tlhano!

Re ne ra utlwa gore mapodise a ne a phuruphutsa matlo a bakaulengwe letsatsi le letsatsi. Dipokano tsa phuthego di ne di tshwarelwa mo magaeng a bakaulengwe e re ka Diholo Tsa Bogosi di ne di tswadilwe. Basupi ba le bantsi ba ile ba isiwa kwa diteisheneng tsa mapodise gore ba botsolodiwe. Bakaulengwe ba ne ba tshwarwa makgwakgwa ka gonne mapodise a ne a batla gore ba ba bolelele maina a batho ba ba tshwarang dipokano. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe ba ne ba simolola go bitsana ka maina, ka sekai, José kgotsa Paulo, go na le go bitsana ka difane. Ka jalo, le rona re ne ra dira jalo.

Selo sa botlhokwa mo go rona e ne e le go naya bakaulengwe dikgatiso. Kabelo ya ga Mary e ne e le go kwala ditlhogo tsa thuto ya Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe mo pampireng e e kgethegileng e e neng e tsenngwa mo motšhineng o o dirang dikhopi.

GO FEMELA DIKGANG TSE DI MOLEMO KWA KGOTLATSHEKELONG

Ka June 1966, go ne ga nna le kgetsi e e kgethegileng kwa Lisbon. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 49 ba phuthego ya Feijó ba ne ba latofadiwa ka go tshwara pokano e e seng kafa molaong kwa legaeng la mongwe. Ke ne ka ba thusa go ipaakanyetsa go botsolodiwa ka go itira moatlhodi yo o tla ba botsolotsang. Re ne re itse gore re ka se fenye, mme gone, kgetsi eno e ne e tla dira gore re neele bosupi. Mmueledi wa rona o ne a wetsa kgang ya gagwe ka go nopola mafoko a ga Gamaliele wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Dit. 5:33-39) Kgetsi eno e ne ya phasaladiwa mo metsweding ya tshedimosetso, mme bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba le 49 ba ne ba newa dikatlholo tse di farologaneng go tloga ka malatsi a le 45 go ya go dikgwedi di le tlhano le halofo kwa kgolegelong. Se se itumedisang ke gore mmueledi wa rona yo o pelokgale o ne a amogela thuto ya Baebele e bile o ne a ya dipokanong pele a tlhokafala.

Ka December 1966, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa lekala mme ke ne ke fetsa nako e ntsi ke bereka ka dikgang tsa molao. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itirela leina le le molemo gore ba kgone go obamela ba gololesegile. (Bafil. 1:7) Re ne ra newa kgololesego eo ka December 18, 1974. Mokaulengwe Nathan Knorr le Frederick Franz go tswa kwa ntlokgolo, ba ne ba etela Portugal go tla go itumela le rona kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Oporto le kwa Lisbon mme batho botlhe ba ba neng ba le gone kwa mafelong ano ka bobedi ba ne ba le 46 870.

Jehofa o ne a re thusa go nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go rera kwa ditlhaketlhakeng di le mmalwa tse di akaretsang Azores, Cape Verde,  Madeira, São Tomé le Príncipe tse kwa go tsone go buiwang Sepotokisi. Re ne ra wetsa tiro ya go tlhabolola ofisi ya lekala ka 1988. E ne ya neelwa ke Mokaulengwe Milton Henschel mo go one ngwaga oo ka April 23 mme mo pokanong eo go ne go na le batho ba le 45 522 ba ba neng ba itumetse tota. Se se itumedisang le go feta ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 20 ba e neng e kile ya nna barongwa mo Portugal, ba ne ba le teng mo pokanong eo e e sa lebalesegeng.

RE SOLEGETSWE MOLEMO KE DIKAI TSA BATHO BA BA IKANYEGANG

Go itsalanya le bakaulengwe ba ba ikanyegang go re thusitse thata. Ke ne ka ithuta sengwe sa botlhokwa mo go Mokaulengwe Theodore Jaracz ka nako ya fa re ne re etetse lekala lengwe. Lekala leo le ne le lebane le bothata bongwe jo bo masisi, mme Komiti ya Lekala e ne e dirile sotlhe se e ka se kgonang go rarabolola bothata joo. Mokaulengwe Jaracz o ne a dira gore ba wele makgwafo ka go ba raya a re: “Jaanong ke nako ya gore lo letle moya o o boitshepo gore o dire.” Nako nngwe fa re ne re etetse ntlokgolo, nna le Mary re ne ra itisa le Mokaulengwe Franz le ba bangwe. Fa a ne a kopiwa gore a bue sengwe ka dingwaga tse a di feditseng mo tirelong ya ga Jehofa, o ne a re: “Kakantsho ya me ke eno: Tswelela o le mo phuthegong ya ga Jehofa le fa go ka nna thata jang. Ke yone fela e dirang tiro e Jesu a laetseng barutwa ba gagwe go e dira e leng tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.”

Nna le mosadi wa me re itumelela go nna mo phuthegong ya ga Jehofa. Re a itumela fa re gopola nako ya fa re ne re etela makala. Maeto ao a ne a re thusa go bontsha gore re anaanela tirelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang, ba basha le ba bagolo, le go ba kgothatsa gore ba tswelele ba direla Jehofa.

Go setse go fetile dingwaga tse dintsi mme re setse re tsofetse. Mary o na le mathata a mantsi a botsogo. (2 Bakor. 12:9) Diteko tse re lebaneng le tsone di ile tsa nonotsha tumelo ya rona e bile tsa dira gore re ikemisetse go nna re ikanyega. Fa re akanya ka botshelo jwa rona, re kgona go lemoga sentle gore ruri Jehofa o ne a re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka ditsela tse dintsi. *

^ ser. 29 Douglas Guest o ne a tlhokafala a ikanyega mo go Jehofa ka October 25, 2015, fa setlhogo seno se ne se baakanyediwa gore se gatisiwe.