Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babulatsela bangwe e bong George Rollston le Arthur Willis ba tshela metsi mo enjineng ya koloi.—Northern Territory, 1933

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Ga go Na Tsela Epe E e Ka Palelang Basupi ba Gagwe”

“Ga go Na Tsela Epe E e Ka Palelang Basupi ba Gagwe”

KA March 26, 1937, banna ba babedi ba ba neng ba lapile ba ne ba tsamaya ka koloi ya bone e e tletseng lorole go ya kwa Sydney, Australia. Fa e sa le ba tswa kwa toropong eo, ba tsamaile dikilometera di feta 19 300 go ralala mafelo a kwa Australia a a tletseng maje e bile a le kgakala le kwa batho ba le bantsi ba leng teng. Ba ne ba sa ye kwa mafelong ao go ya go ja nala. Banna bano e bong Arthur Willis le Bill Newlands, e ne e le babulatsela ba ba tlhagafetseng ba ba neng ba ikemiseditse go ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo kwa mafelong a a kgakala a kwa Australia.

Go fitlha kwa bowelong jwa bo1920, Baithuti ba Baebele * ba le mmalwa ba ile ba rera thata mo ditoropong tse di gaufi le lewatle. Mo bogareng jwa naga eno go na le lefelo le legolo le go sa nneng batho ba le bantsi mo go lone e leng lefelo le le omeletseng le le ka lekanang le halofo ya naga ya United States. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba itse gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go neela bosupi ka ene “go ya [kwa] karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe” go akaretsa le mafelo a a kgakala a Australia. (Dit. 1:8) Mme ba ne ba tla kgona jang go dira tiro eno e e seng kana ka sepe? E re ka ba ne ba itse gore Jehofa o tla segofatsa tiro ya bone, ba ne ba ikemiseditse go dira sotlhe se ba ka se kgonang.

BABULATSELA BA SIMOLOLA GO RERA

Ka 1929, bakaulengwe ba kwa diphuthegong tsa Queensland le tse di kwa Western Australia ba ne ba baakanya dikoloi dingwe di le mmalwa gore ba tle ba kgone go di dirisa kwa mafelong a ba tlileng go rera kwa go one. Dikoloi tseo di ne di kgweediwa ke babulatsela ba ba nang le maatla ba ba nang le maitemogelo a go kgweetsa mo ditseleng tse di seng dintle gore fa di senyega ba tle ba kgone go di baakanya. Babulatsela bano ba ne ba ya kwa mafelong a mantsi a kwa go one go iseng go rerwe.

Babulatsela ba ba neng ba se na madi a go reka koloi ba ne ba ya kwa mafelong ao ka dibaesekele. Ka sekai, ka 1932, mokaulengwe Bennett Brickell yo o neng a na le dingwaga di le 23, o ne a tswa kwa Rockhampton, Queensland, mme o ne a fetsa dikgwedi di le tlhano a rera kwa mafelong a go sa nneng batho ba le bantsi kwa go one a a kwa bokone jwa Queensland. Mo baesekeleng ya gagwe, o ne a pegile dikobo, diaparo, dijo le dibuka di le dintsi. Fa maotwana a baesekele ya gagwe a fela, o ne a nna a tsamaya, a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo kaela. O ne a nna a kgarametsa baesekele ya gagwe dikilometara di ka nna 320 go ralala mafelo a mo go one banna ba  bangwe ba ileng ba bolawa ke lenyora. Mokaulengwe Brickell o ile a tsamaya dikilometara di le dintsi go ralala Australia ka baesekele, sethuthuthu le koloi dingwaga di feta 30. O ne a rerela Ba-Aborigine le go thusa gore go nne le diphuthego tse disha, mme a feleletsa a tlotlega thata kwa mafelong a a kgakala a Australia.

GO FENYA DIKGWETLHO

Australia ke nngwe ya dinaga tse di se nang batho ba le bantsi, mme go ntse jalo segolobogolo kwa mafelong a a kgakala le ditoropo. Ke ka moo batho ba ga Jehofa ba ikemiseditseng go ya go rerela batho kwa mafelong ano a a kgakala le ditoropo.

Babulatsela bangwe e bong Stuart Keltie le William Torrington le bone ba ne ba ikemiseditse go ya go rera kwa mafelong ao. Ka 1933, ba ne ba kgabaganya sekaka se se tletseng dithota tsa motlhaba se se bidiwang Simpson Desert gore ba ye go rera kwa toropong e e mo garegare ga Australia e e bidiwang Alice Springs. Fa koloi ya bone e sena go senyega e bile ba tshwanelwa ke go e tlogela, Mokaulengwe Keltie yo o neng a golafetse mme ka ntlha ya seo a dirisa leoto la logong, o ne a tswelela ka loeto lwa bone a pagame kamela. Babulatsela bano ba ne ba nna le diphelelo tse di molemo fa ba kopana le motsamaisi wa hotele nngwe kwa seteisheneng sa diterena se se kgakala le kwa batho ba le bantsi ba leng teng se se bidiwang William Creek. Motsamaisi yoo e bong Charles Bernhardt o ne a ithuta Baebele, a rekisa hotele ya gagwe a bo a nna mmulatsela a le nosi dingwaga di le 15 kwa mafelong a a omeletseng tota le a a kgakala thata mo Australia.

Arthur Willis o ipaakanyetsa go tsaya loeto a ya go rera kwa mafelong a a kgakala a Australia.—Perth, Western Australia, 1936

Babulatsela bao ba bogologolo ba ne ba tlhoka bopelokgale gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse dintsi tse ba neng ba lebane le tsone. Fa Arthur Willis le Bill Newlands ba go builweng ka bone kwa tshimologong ba ntse ba rera, ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka natla mo loetong lwa dikilometara di le 32 ka gonne dipula di ne tsa dira gore motlhaba e nne seretse. Ka dinako dingwe, mogote o ne o dira gore ba tshologe sethitho fa ba ntse ba kgarametsa koloi ya bone mo dithabeng tsa motlhaba le go ralala mafelo a a nang le maje le go kgabaganya dinoka tse di omeletseng. Gantsi koloi ya bone e ne e senyega ba bo ba tshwanelwa ke go tsamaya ka maoto kgotsa ka dibaesekele gore ba ye kwa toropong e e fa gaufi, mme fa ba le koo, ba bo ba nna dibeke ba emetse dilwana tse di tlhokegang gore ba baakanye koloi. Le fa maemo ao a ne a le thata, ba ne ba nna ba leba dilo sentle. Arthur Willis o ne a nopola mafoko a a kileng a kwalwa mo kgatisong ya The Golden Age, a bo a re: “Ga go na tsela epe e e ka palelang basupi ba Gagwe.”

Charles Harris yo o nang le lobaka lo loleele e le mmulatsela o ne a tlhalosa gore mathata a ba ileng ba lebana le one kwa mafelong a a kgakala le kwa batho ba le bantsi ba leng teng, a ile a dira gore a atamalane le Jehofa. O ne a re: “Go botoka go tshela ka go le gonnye. Fa Jesu a ne a iketleeleditse go robala kwa ntle fa go tlhokega, le rona re tshwanetse go iketleeletsa go dira se se tshwanang fa kabelo ya rona e tlhoka gore re dire jalo.” Babulatsela ba le bantsi ba ile ba dira jalo. E re ka ba ile ba dira ka natla, ba ile ba kgona go rerela batho ba le bantsi mo nageng eo le go thusa ba le bantsi gore ba emele Bogosi Jwa Modimo.

^ ser. 4 Baithuti ba Baebele ba ne ba ipitsa Basupi ba ga Jehofa ka 1931.—Isa. 43:10.