Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

Jehofa O a Re Golola

Jehofa O a Re Golola

“Lo bolele kgololego mo lefatsheng mo banning botlhe ba lone.”—LEFI. 25:10.

PINA 22 Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Batho ba dinaga dingwe ba keteka eng, mme Jubile e ne e le eng? (Bona Lebokoso le le reng “ Jubile E ne E le Eng?”) (b) Jesu o ne a bua ka eng mo go Luke 4:16-18?

MO DINAGENG dingwe, fa kgosi kgotsa kgosigadi e feditse dingwaga di le 50 e busa, go dirwa moletlo o mogolo. Gantsi ngwaga oo wa bo50 o bidiwa ngwaga wa jubile. Moletlo oo wa go keteka ngwaga wa jubile o ka tsaya letsatsi, beke kgotsa go feta mme moragonyana o a fela batho ba bo ba lebala ka one.

2 Baiseraele ba ne ba keteka Jubile ka ngwaga mongwe le mongwe wa bo50. Ngwaga oo e ne e le wa kgololesego. Goreng re tshwanetse go ithuta ka ngwaga wa Jubile wa Baiseraele? Ka gonne o re gopotsa thulaganyo nngwe e Jehofa a e dirileng gore re kgone go gololesega go ya go ile. Jesu le ene o ile a bua ka kgololesego eo.—Bala Luke 4:16-18.

Baiseraele ba ne ba itumela ka ngwaga wa Jubile ka gonne makgoba a ne a gololwa (Bona serapa 3) *

3. Go ya ka Lefitiko 25:8-12, Jubile e ne e tswela Baiseraele mosola jang?

3 Gore re kgone go tlhaloganya se Jesu a neng a bua ka sone fa a bua ka kgololesego, mma re simolole pele ka go tlotla ka thulaganyo ya Jubile e Jehofa a neng a e diretse Baiseraele. Jehofa o ile a raya Baiseraele a re: “Lo itshepise ngwaga wa bomasome a matlhano lo bo lo bolele kgololego mo lefatsheng mo banning botlhe ba lone. E tla nna Jubile mo go lona, mme lo busetse mongwe le mongwe kwa thuong ya gagwe lo bo lo busetse mongwe le mongwe kwa lelapeng la gagabo.” (Bala Lefitiko 25:8-12.) Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore Sabata e ne e solegela Baiseraele molemo. Mme Jubile yone e ne e ba tswela mosola jang? A re re Moiseraele o na le dikoloto tse dintsi a bo a rekisa lefatshe la gagwe gore a kgone go di duela. Ka ngwaga wa Jubile, o ne a tshwanetse go busediwa lefatshe la gagwe. O ne a tshwanetse go busediwa ‘thuo ya gagwe’  gore e nne boswa jwa bana ba gagwe. A re re Moiseraele yo mongwe ene o humanegile thata a bo a ithekisa kgotsa a rekisa ngwana wa gagwe go nna lekgoba gore a kgone go duela dikoloto tsa gagwe. Ka ngwaga wa Jubile, lekgoba leo le ne le gololwa le bo le boela kwa “lelapeng la gagabo.” Ka jalo, go ne go se na ope yo o neng a tla nna lekgoba go ya go ile. Thulaganyo eo e ne e bontsha gore Jehofa o rata batho ba gagwe.

4-5. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta ka Jubile?

4 Gape Jubile e ne e tswela Baiseraele mosola jang? Jehofa o ne a re: “Ope a se ka a humanega mo go lona, ka gonne ruri Jehofa o tla go segofatsa mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang go nna boswa gore o le rue.” (Dute. 15:4) Ga go a nna jalo gompieno ka gonne batho ba ba humileng ba huma le go feta mme ba ba humanegileng ba humanega le go feta.

5 Bakeresete ga ba ikobele Molao wa ga Moshe. Ka jalo, ga re tlhoke go ikobela molao wa Jubile wa gore re golole makgoba, re phimole dikoloto le gore re busetse batho mafatshe a bone. (Bar. 7:4; 10:4; Baef. 2:15) Mme gone, go botlhokwa gore re ithute ka Jubile. Ka ntlha yang? Ka gonne e re gopotsa se Jehofa a re diretseng sone go re golola mo boleong.

JESU O ILE A BUA KA KGOLOLESEGO

6. Batho ba tlhoka go gololwa mo go eng?

6 Rotlhe re tlhoka go gololwa ka gonne re makgoba a boleo. Boleo bo dira gore re lwale, re tsofale re bo re swa. Batho ba le bantsi ba lemoga gore seno se boammaaruri fa ba iteba mo seiponeng, kgotsa fa ba lwala mme ba tlhoka go ya kwa ngakeng. Gape fa re dira diphoso, re utlwa botlhoko. Moaposetoloi Paulo o ne a re ke “motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa [gagwe.]” Gape o ne a re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?”—Bar. 7:23, 24.

7. Isaia o ile a bolelela pele ka eng?

7 Jehofa o tla dirisa Jesu go re golola  mo boleong. Dingwaga di feta 700 pele Jesu a tla mo lefatsheng, moporofeti Isaia o ile a bolelelapele ka kgololesego nngwe. Kgololesego eo e ne e tla gaisa e Baiseraele ba neng ba nna le yone ka ngwaga wa Jubile. O ne a re: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa.” (Isa. 61:1) Boporofeti joo bo ne bo tla diragadiwa ke mang?

8. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo tla diragadiwa ke mang?

8 Boporofeti joo bo ile jwa simolola go diragadiwa fa Jesu a sena go simolola bodiredi jwa gagwe. Fa a ne a le kwa Nasaretha, o ile a balela Bajuda ba ba neng ba le kwa sinagogeng boporofeti joo jwa ga Isaia. O ne a re: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” (Luke 4:16-19) Jesu o ile a diragatsa boporofeti joo jang?

BATHO BA NTLHA GO GOLOLWA

Jesu o bua ka kgololesego kwa sinagogeng kwa Nasaretha (Bona serapa 8-9)

9. Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ne ba batla go gololwa mo go eng?

9 Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ile ba simolola go amogela kgololesego e moporofeti Isaia a neng a boleletse pele ka yone. Re itse jang? Fa Jesu a sena go bala boporofeti joo, o ne a re: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.” (Luke 4:21) Batho ba le bantsi ba ba neng ba reeditse Jesu ba ka tswa ba ne ba akanya gore o raya gore ba tla gololwa mo pusong ya Roma. Gongwe ba ne ba ikutlwa jaaka banna bangwe ba ba ileng ba re: “Re ne re solofetse gore monna yono e ne e le yo o neng a laoletswe go golola Iseraele.” (Luke 24:13, 21) Mme gone, re a itse gore Jesu o ne a sa kgothaletse balatedi ba gagwe gore ba tsuologele puso ya Roma. Go na le moo, o ile a ba raya a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara.” (Math. 22:21) Ka jalo, Jesu o ile a golola batho jang ka nako eo?

10. Jesu o ile a golola batho mo go eng?

10 Jesu o ne a tlile go golola batho mo dilong tse pedi. Sa ntlha, o ile a ba golola mo dithutong tsa maaka tsa baeteledipele  ba bodumedi. Bajuda ba le bantsi ka nako eo ba ne ba patelediwa go latela dingwao tsa batho le go dumela dithuto tsa maaka. (Math. 5:31-37; 15:1-11) Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tshwanetse go thusa batho go direla Jehofa. Mme ba ne ba sa kgone go dira seo ka gonne bone ka bobone ba ne sa direle Jehofa ka tsela e a e batlang. Ga ba a ka ba amogela Mesia le dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta. Ka jalo, ba ile ba tswelela ba le mo lefifing e bile Modimo ga a ka itshwarela maleo a bone. (Joh. 9:1, 14-16, 35-41) Jesu o ne a ruta boammaaruri e bile a tlhomela batho sekao se se siameng. Ka jalo, o ile a thusa batho ba ba boikokobetso gore ba lemoge gore ba ka gololesega jang mo dithutong tsa maaka.—Mar. 1:22; 2:23–3:5.

11. Jesu o re golola mo go eng gape?

11 Sa bobedi, Jesu o ile a dira gore batho ba kgone go gololesega mo bokgobeng jwa boleo. Jehofa o kgona go itshwarela batho botlhe ba ba nang le tumelo mo setlhabelong sa ga Morwawe. (Baheb. 10:12-18) Jesu o ne a re: “Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.” (Joh. 8:36) Eleruri, kgololesego eo e gaisa e Baiseraele ba neng ba nna le yone ka ngwaga wa Jubile. Ka sekai, Moiseraele yo o golotsweng ka ngwaga wa Jubile, o ne a ka boa a nna lekgoba gape. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore a o ne a tla boa gape e nna lekgoba kgotsa nnyaa, boammaaruri ke gore, o ne a tlile go feleletsa a sule. Kgololesego e Jesu a e nayang batho yone e tla nnela ruri.

12. Ke bomang ba ntlha go amogela kgololesego e Jesu a neng a bua ka yone?

12 Ka Pentekosete ya  33 C.E., Jehofa o ile a tlotsa baaposetoloi ba ga Jesu mmogo le banna le basadi bangwe ka moya o o boitshepo. O ne a ba tlotsa gore e nne bana ba gagwe gore ba tle ba buse le Jesu kwa legodimong mo nakong e e tlang. (Bar. 8:2, 15-17) Ke bone ba ntlha go amogela kgololesego e Jesu a ileng a bua ka yone kwa sinagogeng kwa Nasaretha. Batho bano e ne e sa tlhole e le makgoba a dithuto tsa maaka le dingwao tsa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Mo Modimong, ba ne ba setse ba golotswe mo boleong jwa ga Adame. Thulaganyo ya ga Jehofa ya go golola batho e ile ya simolola fa a ne a tlotsa balatedi ba ga Keresete ka 33 C.E. mme e tla fela kwa bowelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse  di Sekete. Go tla bo go setse go fitlheletswe eng ka nako eo?

GO SA NTSE GO TLA GOLOLWA BATHO BA LE BANTSI

13-14. Ke bomang gape ba ba ka amogelang kgololesego e Jesu a neng a bua ka yone?

13 Mo motlheng wa rona, batho ba le bantsi ba ba ratang Jehofa ke ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Jehofa ga a ba tlhopha gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. Baebele ya re ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. A o mongwe wa bone?

14 Fa go le jalo, go na le dilo dingwe tse o di itumelelang tse batlodiwa le bone ba di itumelelang. Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, o kgona go kopa Jehofa gore a go itshwarele fa o dirile diphoso. Seo se dira gore o atamalane le Modimo e bile o nne le kagiso ya mogopolo. (Baef. 1:7; Tshen. 7:14, 15) Gape o itumelela dilo di le dintsi ka gonne o golotswe mo dithutong tsa maaka. Jesu o ne a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Joh. 8:32) Eleruri seno se a re itumedisa.

15. Go tla diragalang mo nakong e e tlang?

15 Go sa ntse go na le masego a le mantsi a a larileng kwa pele. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o tlile go fedisa bodumedi jwa maaka le dipuso tsotlhe tsa batho. Jehofa o tlile go boloka ba “boidiidi  jo bogolo” mme ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshen. 7:9, 14) Ka nako eo, baswi ba tla tsosiwa mme batho botlhe ba ba ikobelang Jehofa ga ba kitla ba tlhola ba lwala, ba tsofala kgotsa ba swa.—Dit. 24:15.

16. Batho ba tla amogela kgololesego efe e e itumedisang mo nakong e e tlang?

16 Ka Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu le babusimmogo le ene ba tla thusa batho gore ba se ka ba tlhola ba lwala e bile ba tla ba thusa gore ba atamalane le Jehofa. Nako eo e tla bo e tshwana le ngwaga wa Jubile wa kwa Iseraele. Batho botlhe ba ba direlang Jehofa ba tla bo ba se na boleo.

Mo lefatsheng le lesha, re tla kgotsofalela tiro e re tla bong re e dira (Bona serapa 17)

17. Go ya Isaia 65:21-23, botshelo bo tla bo bo ntse jang mo nakong e e tlang? (Bona setshwantsho sa khabara.)

17 Isaia 65:21-23 e tlhalosa gore lefatshe le tla bo le ntse jang mo nakong e e tlang. (E bale.) Batho bangwe ba akanya gore re tla bo re dutse fela re sa dire sepe kwa paradaiseng. Mme ga go a nna jalo ka gonne Baebele ya re re tla bo re bereka. Kwa bowelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, “popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.

18. Re itse jang gore re tla itumelela botshelo mo nakong e e tlang?

18 Jehofa o ile a dira gore go nne le nako ya go bereka le ya go ikhutsa kwa Iseraele, mme o tlile go dira fela jalo ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Gape re tla nna le nako ya go obamela Jehofa. Go obamela Jehofa go dira gore re itumele mme go tla nna fela jalo le mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo, rotlhe re tlile go itumela ka gonne re tla bo re dira tiro e e itumedisang e bile re na le nako ya go obamela Jehofa.

PINA 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

^ ser. 5 Jehofa o ile a dira thulaganyo ya Jubile gore Baiseraele ba kgone go gololesega. Ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba tlhoke go ikobela Molao wa ga Moshe, mme gone, go ithuta ka thulaganyo eno go ka ba tswela mosola. Mo setlhogong seno, re tla ithuta ka thulaganyo ya Jubile ya kwa Iseraele. Gape re tla ithuta ka thulaganyo nngwe e Jehofa a re diretseng yone gore a re boloke.

^ ser. 61 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka ngwaga wa Jubile, makgoba a ne a gololwa a bo a boela gae.