Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”

“Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”

“O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—LUKE 23:43.

PINA: 145, 139

1, 2. Batho ba na le dikgopolo dife tse di farologaneng ka paradaise?

GO NE go ama pelo tota fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba boela gae morago ga kopano e e neng e tshwaretswe kwa Seoul, Korea. Bakaulengwe ba kwa toropong eo ba ne ba ba kokoanetse ba ba raya ba re: “Re tla kopana kwa Paradaiseng!” Ba ne ba bua ka paradaise efe?

2 Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka paradaise. Batho bangwe ba re paradaise ke toro fela. Ba bangwe ba re ke lefelo le ba nnang ba itumetse kwa go lone. Motho yo o bolawang ke tlala a ka nna a ipona a le mo paradaiseng fa a ntse mo tafoleng e e tletseng ka dijo. Dingwaga di le dintsi tse di fetileng mosadi mongwe o ne a bona lefelo lengwe le le nang le malomo a mantle a bo a re: “Tota seno ke paradaise!” Le gompieno lefelo leo le sa ntse le bidiwa Paradaise le fa gone le ratiwa ke kapoko. Wena o akanya gore Paradaise ke eng? A o dumela gore e tla nna teng?

3. Baebele e bua leng la ntlha ka paradaise?

3 Baebele e bua ka paradaise e e kileng ya bo e le teng le e e tla nnang teng mo nakong e e tlang. Baebele e bua la ntlha ka Paradaise mo go Genesise 2:8. Go ya ka Catholic Douay Version e e ranotsweng go tswa mo puong ya Selatine, temana eo ya re: “Morena Modimo o ne a dira paradaise ya boitumelo kwa tshimologong: a baya [Adame] yo a neng a mo bopile mo go yone.” (Mokwalo o  o sekameng ke wa rona.) Ka Sehebera ya re tshimo ya Edene. Edene e kaya “Boitumelo” mme boammaaruri ke gore tshimo eo e ne e itumedisa. Dijo e ne e le ntletsentletse, go le gontle e bile batho ba tshela ka kagiso le diphologolo.—Gen. 1:29-31.

4. Ke eng fa re ka re tshimo ya kwa Edene e ne e le paradaise?

4 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “tshimo” ka Segerika ke pa·raʹdei·sos. Cyclopaedia ya ga M’Clintock le Strong fa e bua ka pa·raʹdei·sos ya re: “Motho yo o buang Segerika fa a utlwa lefoko leno o akanya ka paraka e ntle le e e sireletsegileng e e nang le ditlhare tse di farologaneng tse di ntshang maungo e bile go na le melapo le bojang jo botala jo diphologolo di fulang mo go jone.”—Bapisa Genesise 2:15, 16.

5, 6. Batho ba ile ba latlhegelwa ke Paradaise jang mme go tsoga potso efe?

5 Modimo o ne a baya Adame le Efa mo paradaiseng. Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tshela lobaka lo loleele mo go yone ka gonne ba ile ba tlola molao wa Modimo. E ile ya latlhegela le bana ba bone. (Gen. 3:23, 24) Tshimo eo e ile ya tswelela e le gone go fitlha ka Morwalela wa nako ya ga Noa le fa go ne go sa nne ope mo go yone.

6 Batho bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘A lefatshe le tla tsamaya le nna Paradaise gape?’ Bosupi bo bontsha eng? Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshela mo Paradaiseng le batho ba o ba ratang, a o na le lebaka le le utlwang la gore seo se tla direga? A o ka tlhalosa gore ke eng fa o tlhatswegile pelo gore lefatshe e tla nna Paradaise?

SE SE BONTSHANG GORE LEFATSHE E TLA NNA PARADAISE

7, 8. (a) Modimo o ile a solofetsa Aborahame eng? (b) Se Modimo a ileng a se solofetsa Aborahame se ka bo se ile sa dira gore a akanye ka eng?

7 Re ka bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng ka gonne e kwadilwe ke Jehofa, ene yo o dirileng Paradaise. Akanya ka se a ileng a se bolelela tsala ya gagwe e bong Aborahame. O ne a mo solofetsa gore o tla ntsifatsa losika lwa gagwe gore lo nne “jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” Gape o ne a mo raya a re: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.” (Gen. 22:17, 18) Gape Modimo o ne a boeletsa tsholofetso eo mo go Isake le Jakobe.—Bala Genesise 26:4; 28:14.

8 Ga go na sepe mo Baebeleng se se bontshang gore Aborahame o ne a akanya gore batho ba ne ba tla bona masego ao kwa legodimong. Ka jalo, fa Modimo a ne a re “ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe” di tla segofadiwa, ga go pelaelo gore Aborahame o ne a itse gore seno se ne se tla direga mo lefatsheng. A bosupi jono ke bone fela bo bontshang gore paradaise e tla nna mo lefatsheng?

9, 10. Ke ditsholofetso dife tse di dirang gore re dumele gore lefatshe le tla nna paradaise?

9 Setlogolo sa ga Aborahame e bong Dafide o ne a bolelela pele gore mo nakong e e tlang, “badirabosula” le “ba ba dirang tshiamololo” ba tla bo ba seyo. Ka ntlha ya seo, “moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” (Pes. 37:1, 2, 10) Go na le moo, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Gape Dafide o ne a re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pes. 37:11, 29; 2 Sam. 23:2) O akanya gore mafoko ano a ile a ama jang batho ba ba neng ba batla go dira thato ya Modimo? Ga go pelaelo gore a ile a ba thusa go nna le tsholofelo ya gore fa go setse batho ba ba siameng fela mo lefatsheng, le tla boa le nna paradaise jaaka tshimo ya Edene.

10 Fa nako e ntse e tsamaya, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba tlogela go direla Jehofa mme ba simolola go obamela Medimo ya  maaka. Ka jalo, Modimo o ile a letla Bababelona gore ba ba tlhasele ba bo ba senya lefatshe la bone le go ba isa botshwarwa. (2 Ditir. 36:15-21; Jer. 4:22-27) Mme gone, baporofeti ba Modimo ba ile ba bolelela pele gore morago ga dingwaga di le 70, batho ba Modimo ba ne ba tla gololwa kwa botshwarwa. Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa mme le rona bo a re ama. Fa re ntse re tlotla ka jone, re tla nna re akantse ka paradaise e e tlang.

11. Isaia 11:6-9 e ile ya diragadiwa jang, mme go sala potso efe?

11 Bala Isaia 11:6-9. Modimo o ne a dirisa moporofeti Isaia go bolelela pele gore fa batho ba Gagwe ba boela kwa nageng ya bone, ba ne ba tla tshela ka kagiso e bile ba sireletsegile, ba sa tshabe diphologolo kgotsa batho ba ba bosula. A seno ga se dire gore o akanye ka maemo a a neng a le teng kwa tshimong ya Edene? (Isa. 51:3) Boporofeti joo bo ne bo re lefatshe lotlhe le tla “tlala ka kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle,” e seng setšhaba sa Iseraele fela. Seno se tla direga leng?

12. (a) Fa Baiseraele ba gololwa kwa botshwarwa, ba ile ba itumelela masego afe? (b) Ke eng se se bontshang gore boporofeti bongwe mo go Isaia 35:5-10 bo tla diragadiwa mo nakong e e tlang?

12 Bala Isaia 35:5-10. Gape Isaia o ne a tlhalosa gore fa batho ba Modimo ba boa kwa botshwarwa, ba ne ba se kitla ba boifa diphologolo le batho. Go ne go tla nna le metsi a mantsi, ka jalo lefatshe le ne le tla ungwa fela jaaka tshimo ya Edene. (Gen. 2:10-14; Jer. 31:12) A boporofeti jono bo ne bo tla diragadiwa ka nako ya Baiseraele fela? Ga go na sepe se se bontshang gore fa Baiseraele ba tswa botshwarwa ba ile ba fodisiwa ka kgakgamatso. Ka sekai, batho ba ba sa boneng ga ba a ka ba bona gape. Ka jalo Modimo o ne a bontsha gore o ne a tla fodisa batho mo nakong e e tlang.

13, 14. Bajuda ba ile ba bona go diragadiwa boporofeti bofe mo go Isaia 65:21-23, mme ke karolo efe ya jone e e tla diragadiwang mo nakong e e tlang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

13 Bala Isaia 65:21-23. Fa Bajuda ba boela kwa nageng ya bone, ga ba a ka ba fitlhela matlo a mantle le masimo a a lemilweng. Dilo di ne tsa fetoga fa nako e tsamaya ka gonne Modimo o ne a ba segofatsa. Ba ne ba itumela tota fa ba ne ba aga matlo ba bo ba nna mo go one. Ba ne ba jala masimo ba bo ba ja maungo a one.

14 Akanya ka ntlha nngwe ya botlhokwa ka boporofeti jono. A malatsi a rona a tla tsamaya a nna “jaaka malatsi a setlhare”? Ditlhare dingwe di tshela dingwaga di le dintsintsi. Batho ba ka kgona go tshela lobaka lo lo kalo fa fela ba itekanetse. Fa batho ba ka tshela mo maemong a Isaia a neng a a bolelela pele, seo se tla itumedisa tota. Eleruri seo e tla bo e le paradaise! Se se itumedisang ke gore boporofeti joo bo tlile go diragadiwa.

Tsholofetso ya ga Jesu ka Paradaise e tla diragadiwa jang? (Bona serapa 15 le 16)

15. Buka ya Isaia e ile ya bolelela pele gore go tlile go nna le masego afe?

15 Ke eng fa re ka swetsa ka gore dilo tse re sa tswang go tlotla ka tsone di tlile go diragadiwa mo nakong e e tlang? Ka gonne di tshwana le dilo tse di tla diragalang ko paradaiseng. Re tla tshela ka kagiso le diphologolo le batho. Batho ba ba sa boneng, ba ba sa utlweng mo ditsebeng le ba ba golafetseng ba tla fodisiwa. Batho ba tla aga matlo le go itumelela dijo. Ba tla tshela lobaka go gaisa ditlhare. Baebele e re solofetsa gore ditsholofetso tseo di tlile go diragadiwa mo nakong e e tlang. Mme gone, batho bangwe ba ka nna ba re boporofeti jono ga bo reye gore lefatshe e tla nna paradaise. O ne o tla ba araba jang? O na le lebaka lefe le le dirang gore o dumele gore lefatshe e tla nna paradaise? Jesu Keresete o re naya lebaka le le utlwalang.

 O TLA NNA MO PARADAISENG!

16, 17. Go tlile jang gore Jesu a bue ka Paradaise?

16 Le fa Jesu a ne a se na molato, o ile a atlholwa a bo a kokotelwa mo koteng le badirabosula bangwe ba Bajuda. Pele mongwe wa bone a tlhokafala, o ile a dumela gore Jesu ke kgosi, ka jalo o ile a mo kopa a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” (Luke 23:39-42) Tsholofetso e Jesu a ileng a e solofetsa monna yoo e e tlhagang mo go Luke 23:43 le rona e a re ama gompieno. Baithuti bangwe ba Baebele ba ranotse temana eno ba re: “Ammaaruri ke a go bolelela, gompieno o tla nna le nna mo Paradaiseng.” Mme Jesu o ne a kayang fa a ne a re “gompieno”? Batho ba le bantsi ba bua dikgopolo tse di farologaneng.

17 Dipuo di le dintsi gompieno di dirisa matshwao a puiso a a jaaka khoma go tlhalosa bokao jwa polelo. Mme gone, mo mekwalong ya bogologolo ya Segerika, matshwao a puiso a ne a sa dirisiwe thata. Ka jalo potso ke gore a Jesu o ne a re: “Ke a go bolelela, gompieno o tla nna le nna mo Paradaiseng”? kgotsa o ne a re: “Ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng”? Baranodi ba baya khoma mo pele kgotsa kwa morago ga lefoko “gompieno” go ya ka se ba akanyang gore Jesu a ka tswa a ne a se kaya. Mafoko ano a a dirisiwa le mo di Baebeleng tsa gone jaanong.

18, 19. Ke eng se se re thusang go tlhaloganya gore Jesu o ne a raya eng?

18 Mme gone, gopola gore pelenyana Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Morwa motho o tla nna mo pelong ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo.” Gape o ne a re: “Morwa motho o laoletswe go okelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya, mme ka letsatsi la boraro o tla tsosiwa.” (Math. 12:40; 16:21; 17:22, 23; Mar. 10:34) Moaposetoloi Petere o ile a bontsha gore seo se diragetse. (Dit. 10:39, 40) Ka jalo, Jesu le modirabosula ga ba a ka ba ya Paradaiseng ka letsatsi le ba neng ba tlhokafala ka lone. Jesu o ne a le mo lebitleng kgotsa mo “Hadese” go fitlha Modimo a mo tsosa mo losong.—Dit. 2:31, 32. *

19 Go a utlwala go swetsa ka gore tota Jesu o ne a raya modirabosula yoo a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno.” Batho ba ne ba tlwaetse go bua jalo, tota le ka nako ya ga Moshe. Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.”—Dute. 6:6; 7:11; 8:1, 19; 30:15.

20. Ke eng se se bontshang gore tsela e re tlhaloganyang mafoko a ga Jesu ka yone e boammaaruri?

20 Moranodi mongwe wa Baebele wa kwa Botlhabagare o ne a bua jaana ka mafoko a ga Jesu: “Lefoko la botlhokwa mo mafokong a ga Jesu ke ‘gompieno’ mme a tshwanetse go balega jaana: ‘Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.’ Jesu o ile a dira tsholofetso ka letsatsi leo mme e ne e tla diragadiwa mo nakong e e tlang.” Moranodi yoo o ne a re batho ba kwa lefelong leo ba ne ba tlwaetse go bua jalo mme seo se ne se bontsha gore motho o tla diragatsa se a se solofeditseng. Baebele ya Sesiria ya re: “Amen, gompieno ke a go raya, o tla nna le nna kwa Tshimong ya Edene.” Tsholofetso eo e a re kgothatsa.

21. Re itse jang gore modirabosula o ne a tlhaloganya gore Jesu o ne a mo solofetsa gore o tla tshela mo lefatsheng?

21 Modirabosula yoo o ne a sa itse gore Jesu o dirile kgolagano le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ya gore o tla busa le  bone kwa legodimong. (Luke 22:29) Gape o ne a sa kolobediwa. (Joh. 3:3-6, 12) Ka jalo, re ka swetsa ka gore Jesu o ne a mo solofetsa gore o tla tshela mo lefatsheng la paradaise. Dingwaga morago ga moo, moaposetoloi Paulo o ile a bona ponatshegelo ya monna yo o ileng a “phamolelwa kwa paradaiseng.” (2 Bakor. 12:1-4) Go farologana le modirabosula, Paulo le baaposetoloi ba ba ikanyegang ba tlhophilwe go ya go busa le Jesu kwa legodimong. A go ka direga gore paradaise e Paulo a neng a bua ka yone e tla nna gone le mo lefatsheng? * A o tla nna mo go yone?

SE O KA SE LEBELELANG

22, 23. Ke eng se o ka lebelelang gore se tla diragadiwa?

22 Gopola gore Dafide o ile a re “basiami ba tla rua lefatshe.” (Pes. 37:29; 2 Pet. 3:13) O ne a bua ka nako ya fa batho botlhe mo lefatsheng ba tla bo ba tshela ka melao ya Modimo. Isaia 65:22 ya re: “Fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo.” Seno se raya gore batho ba tla tshela dingwaga di le dintsintsi. A mme seo se tla direga? Ee ka gonne Tshenolo 21:1-4 ya re Modimo o tla nna le batho ba gagwe mme o solofetsa gore kwa lefatsheng le lesha, “loso lo tla bo lo seyo.”

23 Se Baebele e se buang ka Paradaise se a utlwala. Adame le Efa ba ile ba latlhegelwa ke Paradaise kwa tshimong ya Edene, mme gone, Modimo o re solofetsa gore lefatshe le tla nna Paradaise gape. Dafide o ile a re batho ba ba pelonolo le ba ba siameng ba tla rua lefatshe mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng. Boporofeti jwa ga Isaia bo dira gore re eletse go tshela mo maemong a a ntseng jalo. Mme gone go tla direga leng? Fa se Jesu a neng a se solofetsa modirabosula se diragadiwa. Le wena o ka nna mo Paradaiseng. Ka nako eo, mafoko ano a bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba a bua kwa kopanong ya kwa Korea a tla diragadiwa: “Re tla kopana kwa Paradaiseng!”

^ ser. 18 Porofesa C. Marvin Pate a re baithuti ba Baebele ba le bantsi ba dumela gore fa Jesu a ne a re “gompieno,” o ne a kaya gore o tla ya Paradaiseng ka letsatsi le a tlhokafetseng ka lone. A re bothata ke gore seo ga se dumalane le ditemana dingwe mo Baebeleng. Ka sekai, Baebele ya re fa Jesu a sena go swa, o ne a tsenngwa mo lebitleng mme moragonyana a ya legodimong.—Math. 12:40; Dit. 2:31; Bar. 10:7.

^ ser. 21 Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng ono.