Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

‘Jehofa o Ile a Dirisana le Rona ka Tsela e e Molemo’

‘Jehofa o Ile a Dirisana le Rona ka Tsela e e Molemo’

NNA le mosadi wa me, Danièle, re ne re sa tswa go goroga kwa hoteleng fa mosadi yo o amogelang baeng a mpolelela jaana: “Rra, ke kopa o founele mapodise a kwa molelwaneng.” Pelenyana ga moo, re ne re sa tswa go goroga kwa Gabon, naga e e kwa bophirima jwa Afrika, mme tiro ya rona e ne e thibetswe kwa nageng eo ka dingwaga tsa bo1970.

E re ka Danièle e ne e le motho yo o kelotlhoko, o ne a ntshebela jaana, “O se ka wa itshwenya, ba setse ba gorogile!” Go ne go na le koloi nngwe fa pele ga hotele. Metsotso e le mmalwa morago ga moo, re ne ra tshwarwa ke masole. Mme gone, e re ka Danièle a ile a ntlhagisa go sa le gale, ke ne ka kgona go naya mokaulengwe mongwe dipampiri dingwe tsa botlhokwa.

Fa re le mo tseleng go ya kwa seteisheneng sa mapodise, ke ne ka akanya kafa ke leng lesego ka gone go nna le mosadi yo o pelokgale yo o ratang Jehofa le phuthego ya gagwe. Leno e ne e le lengwe la makgetlo a mo go one nna le Danièle re ileng ra thusana thata. Mma ke go tlhalosetse gore ke eng se se ileng sa dira gore re etele dinaga tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone.

JEHOFA O NE A NTHUSA GO TLHALOGANYA BOAMMAARURI

Ke tsholetswe mo lelapeng la Bakatoliki ka 1930 kwa toropong e nnye kwa bokone jwa Fora e e bidiwang Croix. Lelapa la rona le ne le keteka Mmisa beke le beke e bile rre o ne a na le seabe se segolo mo kerekeng. Le fa go ntse jalo, fa ke na le dingwaga di ka nna 14, sengwe se ne sa dira gore ke bone gore dikereke di tletse boferefere.

Ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, masole a Jeremane a ne a gapile naga ya Fora. Kwa kerekeng, moruti o ne a re kgothaletsa gore re eme nokeng puso ya Banasi ya toropo ya Vichy. Seo se ne sa re gakgamatsa tota. Fela jaaka batho ba bangwe mo Fora, re ne re reetsa seteishene sa radio sa BBC mo sephiring, se se neng se bua ka dikgang tse di amanang le ntwa. Moragonyana, moruti o ne a fetoga mme a simolola go ema nokeng masole a a neng a le kgatlhanong le Banasi e bile o ne a rulaganya moletlo wa go tlotlomatsa kgatelopele e masole ao a neng a e dirile ka September 1944. Boitimokanyi jwa gagwe bo ne jwa nkgakgamatsa e bile bo ne jwa dira gore ke se ka ka tlhola ke tshepa baruti.

Nakonyana morago ga ntwa, rre o ne a tlhokafala. Kgaitsadiake o ne a setse a nyetswe mme a nna kwa Belgium, ka jalo, ke ne ka patelesega go tlhokomela mmê. Ke ne ka bona tiro nngwe e e molemo. Mothapi wa me le bomorwawe e ne e le Bakatoliki ba ba tlhagafetseng. Dilo di ne di ntsamaela sentle mo khampaning ya bone mme go ise go ye kae, ke ne ka lebana le kgwetlho nngwe.

 Kgaitsadiake e bong Simone yo e neng e sa tswa go nna Mosupi wa ga Jehofa, o ne a re etela ka 1953. O ne a dirisa Baebele go senola dithuto tsa maaka tsa Kereke ya Katoliki malebana le molelo wa dihele, Tharonngwe le go sa sweng ga moya. Kwa tshimologong, ke ne ka ganetsana le ene ke re ga a dirise Baebele ya Katoliki, mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore o bua boammaaruri. Moragonyana, o ne a ntlela dimakasine tsa bogologolo tsa Tora ya Tebelo, mme ke ne ke di bala ka tlhoafalo maitseboa. Ke ne ka lemoga gore se ke se balang ke boammaaruri; mme gone, ke ne ke tshaba gore fa nka nna Mosupi wa ga Jehofa, ke tla latlhegelwa ke tiro ya me.

Go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa ke ithuta Baebele le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo ke le nosi. Kgabagare, ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi. Lorato lo lo neng lo le gone mo phuthegong lo ne lwa nkama pelo. Fa ke sena go ithuta Baebele dikgwedi di le thataro le mokaulengwe mongwe, ke ne ka kolobediwa ka September 1954. Moragonyana, ke ne ka itumelela go bona mmê le nnake e nna Basupi.

GO IKAEGA KA JEHOFA MO TIRELONG YA NAKO E E TLETSENG

Ka maswabi, mmê o ne a tlhokafala dibeke di le mmalwa pele ga kopano ya boditšhabatšhaba ya 1958 kwa New York, le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go ya kwa go yone. Fa ke boa, ke ne ke sa tlhole ke na le maikarabelo a lelapa, ka jalo, ke ne ka tlogela tiro ya me ya boitshediso mme ka nna mmulatsela. Mo godimo ga moo, ke ne ka nyala kgaitsadi yo o tlhagafetseng e bong Danièle Delie ka May 1959.

Danièle o ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng kwa torotswaneng ya Brittany, e e neng e le kgakala le kwa gabone. O ne a tlhoka bopelokgale go rera mo lefelong leo la Bakatoliki le go tsamaya ka baesekele mo tikologong eo. Fela jaaka nna, o ne a itse gore tiro eno e potlakile; re ne re itse gore bokhutlo bo gaufi. (Math. 25:13) Moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo o ne wa re thusa gore re itshoke mo tirelong ya nako e e tletseng.

Ke ne ka abelwa go nna molebedi wa potologo malatsi a le mmalwa morago ga gore re nyalane. Re ne ra tlwaela go tshela botshelo jo bo motlhofo. Phuthego ya ntlha e re neng ra e etela, e ne e na le baboledi ba le 14 fela mme go ne go sa kgonege gore re gorogele mo magaeng a bone. Ka jalo, re ne ra robala mo materaseng mo seraleng sa Holo ya Bogosi. Gone go ne go se motlhofo go robala, mme gone, re ne ra itshokela boemo joo ka boipelo.

Re etetse diphuthego ka koloi ya rona e e nnye

Le fa gone re ne re tshwaregile, Danièle o ne a tlwaela kabelo eno motlhofo fela. Gantsi o ne a tlhoka go nkemela mo koloing fa re nna le dipokano tse di sa lebelelwang le bagolwane, mme gone, o ne a sa ngongorege. Re ne ra fetsa dingwaga tse pedi mo kabelong eo, mme e ne ya dira gore re bone kafa go leng botlhokwa ka gone gore banyalani ba buisane e bile ba dirisane mmogo.—Mor. 4:9.

GO AMOGELA DIKABELO TSE DISHA

Ka 1962, re ne ra lalediwa kwa tlelaseng ya bo37 ya Sekolo sa Gileade kwa Brooklyn e e neng e tsaya dikgwedi di le lesome. Go ne go na le baithuti ba le 100, mme banyalani ba ne ba le 13 fela, ka jalo, re ne ra go tsaya e le tshiamelo go nna gone kwa sekolong seo mmogo. Ke sa ntse ke gopola kafa re neng ra itumelela botsala ka gone le bakaulengwe ba ba nang le  tumelo e e nonofileng ba ba jaaka Frederick Franz, Ulysses Glass, le Alexander H. Macmillan.

Re itumeletse go ya Sekolong sa Gileade mmogo!

Ka nako ya tlelase, re ne ra kgothalediwa gore re nne batho ba ba kelotlhoko. Ka Matlhatso mangwe fa tlelase e fela, re ne ra ya go bontshiwa mafelo mangwe mo New York City. Ka Mantaga re ne re tlhoka go kwala pego ka dilo tse re di boneng. Gantsi ka Lamatlhatso maitseboa re ne re boa re lapile, mme gone, motho yo o re tsamaisang yo e neng e le leloko la Bethele, o ne a re botsa dipotso tse di tla re thusang go gopola dintlha tsa botlhokwa tsa pego ya rona ya Mantaga. Ka Matlhatso mangwe, re ne ra tsamaya thapama yotlhe mo toropong. Re ne ra etela lefelo lengwe la bobogedi kwa re neng ra ithuta ka matlapa a a wang go tswa kwa lefaufaung. Kwa musiamong mongwe wa ditiragalo tsa bogologolo, re ne ra ithuta kafa dikwena di farologanang ka gone. Fa re fitlha kwa Bethele, motho yo o re tsamaisang o ne a re botsa jaana, “A ko lo mpolelele, matlapa a a tswang kwa lefaufaung a farologana jang?” E re ka Danièle a ne a lapile, o ne a araba jaana: “A mangwe a na le meno a maleele!”

Re itumeletse go etela Bakeresetemmogo le rona kwa Afrika

Re ne ra gakgamala fa re abelwa kwa lekaleng la Fora kwa re neng ra direla gone dingwaga di feta 53. Ka 1976, ke ne ka tlhomiwa go nna morulaganyi mo Komiting ya Lekala e bile ka abelwa go etela dinaga dingwe kwa Afrika le kwa Middle East kwa tiro ya rona ya go rera e neng e thibetswe gone. Mo lekgetlong lengwe, re ne ra ya kwa Gabon, e leng kgang e ke neng ke tlotla ka yone kwa tshimologong. Go bua nnete fela, ke ne ke sa akanye gore ke tshwanelega go sikara maikarabelo ao. Le fa go ntse jalo, Danièle, o ne a nkema nokeng thata mo ke neng ka kgona go dira kabelo epe fela.

Ke toloka puo ya ga Mokaulengwe Theodore Jaracz kwa Kopanong ya “Tshiamiso ya Bomodimo” kwa Paris ka 1988

GO LEBANA LE TEKO E E BOIMA MMOGO

Go tloga fela kwa tshimologong, re ne re rata tirelo ya Bethele. E re ka Danièle a ne a ithutile Seesemane dikgwedi di le tlhano pele re ya kwa Gileade, o ne a nna moranodi yo o molemo. Re ne re itumelela tiro ya rona ya Bethele, mme gone, go nna le seabe mo ditirong tsa phuthego, go ne go re itumedisa le go feta. Ke gopola bosigo bongwe ke pagama terena ya kwa Paris le Danièle re lapile mme gone re itumeletse gore re ne re sa tswa go tshwara dithuto tsa Baebele tse di molemo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Danièle o ne a lwala mme a sa tlhole a le matlhagatlhaga jaaka pele.

Ka 1993, o ne a tshwarwa ke kankere ya mabele. Kalafi ya yone e ne e tlhoka karo. Dingwaga di le 15 moragonyana, o ne a tshwarwa ke kankere e nngwe e e maswe le go feta. Mme gone, o ne a rata kabelo ya gagwe ya go ranola thata jaana mo a neng a kgona go boela kwa go yone fa a ikutlwa botokanyana.

Le fa gone Danièle a ne a lwala thata, ga re ise re ko re akanye ka go tlogela Bethele. Mme gone, go lwala o le kwa Bethele go na le mathata mangwe, segolobogolo fa batho ba bangwe ba sa itse gore boemo jwa gago bo masisi go le kae. (Dia. 14:13) Tota le fa Danièle a setse a le mo bowelong jwa dingwaga tsa bo70, o ne a sa ntse a le montle e bile a na le seriti ka jalo, o ne a sa bontshe gore o a lwala. O ne a sa kgobega marapo. Go na le moo, o ne a tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe. O ne a itse gore go reetsa motho yo o nang le mathata go ka mo solegela molemo thata. (Dia. 17:17) Danièle o ne a sa itseye e le mogakolodi; mme gone, o ne a kgona go thusa  bokgaitsadi ba le bantsi gore ba se ka ba boifa kankere.

Gape re ne ra tshwanelwa ke go itshokela dikgwetlho dingwe tse disha. Fa Danièle a sa tlhole a kgona go ya tirong letsatsi le letsatsi, o ne a leka go nkema nokeng mo go oketsegileng. O ne a nthusa ka dilo di le dintsi, mme seo sa dira gore ke kgone go tswelela ke direla ke le morulaganyi mo Komiting ya Lekala dingwaga di le 37. Ka sekai, o ne a re baakanyetsa dijo mo kamoreng gore re kgone go nna mmogo nakonyana letsatsi le letsatsi.—Dia. 18:22.

GO LEPALEPANA LE GO TLHOBAELA

Danièle o ne a sa nke a tlhoma mogopolo mo dilong tse di kgobang marapo. Ka maswabi, o ne a tshwarwa ke kankere lekgetlo la boraro. Seo se ne sa re hutsafatsa thata. Kalafi ya kankere e ne ya mo fetsa maatla thata mo a neng a sa tlhole a kgona go tsamaya sentle. Ke ne ka tlhabega mo pelong fa mosadi wa me yo e neng e le moranodi yo o nang le bokgoni a ne a sa tlhole a kgona go akanya ka mafoko a a ka a buang.

Le fa gone re ne re le mo mathateng, re ne ra tswelela re rapela, re itse gore Jehofa a ka se re letle gore re boge go feta se re ka se itshokelang. (1 Bak. 10:13) Re ne re anaanela thuso e Jehofa a neng a re naya yone ka Baebele, bakaulengwe ba ba dirang kwa bookelong jwa Bethele le kemonokeng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

Gantsi re ne re kopa Jehofa gore a re thuse go tlhopha kalafi e e siameng. Nako nngwe, re ne ra palelwa ke go bona kalafi. Ngaka e e neng ya thusa Danièle dingwaga di le 23 e ne e sa kgone go tlhalosa gore ke eng fa Danièle a felelwa ke maatla nako le nako fa a sena go tsaya kalafi ya gagwe. O ne a sa itse gore go ka dirwa eng. Re ne re sa itse gore tota go tla felela jang. Le fa go ntse jalo, ngaka e nngwe ya kankere e ne ya dumela go thusa Danièle. Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o re neile kgoro ya botso.

Re ne ra ithuta go tsaya dilo kgato ka kgato. Jesu o ne a re: “Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” (Math. 6:34) Go leba dilo sentle le go tla re tshega nako le nako le gone go re thusitse. Ka sekai, fa Danièle a ne a feditse dikgwedi tse pedi a sa tseye kalafi ya gagwe e e botlhokwa, o ne a mpolelela jaana a tshameka: “Waitse ke eng, ke ikutlwa botoka thata go feta maloba!” (Dia. 17:22) Le fa gone a ne a boga, o ne a itumelela go opela dipina tse disha tsa Bogosi ka lentswe le le nonofileng.

Tsela e a lebang dilo ka yone e ne ya nthusa go itshokela mathata a me. Go bua nnete fela, mo dingwageng tse 57 tse re di feditseng re nyalane, o ne a ntirela sengwe le sengwe. O ne a sa batle le gore ke gadike mae! Ka jalo, fa a simolola go lwala, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go tlhatswa dijana, diaparo le go apaya dijo tse di motlhofo. Ke thubile dijana di le mmalwa, mme gone, ke itumeletse go mo direla dilo. *

KE LEBOGELA BOPELONOMI JWA GA JEHOFA

Fa ke akanya ka dilo tse di diragetseng, ke kgona go lemoga gore ke ithutile dilo tsa botlhokwa ka ntlha ya mathata a botsogo le botsofe a re ileng ra lebana le one. Sa ntlha, ga re a tshwanela go tshwarega thata mo re tlhokomologang molekane wa rona wa lenyalo. Re tshwanetse go dirisa ka botlalo nako ya fa re na le maatla gore re rate le go tlhokomela ba re ba ratang. (Mor. 9:9) Sa bobedi, ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka dilo tse dinnye ka gonne seo se ka dira gore re se ka ra lemoga masego a mantsi a re nang le one letsatsi le letsatsi.—Dia. 15:15.

Nako e re e feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng e dirile gore ke bone gore re segofaditswe ke Jehofa thata go feta se re neng re ka se akanya. Ke ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o neng a re: “Jehofa o [ntiretse] ka tsela e e tshwanetseng.”—Pes. 116:7.

^ ser. 32 Kgaitsadi Danièle Bockaert o ne a tlhokafala fa setlhogo seno se ntse se kwalwa. O ne a na le dingwaga di le 78.