Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi—Thusang Bana ba Lona Gore ba ‘Tlhalefe Mme ba Bone Poloko’

Batsadi—Thusang Bana ba Lona Gore ba ‘Tlhalefe Mme ba Bone Poloko’

“O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko.”—2 TIM. 3:15.

PINA: 130, 88

1, 2. Ke eng fa batsadi bangwe ba ka tshwenyega fa bana ba bone ba batla go ineela le go kolobediwa?

NGWAGA le ngwaga, baithuti ba Baebele ba le diketekete ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Ba le bantsi ba bone ke basha ba ba goletseng mo phuthegong e bile ba ile ba itlhophela tsela e e molemo ya botshelo. (Pes. 1:1-3) Fa e le gore o motsadi, ga go pelaelo gore o lebile pele go bona morwao kgotsa morwadio a kolobediwa.—Bapisa 3 Johane 4.

2 Mme gone, go ka tswa go na le dilo dingwe tse di go tshwenyang. Gongwe o ile wa bona basha bangwe ba kolobediwa, mme moragonyana ba bo ba simolola go belaela gore a go tshela ka melao ya Modimo go na le mosola. Tota e bile, bangwe ba ile ba tlogela phuthego. Ka jalo, o ka tswa o tshwenyegile gore gongwe ngwana wa gago a ka simolola sentle e le Mokeresete yo o ikanyegang mme moragonyana a bo a fetoga le go tlogela phuthego. A  ka nna a tshwana le bangwe ba kwa phuthegong ya Efeso ba Jesu a ileng a bua jaana ka bone: “O tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshen. 2:4) O ka dira eng go thusa ngwana wa gago gore a se ka a wela mo mathateng ao le gore a “gole go ya polokong”? (1 Pet. 2:2) Go bona karabo, mma re tlotle ka sekao sa ga Timotheo.

“O ITSILE MEKWALO E E BOITSHEPO”

3. (a) Go tlile jang gore Timotheo e nne Mokeresete, mme o ne a dirisa jang se a neng a se ithuta? (b) Paulo o ile a gakolola Timotheo ka dilo dife tse tharo?

3 Timotheo a ka tswa a ile a ithuta boammaaruri ka Jesu fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse motse wa bone kwa Lisetera ka ngwaga wa 47. Le fa ka nako eo Timotheo a ka tswa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o tshwanetse a bo a ile a ntsha ga tshwene mo phuthegong. Morago ga dingwaga di le pedi, o ne a tsamaya le Paulo mo maetong a gagwe. Dingwaga di le 16 morago ga foo, Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse batho ba o di ithutileng mo go bone e bile o itsile mekwalo e e boitshepo [Dikwalo Tsa Sehebera] go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.” (2 Tim. 3:14, 15) Ela tlhoko gore Paulo o bua ka (1) go itse mekwalo e e boitshepo, (2) go tlhotlhelediwa go dumela dilo tse di ithutilweng le (3) go tlhalefa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.

4. O dirisa didirisiwa dife fa o ruta ngwana wa gago ka Jehofa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Fa o le motsadi, ga go pelaelo gore o batla gore ngwana wa gago a itse mekwalo e e boitshepo, e e akaretsang Dikwalo Tsa Sehebera le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Tota le bana ba bannye ba ka kgona go ithuta ka batho le ditiragalo tse di mo Baebeleng. Phuthego ya ga Jehofa e na le didirisiwa di le dintsi tse batsadi ba ka di dirisang go ruta bana ba bone. Ke dife tse di leng teng ka puo ya gago? Gopola gore go itse Baebele ke gone go tla thusang ngwana wa gago gore a nne le kamano e e molemo le Jehofa.

GO ‘TLHOTLHELEDIWA GO DUMELA’

5. (a) Go ‘tlhotlhelediwa go dumela’ go kaya eng? (b) Re itse jang gore Timotheo o ne a tlhatswegile pelo ka dilo tse a neng a di ithutile?

5 Go itse mekwalo e e boitshepo go botlhokwa. Le fa go ntse jalo, go ruta ngwana boammaaruri ga go akaretse fela go mo ruta ka batho le ditiragalo tsa mo Baebeleng. Timotheo o ne a ‘tlhotlhelediwa go dumela.’ Ka Segerika polelwana eno e kaya “go tlhomamisega” kgotsa “go tlhatswega pelo gore sengwe se boammaaruri.” Timotheo o ne a itse Dikwalo Tsa Sehebera go tswa boseeng. Mme fa a setse a godile, o ile a iponela bosupi jwa gore Jesu e ne e le Mesia. O ne a dumela ka pelo yotlhe dilo tse a di ithutileng. Tota e bile, Timotheo o ne a tlhomamisegile thata jaana ka dilo tse a di ithutileng mo a neng a kolobediwa a bo a tsamaya le Paulo mo maetong a gagwe a borongwa.

6. O ka thusa bana ba gago jang go dumela se Baebele e se rutang?

6 O ka thusa jang bana ba gago gore ba nne le tumelo e e tshwanang le ya ga Timotheo? Sa ntlha, o tshwanetse go nna pelotelele. Go ka se itiragalele fela gore bana ba gago ba nne le tumelo e bile ga se sengwe se ba ka se gotsang mo go wena. Ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa ‘maatla a gagwe a go akanya’ gore a kgone go dumela se Baebele e se rutang. (Bala Baroma 12:1.) Motsadi o tshwanetse go thusa ngwana wa gagwe go dira seno, segolobogolo fa ngwana a simolola go nna le dipotso. Akanya ka sekai se se latelang.

7, 8. (a) Rre mongwe o bontsha bopelotelele jang fa a ruta morwadie? (b) O ile wa tlhoka go nna pelotelele leng le ngwana wa gago?

 7 Thomas yo o nang le ngwana wa mosetsana wa dingwaga di le 11 a re: “Morwadiake a ka nna a botsa jaana: ‘A gongwe Jehofa a ka tswa a dirisitse evolution go bopa ditshedi mo lefatsheng?’ Kgotsa ‘Ke eng fa re sa tseye karolo mo dilong tse di tshwanang le go bouta, gore re fetole dilo mo lefelong la rona?’ Ka dinako dingwe ke tshwanetse go ipha nako ya go akanya gore ke kgone go mo araba sentle. Kana gone, ga o nne le tumelo morago ga go utlwa sengwe se segolo. Go na le moo, o nna le yone kgato ka kgato fa o ntse o ithuta dilo dingwe tse di rileng.”

8 Thomas o ile a lemoga gore go ruta ngwana go tlhoka bopelotelele. Boammaaruri ke gore, Bakeresete botlhe ba tlhoka go nna pelotelele. (Bakol. 3:12) Thomas o ile a lemoga gore o tlhoka go nna a tlotla le ngwana wa gagwe ka metlha. O tshwanetse go dirisa Baebele go thusa ngwana wa gagwe gore a dumele se a se ithutang. Thomas a re: “Nna le mosadi wa me re leka go bona gore a ngwana wa rona o dumela se a se ithutang le gore a o a tlhaloganya, segolobogolo dilo tse di botlhokwa. Re a itumela fa a re botsa dipotso. Tota e bile, fa a ka dumela sengwe fela a sa botse dipotso, seo se ka ntshwenya.”

9. O ka jalelela Lefoko la Modimo jang mo pelong ya ngwana wa gago?

9 Fa batsadi ba ruta bana ba bone ba le pelotelele, bana ba tla kgona go tlhaloganya “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa tumelo. (Baef. 3:18) Batsadi ba ka ruta bana ba bone dilo tse di tshwanelang dingwaga tsa bone le dilo tse bana ba bone ba ka kgonang go di tlhaloganya. Fa ba tlhomamisegile gore se ba se ithutang ke boammaaruri, ba tla kgona go femela se ba se dumelang, go akaretsa le mo baneng ba ba tsenang sekolo le bone. (1 Pet. 3:15) Ka sekai, a ngwana wa gago o kgona go dirisa Baebele go tlhalosa gore go direga eng fa motho a swa? A o tlhaloganya tsela e Baebele e tlhalosang kgang eno ka gone? * Gone ke boammaaruri gore go jalelela Lefoko la Modimo mo pelong ya ngwana wa gago ga se kgetsi e potlana, mme gone, ga o kitla o ikwatlhaela matsapa a gago.—Dute. 6:6, 7.

10. Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o ruta bana ba gago?

10 Sekao sa gago le sone se ka thusa bana ba gago go nna le tumelo. Stephanie, yo o nang le bana ba bararo ba basetsana a re: “Fa e sale bomorwadiake ba le bannye, ke ne ka tshwanelwa ke go ipotsa go re: ‘A ke bolelela banake gore ke eng fa ke tlhomamisegile gore Jehofa o gone, gore o a re rata le gore melao ya gagwe e siame? A ba kgona go bona gore ke rata Jehofa?’ Nka se lebelele gore banake ba nne le tumelo fa nna ke se na yone.”

‘TLHALEFA MME O BONE POLOKO’

11, 12. Botlhale ke eng, mme ke eng fa re ka re go nna botlhale ga go a ikaega fela ka dingwaga tsa motho?

11 Jaaka re bone, Timotheo o ne (1) a itse Dikwalo e bile (2) a tlhomamisegile ka se a neng a se dumela. Mme gone, Paulo o ne a raya jang fa a re dikwalo tse di boitshepo di ne di ka mo ‘tlhalefisa gore a bone poloko’?

12 Buka ya Insight on the Scriptures, Bolumo 2 e tlhalosa gore mo Baebeleng, botlhale bo akaretsa “bokgoni jwa go dirisa kitso le tlhaloganyo sentle go rarabolola mathata, go tila dikotsi, go fitlhelela mekgele mengwe  kgotsa go thusa ba bangwe go dira jalo. Bo farologane le boeleele.” Baebele ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Dia. 22:15) Ka jalo, go nna botlhale go bontsha gore motho o godile sentle. Go nna le kamano e e molemo le Jehofa ga go a ikaega ka dingwaga tsa motho, go na le moo, go ikaegile ka gore a motho o boifa Jehofa le gore a o iketleeleditse go ikobela ditaelo tsa gagwe.—Bala Pesalema 111:10.

13. Basha ba ka bontsha jang gore ba na le botlhale jo bo ka ba thusang gore ba bolokwe?

13 Basha ba ba nang le kamano e e molemo le Jehofa ga ba ‘heheutlelwe kwa le kwa jaaka e kete ba heheutlwa ke makhubu e bile ga ba akgaakgelwe kwa le kwa’ ke dikeletso tsa bone kgotsa kgatelelo ya balekane. (Baef. 4:14) Go na le moo, ba nna ba thapisa “bokgoni jwa bone jwa go lemoga . . . gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Baheb. 5:14) Ba bontsha gore ba botlhale ka go dira ditshwetso tse di siameng, tota le fa batsadi ba bone kgotsa batho ba ba godileng ba sa ba bone. (Bafil. 2:12) Botlhale jono bo tla ba thusa gore ba bolokwe. (Bala Diane 24:14.) O ka thusa jang bana ba gago gore ba nne botlhale? Sa ntlha, tlhomamisa gore o ba tlhalosetsa dithuto tsa Baebele tse o di dumelang. Ba bontshe ka se o se buang le se o se dirang gore o tshela ka melao e e mo Lefokong la Modimo.—Bar. 2:21-23.

Ke eng fa go le botlhokwa gore motsadi a nne a leka go thusa ngwana? (Bona serapa 14-18)

14, 15. (a) Basha ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go akanya ka dipotso dife tsa botlhokwa? (b) O ka thusa jang ngwana wa gago go akanya ka melemo ya go ikobela melao ya Modimo?

14 Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go dira se se fetang go bolelela bana ba gago gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Gape o tshwanetse go ba thusa go akanya ka dipotso tse di jaaka: ‘Ke eng fa Baebele e kgala dilo tse batho ba ba nang le boleo ba di ratang? Ke eng fa ke tlhomamisegile gore melao ya ga Jehofa e re solegela molemo ka metlha?’—Isa. 48:17, 18.

15 Fa ngwana a batla go kolobediwa, motsadi o tshwanetse go mo thusa go akanya ka maikarabelo a go nna Mokeresete. Go nna Mokeresete go na le melemo efe? Go na  le dikgwetlho dife? Melemo ya go nna Mokeresete e botoka jang go feta dikgwetlho? (Mar. 10:29, 30) Tseno ke dilo tse motho a ka lebanang le tsone fa a sena go kolobediwa. Ka jalo, go botlhokwa gore basha ba akanye ka dipotso tseno pele ba tsaya kgato eo e e masisi. Fa batsadi ba thusa bana go akanya ka masego a go ikobela Jehofa, le ditlamorago tsa go sa mo ikobele, seno se tla ba thusa gore ba tlhomamisege gore melao ya ga Jehofa ka metlha e ba solegela molemo.—Dute. 30:19, 20.

FA TUMELO YA MOSHA YO O KOLOBEDITSWENG E KOAFALA

16. Motsadi o tshwanetse go dira eng fa tumelo ya ngwana wa gagwe e simolola go koafala?

16 Mme gone, o ka dira eng fa ngwana wa gago a simolola go nna le dipelaelo fa a sena go kolobediwa? Ka sekai, mosha yo o kolobeditsweng a ka simolola go rata dilo tsa lefatshe kgotsa a ka simolola go belaela gore a mme go tshela ka melao ya ga Jehofa go solegela molemo. (Pes. 73:1-3, 12, 13) Fa dilo tseo di direga, tsela e o itshwarang ka yone e ka dira gore a nne le tumelo e e nonofileng kgotsa e ka dira gore tumelo ya gagwe e koafale le go feta. Leka gore o se ka wa lwa le ngwana wa gago fa dilo tseno di direga, le fa a ka tswa a le monnye kgotsa a setse a le mo dingwageng tsa bolesome. O tshwanetse go mmontsha gore o a mo rata le gore o batla go mo thusa go fenya dikgwetlho tseno.

17, 18. Batsadi ba ka thusa jang ngwana yo tumelo ya gagwe e koafalang?

17 Mosha yo o kolobeditsweng o ineetse mo go Jehofa. Fa a ne a dira jalo, o ne a solofetsa Modimo gore o tla mo rata le gore go dira thato ya Modimo e tla nna selo sa botlhokwa mo go ene. (Bala Mareko 12:30.) Jehofa o tsaya maikano ano a le botlhokwa, mme le rona re tshwanetse go a tsaya a le botlhokwa. (Mor. 5:4, 5) Tlhalosetsa ngwana wa gago botlhokwa jwa seno mme o dire jalo ka lorato le ka nako e e siameng. Pele o dira jalo, dirisa didirisiwa tse phuthego ya ga Jehofa e di diretseng batsadi. Fa o dira jalo, o tla kgona go thusa ngwana wa gago gore a lemoge bomasisi jwa go nna Mokeresete yo o kolobeditsweng le melemo ya gone.

18 Ka sekai, setlhogo se se reng “Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang” se se kwa morago mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 sa re: “Lo se ka lwa itlhaganelela go swetsa ka gore ngwana wa lona o latola tumelo ya lona. Gantsi, go a bo go na le bothata bongwe jo lona lo sa bo lemogeng.” Gongwe ngwana wa gago o gatelelwa ke balekane. A ka tswa a jewa ke bodutu kgotsa a akanya gore basha ba bangwe mo phuthegong ba dira dilo sentle go mo feta. Setlhogo seo se tswelela jaana: “Ga go pelaelo gore mathata [ano] ga a amane thata le se wena o se dumelang. Go na le moo, re ka re mo nakong eno a amana thata le maemo a a dirang gore go tshelela se o se dumelang e nne kgwetlho.” Gape setlhogo seo se na le dikakantsho tse motsadi a ka di dirisang go thusa ngwana yo tumelo ya gagwe e koafalang.

19. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba ‘tlhalefe mme ba bone poloko’?

19 Fa o le motsadi, o na le maikarabelo a a masisi a go godisetsa bana ba gago “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Jaaka re bone, seno ga se reye fela go ba ruta se se mo Baebeleng, gape o tshwanetse go ba thusa gore ba dumele se ba se ithutang. Ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng, e e ka ba tlhotlheletsang gore ba ineele mo go Jehofa le gore ba mo direle ka pelo yotlhe. E kete Lefoko la ga Jehofa, moya o o boitshepo le matsapa a o a tsayang a ka thusa bana ba gago gore ba ‘tlhalefe mme ba bone poloko.’

^ ser. 9 Dintlha tsa go ithuta tsa “Totatota Baebele e Ruta Eng?” ke sedirisiwa se se molemo se se ka thusang basha le bagolo go tlhalosa le go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Di teng mo jw.org ka dipuo di le dintsi. Leba mo DITHUTO TSA BAEBELE > DIDIRISIWA TSA GO ITHUTA BAEBELE.