Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke na Le Tsholofelo mo Modimong”

“Ke na Le Tsholofelo mo Modimong”

“Adame wa bofelo o ne a nna moya o o nayang botshelo.” —1 BAKOR. 15:45.

PINA: 111, 12

1-3. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se akaretsa mo dilong tsa botlhokwa tse re di dumelang? (b) Ke eng fa tsogo ya baswi e le botlhokwa jaana? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

FA O ne o ka bodiwa go re, ‘Dithuto tsa botlhokwa mo bodumeding jwa gago ke dife?’ o ne o ka reng? Ga go pelaelo gore o ne o tla tlhalosa gore Jehofa ke Mmopi e bile o re naya botshelo. O ne o tla tlhalosa gore o dumela mo go Jesu Keresete le gore o ile a re swela. Gape o ne o tla tlhalosa gore o na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise le batho ba ba ikobelang Modimo. Mme gone, a o ka tlhalosa gore tsogo ya baswi ke nngwe ya dithuto tsa botlhokwa tse o di dumelang?

2 Le fa gone re solofetse go falola pitlagano e kgolo le go tshelela ruri mo lefatsheng, re na le mabaka a a utlwalang a go leba kgang ya gore baswi ba tla tsoga e le botlhokwa mo bodumeding jwa rona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore kgang ya go tsosiwa ga baswi e botlhokwa, o ne a re: “Fa e le gore, eleruri, ga go na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga a tsosiwa.” Fa Keresete a ka bo a sa tsosiwa, o ne a se kitla a nna Kgosi ya rona e bile go ruta batho ka puso ya ga Keresete, e ne e tla bo e le matsapa a bophiri fela. (Bala 1 Bakorintha 15:12-19.) Le fa go ntse jalo, re a itse gore Jesu o ne a tsosiwa  mo baswing. E re ka re dumela gore baswi ba tla tsosiwa, re farologane le Basadukae ba Bajuda ba ba neng ba sa dumele gore baswi ba tla tsosiwa. Le fa batho ba ka re ja ditshego, re dumela ka pelo yotlhe gore baswi ba tla tsoga.—Mar. 12:18; Dit. 4:2, 3; 17:32; 23:6-8.

3 Fa Paulo a ne a bua ka “thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete” o ne a akaretsa le “thuto [ya] . . . tsogo ya baswi.” (Baheb. 6:1, 2) Gape o ne a tlhalosa gore o dumela gore baswi ba tla tsosiwa. (Dit. 24:10, 15, 24, 25) Le fa gone tsogo ya baswi e le karolo ya thuto ya motheo mo Lefokong la Modimo, re sa ntse re tlhoka go e ithuta ka kelotlhoko. (Baheb. 5:12) Goreng re rialo?

4. Re ka botsa dipotso dife malebana le tsogo ya baswi?

4 Fa batho ba simolola go ithuta Baebele, bontsi jwa bone ba bala ka dipego tsa batho ba ba ileng ba tsosiwa mo nakong e e fetileng tse di jaaka pego ya fa Lasaro a ne a tsosiwa mo baswing. Gape ba ithuta gore Aborahame, Jobe le Daniele ba ne ba tlhomamisegile gore mo isagweng baswi ba tlile go tsosiwa. Le fa go ntse jalo, o ne o ka reng fa go ne go ka twe o ntshe bosupi jo bo bontshang gore tsholofetso ya gore baswi ba tla tsoga e sa ntse e tla direga mo isagweng le fa gone e le tsholofetso e e sa bolong go bolelelwapele bogologolo? A mme gone Baebele e tlhalosa gore mo isagweng baswi ba tla tsosiwa leng? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla nonotsha tumelo ya rona. Ka jalo, mma re bone gore Baebele ya reng.

BOPOROFETI JWA GORE JESU O TLA TSOSIWA, BO DIRAGETSE MORAGO GA DINGWAGA TSE DINTSI

5. Ke eng se re tla tlotlang ka sone pele malebana le tsogo ya baswi?

5 Go motlhofo go dumela gore motho yo o sa tswang go tlhokafala a ka tshela gape. (Joh. 11:11; Dit. 20:9, 10) Mme gone, a go motlhofo gore o dumele gore motho yo o sa bolong go tlhokafala bogologolo a ka tsosiwa mo isagweng? A o ka dumela gore tsholofetso eno ya tsogo ya baswi e sa ntse e tla direga le fa motho a na le dingwaga di le dintsi a tlhokafetse? Tota e bile, re a dumela gore go na le motho yo o ileng a tsosiwa mo baswing dingwaga di le dintsi morago ga gore go bolelelwe pele ka tsogo ya gagwe. Seo se ile sa direga jang? Mme tsogo eno e amana jang le tsholofelo e o nang le yone ya gore baswi ba tla tsoga?

6. Jesu o amana jang le boporofeti jo bo mo go Pesalema 118?

6 Go tla bo go le molemo gore re sekaseke Pesalema 118 fa re tlotla ka tsogo e e ileng ya bolelelwapele dingwaga di le dintsi pelenyana. Bangwe ba akanya gore e kwadilwe ke Dafide. Pesalema eno e na le mafoko a a reng: “Ao tlhe Jehofa, boloka, tsweetswee! . . . A go bakwe Ene yo o tlang mo leineng la ga Jehofa.” Batho ba ne ba nopola mafoko ano a boporofeti fa Jesu a ne a tsena kwa Jerusalema ka Nisane 9 nakonyana pele ga loso lwa gagwe. (Pes. 118:25, 26; Math. 21:7-9) Mme Pesalema 118 e ne e bontsha jang gore go tla tsosiwa mongwe mo isagweng? Ela tlhoko ntlha e nngwe e Pesalema eno e e buang: “Leje le baagi ba neng ba le gana le fetogile tlhogo ya sekhutlo.”—Pes. 118:22.

“Baagi” ba ne ba gana Mesia (Bona serapa 7)

7. Bajuda ba ne ba gana Jesu ka tsela efe?

7 “Baagi” ba ba neng ba gana Mesia e ne e le baeteledipele ba Bajuda. Ba ne ba itlhokomolosa Jesu e bile ba gana go dumela gore ke Keresete. Mo godimo ga moo, bontsi jwa bone ba ne ba batla gore Jesu a bolawe. (Luke 23:18-23) Eleruri ke bone ba dirileng gore Jesu a feleletse a bolailwe.

Jesu o ne a tsosiwa gore e nne “tlhogo ya sekhutlo” (Bona serapa 8 le 9)

8. Jesu o ne a tla nna “tlhogo ya sekhutlo” jang?

8 Fa e le gore Jesu o ne a ganediwa e bile o ile a bolawa, o ne a ka nna “tlhogo ya sekhutlo” jang? * Seno se ne se ka direga fela fa a ne a ka tsosiwa mo baswing. Jesu o ile a tlhalosa seo fa a ne a dira setshwantsho sa mong wa  tshimo yo o neng a romela batho kwa badiring ba gagwe ba tshimo, mme badiri bao ba seka ba ba tshwara sentle. Ka tsela e e tshwanang Baiseraele ba ne ba sa tshware baporofeti ba Modimo sentle. Kwa bofelong, mong wa tshimo o ne a romela morwawe yo a mo ratang yo e neng e le moruaboswa. A ba ne ba mo amogela? Nnyaa. Badiri bao ba tshimo ba ne ba mmolaya. Fa Jesu a sena go bua ka setshwantsho seo, o ne a nopola mafoko a a mo go Pesalema 118:22. (Luke 20:9-17) Moaposetoloi Petere le ene o ne a nopola mafoko a a tshwanang fa a ne a bua le ‘babusi, banna ba bagolwane le bakwadi’ ba Bajuda ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema. O ne a bua ka “Jesu Keresete Monasaretha, yo lo neng lwa mmapola mme yo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing.” Morago ga moo Petere o ne a re: “Leno ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’”—Dit. 3:15; 4:5-11; 1 Pet. 2:5-7.

9. Pesalema 118:22 e ne ya bolelelapele tiragalo efe e e itumedisang?

9 Ga go pelaelo gore boporofeti jo bo mo go Pesalema 118:22 bo ne jwa bolelelapele gore morago ga dingwaga di le dintsi, go tla nna le motho yo o tsosiwang mo baswing. Mesia o ne a tla ganediwa le go bolawa, le fa go ntse jalo, o ne a tla tsosiwa gore a nne tlhogo ya sekhutlo. Morwa yono yo o tsositsweng mo baswing, e ne ya nna ene fela yo leina la gagwe “le neilweng [batho] le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”—Dit. 4:12; Baef. 1:20.

10. (a) Pesalema 16:10 e ne ya bolelelapele eng? (b) Ke eng fa re tlhomamisegile gore boporofeti jo bo mo go Pesalema 16:10 ga bo a diragadiwa mo go Dafide?

10 Ela tlhoko temana e nngwe e e neng e bolelelapele ka tsogo ya baswi. Temana eno e ne ya kwalwa dingwaga di feta sekete pele e diragadiwa mme seno se tshwanetse go re tlhomamisetsa gore tsogo ya baswi e ka diragala morago ga lobaka lo loleele e sena go bolelelwapele. Mo go Pesalema 16, Dafide o ne a kwala jaana: “Ga o na go tlogela moya wa me mo Sheole [kgotsa lebitla]. Ga o na go letlelela motho wa gago yo o ikanyegang gore a bone phupu.” (Pes. 16:10) Dafide o ne a sa reye gore ga a kitla a swa kgotsa a ya lebitleng. Lefoko la Modimo le tlhalosa gore Dafide o ne a tsofala. Fa a sena go tlhokafala, o ne a ‘ladiwa le borraagwemogologolwane mme a fitlhwa mo Motseng wa ga Dafide.’ (1 Dikg. 2:1, 10) Jaanong, Pesalema 16:10 e bua ka mang?

11. Petere o ile a bua leng ka Pesalema 16:10?

11 Baebele e re naya karabo ya potso eno. Dingwaga di feta sekete fa pesalema eo e sena go kwalwa le dibeke di le mmalwa Jesu a sena go tlhokafala le go tsosiwa, Petere o ne a bua le Bajuda le basokologi ba le bantsi ka Pesalema 16:10. (Bala Ditiro 2:29-32.) O ne a tlhalosa gore Dafide o ne a tlhokafala a bo a fitlhiwa. Batho ba ba neng ba reeditse Petere, ba ne ba itse seo. Ga go na ope wa bone yo o neng a ganetsa Petere fa a ne a re Dafide “o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo” ya ga Mesia.

12. Pesalema 16:10 e ne ya diragadiwa jang, mme seo se re ruta eng ka tsholofetso ya tsogo?

12 Petere o ne a gatelela se a neng a se bua ka go nopola mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 110:1. (Bala Ditiro 2:33-36.) Mabaka a Petere a neng a a ntsha mo Dikwalong, a ne a thusa boidiidi joo go tlhomamisega gore Jesu e ne e le “Morena le Keresete.” Mo godimo ga moo, batho ba ne ba lemoga gore Pesalema 16:10 e ne ya diragadiwa fa Jesu a ne a tsosiwa mo baswing. Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a ntsha mabaka a a tshwanang fa a ne a bua le Bajuda ba kwa motseng wa Antioka o o kwa Pisidia. Batho ba ne ba kgatlhiwa ke se a neng a se bua e bile ba ne ba batla go utlwa mo go oketsegileng. (Bala Ditiro 13:32-37, 42.) Se Paulo a ileng a se bua se tshwanetse go re tlhomamisetsa gore boporofeti jo bo buang ka tsogo ya baswi bo a ikanyega, le fa gone go ile ga feta dingwaga di le dintsi pele bo diragadiwa.

 BASWI BA TLA TSOGA LENG?

13. Re ka ipotsa eng ka tsogo ya baswi?

13 Go a kgothatsa go itse gore tsogo e ka direga dingwaga di le dintsi morago ga gore e bolelelwe pele. Mme gone, o ka tswa o ipotsa jaana: ‘A seno se raya gore ke tla tshwanelwa ke go leta dingwaga di le dintsi pele ke bona motho yo ke mo ratang yo o tlhokafetseng? Baswi ba tla tsosiwa leng?’ Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore go ne go na le dilo dingwe tse ba neng ba ka se di itse le tse ba neng ba ka se kgone go di tlhaloganya. Go na le dintlha dingwe tse di malebana le “dinako kgotsa dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.” (Dit. 1:6, 7; Joh. 16:12) Mme gone, seno ga se reye gore re ka se kgone go itse gore baswi ba tla tsosiwa mo motlheng ofe.

14. Go tsosiwa ga ga Jesu go farologane jang le ga batho ba ba tsositsweng pele ga gagwe?

14 Akanya ka se Baebele e se buang ka tsogo ya baswi. Tsogo e e botlhokwa thata ke ya ga Jesu. Fa a ka bo a sa tsosiwa, re ka bo re se na tsholofelo ya go boa re bona baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng. Batho ba ba tsositsweng pele ga ga Jesu jaaka ba ba tsositsweng ke Elija le Elisha, ga ba a ka ba tshelela ruri. Ba ne ba swa gape mme ba boela mo loroleng. Go farologana le bone, Jesu o “tsositswe mo baswing, ga a tlhole a swa; loso ga lo tlhole lo le mong wa gagwe.” O kwa legodimong mme o “tshela ka bosaengkae le go ya go ile.”—Bar. 6:9; Tshen. 1:5, 18; Bakol. 1:18; 1 Pet. 3:18.

15. Ke eng fa go le botlhokwa gore Jesu ke ene “mabutswapele”?

15 Jesu e ne e le ene wa ntlha go tsosediwa kwa legodimong mme go tsosiwa ga gagwe go botlhokwa tota. (Dit. 26:23) Le fa go ntse jalo, ga se ene fela yo o tla tsosediwang kwa legodimong e le sebopiwa sa semoya. Jesu o ne a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba tla busa le ene kwa legodimong. (Luke 22:28-30) Ka jalo, gore ba amogele tuelo eno, ba ne ba tla tshwanelwa ke go swa pele. Morago ga moo, ba ne ba tla tsosiwa ka mmele wa semoya fela jaaka Keresete. Paulo o ne a kwala gore “Keresete o tsositswe mo baswing, mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa gore go ne go tla nna le ba bangwe ba ba tsosediwang kwa legodimong, o ne a re: “Mme mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe.”1 Bakor. 15:20, 23.

16. Ke eng se se re bontshang gore batho ba tla tsosediwa kwa legodimong leng?

16 Kgang eno e re thusa go lemoga gore batho ba tla tsosediwa kwa legodimong leng. Ba tla tsosiwa ka nako ya “go nna gone” ga ga Keresete. Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go dirisa Dikwalo go tlhalosa gore fa e sa le ka 1914, re tshela mo nakong e e boleletsweng pele ya “go nna gone” ga ga Jesu. Re sa ntse re tshela mo motlheng oo mme bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi thata.

17, 18. Go tla direga eng ka batlodiwa ba ba tla bong ba tshela ka nako ya go nna gone ga ga Keresete?

 17 Baebele e re bolelela jaana ka batho ba ba tla tsosediwang kwa legodimong: “Ga re batle gore lo nne lo se na kitso ka ga ba ba robalang mo losong . . . Gonne fa e le gore tumelo ya rona ke gore Jesu o ne a swa a ba a tsoga gape, jalo, le ba ba robetseng mo losong . . . Modimo o tla ba tlisa mmogo le ene . . . Rona batshedi ba re tshelang go fitlha kwa go nneng gone ga Morena ga re na go etelela pele ba ba robetseng mo losong ka gope; ka gonne Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, . . . mme ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona batshedi ba re tshelang, mmogo le bone, re tla phamolelwa kwa marung go kgatlhantsha Morena mo moyeng; mme ka gone re tla nna le Morena ka metlha.”—1 Bathes. 4:13-17.

18 Tsogo ya ntlha e ne e tla direga nako nngwe morago ga “go nna gone” ga ga Keresete. Batlodiwa ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela ka nako ya pitlagano e e kgolo ba tla “phamolelwa kwa marung.” (Math. 24:31) Ba ba tla ‘phamolelwang kwa marung’ ga ba kitla ba ‘robala mo losong,’ se se rayang gore ga ba kitla ba nna nako e e telele mo lebitleng. Ba “tla fetolwa, ka nakwana, ka ponyo ya leitlho, mo nakong ya terompeta ya bofelo.”—1 Bakor. 15:51, 52.

19. “Tsogo e e botoka” e e tla diregang mo isagweng ke efe?

19 Gompieno Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ga se batlodiwa e bile ga ba na tsholofelo ya go busa le Keresete kwa legodimong. Go na le moo, ba letetse go fedisiwa ga lefatshe leno le le boikepo ka nako ya “letsatsi la ga Jehofa.” Ga go na ope yo o itseng gore seo se tla direga leng, mme gone, bosupi bo bontsha gore nako eo e gaufi tota. (1 Bathes. 5:1-3) Morago ga moo, go tla nna le tsogo e e farologaneng, batho ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise. Ba ba tla tsosiwang ba tla nna le tshono ya go nna batho ba ba itekanetseng le go tshelela ruri. Eo e tla bo e le “tsogo e e botoka” go feta ya mo nakong e e fetileng e mo go yone ‘basadi ba neng ba amogela baswi ba bone ka tsogo’ mme ba bo ba swa gape moragonyana.—Baheb. 11:35.

20. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore batho ba tla tsosiwa ka tsela e e rulaganeng sentle?

20 Baebele ya re ba ba tla tsogelang kwa legodimong ba tla tsosiwa, “mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe.” (1 Bakor. 15:23) Go a utlwala go swetsa ka gore batho ba ba tla tsosiwang mo lefatsheng le bone ba tla tsosiwa ka tsela e e rulaganeng sentle. Eleruri kgang eno e a kgatlha! A batho ba ba tlhokafatseng go ela kwa tshimologong ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete, ba tla tsosiwa pele le go amogelwa ke batho ba ba ba ratang? A banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba neng ba itse go etelela batho pele, ba tla tsosiwa pele gore ba tle go thusa go rulaganya batho ba Modimo mo lefatsheng le lesha? Gotweng ka batho ba ba neng ba sa direle Jehofa? Ba tla tsosiwa leng le gone kae? Boammaaruri ke gore go na le dipotso di le dintsi tse re ka ipotsang tsone. Mme gone, a go a tlhokega gore re ikatle tlhogo ka dipotso tseno? A go tla bo go se molemo gore re lete mme re bone gore go tla direga eng? Ruri re tla itumelela go bona kafa Jehofa a tla rarabololang dikgang tseno ka gone.

21. O na le tsholofelo efe?

21 Fa nako eo e ise e goroge, re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa, yo o ileng a dirisa Jesu go re tlhomamisetsa gore batho ba ba tlhokafatseng ba ba mo mogopolong wa gagwe ba tla tsosiwa. (Joh. 5:28, 29; 11:23) Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o kgona go tsosa baswi ka go tlhalosa gore Aborahame, Isake le Jakobe “ba a tshela mo go [Jehofa].” (Luke 20:37, 38) Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go bua jaana jaaka Paulo: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo.”—Dit. 24:15.

^ ser. 8 “Tlhogo ya sekhutlo” ke leje le le bewang kwa godimo ga kago, fa dipota di kopanang gone mme leje leno ke lone le tshwaraganyang dipota tseno. Fa Jesu a ne a tsosiwa, o ne a nna “tlhogo ya sekhutlo” ya phuthego ya Bokeresete ya batlodiwa, e e tshwantshiwang le tempele ya semoya.