Antonia yo e leng motlhokomedi wa bagodi, o ne a kokota kwa legaeng lengwe mme ga bula mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50. Mosadi yono o ne a omanya Antonia a galefile e bile a mo tlhaba ka mafoko ka gonne a ne a re Antonia ga a tla ka nako go tla go tlhokomela mmaagwe. Mme gone, o ne a tlile ka nako. Le fa go ntse jalo, Antonia o ne a ikopela maitshwarelo ka ntlha ya se se diragetseng.

FA Antonia a tla mo lekgetlong le le latelang, mosadi yoo o ne a mo garumela ka bogale gape. Antonia o ne a dira eng? A re: “Go ne go le thata. Ke ne ke sa dira sepe se se phoso.” Le fa go ntse jalo, Antonia o ne a kopa maitshwarelo gape mme a bolelela mosadi yoo gore o tlhaloganya maemo a a thata a a lebaneng le one.

Fa o ne o le Antonia, o ne o tla dira eng? A o ne o tla leka go nna bonolo? A go ne go tla nna thata gore o se ka wa galefa? Ke boammaaruri gore go ka se nne motlhofo go nna o ritibetse fa o le mo maemong a a tshwanang le a Antonia a neng a le mo go one. Fa re lebane le kgatelelo kgotsa re rumolwa, go ka nna thata gore re nne bonolo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba nne bonolo. Tota e bile, Baebele ya re motho yo o bonolo o botlhale. Jakobe o ne a re: “Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale.” (Jak. 3:13) Ke eng fa re ka re  motho yo o bonolo o na le botlhale jo bo tswang kwa Modimong? Mme ke eng se se ka re thusang go nna le nonofo eno?

MELEMO YA GO NNA BONOLO

Go nna bonolo go ka fokotsa bogale. “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”Dia. 15:1.

Go araba ka bogale go ka dira gore dilo di nne maswe le go feta ka gonne go tshwana le go tshela mafura mo molelong. (Dia. 26:21) Go farologana le seo, go araba ka bonolo go ka fokotsa bogale. Go ka nna ga bo ga dira gore motho yo o bogale a wele makgwafo.

Antonia o ne a iponela boammaaruri jwa seo. Tsela e Antonia a neng a araba mosadi yo o neng a mo omanya ka yone, e ne ya dira gore mosadi yoo a thubege ka selelo. O ne a tlhalosetsa Antonia gore o ne a faraferwe ke mathata. E re ka Antonia a ile a nna bonolo, o ne a kgona go rerela mosadi yoo mme a simolola go ithuta Baebele le ene.

Go nna bonolo go ka dira gore re itumele. “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”Math. 5:5.

Ke eng fa batho ba ba bonolo ba itumetse? Go nna bonolo go ile ga thusa batho ba ba kileng ba bo ba le bogale gore ba itumele. Botshelo jwa bone bo tokafetse, mme ba a itse gore ba na le isagwe e e itumedisang. (Bakol. 3:12) Molebedi mongwe wa potologo wa kwa Spain e bong Adolfo, o sa ntse a gopola gore o ne a tshela jang pele a ithuta boammaaruri.

Adolfo a re: “Botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakane. Ke ne ke nna fela ke galefile, mme seo se ne sa dira gore ditsala tsa me di simolole go ntshaba ka ntlha ya go bo ke ne ke le bosilo e bile ke le rrantwadumela. Kgabagare, dilo di ne tsa fetoga. Nako nngwe fa ke ne ke lwa ntwa e e matlhomahibidu, ke ne ka falola loso ka letshoba la nnale morago ga go tlhabiwa ka thipa makgetlo a le marataro.”

Gone jaanong Adolfo o tlhomela ba bangwe sekao sa go nna bonolo ka se a se buang le se a se dirang. Batho ba le bantsi ba rata tsela e a leng botsalano ka yone. Adolfo a re o itumelela gore o kgonne go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Mme o lebogela gore Jehofa o mo thusitse gore a nne bonolo.

Go nna bonolo go dira gore Jehofa a itumele. “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”Dia. 27:11.

Diabolo o kgoba Jehofa. Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go galefa ka ntlha ya seno, le fa go ntse jalo Baebele ya re Jehofa “o bonya go galefa.” (Ekes. 34:6) Fa re leka go etsa Modimo ka go nna bonya go galefa le go nna bonolo, re tla bo re itshupa gore re botlhale, mme seo se tla dira gore Jehofa a itumele fela thata.—Baef. 5:1.

Lefatshe leno le shenne meno. Re ka nna ra kopana le batho ba e leng “baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, . . . ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang.” (2 Tim. 3:2, 3) Le fa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go dira gore Mokeresete a se ka a nna bonolo. Lefoko la Modimo le re gopotsa gore “botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo na le kagiso, bo tekatekano.” (Jak. 3:17) Fa re dirisana ka kagiso le ba bangwe e bile re le tekatekano, re tla bo re bontsha gore re botlhale. Seno se tla re thusa gore re se ka ra galefa fa re rumolwa e bile se tla re thusa gore re atamalane le Jehofa, yo e leng Motswedi wa botlhale.