Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 33

“Ba ba Go Reetsang” ba Tla Bolokwa

“Ba ba Go Reetsang” ba Tla Bolokwa

“Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 TIM. 4:16.

PINA 67 “Rera Lefoko”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re eletsa gore ba masika a rona ba dire eng?

KGAITSADI mongwe yo o bidiwang Pauline a re: “Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ke eletsa gore nna le botlhe mo lelapeng la me re tshele mmogo kwa Paradaiseng.  * Ke ne ke eletsa gore monna wa me e bong Wayne le morwaarona ba direle Jehofa.” A o na le ba masika ba ba sa direleng Jehofa? Ga go pelaelo gore fela jaaka Pauline, le wena o eletsa gore ba masika a gago ba direle Jehofa.

2. Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

2 Ga re ka ke ra pateletsa ba masika a rona go nna Basupi. Mme gone re ka ba thusa gore ba kgatlhegele go ithuta Baebele. (2 Tim. 3:14, 15) Ke eng fa re tshwanetse go rerela ba masika a rona? Ke eng fa re tshwanetse go ba akanyetsa? Re ka ba thusa jang gore ba rate Jehofa mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka re thusa jang?

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO RERELA BA MASIKA?

3. Go ya ka 2 Petere 3:9, ke eng fa re tshwanetse go rerela ba masika?

3 Go ise go ye kae, Jehofa o tlile go fedisa lefatshe leno la ga Satane. Batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” ke bone fela ba tlileng go falola. (Dit. 13:48) Re dirisa nako e ntsi re rerela batho ba re sa ba itseng, ka jalo, ba masika a rona le bone re tshwanetse go ba rerela. Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—Bala 2 Petere 3:9.

4. Re ka dira phoso efe fa re rerela ba masika?

 4 Ga re a tshwanela go lebala gore go na le tsela e e siameng le e e sa siamang ya go rerela batho. Ka sekai, fa re rerela motho yo re sa mo itseng, re leka go nna bonolo mme fa re rerela ba masika a rona re ka nna ra ipuela fela ka gonne re ba tlwaetse.

5. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re rerela ba masika?

5 Bontsi jwa rona re ikwatlhaela tsela e re ileng ra bua le ba masika a rona ka yone fa re ne re ba rerela lekgetlo la ntlha. Moaposetoloi Paulo o ile a raya Bakeresete a re: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakol. 4:5, 6) Re tshwanetse go nna re gopotse seno fa re rerela ba masika. Fa re sa dire jalo, re ka nna ra ba kgopisa mme seo se bo se dira gore ba gane go reetsa molaetsa wa Baebele.

RE KA BA THUSA JANG?

Fa o akanyetsa batho e bile o itshwere sentle, seno se ka dira gore ba kgatlhegele go ithuta Baebele (Bona serapa 6-8) *

6-7. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa batho ba ba nyalaneng le bone ba e seng Basupi? Naya sekai.

6 Ba akanyetse. Pauline yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Kwa tshimologong, fa ke tlotla le monna wa me, ke ne ke bua ka Baebele fela. Re ne re sa tlhole re tlotla ka dilo tse dingwe.” Mme gone, monna wa ga Pauline yo o bidiwang Wayne o ne a sa itse go le kalo ka Baebele, ka jalo, o ne a sa tlhaloganye gore Pauline o bua ka eng. Wayne o ne a simolola go akanya gore Pauline a ka tswa a tsieditswe ka gonne o ne a nnela go bua ka bodumedi jwa gagwe.

7 Pauline a re o ne a fetsa nako e ntsi a na le bakaulengwe le bokgaitsadi—kwa dipokanong, kwa tshimong kgotsa  a itlosa bodutu le bone. A re: “Ka dinako tse dingwe fa Wayne a fitlha kwa gae, o ne a re fitlhela re seyo, ka jalo, o ne a jewa ke bodutu.” Wayne o ne a sa itse gore Pauline o na le bomang mme go ne go lebega e kete batho bao ba botlhokwa mo go Pauline go mo feta. Ka jalo, o ne a raya Pauline a re o tlile go mo tlhala. Pauline o ka bo a ile a dirang go bontsha gore o akanyetsa Wayne?

8. Go ya ka 1 Petere 3:1 le 2, ke eng se se ka kgatlhang ba masika a rona?

8 Itshware sentle. Go le gantsi ba masika ba kgatlhiwa ke dilo tse re di dirang, e seng tse re di buang. (Bala 1 Petere 3:1, 2.) Pauline o lemogile seo, a re: “Ke ne ke itse gore Wayne o a re rata le gore tota ga se gore o batla gore re tlhalane. Mme gone, fa a sena gore o tla ntlhala, ke ile ka lemoga gore ga ke itshware ka tsela e Jehofa a batlang gore basadi ba ba nyetsweng ba itshware ka yone. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go itshwara sentle, e seng go bua thata.” Pauline o ne a tlogela go nna a pateletsa Wayne gore ba bue ka Baebele mme o ne a simolola go bua le ene ka dilo tse di tlwaelegileng. Wayne o ne a lemoga gore Pauline o fetogile e bile o ne a bona gore morwaabone le ene o itshwere sentle. (Dia. 31:18, 27, 28) Fa Wayne a lemoga gore go ithuta Baebele go thusa mosadi wa gagwe le morwawe gore ba itshware sentle, o ne a simolola go e kgatlhegela.—1 Bakor. 7:12-14, 16.

9. Ke eng fa re sa tshwanela go itlhoboga fa re leka go thusa ba masika a rona?

9 O se ka wa itlhoboga. Jehofa o re tlhometse sekao. “Gangwe le gape” o naya batho  tshono ya gore ba ithute dikgang tse di molemo gore ba tshelele ruri. (2 Ditir. 36:15) Moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re a nne a leke go thusa batho ba bangwe. Ka ntlha yang? Ka gonne fa a ne a ka dira jalo, o ne a tla ipoloka a bo a boloka ba ba mo reetsang. (1 Tim. 4:16) Re rata ba masika a rona, ka jalo, re batla gore ba ithute boammaaruri. Tsela e Pauline a neng a itshwere ka yone, e ne ya feleletsa e thusitse ba lelapa la gagwe. Gone jaanong o itumelela go direla Jehofa mmogo le monna wa gagwe. Boobabedi ke babulatsela e bile Wayne ke mogolwane.

10. Ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele le ba masika a rona?

10 Nna pelotelele. Fa re simolola go tshela ka melao ya Modimo, go ka nna thata gore ba masika ba amogele dilo tse re di dumelang le tsela e re tshelang ka yone. Go le gantsi, selo sa ntlha se ba se lemogang ke gore ga re tlhole re keteka meletlo mengwe ya bodumedi e bile ga re tlhole re tsaya karolo mo dipolotiking. Kwa tshimologong, seo se ka tena bangwe ba bone. (Math. 10:35, 36) Mme gone, o se ka wa ba tlhoboga. Fa re tlogela go ba tlhalosetsa dilo tse re di dumelang, go nna jaaka e kete ra re botshelo jo bo sa khutleng ga bo ba tshwanele. Ga re na tshwanelo ya go atlhola batho ba bangwe. Jesu ke ene fela a neilweng tshwanelo eo. (Joh. 5:22) Fa re le pelotelele le ba masika a rona, ba ka nna ba feleletsa ba kgatlhegela go ithuta Baebele.—Bona lebokoso le le reng “ Dirisa Website ya Rona fa o Ruta.”

11-13. Re ithuta eng mo go se Alice a ileng a se dira?

11 Nna bonolo mme o se ka wa letla gore ba go fetole mogopolo. (Dia. 15:2) Akanya ka se se diragaletseng Alice. O ne a simolola go ithuta ka Jehofa fa a ne a nna kgakala le batsadi ba gagwe ba ba neng ba sa dumele mo Modimong e bile ba rata dipolotiki. O ne a lemoga gore o tshwanetse go bolelela batsadi ba gagwe gore o ithuta Baebele. Alice a re: “Fa o tsaya nako e e telele go bolelela ba lelapa la gago dilo tse o di ithutang, seno se tla dira gore ba galefe le go feta.” O ne a tlhola a kwalela batsadi ba gagwe a ba botsa ka dilo dingwe tse Baebele e buang ka tsone, tse a akanyang gore batsadi ba gagwe ba ka di kgatlhegela, jaaka lorato. (1 Bakor. 13:1-13) O ne a ba lebogela go bo ba mo godisitse e bile ba mo tlhokometse. Gape o ne a ba romelela dimpho. Fa a ba etetse, o ne a thusa mmaagwe ka ditiro tsa mo lapeng. Fa Alice a ne a bolelela batsadi ba gagwe dilo tse a di dumelang, ba ne ba sa itumela gotlhelele.

12 Fa a etetse batsadi ba gagwe, o ne a bala Baebele letsatsi le letsatsi. A re: “Go dira jalo go ne ga thusa mmê go tlhaloganya gore ke rata Baebele fela thata.” Rraagwe Alice ene o ne a simolola go bala Baebele ka gonne o ne a batla go tlhaloganya gore ke eng fa morwadie a fetogile. Gape o ne a batla dilo dingwe tse di phoso mo go yone. Alice a re: “Ke ne ka mo naya Baebele e ke neng ke mo kwaletse molaetsanyana o o monate mo go yone.” Go ne ga diragalang? Rraagwe Alice ga a ka a fitlhela sepe se se phoso mo Baebeleng, go na le moo, se a neng a se bala se ne sa mo ama pelo.

13 Re tshwanetse go emela se re se dumelang le fa go dira jalo go ka tswa go se bonolo. (1 Bakor. 4:12b) Ka sekai, mmaagwe Alice o ne a sa batle Alice e nna Mosupi. Alice a re: “Fa ke kolobediwa,  Mama o ne a re ke seganana. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke batla go nna Mosupi wa ga Jehofa le gore ga go na sepe se se ka fetolang tshwetso ya me. Ke ne ka mmolelela gore ke mo rata fela thata. Re ne ra lela mme go tswa foo ke ne ka mo apeela dijo tse di monate. Fa e sale go tloga ka nako eo, Mama o ne a lemoga gore Baebele e nthusa gore ke nne motho yo o siameng.”

14. Ke eng fa re tshwanetse go emela se re se dumelang?

14 Go ka tsaya nako gore ba masika ba tlhaloganye gore go direla Jehofa go botlhokwa mo go rona. Ka sekai, batsadi ba ga Alice ba ne ba batla gore a batle tiro e e duelang madi a mantsi. Ka jalo, mmaagwe Alice o ne a utlwile botlhoko tota fa Alice a ne a tsaya bobulatsela. Mme gone, Alice ga a ka a fetola tshwetso ya gagwe. A re: “Fa o ba letla gore ba fetole mogopolo wa gago ka sengwe se se rileng, ba tla nna ba leka go dira jalo le mo dilong tse dingwe. Fa o emela dilo tse o di dumelang mme gone o bua le bone sentle, bangwe ba bone ba ka nna ba go reetsa.” Seno ke se se ileng sa diragalela Alice. Gone jaanong batsadi ba gagwe ke babulatsela e bile rraagwe ke mogolwane.

BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA KA RE THUSA JANG?

Phuthego e ka thusa jang ba malapa a rona ba e seng Basupi? (Bona serapa 15-16) *

15. Go ya ka Mathaio 5:14-16 le 1 Petere 2:12, ditiro tsa rona tse di molemo di ka thusa ba masika a rona jang?

15 Jehofa o dirisa “ditiro tsa [rona] tse di molemo” go gogela batho mo phuthegong ya gagwe. (Bala Mathaio 5:14-16; 1 Petere 2:12.) Fa e le gore monna wa  gago kgotsa mosadi wa gago ga se Mosupi, a o kile a kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona? Pauline yo re buileng ka ene o ile a laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi kwa ga gagwe gore monna wa gagwe a kgone go ba itse. Wayne a re: “Mokaulengwe mongwe o ne a ikopa kwa tirong a bo a tla go lebelela bolo le nna. Seno se ne sa nthusa go lemoga gore Basupi ba tshwana fela le batho ba bangwe.”

16. Ke eng fa re tshwanetse go laletsa ba masika kwa dipokanong?

16 Gape re ka thusa ba masika a rona ka go ba laletsa kwa dipokanong. (1 Bakor. 14:24, 25) Wayne o ne a simolola ka go ya kwa Segopotsong ka gonne se tsena maitseboa e bile se tswa ka bonako. A re: “Ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse di neng di buiwa mme gone, batho ba teng ba ne ba nkamogela bontle tota. Ke ne ka lemoga gore ke batho ba ba siameng.” Banyalani bangwe ba re tla ba bitsang Deborah le John, ba ne ba tlhola ba thusa Pauline ka ngwana kwa dipokanong le kwa tshimong. Ka jalo fa Wayne a ne a simolola go kgatlhegela Baebele, o ne a kopa John gore a ithute le ene.

17. Ga re a tshwanela go ipega molato ka eng, mme ke eng fa re sa tshwanela go tlhoboga ba masika?

17 Re eletsa gore ba masika a rona botlhe ba direle Jehofa. Mme gone le fa re leka ka natla go ba thusa go itse boammaaruri, ba ka nna ba gana. Fa ba gana, ga re a tshwanela go ipega molato ka gonne ga re ka ke ra pateletsa ope go nna Mosupi. Mme gone, o se ka wa lebala gore fa ba masika a gago ba bona gore o itumetse ka gonne o direla Jehofa, seno se ka dira gore le bone ba kgatlhegele go ithuta Baebele. Ka jalo ba rapelele, bua sentle le bone mme o se ka wa ba tlhoboga. (Dit. 20:20) Fa o dira jalo, Jehofa o tla go thusa. Mme fa ba go reetsa, ba tla bolokwa!

PINA 57 Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

^ ser. 5 Re eletsa gore ba malapa a rona ba direle Jehofa mme gone ke bone ba tshwanetseng go itirela tshwetso eo. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore re ka ba rerela jang.

^ ser. 1 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 53 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo mosha o thusa rraagwe go baakanya koloi. Moragonyana o mmontsha bidio mo jw.org®.

^ ser. 55 SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o reeditse monna wa gagwe fa a ntse a mo tlotlela ka ditiragalo tsa letsatsi. Moragonyana, ba tshameka le ngwana wa bone.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yoo o laleditse bakaulengwe le bokgaitsadi kwa ga gagwe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlotla le monna wa gagwe. Moragonyana, monna yoo o ya Segopotsong le mosadi wa gagwe.