Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le Dintlha Tsotlhe?

A o Na le Dintlha Tsotlhe?

“Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.”—DIA. 18:13.

PINA: 126, 95

1, 2. (a) Re tshwanetse go nna le bokgoni bofe mme ka ntlha yang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

BAKERESETE ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go tlhatlhoba tshedimosetso le go dira ditshwetso tse di siameng. (Dia. 3:21-23; 8:4, 5) Fa re se na bokgoni jono, go tla nna motlhofo gore Satane le lefatshe la gagwe le tlhotlheletse tsela e re akanyang ka yone. (Baef. 5:6; Bakol. 2:8) Re ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa fela re na le dintlha tsotlhe. Diane 18:13 ya re, “fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.”

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le mmalwa tse di dirang gore go se ka ga nna motlhofo go nna le dintlha tsotlhe le go dira ditshwetso tse di siameng. Gape re tla tlotla ka melaometheo ya Baebele le dikai dingwe tse di ka re thusang go tlhatlhoba tshedimosetso sentle.

O SE KA WA DUMELA SENGWE LE SENGWE

3. Goreng re tshwanetse go dirisa molaomotheo o o mo go Diane 14:15? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Gompieno tshedimosetso ke ntletsentletse mo Internet, mo thelebisheneng le mo metsweding e mengwe ya tshedimosetso. Gape batho ba rata go romelelana di-email, melaetsa ya founo le dipego tsa dikgang. E re ka mokgwa wa go romela tshedimosetso  e e seng boammaaruri o aname thata, re tshwanetse go nna kelotlhoko le go tlhatlhoba se re se balang. Re ka thusiwa ke molaomotheo ofe wa Baebele? Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”

4. Bafilipi 4:8, 9 e ka re thusa jang fa re tlhopha dilo tse re di balang, mme ke eng fa tshedimosetso e e boammaaruri e le botlhokwa? (Bona lebokoso le le reng “ Dilo Tse di re Thusang go Nna le Dintlha Tsotlhe.”)

4 Re tlhoka tshedimosetso e e boammaaruri gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Ka jalo, re tshwanetse go tlhopha ka kelotlhoko dilo tse re di balang. (Bala Bafilipi 4:8, 9.) Ga re a tshwanela go fetsa nako e ntsi re bala tshedimosetso e e belaetsang mo Internet kgotsa re bala di-email tse go sa tlhomamisiwang gore di boammaaruri. Gape go botlhokwa thata gore re se ka ra tsena mo di-website tsa batlhanogi. Di-website tseno di diretswe go senya leina le lentle la batho ba ga Jehofa le go anamisa tshedimosetso e e seng boammaaruri. Tshedimosetso ya maaka e tla dira gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. Ga re a tshwanela go lebala gore tshedimosetso ya maaka e ka tlhotlheletsa tsela e re akanyang le e re ikutlwang ka yone.—1 Tim. 6:20, 21.

5. Baiseraele ba ile ba newa pego efe ya maaka mme e ile ya ba ama jang?

5 Go dumela tshedimosetso e e seng boammaaruri go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga mo motlheng wa ga Moshe fa banna ba le lesome mo go ba le 12 ba ba neng ba romilwe go ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng ba ne ba tla ka pego e e bosula. (Dipa. 13:25-33) Pego ya bone e e seng boammaaruri e ne ya kgoba batho ba ga Jehofa marapo. (Dipa. 14:1-4) Ka ntlha yang? Gongwe ba ne ba akanya gore e re ka bontsi jwa banna bao ba ne ba tlile ka pego e e bosula, ba tshwanetse ba bo ba bua boammaaruri. Ga ba a ka ba reetsa pego ya banna ba ba ikanyegang e bong Joshua le Kalebe. (Dipa. 14:6-10) Go na le gore ba batle dintlha ka botlalo le go ikanya Jehofa, ba ile ba dumela pego e e bosula. Ruri seo e ne e le boeleele!

6. Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa batho ba bua dilo tse di bosula ka batho ba ga Jehofa?

6 Re tlhoka go nna kelotlhoko fa re bala dipego tse di buang ka batho ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Satane o latofatsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang. (Tshen. 12:10) Jesu o ne a re baganetsi ba tla ‘bua dilo tse di boikepo ka rona e bile ba aka.’ (Math. 5:11) Fa re nna re gopotse seo, ga re kitla re gakgamala fa batho ba bua dilo tse di bosula ka batho ba ga Jehofa.

7. Re tshwanetse go akanyetsa eng pele re romelela batho di-email le melaetsa ya founo?

7 A o rata go romelela ditsala tsa gago di-email le melaetsa ya founo? Fa go le jalo, fa o bala sengwe kgotsa o utlwa kgang nngwe, o ka nna wa ikutlwa jaaka mmegadikgang mme wa batla go nna wa ntlha go e bolelela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, pele o romelela ba bangwe molaetsa wa founo kgotsa email ipotse jaana: ‘A tshedimosetso eno e boammaaruri? A ke na le dintlha tsotlhe?’ Fa e le gore ga o na dintlha tsotlhe ka kgang eo, o ka nna wa feleletsa o anamisitse kgang ya maaka o sa lemoge. Ka jalo fa o sa tlhomamisega ka dintlha tse di mo molaetseng, o phimole, o se ka wa o romelela batho ba bangwe.

8. Mo dinageng dingwe, baganetsi ba ile ba dira eng, mme re ka ba ema nokeng jang re sa lemoge?

8 Go anamisa melaetsa ka bonako go kotsi ka gonne mo dinageng tse dingwe tiro ya rona e thibetswe. Mo dinageng tseo, baganetsi ba ka nna ba anamisa dipego tse di diretsweng go re tshosa le go dira gore re se ka ra tshepana. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga kwa dinageng tse e neng e le  karolo ya Soviet Union. Mapodise a mo sephiring a a bidiwang KGB a ne a anamisa tshedimosetso ya gore bakaulengwe bangwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba tlhanogetse batho ba ga Jehofa. * Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba dumela pego eo ya maaka mme ba tlogela phuthego. Ruri seno se utlwisa botlhoko. Se se itumedisang ke gore bangwe ba bone ba ne ba boela mo phuthegong, le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ga ba a ka ba boa. Kamano ya bone le Jehofa e ile ya senyega. (1 Tim. 1:19) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra iphitlhela re le mo maemong ao? O se ka wa anamisa dipego tsa maaka kgotsa tse o sa tlhomamisegang gore di boammaaruri. O se ka wa dumela sengwe le sengwe fela se o se utlwang le se o se balang, go na le moo, tlhomamisa gore o na le dintlha ka botlalo.

BA NE BA SE NA DINTLHA TSOTLHE

9. Ke eng gape se se ka dirang gore go se ka ga nna motlhofo go bona dintlha tsotlhe?

9 Dipego tse di sa ntsheng tshedimosetso yotlhe ka botlalo di ka dira gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. Pego e e nang le bontlhanngwe fela jwa boammaaruri e ka re tsietsa. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tsiediwa ke dipego tse di sa ntsheng tshedimosetso yotlhe ka botlalo?—Baef. 4:14.

10. Ke eng se se batlileng se dira gore Baiseraele ba lwantshane, mme ke eng se se ileng sa thibela ntwa eo?

10 Akanya ka se se ileng sa diragalela Baiseraele ba ba neng ba nna kwa bophirima jwa Noka ya Joredane ka motlha wa ga Joshua. (Josh. 22:9-34) Ba ne ba begelwa gore Baiseraele ba ba neng ba nna kwa botlhaba jwa Joredane (lotso la ga Rubene, la ga Gada le sephatlo sa lotso la ga Manase) ba ne ba agile sebeso se sentle se segolo gaufi le Noka ya Joredane. Tshedimosetso eo e ne e le boammaaruri mme e ne e sa felela. Ka ntlha ya tshedimosetso eo, Baiseraele ba ba nnang kwa bophirima ba ile ba swetsa ka gore bomorwarraabone ba tsuologetse Jehofa. Ka jalo, ba ile ba dira letsholo la go ya go ba lwantsha. (Bala Joshua 22:9-12.) Mme gone, pele ba dira jalo ba ile ba romela banna bangwe ba ba ikanyegang gore ba ye go utlwa kgang ka botlalo. Ba lotso la ga  Rubene, Gada le Manase ba ile ba tlhalosa gore ba agile sebeso seo go nna segopotso, e seng go ntshetsa ditlhabelo mo go sone. Ba ne ba batla gore le mo isagweng go itsege gore le bone ba ne ba ikanyega mo go Jehofa. Ga go pelaelo gore Baiseraele bao ba ile ba itumelela go bo ba ile ba se ka ba itlhaganelela go bolaya bomorwarraabone, go na le moo, ba ile ba batla dintlha ka botlalo.

11. (a) Go tlile jang gore Mefiboshethe a direlwe tshiamololo? (b) Dafide a ka bo a ile a tila seo jang?

11 Le rona re ka nna ra direlwa tshiamololo fa batho ba anamisa tshedimosetso ya maaka ka rona. Akanya ka se se diragaletseng Kgosi Dafide le Mefiboshethe. Dafide o ne a bontsha Mefiboshethe bopelotshweu ka go mo naya tshimo yotlhe ya ga rraagwemogolo e bong Saulo. (2 Sam. 9:6, 7) Le fa go ntse jalo, moragonyana Dafide o ne a begelwa sengwe se se bosula ka Mefiboshethe. Dafide o ile a tseela Mefiboshethe dilo tsotlhe tsa gagwe a ise a tlhomamise gore a kgang eo e boammaaruri. (2 Sam. 16:1-4) Fa Dafide a sena go bua le Mefiboshethe, o ile a lemoga gore o ne a dirile phoso, ka jalo, o ile a mmusetsa karolo ya dilo tse a neng a di tseile. (2 Sam. 19:24-29) Mme gone, dilo tseno tsotlhe di ka bo di sa direga fa Dafide a ka bo a ile a batla dintlha tsotlhe go na le go itlhaganelela go dira tshwetso a se na tshedimosetso yotlhe.

12, 13. (a) Jesu o ile a dira eng fa batho ba ne ba mo senya leina? (b) Re ka dira eng fa mongwe a bua maaka ka rona?

12 Gotweng fa e le gore mongwe o buile maaka ka wena kgotsa o go sentse leina? Jesu le Johane Mokolobetsi ba ile ba lebana le kgwetlho eo. (Bala Mathaio 11:18, 19.) Jesu o ile a dirang? Ga a ka a leka go itlhatswa leina, go na le moo o ne a re batho ba ele tlhoko se a neng a se dira le se a neng a se ruta. O ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.”—Math. 11:19.

13 Re ka ithuta thuto ya botlhokwa mo go Jesu. Ka dinako dingwe, batho ba ka nna ba bua dilo tse di seng boammaaruri ka rona. Seno se ka re utlwisa botlhoko mme sa dira gore re batle go itlhatswa leina. Mme gone, go na le sengwe se re ka se dirang. Fa mongwe a bua maaka ka rona, re ka tshela ka tsela e e tla dirang gore batho ba se ka ba dumela maaka ao. Fela jaaka sekao sa ga Jesu se bontsha, tsela e ntle e re itshwarang ka yone e tla dira gore go bonale gore dilo tse di builweng ka rona ga se boammaaruri.

A O ITSHEPA THATA?

14, 15. Go ikaega ka tlhaloganyo ya rona go ka re bakela mathata jang?

14 Go sa nne le dintlha ka botlalo ga se gone fela go ka dirang gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. Bothata jo bongwe ke gore ga re a itekanela. Gongwe re na le nako e e telele re direla Jehofa ka boikanyegi. Ka jalo, re ka tswa re na le bokgoni jwa go akanya le temogo. Mo godimo ga moo, batho ba bangwe ba ka tswa ba re tlotla ka gonne re itse go dira ditshwetso tse di siameng. Le fa go ntse jalo, a seno le sone se ka re bakela mathata?

15 Ee, se ka re bakela mathata fa re ka simolola go ikaega thata ka tlhaloganyo ya rona. Re ka nna ra dira ditshwetso re ikaegile ka tsela e re ikutlwang ka yone kgotsa go ya ka se re tsayang gore se siame. Re ka nna ra akanya gore re kgona go tlhaloganya maemo mangwe le mangwe le fa re se na dintlha tsotlhe. Go akanya jalo go kotsi! Baebele ya re re se ka ra ikaega ka tlhaloganyo ya rona.—Dia. 3:5, 6; 28:26.

16. Ke eng se se neng sa direga kwa resetšhurenteng, mme Oweditse o ne a tsaya gore go direga eng?

16 Akanya ka boemo jono. Maitseboa mangwe fa mogolwane yo o bidiwang Oweditse  a le mo resetšhurenteng, o ile a makala tota fa a ne a bona mogolwane mongwe yo o bidiwang Keoagile a na le mosadi mongwe. Keoagile le mosadi yono ba ne ba bonala ba itumetse, ba ne ba tshega e bile ba tlamparelana. Seno se ne sa tshwenya Oweditse fela thata. A Keoagile o ne a tlile go tlhala mosadi wa gagwe? Go ne go tla diregang ka mosadi wa gagwe? Bana bone? Oweditse o bone malapa a le mantsi a thubega. Wena o ne o tla ikutlwa jang fa o bona Keoagile a na le mosadi yono?

17. Oweditse o ile a ithuta eng, mme le rona re ka ithuta eng mo pegong eno?

17 Le fa gone Oweditse a ne a tsaya gore Keoagile ga a ikanyege mo mosading wa gagwe, a tota o ne a na le dintlha tsotlhe? Mo go one maitseboa ao, Keoagile o ile a founela Oweditse. Oweditse o ne a wela makgwafo fa a ne a utlwa gore mosadi yo a mmoneng e ne e le kgaitsadie Keoagile mme o ne a ba etetse. Ba ne ba na le dingwaga ba sa bonane. E re ka a ne a tlile ka nakwana fela, Keoagile o ne a ka kgona go kopana le ene fela kwa resetšhurenteng. Ka maswabi mosadi wa ga Keoagile o ne a sa kgona go ya. Ka lesego, Oweditse ga a ka a bolelela batho ka kgang eno. Re ithuta eng? Le fa gone re le Bakeresete ba ba nang le maitemogelo, seno ga se reye gore re tshwanetse go itlhokomolosa dintlha.

18. Dikgotlhang di ka dira jang gore re akanye dilo tse di sa siamang ka Bakeresetemmogo le rona?

18 Fa re na le kgotlhang le Mokeresetemmogo le rona, go ka nna thata gore re lebe dilo ka tsela e e siameng. Fa re nnela go akanya ka dilo tse re sa dumalaneng ka tsone, seo se ka dira gore re feleletse re sa tshepe Mokeresetemmogo le rona. Ka jalo fa re utlwa sengwe se se sa siamang ka ene, re ka nna ra itlhaganelela go se dumela. Re ithuta eng? Go boloka sekgopi go ka dira gore re akanye dilo tse di sa siamang ka bakaulengwe ba rona mme gone re se na dintlha tsotlhe. (1 Tim. 6:4, 5) Ka jalo, fa re sa itetle go nna lefufa, seo se tla re thusa gore re se ka ra akanya dilo tse di sa siamang ka Bakeresetemmogo le rona. Ga re a tshwanela go nna le maikutlo ao a a sa siamang, go na le moo, re tshwanetse go rata Bakeresetemmogo le rona le go ba itshwarela re gololesegile.—Bala Bakolosa 3:12-14.

MELAOMETHEO YA BAEBELE E TLA RE THUSA

19, 20. (a) Ke melaometheo efe ya Baebele e e tla re thusang gore re tlhatlhobe dintlha sentle? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Ga go motlhofo go nna le dintlha tsotlhe le go di tlhatlhoba ka gonne tshedimosetso ya maaka ke ntletsentletse, dipego ga di ntshe dintlha ka botlalo, mo godimo ga moo, ga re a itekanela. Ka jalo, ke eng se se ka re thusang? Re tshwanetse go itse melaometheo ya Baebele e bile re tshwanetse go e dirisa. Mongwe wa melaometheo eo wa re ke boeleele le matlhabisa ditlhong go fetola kgang pele re e utlwa. (Dia. 18:13) Gape molaomotheo mongwe wa re re se ka ra dumela sengwe le sengwe fela. (Dia. 14:15) Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go ikaega ka tlhaloganyo ya rona le fa re ka tswa re na le dingwaga di le dintsi re direla Modimo. (Dia. 3:5, 6) Melaometheo ya Baebele e tla re thusa fa re dirisa dintlha tse di tswang mo metsweding e e ikanyegang mme re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng.

20 Mme gone, go sa ntse go na le kgwetlho nngwe. Batho ba na le mokgwa wa go atlhola batho go ya ka se ba se bonang. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dilo tse di dirang gore batho ba nne le mokgwa ono e bile re tla bona gore ke eng se se tla re thusang gore re di tile.

^ ser. 8 Bona Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2004 ts. 111-112 le Buka ya Ngwaga ya 2008 ts. 133-135 (ka Seesemane).