Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’

‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’

“Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.”—BAFIL. 4:7.

PINA: 76, 141

1, 2. Go ile ga direga eng kwa motseng wa Filipi se se dirileng gore Paulo le Silase ba isiwe kgolegelong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

KE MO e ka nnang bosigogare. Barongwa ba babedi e bong, Paulo le Silase ba mo karolong e e kwa tengteng ya kgolegelo kwa motseng wa Filipi. Dinao tsa bone di bofeletswe mo disaneng mme mekwatla ya bone e botlhoko ka gonne ba ile ba itewa. (Dit. 16:23, 24) Dilo tseno di diregile ka bonako tota! Ba ne ba gogelwa kwa marekisetsong ke segopa sa batho gore ba ye go seka kwa kgotlatshekelo ba sa bolelelwa. Ba ne ba gagolelwa diaparo ba bo ba itewa botlhoko ka dithobane. (Dit. 16:16-22) Ruri ba ne ba diretswe tshiamololo! E re ka Paulo e ne e le Moroma, o ne a tshwanetse go sekisiwa sentle. *

2 Fa Paulo a dutse mo lefifing, o akanya ka se se ileng sa direga mo letsatsing leo. O akanya ka batho ba motse wa Filipi. Go farologana le metse e mengwe e Paulo a ileng a e etela, motse wa bone ga o na sinagoge ya Bajuda. Tota e bile, Bajuda ba koo ba ne ba obamela kwa ntle ga dikgoro tsa motse gaufi le noka. (Dit. 16:13,  14) A seno se ne se dirwa ke gore banna ba Bajuda ba ne ba sa fete lesome mo motseng oo, e leng palo e e tlhokegang gore go nne le sinagoge? Ga go pelaelo gore batho ba motse wa Filipi ba ne ba itumelela go nna baagi ba Roma. (Dit. 16:21) A seno ke sone se neng se dira gore ba se ka ba akanya gore Bajuda bano, e bong Paulo le Silase e ka tswa e le baagi ba Roma? Le fa mabaka e ka tswa e ne e le afe, ba ne ba ba latlhela mo kgolegelong.

3. Ke eng fa Paulo a ka tswa a ne a maketse fa a tshwarwa, mme o ne a dira eng?

3 Gongwe Paulo o akanya le ka se se ileng sa direga mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng. O ne a le kwa Asia Minor, ka fa letlhakoreng le lengwe la Lewatle la Aegean. Fa a le koo, gangwe le gape moya o o boitshepo o ne wa mo thibela go rera kwa mafelong mangwe. E ne e kete moya o o boitshepo o ne o mo tlhotlheletsa go ya golo gongwe. (Dit. 16:6, 7) O ne o mo tlhotlheletsa gore a ye kae? O ne a bona karabo ya potso eno mo ponatshegelong fa a ne a le kwa Teroase. Paulo o ne a tewa gotwe: “Tla ka kwano mo Makedonia.” E re ka jaanong a ne a itse gore Jehofa o batla a dire eng, o ne a ya kwa Makedonia. (Bala Ditiro 16:8-10.) Mme go ile ga direga eng? Nakonyana fa a sena go goroga kwa Makedonia, o ne a isiwa kgolegelong. Ke eng fa Jehofa a ne a letlelela gore Paulo a tshwarwe? O ne a tla nna lobaka lo lo kae kwa kgolegelong? Le fa gone go ka tswa go ne go duma dipotso tseno mo tlhaloganyong ya ga Paulo, ga a ka a letla gore di koafatse tumelo ya gagwe kgotsa gore di mo kgobe marapo. Ene le Silase ba ne ba simolola go “rapela e bile ba baka Modimo ka pina.” (Dit. 16:25) Ba ne ba gomodiwa ke kagiso ya Modimo.

4, 5. (a) Maemo a rona a ka tshwana jang le a ga Paulo? (b) Maemo a ga Paulo a ne a fetoga jang a sa lebelela?

4 Fela jaaka Paulo, gongwe le wena go na le dinako dingwe fa o ne o akanya gore o latela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo mme dilo di bo di sa tsamaye jaaka o ne o lebeletse. Gongwe o ne wa lebana le dikgwetlho kgotsa wa diragalelwa ke sengwe se se fetotseng botshelo jwa gago. (Mor. 9:11) Fa o akanya ka dilo tseno, gongwe o ipotsa gore ke eng fa Jehofa a letlile gore di direge. Fa go le jalo, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o itshokile e bile o ikanya Jehofa? Go bona karabo, a re sekasekeng pego ya ga Paulo le Silase.

5 Fa Paulo le Silase ba ntse ba opela dipina tsa pako, go diragala dilo di le mmalwa tse ba neng ba sa di lebelela. Go nna le thoromo e kgolo ya lefatshe. Dikgoro tsotlhe tsa kgolegelo di a bulega. Dikgole tsa magolegwa otlhe, di a bofologa. Paulo o thibela modisa wa kgolegelo gore a se ka a ipolaya. Modisa yono le ba lelapa la gagwe ba a kolobediwa. Mo letsatsing le le latelang, bomagiseterata ba motse ba romela masole gore a ye go golola Paulo le Silase mme ba ba kopa gore ba tswe mo motseng. Fa bomagiseterata ba lemoga gore Paulo le Silase ke baagi ba Roma, ba ne ba lemoga gore ba dirile phoso e kgolo ka go sa ba sekise sentle, ka jalo, ba ne ba tla go ba ntsha mo motseng. Mme pele ba tsamaya, Paulo le Silase ba kopa go ya go laela kgaitsadi yo o sa tswang go kolobediwa e bong Lidia. Mo godimo ga moo, ba dirisa nako eno go nonotsha bakaulengwe ba kwa motseng oo. (Dit. 16:26-40) Ruri dilo di ne tsa fetoga ka bonako tota!

E ‘GAISA KAKANYO YOTLHE’

6. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

6 Ditiragalo tseno di re ruta eng? Jehofa o kgona go dira dilo tse re sa di lebelelang, ka jalo, ga re tlhoke go tlhobaela fa re lebane le diteko. Paulo ga a ka a lebala thuto eno, re bona seo mo go se a se kwaletseng bakaulengwe ba kwa Filipi moragonyana,  malebana le kgang ya go tlhobaela le kagiso ya Modimo. A re sekasekeng pele mafoko a ga Paulo a a mo go Bafilipi 4:6, 7. (E bale.) Morago ga moo, re tla sekaseka gape dikai tsa mo Baebeleng tsa kafa Jehofa a ileng a dira dilo tse batlhanka ba gagwe ba neng ba sa di lebelela. Mme kwa bofelong re tla sekaseka kafa “kagiso ya Modimo” e ka re thusang ka gone gore re tswelele re itshokile e bile re ikanya Jehofa.

7. Paulo o ne a ruta Bakeresete ba kwa Filipi thuto efe fa a ne a ba kwalela, mme re ka ithuta eng mo mafokong a gagwe?

7 Ga go pelaelo gore fa Bakeresete ba kwa Filipi ba bala lekwalo la ga Paulo, ba ne ba gakologelwa se se ileng sa mo diragalela le kafa Jehofa a ileng a dira dilo tse ba neng ba sa di lebelela. Ke eng se Paulo a neng a ba ruta sone? O ne a ba ruta gore ba se ka ba tshwenyega, go na le moo ba rapele mme ba tla nna le kagiso ya Modimo. Ela tlhoko gore Paulo o ne a re, ‘kagiso ya Modimo e gaisa kakanyo yotlhe.’ Seno se kaya eng? Baranodi bangwe ba ranola polelwana eno jaana: “e gaisa dilo tsotlhe tse re di eletsang” kgotsa “e gaisa dithulaganyo tsotlhe tsa batho.” Tota Paulo o ne a re “kagiso ya Modimo” e molemo go gaisa sepe fela se re ka se akanyang. Ka jalo, le fa gone re ka tswa re sa itse gore re ka rarabolola mathata a rona jang, Jehofa ene o a itse e bile o kgona go dira dilo tse re sa di lebelelang.—Bala 2 Petere 2:9.

8, 9. (a) Le fa gone Paulo a ile a direlwa tshiamololo kwa Filipi, seo se ne sa nna le diphelelo dife tse di molemo? (b) Ke eng fa Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba tsaya tsia mafoko a ga Paulo?

8 Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba ka nonotshiwa ke go akanya ka dilo tse di diregileng mo dingwageng di le lesome morago ga se se ileng sa diragalela Paulo. Se Paulo a neng a se kwadile se ne se le boammaaruri. Le fa gone Jehofa a ile a letla gore Paulo le Silase ba direlwe tshiamololo, seno se ile sa dira gore ‘go sirelediwe e bile go tlhomamisiwe dikgang tse di molemo semolao.’ (Bafil. 1:7) Bomagiseterata ba motse wa Filipi ba ne ba ka se tlhole ba bogisa Bakeresete ba mo motseng oo. Gongwe se Paulo a ileng a se dira, se ne sa thusa Luke yo a neng a tsamaya le bone gore a kgone go sala kwa Filipi fa Paulo le Silase ba tsamaya. Luke o ne a ka kgona go sala a thusa phuthego e ntšha ya kwa motseng oo.

9 Fa Bakeresete bao ba kwa Filipi ba ne ba bala lekwalo la ga Paulo, ba ne ba itse gore Paulo ga a bue fela. O ile a lebana le dikgwetlho tse di boima, le fa go ntse jalo, o ne a bontsha gore o na le “kagiso ya Modimo.” Tota e bile, fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete bao, o ne a le kwa Roma a tshwerwe. Mme o ne a sa ntse a bontsha gore o na le “kagiso ya Modimo.”—Bafil. 1:12-14; 4:7, 11, 22.

“LO SE KA LWA TLHOBAELA KA SEPE”

10, 11. Re tshwanetse go dira eng fa re tlhobaela ka mathata a rona mme ke eng se re ka se lebelelang?

10 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhobaela ka sepe le gore re nne le “kagiso ya Modimo”? Se Paulo a se kwaletseng Bafilipi se bontsha gore re ka thusiwa ke go rapela. Ka jalo, fa re tlhobaela, re tshwanetse go rapela. (Bala 1 Petere 5:6, 7.) Rapela Jehofa o tlhomamisegile gore o a go kgathalela. Fa o rapela, mo lebogele dilo tse di molemo tse a go diretseng tsone. Fa re nna re gopotse gore Jehofa o kgona “go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong,” seno se tla dira gore re mo ikanye le go feta.—Baef. 3:20.

11 Le rona re ka gakgamalela se Jehofa a re direlang sone fela jaaka Paulo le Silase. E ka tswa e se selo se se gakgamatsang thata  mme ka metlha Jehofa o re direla dilo tse re di tlhokang. (1 Bakor. 10:13) Gone seno ga se reye gore re tla phutha mabogo fela re sa dire sepe, re emetse gore Jehofa a rarabolole mathata a rona. Re tshwanetse go dira dilo tumalanong le dithapelo tsa rona. (Bar. 12:11) Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re tiisitse ka se re se kopang mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona. Mme gone, re tshwanetse go lemoga gore Jehofa a ka dira se se fetang se re se kopang kgotsa se re lebetseng gore a re direle sone. Ka dinako tse dingwe, o re direla dilo tse re neng re sa di lebelela. Mma re sekaseke dipego tsa mo Baebeleng tse di re tlhomamisetsang gore Jehofa o kgona go re direla dilo tse re sa di lebelelang.

JEHOFA O NE A DIRA DILO TSE BA NENG BA SA DI LEBELELA

12. (a) Kgosi Hesekia o ne a dira eng fa a ne a tshosediwa ke Kgosi Senakaribe wa Asiria? (b) Tsela e Jehofa a neng a rarabolola bothata joo e re ruta eng?

12 Fa re bala Baebele, gangwe le gape re bona kafa Jehofa a ileng a dira dilo tse batho ba neng ba sa di lebelela. Kgosi Hesekia o ne a tshela ka nako e Kgosi Senakaribe wa Asiria a neng a tlhasela metse ya Juda le go e gapa mme e seng Jerusalema. (2 Dikg. 18:1-3, 13) Morago ga moo, Senakaribe o ne a batla go tlhasela Jerusalema. Kgosi Hesekia o ne a dira eng fa a ne a lebane le kgwetlho eno? O ne a rapela Jehofa a bo a kopa kgakololo mo moporofeting wa ga Jehofa e bong Isaia. (2 Dikg. 19:5, 15-20) Hesekia o ne a leka go rarabolola bothata joo ka go duela Senakaribe madi a a neng a a batla. (2 Dikg. 18:14, 15) Morago ga moo, Hesekia o ne a dira dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa nako ya fa motse o tla bo o dikaganyeditswe ke Baasiria. (2 Ditir. 32:2-4) Mme Jehofa o ne a rarabolola bothata joo jang? Jehofa o ne a romela moengele gore a bolaye masole a ga Senakaribe a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe. Tota le Hesekia o ne a sa lebelela gore seo se direge.—2 Dikg. 19:35.

Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Josefa?—Gen. 41:42 (Bona serapa 13)

13. (a) Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Josefa? (b) Jehofa o ile a dira eng se Sara a neng a sa se lebelela?

13 Akanya ka se se ileng sa diragalela Josefa morwa Jakobe. Fa Josefa a ne a le mo kgolegelong kwa Egepeto, a o ne a itse gore o tla newa maemo a a kwa godimo mo nageng eo kgotsa gore Jehofa o ne a tla mo dirisa gore a thuse ba lelapa la gagwe gore ba se ka ba bolawa ke tlala? (Gen. 40:15; 41:39-43; 50:20) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a dira se Josefa a neng a sa se lebelela gotlhelele. Gape akanya ka se se ileng sa diragalela nkokoagwe Josefa e bong Sara. A Sara o ne a lebeletse gore Jehofa a mo thuse gore a tshole ngwana le fa a ne a tsofetse, e seng gore a tsholelwe ngwana ke lelata la gagwe? Ruri Jehofa o ile a dira se Sara a neng a sa se lebelela fa a ne a mo thusa gore a tshole Isake.—Gen. 21:1-3, 6, 7.

14. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re direla eng?

 14 Gone ke boammaaruri gore ga re a lebelela gore Jehofa a rarabolole mathata a rona ka kgakgamatso pele ga lefatshe le lesha le tla e bile ga re a lebelela gore a re direle dikgakgamatso. Mme re a itse gore Modimo yo o thusitseng batlhanka ba gagwe ka ditsela tse di gakgamatsang, ke Modimo wa rona e bong Jehofa. (Bala Isaia 43:10-13.) Seno se re thusa go nna le tumelo mo go ene. Re a itse gore a ka kgona go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a re thuse go dira thato ya gagwe. (2 Bakor. 4:7-9) Re ithuta eng mo dipegong tseno tsa Baebele? Fela jaaka Hesekia, Josefa le Sara, le rona fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa, a ka kgona go re thusa go rarabolola mathata a go lebegang a ka se rarabologe.

Fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa, a ka kgona go re thusa go rarabolola mathata a go lebegang a ka se rarabologe

15. Ke eng se se ka re thusang go tswelela re na le “kagiso ya Modimo” mme seo se kgonega jang?

15 Re ka emelana jang le dikgwetlho le go tswelela re na le “kagiso ya Modimo”? Re ka dira jalo ka go tswelela re na le kamano e e molemo le Jehofa Modimo. Re ka kgona go nna le kamano eo “ka Keresete Jesu” yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo sa thekololo. Thekololo eno ke nngwe ya dimpho tse di molemo tse Rraarona a re neileng tsone. Jehofa o dirisa thekololo go phimola maleo a rona go re thusa gore re nne le segakolodi se se phepa le go atamalana le ene.—Joh. 14:6; Jak. 4:8; 1 Pet. 3:21.

E TLA DISA DIPELO LE MEGOPOLO YA RONA

16. Go direga eng fa re nna le “kagiso ya Modimo”? Tshwantsha.

16 Go direga eng fa re nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe”? Baebele ya re kagiso ya Modimo ‘e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo ka Keresete Jesu.’ (Bafil. 4:7) Lefoko la Segerika la go “disa,” le ne le dirisiwa fa go buiwa ka masole. Le ne le kaya setlhopha sa masole a a neng a abetswe go disa metse mo metlheng ya bogologolo. Motse wa Filipi le one o ne o disiwa. Baagi ba Filipi ba ne ba robala boroko, ka gonne ba itse gore motse o ne o disitswe ke masole. Ka tsela e e tshwanang, fa re na le “kagiso ya Modimo,” ga re kitla re tlhobaela. Re a itse gore Jehofa o a re kgathalela e bile o batla gore re atlege. (1 Pet. 5:10) Go itse seno go re thusa gore re se ka ra fekeediwa ke go tlhobaela kgotsa go kgobega marapo.

17. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra tlhobaela ka se se tla diregang mo isagweng?

17 Mo nakong e e sa fediseng pelo, batho ba tla lebana le pitlagano e kgolo e e iseng e ko e nne teng mo lefatsheng. (Math. 24:21, 22) Ga re itse dintlha tsotlhe, gore mongwe le mongwe wa rona o tlile go diragalelwa ke eng. Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke go tlhobaela. Le fa gone re sa itse sengwe le sengwe se Jehofa a tlileng go se dira, re itse Modimo wa rona. Re ile ra bona mo dipegong tsa Baebele gore go sa kgathalesege gore go direga eng, Jehofa o tla nna a diragatsa boikaelelo jwa gagwe mme ka dinako tse dingwe o dira jalo ka tsela e re neng re sa e lebelela. Nako le nako fa Jehofa a re direla jalo, re ka kgona go nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”

^ ser. 1 Go bonala Silase le ene e ne e le Moroma.—Dit. 16:37.