Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Apola Jang Botho jo Bogologolo Le go Bo Latlha?

Re ka Apola Jang Botho jo Bogologolo Le go Bo Latlha?

“Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone.”—BAKOL. 3:9.

PINA: 83, 129

1, 2. Ke eng se batho ba se lemogileng ka Basupi ba ga Jehofa?

BATHO bangwe ba ile ba tlhalosa gore ba rata dinonofo tse di molemo tse batho ba ga Jehofa ba nang le tsone. Ka sekai, mokwadi yo o bidiwang Anton Gill o ne a kwala jaana ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Jeremane ka nako ya puso ya Banasi: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhoilwe ke Banasi. . . . Ka 1939 [Basupi] ba ne ba le 6 000 kwa [dikampeng tsa pogisetso.]” Mokwadi yono o ne a tlhalosa gore le fa gone ba ile ba itshokela pogiso, ba ne ba “nna ba itshwere sentle e bile ba ritibetse maikutlo” gape ba ne ba “ikanyega le go emana nokeng.”

2 Bosheng jaana, batho bangwe ba kwa Afrika Borwa ba ile ba lemoga dinonofo tse di molemo tse di tshwanang mo bathong ba Modimo. Mo nakong e e fetileng, Basupi ba merafe e e farologaneng mo nageng eo ba ne ba sa letlelelwa go kopana mmogo. Le fa go ntse jalo, ka Sontaga, December 18, 2011, go ne go itumedisa tota go bona bakaulengwe ba feta 78 000 ba merafe e e farologaneng mo Afrika Borwa le kwa dinageng tse di mabapi ba kopane mmogo go tla go itumelela thulaganyo e e kgethegileng mo setadiamong se segolo sa toropo ya Johannesburg. Mongwe wa baokamedi ba setadiamo o ne a bua jaana ka batho ba ba neng ba le gone: “Ga ke ise ke bone batho ba ba itshwereng sentle thata jaana mo setadiamong  seno. Mongwe le mongwe o apere sentle. Mme lo tlogetse setadiamo seno se le phepa tota. Mme se se itumedisang le go feta ke gore, ga lo na tlhaolele.”

3. Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologe?

3 Dilo tse batho ba e seng Basupi ba di buang di bontsha gore ruri Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologile. (1 Pet. 5:9) Le fa go ntse jalo, ke eng se se dirang gore re farologane le batho ba bangwe? Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo di re thusa gore re leke ka natla go ‘apola botho jo bogologolo.’ Mo boemong jwa seo, re ‘apara botho jo bosha.’—Bakol. 3:9, 10.

4. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno, mme ka ntlha yang?

4 Go apola botho jo bogologolo go farologana thata le go bo latlha. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka kafa re ka apolang botho jo bogologolo ka gone, lebaka la go bo go dira jalo go potlakile le gore ke eng fa motho a ka kgona go fetoga go sa kgathalesege gore o tseneletse go le kae mo mekgweng e e sa siamang. Gape re tla sekaseka gore batho ba ba nang le dingwaga di le dintsi e le Basupi ba ka dira eng gore ba tile botho jo bogologolo. Ke eng fa re tlhoka kgakololo eno? Ka maswabi, bangwe ba ba kileng ba bo ba direla Jehofa ba ile ba repisa diatla mme ba boela kwa mekgweng ya bone ya bogologolo. Ka jalo, rotlhe re tlhoka go nna re gopotse tlhagiso eno: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.”—1 Bakor. 10:12.

LATLHA DIKELETSO TSE DI MASWE TSA TLHAKANELODIKOBO

5. (a) Tshwantsha kafa go potlakileng ka gone go apola botho jo bogologolo. (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Go ya ka Bakolosa 3:5-9, ke mekgwa efe e e akarediwang mo bothong jo bogologolo?

5 O ne o ka dira eng fa diaparo tsa gago di nna leswe, gongwe e bile di nkga phuu? O ne o tla apola diaparo tseo ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, re tlhoka go nna bonako go ikobela taelo ya gore re tlogele mekgwa e Modimo a sa e rateng. Re tlhoka go latela kgakololo e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba mo motlheng wa gagwe e e reng: “Di tloseng tsotlhe mo go lona.” Mma re tlotle ka mekgwa e mebedi e e sa siamang e Paulo a neng a bua ka yone, e leng boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le boitshekologo.—Bala Bakolosa 3:5-9.

6, 7. (a) Se Paulo a se buileng se bontsha jang gore re tlhoka go tsaya matsapa go apola botho jo bogologolo? (b) Sakura o ne a tshela jang, mme ke eng se se mo thusitseng go tlogela botshelo joo?

6 Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Bokao jwa polelwana eno bo akaretsa go tlhakanela dikobo ga batho ba babedi ba ba sa nyalanang semolao le go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang. Paulo o ne a bolelela Bakeresetemmogo le ene gore ba ‘bolaye ditokololo tsa bone tsa mmele,’ se se rayang go latlha dikeletso dipe tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Se Paulo a se buileng se bontsha gore re tlhoka go tsaya matsapa gore re latlhe dikeletso tseo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, ruri re ka kgona go lwantsha dikeletso tse di sa siamang.

7 Akanya ka se se diragaletseng Sakura * wa kwa Japane. Fa a ntse a gola, o ne a jewa ke bodutu e bile a ikutlwa e se motho wa sepe. Fa a na le dingwaga di le 15, o ne a simolola go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng gore a se ka a tlhola a jewa ke bodutu. O ne a bua jaana a tlhabilwe ke ditlhong: “Ka ntlha ya seo, ke ne ka senya mpa gararo.” Gape a re: “Kwa tshimologong, ke ne ke ikutlwa ke sireletsegile fa ke tlhakanela dikobo le batho ba bangwe ka gonne ke tsaya gore ke botlhokwa e bile ke a ratiwa. Mme gone, fa ke ntse ke dira jalo, ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe le go feta.” Sakura o ne a tswelela a dira jalo go fitlha a tshwara dingwaga di le 23. Mme o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi. O ne a rata dilo tse a neng a di ithuta mme Jehofa o ne a mo thusa gore a kgone go  fenya maikutlo a go ipona molato le go tlhabiwa ke ditlhong mme o ne a tlogela boitsholo joo jo bo sa siamang. Gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha e bile ga a sa tlhole a jewa ke bodutu. Go na le moo, a re: “Ke itumelela tsela e Jehofa a mpontshang ka yone letsatsi le letsatsi gore o a nthata.”

GO TLOGELA MEKGWA E E SA SIAMANG

8. Ke dilo dife tse di ka dirang gore re se ka ra nna phepa mo matlhong a Modimo?

8 Boitshekologo. Lefoko la Baebele le le ranotsweng e le “boitshekologo” ga le akaretse fela maleo a a amanang le tlhakanelodikobo. Le ka akaretsa mokgwa o o kotsi wa go goga motsoko kgotsa mokgwa wa go bua metlae e e leswe. (2 Bakor. 7:1; Baef. 5:3, 4) Gape le ka akaretsa dilo tse motho a di dirang mo sephiring, jaaka go bala dibuka tse di buang ka tlhakanelodikobo kgotsa go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo e leng sengwe se se ka dirang gore motho a nne le mokgwa o o leswe wa go itshwaratshwara dirwe ka maikaelelo a go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo.—Bakol. 3:5. *

9. Go godisa “keletso ya tlhakanelodikobo” mo dipelong tsa rona, go ka nna le ditlamorago dife?

9 Batho ba ba itlwaeditseng go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ba godisa “keletso ya tlhakanelodikobo” mo dipelong tsa bone, mme seo se ka dira gore ba nne makgoba a tlhakanelodikobo. Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba ratang go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ba itshwara fela jaaka batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa le diokobatsi. Ga go gakgamatse go bo mokgwa wa go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo o dira gore go nne le ditlamorago tse di botlhoko, jaaka go ipona molato ka tsela e e feteletseng, go goga dinao kwa tirong, botshelo jwa lelapa jo bo sa itumediseng, tlhalo le go ipolaya. Monna mongwe o ne a kwala jaana morago ga go fetsa ngwaga a sa tlhole a leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo: “Gone jaanong ke ikutlwa ke le motho yo o ikanyegang.”

10. Ribeiro o ne a kgona jang go fenya mokgwa wa go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo?

10 Mo bathong ba le bantsi, go tila ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ke ntwa e e sa feleng. Le fa go ntse jalo, se se diragaletseng Ribeiro wa kwa Brazil se bontsha gore ntwa eno e ka fenngwa. Ribeiro o ne a fuduga kwa lelapeng la gaabo fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome mme a simolola go berekela khampani e e ntšhafatsang dipampiri gore di dirisiwe gape. Seno se ne sa dira gore a bone dikgatiso tse di bontshang ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. A re: “Ke ne ka simolola go rata ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. Go ne ga nna maswe thata mo ke neng ke fela pelo gore mosadi yo ke nnang le ene o tsamaya leng gore ke tle ke kgone go lebelela dibidio tsa tlhakanelodikobo.” Mme letsatsi lengwe kwa tirong, Ribeiro o ne a bona buka nngwe e e nang le setlhogo se se reng, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. O ne a e tsaya a bo a e bala. Se a se badileng se ne sa mo tlhotlheletsa gore a ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme gone, go ne ga tsaya nako gore a tlogele mokgwa wa gagwe o o sa siamang. Ke eng se se neng sa mo thusa? O tlhalosa jaana: “Go rapela, go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka se ke se ithutileng, go ne ga dira gore ke rate dinonofo tsa Modimo mo ke neng ka rata Jehofa thata go feta tsela e ke neng ke rata ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ka yone.” Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo di ne tsa thusa Ribeiro gore a apole botho jo bogologolo le gore a kolobediwe mme gone jaanong o direla e le mogolwane mo phuthegong.

11. Ke eng se se ka thusang motho gore a tile ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo?

11 Ela tlhoko gore Ribeiro ga a ka a ithuta Baebele fela gore a kgone go fenya mokgwa wa gagwe. O ne a tshwanelwa ke go ipha nako ya gore Lefoko la Modimo le mo fitlhelele pelo. Go rapela le go tlhatlhanya go ne ga dira  gore a rate Modimo thata mo a neng a fenya keletso ya gagwe ya go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. Go rata Jehofa le go tlhoa dilo tse di bosula ke gone go ka re thusang gore re kgone go tila ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo.—Bala Pesalema 97:10.

TLOGELANG BOGALE, PUO YA GO KGOBA LE MAAKA

12. Ke eng se se neng sa thusa Stephen gore a tlogele bogale le puo ya go kgoba?

12 Go le gantsi batho ba ba bogale ba bontsha seo ka go bua mafoko a a kgobang. Ruri seo se ka se dire gore go nne le boitumelo mo lelapeng. Rre mongwe wa kwa Australia e bong Stephen a re: “Ke ne ke le ditlhapa e bile ke tuka bogale ka dilo tse di sa reng sepe. Nna le mosadi wa me re ne ra kgaogana gararo mme re ne re tloga re tlhalana.” Basupi ba ne ba simolola go ithuta Baebele le banyalani bao. Go ne ga direga eng fa Stephen a simolola go dirisa se a se ithutang? A re: “Botshelo jwa rona jwa lelapa bo ne jwa tokafala thata. Pele ke ne ke le bosilo e bile ke le rrantwadumela, ke tshwana le bomo e e ka nnang ya thunya ka nako epe fela, mme Jehofa o ne a nthusa gore ke ritibale maikutlo.” Gone jaanong o direla e le motlhanka wa bodiredi mme mosadi wa gagwe o na le dingwaga di le mmalwa e le mmulatsela wa ka metlha. Bagolwane ba phuthego ya gagwe ba re: “Stephen o didimetse, o dira ka natla e bile o ikokobeditse tota.” Ga ba gopole ba kile ba mmona a galefile. Mme gone, Stephen o tlhalosa gore ga a kgona seo ka boene fela. A re: “Nkabo ke sa bona masego ano fa nkabo ke sa letla Jehofa gore a nthuse go fetola botho jwa me gotlhelele.”

13. Ke eng fa go le kotsi go galefa, mme Baebele e re naya tlhagiso efe?

13 Go a utlwala go bo Baebele e re tlhagisa gore re tile bogale, puo e e kgobang kgotsa go goa thata. (Baef. 4:31) Ka maswabi, gantsi boitshwaro jo bo ntseng jalo bo felela ka dintwa. Gompieno batho ba tsaya go galefa e le selo se se tlwaelegileng, mme gone, tota seno se tlontlolola Mmopi wa rona. Batho ba le bantsi ba ile ba tshwanelwa ke go latlha mekgwa eno e e sa siamang pele ba ka kgona go apara botho jo bosha.—Bala Pesalema 37:8-11.

14. A go a kgonega gore motho yo o bogale a nne bonolo?

14 Akanya ka sekai sa mogolwane mongwe wa kwa phuthegong ya kwa Austria e bong Hans. Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane sa phuthego ya bone a re: “Ke mokaulengwe yo o bonolo tota.” Mme Hans o ne a sa nna jalo mo nakong e e fetileng. Fa a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a simolola go dirisa diokobatsi mme ka ntlha ya seo, o ne a nna dikgoka. Nako nngwe fa a sena go nwa thata, o ne a galefa tota mo a neng a bolaya kgarebe ya gagwe mme a atlholelwa dingwaga di le 20 kwa kgolegelong. Kwa tshimologong, botshelo jwa kwa kgolegelong ga bo a ka jwa dira gore Hans a tlogele go nna dikgoka. Morago ga nakonyana, mmaagwe o ne a rulaganya gore mogolwane mongwe a mo etele kwa kgolegelong mme o ne a simolola go ithuta Baebele. Hans a re: “Go ne go le thata gore ke apole botho jo bogologolo. Ke ne ka kgothadiwa ke ditemana tsa Baebele tse di jaaka Isaia 55:7 e e reng: ‘A moikepi a tlogele tsela ya gagwe,’ le 1 Bakorintha 6:11 e e buang jaana ka batho ba ba tlogetseng go dira dilo tse di bosula: ‘Le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.’ Go ne ga feta dingwaga di le dintsi Jehofa a nthusa ka moya o o boitshepo gore ke apare botho jo bosha.” Fa Hans a sena go fetsa dingwaga di le 17 le dikgwedi di le thataro kwa kgolegelong, o ne a gololwa e le Mokeresete yo o kolobeditsweng. A re: “Ke lebogela go bo Jehofa a ile a nkutlwela botlhoko le go intshwarela.”

15. Ke mokgwa ofe o o tlwaelegileng, mme Baebele ya reng ka one?

15 Mokgwa wa go bua maaka le one o akarediwa mo bothong jo bogologolo. Ka sekai, go tlwaelegile gore batho ba bue maaka fa ba tlatsa diforomo tsa lekgetho kgotsa gore ba ake  e le gore ba se ka ba otlhaelwa diphoso tsa bone. Go farologana le seo, Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pes. 31:5) Ka jalo, o batla gore “mongwe le mongwe” wa baobamedi ba gagwe “a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe” mme a se ka a ‘aka.’ (Baef. 4:25; Bakol. 3:9) Re tshwanetse go bua boammaaruri le fa go dira jalo go ka dira gore re tlhabiwe ke ditlhong kgotsa re lebane le mathata.—Dia. 6:16-19.

SE SE BA THUSITSENG GO FENYA

16. Motho a ka kgona jang go apola botho jo bogologolo?

16 Motho a ka se kgone go latlha mekgwa ya botho jo bogologolo ka boene fela. Batho ba go builweng ka bone mo setlhogong seno e bong Sakura, Ribeiro, Stephen le Hans, ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba tlogele mekgwa ya bone e e sa siamang. Ba ne ba thusiwa ke maatla a Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13; Baheb. 4:12) Gore re solegelwe molemo ke maatla ao, re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi, re tlhatlhanye ka yone le go rapelela botlhale le maatla a gore re kgone go dirisa kgakololo ya Baebele. (Josh. 1:8; Pes. 119:97; 1 Bathes. 5:17) Gape re solegelwa molemo ke Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo fa re baakanyetsa le go nna gone kwa dipokanong. (Baheb. 10:24, 25) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dirisa dithulaganyo tse di dirisiwang go naya batho ba Modimo dithuto tsa boammaaruri mo lefatsheng lotlhe.—Luke 12:42.

Re ka kgona jang go apola botho jo bogologolo? (Bona serapa 16)

17. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Re tlotlile ka mekgwa e e sa siamang e Bakeresete ba tshwanetseng go e tlogela. Mme gone, a ke sone fela se re tlhokang go se dira gore Modimo a re amogele? Nnyaa. Gape re tshwanetse go apara botho jo bosha. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dikarolo di le mmalwa tsa botho jo bosha tse di tshwanetseng go nna karolo ya diaparo tsa rona tsa tshwantshetso.

^ ser. 7 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 8 Bala kgaolo 25 ya buka ya, Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1.