Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Apara Botho jo Bosha le go Tswelela re bo Apere

Go Apara Botho jo Bosha le go Tswelela re bo Apere

‘Aparang botho jo bosha.’—BAKOL. 3:10.

PINA: 43, 106

1, 2. (a) Ke eng fa re ka kgona go nna le botho jo bosha? (b) Mo go Bakolosa 3:10-14, go buiwa ka dikarolo dife tsa botho jo bosha?

“BOTHO jo bosha.” Mafoko ano a tlhaga gabedi mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. (Baef. 4:24; Bakol. 3:10) A bua ka botho jo bo ‘bopiwang go ya ka go rata ga Modimo.’ Re ka kgona go nna le botho jono jo bosha. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Jehofa o re bopile mo setshwanong sa gagwe, ka jalo, re kgona go bontsha dinonofo tsa gagwe tse di molemo.—Gen. 1:26, 27; Baef. 5:1.

2 Ke boammaaruri gore re nna le dikeletso tse di sa siamang ka gonne re ruile boleo mo batsading ba rona ba ntlha. Gape re ka tswa re tlhotlhelediwa ke lefelo le re nnang mo go lone. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka re thusa gore re nne batho ba ba mo itumedisang. Mma re sekasekeng dikarolo dingwe tsa botho jo bosha tse Paulo a ileng a tlhotlhelediwa gore a kwale ka tsone, tse di ka re thusang gore re nne batho ba ba itumedisang Modimo. (Bala Bakolosa 3:10-14.) Gape re tla bona kafa re ka bontshang botho jono ka gone mo bodireding.

 “LOTLHE LO MOTHO A LE MONGWE”

3. Karolo nngwe ya botho jo bosha ke efe?

3 Fa Paulo a sena go re kgothaletsa gore re nne le botho jo bosha, o bua ka kgang ya go se nne le tlhaolele, e leng karolo nngwe e e tlhomologileng ya botho jo bosha. O ne a re: ‘Ga go na Mogerika le fa e le Mojuda, go rupa le fa e le go sa rupa, motswakwa, Mosethia, motlhanka kgotsa mogololesegi.’ * Mo phuthegong, ke eng fa re sa tshwanela go tlhaola batho go ya ka lotso lwa bone, naga ya bone le gore ba na le maemo afe mo botshelong? Ka gonne balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba tshwana le “motho a le mongwe.”—Bakol. 3:11; Bagal. 3:28.

4. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go dirisana jang le batho ba bangwe? (b) Ke eng se se ka dirang gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong?

4 Bakeresete ba ba nang le botho jo bosha ba dirisana sentle le Bakeresete ba bangwe le batho ba e seng Bakeresete, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kgotsa gore ba na le maemo afe mo botshelong. (Bar. 2:11) Go dira jalo ga go motlhofo mo dikarolong dingwe tsa lefatshe. Ka sekai, kwa Afrika Borwa, Basupi ba le bantsi ba sa ntse ba nna mo mafelong a a neng a kgaogantswe go ya ka ditso, e ka tswa e le kwa ditoropong, kwa magaeng kgotsa kwa batho ba merafe e mengwe ba neng ba nna teng. Ka jalo, e le go thusa Bakeresete gore ba ‘pitlologe,’ ka October 2013, Setlhopha se se Laolang se ne sa dira thulaganyo e e kgethegileng e e neng e tla thusa bakaulengwe gore ba itsane botoka. (2 Bakor. 6:13) E ne e le thulaganyo ya mofuta mang?

5, 6. (a) Go ile ga dirwa thulaganyo efe kwa Afrika Borwa go thusa bakaulengwe gore ba nne seoposengwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Go ile ga nna le diphelelo dife?

5 Go ne go dirilwe thulaganyo ya gore diphuthego tse pedi tsa puo kgotsa lotso lo lo sa tshwaneng di kopane mmogo ka mafelobeke. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba diphuthego tseno ba ne ba rera mmogo, ba ya dipokanong mmogo e bile ba etelana kwa malapeng a bone. Diphuthego di le dintsi di ne tsa nna le seabe mo thulaganyong eno mme ofisi ya lekala e ile ya amogela dipego tse di molemo, tota le go tswa kwa bathong ba e seng Basupi. Ka sekai, moruti mongwe o ne a re: “Ga ke Mosupi, mme gone, tiro ya lona ya go rera e rulagantswe sentle tota e bile ga lo na tlhaolele.” Basupi ba ne ba ikutlwa jang ka thulaganyo eno?

6 Kwa tshimologong, kgaitsadi mongwe yo o buang Se-Xhosa e bong Noma o ne a ikgogona go laletsa bakaulengwe ba basweu ba phuthego ya Seesemane kwa legaeng la gagwe la maemo a a kwa tlase. Mme e rile a sena go ya tshimong le bone le go ba etela kwa malapeng a bone o ne a re: “Ke batho ba ba tlwaelegileng fela jaaka rona!” Ka jalo fa e nna nako ya gore phuthego ya bone e laletse bakaulengwe ba phuthego ya Seesemane, o ile a apaya a bo a laletsa bakaulengwe bangwe. Mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba mo etetse e ne e le mogolwane wa mosweu. Noma a re: “Ke ne ke kgatlhegile tota ka gonne o ne a dumela go nna mo khereiteng ya polasitiki.” Ka ntlha ya thulaganyo eno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba dira ditsala tse disha e bile ba ikemiseditse go tswelela ba pitlologa.

“LORATO LWA BOPELOTLHOMOGI, BOPELONOMI”

7. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re bontsha ba bangwe bopelotlhomogi?

7 Fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno la ga Satane, re tla tswelela re lebana le diteko. Re lebane le bothata jwa go tlhoka tiro, go lwala, go bogisiwa, masetlapelo a tlholego, go latlhegelwa ke dithoto tsa rona ka ntlha ya bokebekwa le mathata a mangwe. Gore re kgone go thusana fa re na le  mathata, re tlhoka go nna pelotlhomogi. Go nna pelotlhomogi go tla re tlhotlheletsa gore re bontshe ba bangwe bopelonomi. (Baef. 4:32) Dinonofo tseno di tla re thusa gore re etse Modimo le gore re gomotse ba bangwe.—2 Bakor. 1:3, 4.

8. Go ka nna le diphelelo dife tse di molemo fa re bontsha ba bangwe mo phuthegong bopelotlhomogi le bopelonomi? Naya sekai.

8 Re ka bontsha jang batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe le batho ba ba dikobo dikhutshwane mo phuthegong ya rona gore re a ba rata? Re tshwanetse go tsalana le bone le go ba bontsha gore ba botlhokwa mo phuthegong. (1 Bakor. 12:22, 25) Akanya ka Dannykarl yo o neng a fudugela kwa Japane a tswa kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippine. Kwa tirong, o ne a sa tshwarwe sentle jaaka badiri ba mo lefelong leo. Mme o ne a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. A re: “Bontsi jwa batho ba ba neng ba le teng e ne e le baagi ba Japane, le fa go ntse jalo, ba ne ba nkamogela ka lorato, jaaka e kete ke kgale re itsane.” Bakaulengwe ba phuthego eo ba ile ba tswelela ba mmontsha bopelonomi mme seo se ile sa mo thusa gore a kgone go gatela pele mo phuthegong. O ne a kolobediwa mme gompieno o direla e le mogolwane. Bagolwane ba mo phuthegong ya bone ba re ba itumelela go kopanela le Dannykarl le mosadi wa gagwe e bong Jennifer. Bagolwane bao ba re Dannykarl le mosadi wa gagwe ba tshela botshelo jo bo motlhofo e bile ba tlhoma sekao se se molemo sa go batla Bogosi pele.—Luke 12:31.

9, 10. Naya dikai tsa diphelelo tse di molemo tse di nnang gone fa re bontsha batho bopelotlhomogi mo bodireding.

9 Fa re rerela batho molaetsa wa Bogosi, re nna le tshono ya go ‘dira se se molemo mo go botlhe.’ (Bagal. 6:10) Basupi ba le bantsi ba ile ba ithuta puo e nngwe ka gonne ba batla go bontsha batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe bopelotlhomogi. (1 Bakor. 9:23) Seno se ile sa nna le diphelelo tse di molemo. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela kwa Australia e bong Tiffany o ile a ithuta puo ya Se-Swahili gore a kgone go thusa phuthego ya puo eo kwa toropong ya Brisbane. Le fa go ne go se motlhofo gore Tiffany a ithute puo eo, botshelo jwa gagwe bo ile jwa tokafala. A re: “Fa o batla go itumelela bodiredi thata, go ka nna molemo gore o ithute puo e nngwe. Go ntse jaaka e kete o kwa nageng e nngwe mme gone o ntse o le mo lefelong la lona. O nna le tshono ya go bona gore bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe eleruri ba seoposengwe.”

Ke eng se se tlhotlheletsang Bakeresete gore ba thuse batho ba dinaga tse dingwe? (Bona serapa 10)

10 Gape akanya ka lelapa lengwe la kwa Japane. Ngwana wa mosetsana wa mo lelapeng leo e bong Sakiko a re: “Ka bo1990, re ne re tlhola re kopana le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa Brazil mo bodireding. Fa re ne re  ba balela ditemana tse di jaaka Tshenolo 21:3, 4 le Pesalema 37:10, 11, 29 mo Baebeleng ya bone ya Sepotokisi, ba ne ba reetsa ka kelotlhoko, ka dinako tse dingwe ba ne ba lela.” Mme lelapa leo ga le a ka la dira seo fela. Sakiko a re: “Fa re ne re lemoga gore ba batla go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo, re ile ra simolola go ithuta Sepotokisi re le lelapa.” Moragonyana, lelapa leno le ile la thusa gore go nne le phuthego ya Sepotokisi mo lefelong leo. Fa dingwaga di ntse di ya, lelapa leno le ile la thusa batho ba le bantsi ba ba buang Sepotokisi gore e nne batlhanka ba ga Jehofa. Sakiko a re: “Go ne go le boima go ithuta Sepotokisi, mme gone, masego a re nnileng le one a feta kgakala matsapa a re a tsereng. Re leboga Jehofa fela thata.”—Bala Ditiro 10:34, 35.

APARANG BOIKOKOBETSO

11, 12. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le maitlhomo a a siameng fa re apara botho jo bosha? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re le boikokobetso?

11 Re tshwanetse go nna le botho jo bosha ka gonne re batla go tlotla Jehofa, e seng ka gonne re batla gore batho ba re tlotlomatse. Gopola gore sebopiwa sengwe sa semoya se se itekanetseng se ile sa tsuologa ka gonne se ile sa itetla go nna boikgogomoso. (Bapisa Esekiele 28:17) Ka jalo, go motlhofo gore batho ba ba nang le boleo ba ikgogomose kgotsa ba itseele kwa godimo. Mme gone, re ka kgona go nna boikokobetso. Ke eng se se tla re thusang?

12 Gore re tswelele re le boikokobetso, re tlhoka go ipha nako ya go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka lone. (Dute. 17:18-20) Sa botlhokwa le go feta, re tlhoka go akanya ka dithuto tsa ga Jesu le ka sekao sa gagwe sa boikokobetso. (Math. 20:28) Jesu o ile a bo a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe. (Joh. 13:12-17) Gape re tlhoka go rapela ka metlha re kopa moya wa Modimo gore o re thuse go lwantsha mokgwa wa go itseela kwa godimo.—Bagal. 6:3, 4; Bafil. 2:3.

13. Re tla bona masego afe fa re le boikokobetso?

13 Bala Diane 22:4. Baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna boikokobetso, mme seno se lere masego a le mantsi. Go nna boikokobetso go dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong. Fa re tswelela re le boikokobetso, Jehofa o tla re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Pet. 5:5.

“APARANG . . . BONOLO LE . . . BOPELOTELELE”

14. Ke mang sekao se se di gaisang tsotlhe sa go nna bonolo le go nna pelotelele?

14 Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a le bonolo e bile a le pelotelele o bokoa. Seo ke maaka! Motho yo mogolo go gaisa mo lobopong le ene o na le dinonofo tseno tse di molemo. Jehofa Modimo ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa go nna bonolo le go nna pelotelele. (2 Pet. 3:9) Akanya ka tsela e a ileng a araba Aborahame le Lote ka yone fa ba ne ba mmotsa dipotso mme a dira jalo a dirisa baengele. (Gen. 18:22-33; 19:18-21) Gape Jehofa o ne a le pelotelele le setšhaba sa Iseraele dingwaga di feta 1 500 le fa gone ba ne ba mo leofela kgapetsakgapetsa.—Esek. 33:11.

15. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe sa go nna bonolo le go nna pelotelele?

15 Jesu o ne a le “bonolo.” (Math. 11:29) O ne a le pelotelele le balatedi ba gagwe le fa gone ba ne ba na le makoa. Ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng, o ile a itshokela go sotlwa ke baeteledipele ba bodumedi. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a le bonolo e bile a le pelotelele go fitlha a bolawa. Le fa Jesu a ne a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo mo  koteng ya tlhokofatso, o ne a kopa Rraagwe gore a itshwarele batho ba ba neng ba batla go mmolaya ka gonne o ne a re, “ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:34) Ruri seno ke sekao se se molemo sa go nna bonolo le go nna pelotelele mo maemong a a thata.—Bala 1 Petere 2:21-23.

16. Re ka bontsha jang bonolo le bopelotelele?

16 Re ka bontsha jang bonolo le bopelotelele? Paulo o ne a tlhalosa gore re ka dira seo jang fa a ne a kwalela badumedimmogo le ene jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakol. 3:13) Eleruri re tlhoka go nna bonolo le go nna pelotelele gore re ikobele taelo eno. Fa re itshwarela ba bangwe, re dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong.

17. Ke eng fa go le botlhokwa go nna bonolo le go nna pelotelele?

17 Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonolo le go nna pelotelele. Fa re batla go bolokwa, re tshwanetse go nna le dinonofo tseno. (Math. 5:5; Jak. 1:21) Sa botlhokwa le go feta, fa re na le dinonofo tseno, re galaletsa Jehofa e bile re thusa batho ba bangwe gore ba ikobele kgakololo ya Baebele.—Bagal. 6:1; 2 Tim. 2:24, 25.

“APARANG LORATO”

18. Go sa nne le tlhaolele go amana jang le go rata batho ba bangwe?

18 Dinonofo tsotlhe tse re setseng re tlotlile ka tsone di amana thata le lorato. Ka sekai, morutwa Jakobe o ne a kgalemela bakaulengwe ba gagwe ka gonne ba ne ba tseela bahumi kwa godimo mme ba tseela bahumanegi kwa tlase. O ne a tlhalosa gore go dira jalo ga go dumalane le molao ono wa botlhokwa: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” Go tswa foo, o ne a re: “Fa lo tswelela lo bontsha kgethololo, lo dira boleo.” (Jak. 2:8, 9) Go farologana le seo, fa re rata batho ba bangwe, ga re kitla re ba tlhaola ka ntlha ya thutego ya bone, lotso kgotsa maemo a bone. Ga re a tshwanela go itira e kete ga re na tlhaolele. Re tshwanetse go rata batho go tswa pelong.

19. Ke eng fa go le botlhokwa gore re apare lorato?

19 Mo godimo ga moo, lorato lo “pelotelele e bile lo pelonomi” e bile “ga lo ikgogomose.” (1 Bakor. 13:4) Eleruri re tlhoka bopelotelele, bopelonomi le boikokobetso gore re kgone go tswelela re rerela baagelani ba rona molaetsa wa Bogosi. (Math. 28:19) Gape dinonofo tseno di re thusa gore re utlwane le bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe mo phuthegong. Re tla bona masego afe fa re dira jalo? Go tla nna le kutlwano mo phuthegong mme seo se tla galaletsa Jehofa le go dira gore batho ba kgatlhegele boammaaruri. Go a tshwanela go bo Baebele e konela tlhaloso ya botho jo bosha jaana: “Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakol. 3:14.

‘TSWELELANG LO DIRWA BASHA’

20. (a) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife, mme ka ntlha yang? (b) Re lebile pele go nako efe?

20 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke eng se sengwe se nka se dirang gore ke apole botho jo bogologolo le go bo latlha?’ Re tshwanetse go kopa Modimo gore a re thuse mme re leke ka natla go tila mekgwa epe e e ka dirang gore re se ka ra bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bagal. 5:19-21) Gape re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke tswelela ke dirwa mosha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa me?’ (Baef. 4:23, 24) Go apara botho jo bosha le go tswelela re bo apare ke sengwe se re tla tswelelang re se dira go fitlha re kgona go dira jalo ka botlalo. Akanya fela gore go tla bo go le monate jang fa mongwe le mongwe a tla bo a apere botho jo bosha ka tsela e e feletseng!

^ ser. 3 Ka dinako tsa go kwalwa ga Baebele, Basethia ba ne ba tseelwa kwa tlase ka gonne go ne gotwe ga ba a tlhabologa.