Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo—Kwa le Simologileng Gone le Boikaelelo Jwa Lone

Lenyalo—Kwa le Simologileng Gone le Boikaelelo Jwa Lone

“Jehofa Modimo a tswelela a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi.’”—GEN. 2:18.

PINA: 36, 11

1, 2. (a) Lenyalo le simologile jang? (b) Ke eng se banyalani ba ntlha ba neng ba ka se lemoga ka lenyalo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

LENYALO ke karolo ya botshelo. Go sekaseka kwa le simologileng gone le boikaelelo jwa lone go ka re thusa gore re le lebe ka tsela e e siameng le gore re le itumelele ka botlalo. Fa Modimo a sena go bopa motho wa ntlha e bong Adame, o ne a tlisa diphologolo kwa go ene gore a di neye maina. Mme go ne “ga fitlhelwa monna ene a se na mothusi ope yo e leng motlatsi wa gagwe.” Ka jalo, Modimo o ne a dira gore Adame a welwe ke boroko jo bogolo, a tsaya legopo la gagwe a dira mosadi ka lone mme a mo lere fa go ene. (Bala Genesise 2:20-24.) Ke ka moo lenyalo e leng thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo.

2 Jesu o ne a tlhalosa gore Jehofa ke ene a ileng a re: “Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.” (Math. 19:4, 5) Fa Modimo a ne a dirisa legopo le le tswang mo go Adame go dira mosadi wa ntlha, seo se ka tswa se ile sa bontsha banyalani bano botlhokwa jwa go nna nama e le nngwe. Modimo ga a ka dira gore go  nne le thulaganyo ya go tlhala kgotsa go nna le balekane ba le bantsi ka nako e le nngwe.

KAFA LENYALO LE DIRAGATSANG BOIKAELELO JWA GA JEHOFA KA GONE

3. Karolo ya botlhokwa ya lenyalo e ne e le eng?

3 Adame o ne a itumetse tota fa a bona mosadi wa gagwe yo montle yo moragonyana a neng a mmitsa Efa. E re ka Efa e ne e le “motlatsi” wa ga Adame, o ne a tla nna “mothusi” wa gagwe” mme ba ne ba tla itumelela go nna mmogo letsatsi le letsatsi le go diragatsa maikarabelo a bone. (Gen. 2:18) Karolo ya botlhokwa ya lenyalo e ne e le go tlatsa lefatshe ka batho. (Gen. 1:28) Le fa bana ba rata batsadi, ba ne ba tla tshwanelwa ke go ba tlogela mme ba ye go itshimololela malapa a bone. Lefatshe le ne le tla tlala ka batho mme ba ne ba tla le dira gore le nne paradaise.

4. Go ne ga direga eng ka lenyalo la ntlha?

4 Lenyalo la ntlha le ne la welwa ke masetlapelo ka gonne Adame le Efa ba ne ba dirisa tshwanelo ya bone ya go itlhophela ka tsela e e sa siamang ka go tlola taelo ya ga Jehofa. “Noga ya kwa tshimologong” e bong Satane Diabolo, o ne a tsietsa Efa ka go mo dira gore a dumele gore go ja leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” go ne go tla dira gore a nne le botlhale jo bo kgethegileng jo bo tla mo thusang go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. O ne a bontsha gore ga a tlotle monna wa gagwe fa a ne a sa mmolelele ka kgang eo. Mme go na le gore Adame a ikobele Modimo, o ne a amogela leungo le Efa a neng a mo naya lone.—Tshen. 12:9; Gen. 2:9, 16, 17; 3:1-6.

5. Re ithuta eng mo karabong ya ga Adame le Efa?

5 Fa Modimo a botsa Adame gore go diragetse eng, Adame o ne a pega Efa molato a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng mme ka ja.” Efa ene o ne a pega noga molato. (Gen. 3:12, 13) Diipato fela tse di sa utlwaleng! E re ka banyalani ba ntlha ba ile ba se ka ba ikobela Jehofa, ba ile ba nna batsuolodi. Eno ke tlhagiso mo go rona! Fa re batla gore manyalo a rona a atlege, molekane mongwe le mongwe o tshwanetse go diragatsa maikarabelo a gagwe le go ikobela Jehofa.

6. O ka tlhalosa jang Genesise 3:15?

6 Go sa kgathalesege se Satane a ileng a se dira kwa tshimong ya Edene, Jehofa o ile a solofetsa batho sengwe se se molemo mo boporofeting jwa ntlha jwa Baebele. (Bala Genesise 3:15.) “Losika” lwa “mosadi” lo ne lo tla gataka sebopiwa seno sa semoya se se ileng sa tsuologela Modimo. Ka jalo, Jehofa o ne a bontsha batho lemmenyana fela la kamano e e kgethegileng e a nang le yone le masomosomo a dibopiwa tsa semoya tse di ikanyegang tse di mo direlang kwa legodimong. Moragonyana, Dikwalo di ile tsa senola gore go tswa mo phuthegong ya Modimo ya dibopiwa tse di kwa legodimong, Jehofa o ne a tla romela mongwe yo o neng a tla “gobatsa” Diabolo le go naya batho tsholofelo e banyalani ba ntlha ba ileng ba e latlha, tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Joh. 3:16.

7. (a) Go ile ga direga eng ka manyalo fa e sa le go simologa ka botsuolodi jwa ga Adame le Efa? (b) Baebele e laela banna le basadi gore ba dire eng?

7 Botsuolodi jwa ga Adame le Efa bo ne jwa senya lenyalo la bone le manyalo a mangwe a a neng a latela morago ga moo. Ka sekai, Efa mmogo le basadi botlhe ba ne ba tla ima le go tshola bana ka ditlhabi tse di botlhoko. Keletso ya basadi e ne e tla nna mo banneng ba bone e bile banna ba ne ba tla laola basadi ba bone, le e leng go ba sotla jaaka re bona mo manyalong a mantsi gompieno. (Gen. 3:16) Baebele e laela banna gore ba dirise botlhogo jwa bone ka tsela e e lorato. Mme basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone. (Baef. 5:33) Fa banyalani ba ba boifang Modimo ba dirisana mmogo, maemo a a neng a ka baka dikgotlhang a a fokotsega kgotsa ga a nne gone gotlhelele.

 KAFA LENYALO LE NENG LE LE KA TENG KA NAKO YA GA ADAME GO FITLHA KA NAKO YA MORWALELA

8. Lenyalo le ne le ntse jang go tloga ka nako ya ga Adame go fitlha ka nako ya Morwalela?

8 Adame le Efa ba ile ba nna le bana pele ba swa. (Gen. 5:4) Morwaabone wa ntlha e bong Kaine, o ne a nyala mosadi mongwe wa losika lwa gaabo. Setlogolwana sa ga Kaine e bong Lameke ke ene motho wa ntlha go umakwa mo Baebeleng gore o ne a na le basadi ba babedi. (Gen. 4:17, 19) Go tloga ka nako ya ga Adame go fitlha ka nako ya Morwalela wa motlha wa ga Noa, Baebele e umaka batho ba le mmalwa fela ba ba ileng ba nna baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa. Bangwe ba bone e ne e le Abele, Enoke le Noa le ba lelapa la gagwe. Baebele ya re ka nako ya ga Noa, “bomorwa Modimo wa boammaaruri ba [ne ba] simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” Seno se ile sa dira gore ba tshole bana ba ba sa tlwaelegang ba ba ileng ba bidiwa Banefilime. Mo godimo ga moo, “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.”—Gen. 6:1-5.

9. Jehofa o ile a dira eng ka batho ba ba bosula ba motlha wa ga Noa, mme re tshwanetse go ithuta eng mo go se se ileng sa direga ka nako eo?

9 Jehofa o ne a senya batho ba ba bosula ka Morwalela o a neng a o tlisa ka motlha wa ga Noa. Ka nako eo, batho ba ne ba tshwaregile ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi, tse di akaretsang lenyalo, mme ga ba a ka ba tsaya tsia se “Noa, moreri wa tshiamo,” a neng a se bua malebana le tshenyo e e tlang. (2 Pet. 2:5) Jesu o ne a bapisa tiragalo eo le se re bonang se direga mo metlheng ya rona. (Bala Mathaio 24:37-39.) Gone jaanong, batho ba le bantsi ga ba batle go reetsa dikgang tse di molemo tse di rerwang mo lefatsheng lotlhe go naya bosupi mo ditšhabeng tsotlhe pele lefatshe leno le ya bokhutlong. A re tseyeng tsia thuto eno ya botlhokwa, gore re se ka ra dira gore dilo tsa botshelo, tse di jaaka lenyalo le go godisa bana, di dire gore re se ka ra nna le boikutlo jwa go potlaka jo re tshwanetseng go nna le jone malebana le letsatsi la ga Jehofa.

KAFA LENYALO LE NENG LE LE KA TENG KA NAKO YA MORWALELA GO FITLHA KA NAKO YA GA JESU

10. (a) Ke mekgwa efe e e neng e aname mo ditsong tse dintsi? (b) Aborahame le Sara ba ne ba tlhoma sekao se se molemo jang mo lenyalong la bone?

10 Le fa Noa le bomorwawe ba ne ba sa nyala basadi ba bantsi, mokgwa oo wa go nyala lefufa o ne o le teng mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso. Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e ne e le selo se se tlwaelegileng ka nako eo mo ditsong tse dintsi e bile bo ne bo akarelediwa le mo meetlong ya bodumedi. Fa Aberame (Aborahame) le mosadi wa gagwe e bong Sarai (Sara) ba ne ba ikobela Modimo mme ba fudugela kwa Kanana, batho ba motse oo ba ne ba dira dilo tse di tlontlololang lenyalo. Ka jalo, Jehofa o ne a laela gore Sodoma le Gomora di senngwe ka gonne batho ba metse eo ba ne ba dira boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo. Aborahame o ne a etelela lelapa la gagwe pele mme Sara a tlhoma sekao se se molemo ka go ikobela monna wa gagwe. (Bala 1 Petere 3:3-6.) Aborahame o ne a tlhomamisa gore morwawe e bong Isake o nyala mosadi yo o obamelang Jehofa. Go amega ka kobamelo ya boammaaruri go ile ga thusa morwa Isake e bong Jakobe yo bomorwawe ba ileng ba nna ditlhogo tsa ditso tse 12 tsa Iseraele.

11. Molao wa ga Moshe o ne o sireletsa Baiseraele jang?

11 Moragonyana Jehofa o ne a dira kgolagano le setšhaba sa Iseraele se e neng e le ditlogolwana tsa ga Jakobe. Mekgwa ya lenyalo e e neng e latelwa mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, e e akaretsang go nyala lefufa, e ne e laolwa ke Molao wa ga Moshe. Molao oo o ne o sireletsa Baiseraele gore ba se ka ba leswafatsa  kobamelo ya bone ka go nyala batho ba e neng e se baobamedi ba ga Jehofa. (Bala Duteronome 7:3, 4.) Fa go nna le mathata a a masisi mo lenyalong, gantsi bagolwane ba ne ba thusa go a rarabolola. Go sa ikanyege mo lenyalong, lefufa le go belaela molekane e ne e le dilo tse di neng di rarabololwa sentle go ya ka Molao. Tlhalo e ne e letleletswe mme le yone e laolwa ke Molao. Monna o ne a kgona go tlhala mosadi wa gagwe fa a dirile “sengwe se se seng sentle.” (Dute. 24:1) Molao o ne a sa tlhalose gore “sengwe se se seng sentle” ke eng mme gone re ka swetsa ka gore se ne se sa akaretse dikgang tse di sa reng sepe.—Lefi. 19:18.

O SE KA WA DIRELA MOLEKANE WA GAGO BOFEREFERE

12, 13. (a) Banna bangwe ba ne ba dirisana jang le basadi ba bone mo motlheng wa ga Malaki? (b) Go ka nna le diphelelo dife fa Mokeresete yo o kolobeditsweng a ratana le molekane wa Mokeresete yo mongwe?

12 Mo metlheng ya ga moporofeti Malaki, banna ba bantsi ba Bajuda ba ne ba direla basadi ba bone boferefere ka go ba tlhala ba dirisa diipato tse di farologaneng. Ka go dira jalo, ba ne ba tlhala basadi ba bosha jwa bone gongwe ka maikaelelo a go nyala basadi ba basha ka dingwaga kgotsa basadi ba ba obamelang medimo e sele. Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuda ba ne ba sa ntse ba direla basadi ba bone boferefere ka go ba tlhala “ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe.” (Math. 19:3) Jehofa Modimo o tlhoile tlhalo e e ntseng jalo.—Bala Malaki 2:13-16.

13 Gompieno go sa ikanyege mo lenyalong ke selo se batho ba ga Jehofa ba sa tshwanelang go se dira. A re re mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o kolobeditsweng o tlogela molekane wa gagwe a bo a ratana le molekane wa Mokeresete yo mongwe, ba bo ba nyalana fa ba sena go tlhala balekane ba bone. Fa moleofi yono a sa ikwatlhaye, o a kgaolwa gore phuthego e nne e le phepa. (1 Bakor. 5:11-13) Motho yoo o tla tshwanelwa ke go ‘ungwa maungo a a tshwanelang boikwatlhao’ pele a ka busediwa mo phuthegong. (Luke 3:8; 2 Bakor. 2:5-10) Le fa go se na nako e e tshwanetseng go bewa pele motho yoo a ka busediwa mo phuthegong, boitshwaro jwa gagwe, jo bo diregang sewelo mo bathong ba Modimo, ga bo kitla bo itlhokomolosiwa. Go ka nna ga feta lobaka lwa nako—ngwaga kgotsa go feta—pele moleofi yoo a bontsha gore o ikwatlhaile go tswa pelong. Le fa a buseditswe, o sa ntse a tshwanetse go ema “fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo.”—Bar. 14:10-12; bona makasine wa Tora ya Tebelo, November 15, 1979, ts. 31-32 ka Seesemane.

KAFA LENYALO LE LENG KA TENG MO BAKERESETENG

14. Molao o ne o diretswe boikaelelo bofe?

14 Baiseraele ba ne ba latela Molao wa ga Moshe ka dingwaga di feta 1 500. Molao oo o ne o thusa batho ba Modimo gore ba nne ba gopotse melaometheo e e siameng fa ba rarabolola dikgang tsa malapa kgotsa dilo dipe tse ba tshwenyegileng ka tsone, fa ka fa letlhakoreng le lengwe o ne o gogela batho kwa go Mesia. (Bagal. 3:23, 24) Molao oo o ne wa kgaotsa go dira fa Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe mme go tswa foo, Modimo o ne a dira thulaganyo e ntšha. (Baheb. 8:6) Thulaganyo eo e ne ya khutlisa dilo dingwe tse di neng di letleletswe mo Molaong wa ga Moshe.

15. (a) Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go latela thulaganyo efe ya lenyalo? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanya ka eng pele a ka tlhala molekane wa gagwe?

15 Fa Jesu a ne a araba potso e Bafarasai ba neng ba mmotsa yone malebana le go tlhala, o ne a ba tlhalosetsa gore dilo tse Moshe a neng a di letleletse ‘di ne di sa nna jalo go tswa kwa tshimologong.’ (Math. 19:6-8) Fa Jesu a ne a rialo, o ne a bontsha gore phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go latela molao o Modimo a neng a o baya kwa Edene malebana le thulaganyo ya lenyalo. (1 Tim. 3:2, 12) E re ka banyalani e le “nama e le nngwe,” lorato lo ba ratang Modimo le lo ba ratanang ka lone lo  tshwanetse go dira gore kamano ya bone e nonofe. Mme fa motho a tlhala molekane wa gagwe fa e se ka lebaka la boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ga a gololesega go nyala gape. (Math. 19:9) Gone ke boammaaruri gore motho a ka nna a itshwarela molekane wa gagwe yo o akafetseng mme gone a ikwatlhaya, fela jaaka moporofeti Hosea a ne a itshwarela mosadi wa gagwe wa seaka e bong Gomere. Jehofa le ene o ne a itshwarela Baiseraele ba ba neng ba ikwatlhaela go bo ba dirile boaka ka go obamela medimo ya maaka. (Hos. 3:1-5) Mme fa Mokeresete a itse gore molekane wa gagwe o dirile boaka mme gone a bo a tlhakanela dikobo le ene a ntse a itse, seo se bontsha gore o mo itshwaretse e bile ga a tlhole a na le lebaka la Dikwalo la go mo tlhala.

16. Jesu o ile a reng malebana le go sa tsene mo lenyalong?

16 Fa Jesu a sena go tlhalosa gore lebaka le le ka dirang gore Mokeresete wa boammaaruri a tlhale ke fa molekane wa gagwe a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, o ne a bua ka “ba ba nang le mpho” ya go sa tsene mo lenyalong. O ne a re: “A yo o ka go tsholang a go tshole.” (Math. 19:10-12) Bakeresete ba le bantsi ba ile ba tlhopha go sa tsene mo lenyalong ka gonne ba batla go tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa. Re tshwanetse go ba akgolela se ba se dirang.

17. Ke eng se se ka thusang Mokeresete go dira tshwetso ya gore a ke ka a tsene mo lenyalong kgotsa jang?

17 Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore a o tla tsena mo lenyalong kgotsa jang. Moaposetoloi Paulo o ne a buelela go sa tsene mo lenyalong; le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ka ntlha ya go anama ga kgokafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” Gape o ne a oketsa ka go re: “Fa ba se na boikgapo, a ba tsene mo lenyalong, gonne go botoka go tsena mo lenyalong go na le go fisiwa ke kgotelo.” Go tsena mo lenyalong go ka thusa motho gore a se ka a wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa mo mokgweng wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ka boikaelelo jwa go kgotsofatsa keletso ya thobalano. Mo godimo ga moo, motho o tshwanetse go akanyetsa dingwaga tsa gagwe go bona gore a o siametse go tsena mo lenyalong ka gonne moaposetoloi Paulo a re: “Fa mongwe a akanya gore o tshwara bokgarebane jwa gagwe ka tsela e e sa tshwanelang, fa a fetile nako ya bosha, mme eno e le tsela e go tshwanetseng ga diragala ka yone, a a dire se a se batlang; ga a leofe. A ba tsene mo lenyalong.” (1 Bakor. 7:2, 9, 36; 1 Tim. 4:1-3) Mme gone, motho ga a tshwanela go ikutlwa a patelesega go nyala fela ka gonne a na le dikgotelo tsa bosha. A ka tswa a ise a gole sentle gore a ka sikara maikarabelo a lenyalo.

18, 19. (a) Lenyalo la Bakeresete le tshwanetse go simolola jang? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Bakeresete ba ba nyalanang ba tshwanetse ba bo ba ineetse mo go Jehofa e bile ba mo rata ka pelo yotlhe. Gape ba tshwanetse go ratana thata jaana mo ba bonang go tlhokega gore ba tsene mo lenyalong. Ke boammaaruri gore Jehofa o tla ba segofatsa go bo ba latetse kgakololo ya go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Fa ba setse ba nyalane, ga go pelaelo gore ba tla latela kgakololo ya Baebele ka gonne ba itse gore ke yone fela e e tla ba thusang gore ba atlege mo lenyalong.

19 Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgakololo ya Dikwalo e e ka thusang banyalani ba Bakeresete gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tsa go tshela mo “metlheng ya bofelo,” e mo go yone banyalani ba le bantsi ba nang le mekgwa e e dirang gore manyalo a bone a se ka a atlega. (2 Tim. 3:1-5) Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re naya se re se tlhokang gore manyalo a rona a itumele e bile a atlege le gore re tswelele re tsamaya le batho ba gagwe mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Math. 7:13, 14.