MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1915 (ka Seesemane), o ne wa tlhalosa ntwa ya ntlha ya lefatshe e e ileng ya ama dinaga di ka nna 30 jaana: “Dintwa tsotlhe tsa nako e e fetileng . . . di ne di bonala di se botlhokwa thata fa di bapisiwa le pogo ya gone jaanong e e ntseng e oketsega mo Yuropa.” Ka ntlha ya go lwa ga dinaga tseno, makasine o mongwe wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Go ya bokgakaleng jo bo rileng, tirelo ya Bogosi e ne ya thibelwa, segolobogolo kwa Jeremane le kwa Fora.”

E re ka Baithuti ba Baebele ba ne ba amiwa thata ke ntwa e kgolo e e neng e aname mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba sa tlhaloganye sentle molaomotheo wa gore Bakeresete ga ba a tshwanela go tsaya letlhakore. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo. E re ka Wilhelm Hildebrandt a ne a batla go nna le seabe mo tirelong ya Bogosi, o ne a otara dikhopi tsa kgatiso ya The Bible Students Monthly ka Sefora. O ne a sa ya kwa Fora e le moreri wa nako e e tletseng, go na le moo, o ne a ile e le lesole la Jeremane. Le fa monna yono a ne a lebega e kete ke mmaba e bile a apere diaparo tsa sesole, o ne a rerela Bafora molaetsa wa kagiso.

Makwalo a a neng a gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo a ne a tlhalosa gore Baithuti bangwe ba Baebele ba ba tswang kwa Jeremane, ba ne ba eletsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi fa ba le kwa bosoleng. Mokaulengwe Lemke yo o neng a le mo sesoleng sa mo lewatleng, o ne a kopana le badirimmogo ka ene ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele. O ne a re: “Tota le fa ke le mo sekepeng seno, ke nna le diphelelo tse di molemo tse di galaletsang Jehofa.”

Georg Kayser o ne a ya ntweng e le lesole le le tsholang dibetsa, mme a boa e le motlhanka wa Modimo wa boammaaruri. Seo se ne sa direga jang? Ka tsela nngwe o ne a bona kgatiso nngwe ya Baithuti ba Baebele mme a amogela boammaaruri jwa Bogosi ka pelo yotlhe le go tlogela go lwa. Morago ga moo, o ne a dira tiro ya bosole e e neng e sa tlhoke gore a lwe. Morago ga ntwa eo, o ne a nna mmulatsela yo o tlhagafetseng dingwaga di le dintsi.

Le fa gone Baithuti ba Baebele ba ne ba ise ba tlhaloganye sentle kgang ya go se tseye letlhakore, tsela e ba neng ba akanya ka yone le e ba neng ba itshwere ka yone e ne e farologane thata le ya batho ba ba neng ba sa bone phoso  epe ka ntwa eo. Batho ba dipolotiki le baeteledipele ba dikereke ba ne ba ema ntwa eo nokeng, mme Baithuti ba Baebele bone ba ne ba ema “Kgosana ya Kagiso” nokeng. (Isa. 9:6) Le fa gone Baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba tsaya letlhakore mo dilong dingwe, ba ne ba sa ntse ba dumalana le mafoko a Moithuti mongwe wa Baebele, e bong Konrad Mörtter fa a ne a re: “Ke ile ka lemoga gore Lefoko la Modimo la re Mokeresete ga a tshwanela go bolaya.”—Ekes. 20:13. *

Hans Hölterhoff o ne a dirisa kolotsana eno go bapatsa kgatiso ya The Golden Age

Kwa Jeremane, molao o ne o sa letle ope go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi, le fa go ntse jalo, Baithuti ba Baebele ba feta 20 ba ile ba gana go bo tsenela. Bangwe ba bone go ne gotwe ba na le bolwetse jwa tlhaloganyo, Gustav Kujath e ne e le mongwe wa bone e bile o ne a isiwa kwa bookelong jwa batho ba ba nang le bolwetse joo a bo a tagisiwa ka diokobatsi. Hans Hölterhoff yo le ene a neng a gana go nna lesole le fa a ne a patelediwa, o ne a isiwa kgolegelong mme fa a le koo, o ne a gana go dira tiro epe e e neng e amana le ntwa. O ne a apesiwa seaparo se se mo thibelang go tshikinyega go fitlha a swa bogatsu. Fa leano leno le ne le sa atlege, ba ne ba dira gore go nne e kete ba tlile go mmolaya. Le fa go ntse jalo, Hans o ne a nna a ikanyega go fitlha ntwa e fela.

Bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba patelediwa go ya bosoleng, ba ne ba gana go tshola dibetsa mme ba kopa go dira ditiro tse di neng di sa tlhoke gore ba lwe. * Johannes Rauthe ke mongwe wa bakaulengwe bao mme o ne a abelwa go bereka kwa seporong. Konrad Mörtter o ne a abelwa go bereka kwa bookelong mme Reinhold Weber o ne a abelwa go nna mooki. August Krafzig yo tiro ya gagwe e neng e le go tlhokomela merwalo, o ne a itumelela go bo tiro ya gagwe e ne e sa tlhoke gore a lwe. Baithuti bano ba Baebele le ba bangwe ba ne ba ikemiseditse go direla Jehofa ka gonne ba mo rata e bile ba ikanyega mo go ene.

Tsela e Baithuti ba Baebele ba neng ba itshwere ka yone ka nako ya ntwa, e ile ya dira gore puso e ba beye leitlho. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, Baithuti ba Baebele ba kwa Jeremane ba ne ba tsena ba tswa kwa kgotlatshekelong ka ntlha ya tiro ya bone ya go rera. Ofisi ya lekala ya kwa Jeremane e ne ya ba thusa ka go tlhoma lephata la semolao kwa Bethele ya kwa Magdeburg.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba tokafatsa tsela e ba neng ba tlhaloganya kgang eno ya gore Mokeresete ga a tshwanela go tsaya letlhakore. Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e simologa, ba ne ba nna ba sa tseye letlhakore ka go sa nne le seabe gotlhelele mo ditirong tsa bosole. Seno se ne sa dira gore ba tsewe e le baba ba puso ya Jeremane mme ba ne ba bogisiwa botlhoko. Mme eo ke kgang e e farologaneng e e tla tlhagelelang mo isagweng mo ditlhogong tsa “Go Tswa mo Mabolokelong a Rona.”—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Bogare Jwa Yuropa.

^ ser. 7 Bona pego ya Baithuti ba Baebele ba kwa Boritane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I mo setlhogong se se reng, “Go Tswa mo Mabolokelong a Rona—Ba ne Ba Nna ba Nitame mo “Nakong ya Teko’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2013.

^ ser. 9 Kgang eno e ne ya akantshiwa mo metseletseleng ya kgatiso ya Millennial Dawn, Bolumo VI (1904) le mo makasineng wa Zion’s Watch Tower wa August 1906 ka Sejeremane. Makasine wa The Watch Tower wa September 1915, o ne wa tokafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang eno ka gone mme wa akantsha gore Baithuti ba Baebele ba se ka ba tsenela bosole gotlhelele. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se ne se seyo mo makasineng oo ka Sejeremane.