Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 16

Boammaaruri ka Baswi

Boammaaruri ka Baswi

‘Re lemoga polelwana e e tlhotlheleditsweng ya boammaaruri le polelwana e e tlhotlheleditsweng ya tlolo.’—1 JOH. 4:6.

PINA 73 Re Neye Bopelokgale

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Se tseye karolo mo dingwaong tse di sa itumediseng Modimo, go na le moo, gomotsa ba masika ba ba tlhokafaletsweng (Bona serapa 1-2) *

1-2. (a) Satane o tsieditse batho jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

SATANE, yo Baebele e mmitsang “ramaaka” ga a bolo go tsietsa batho go tswa kwa tshimologong. (Joh. 8:44) O ruta maaka ka loso le ka se se diregang fa motho a swa. Dithuto tseo di dirile gore go nne le dingwao di le dintsi e bile di dirile gore batho ba le bantsi ba tshabe baswi. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba tshwanelwa ke “go lwa ntwa ka thata [ba] lwela tumelo” fa mongwe mo lelapeng kgotsa mo lefelong le ba nnang mo go lone a tlhokafala.—Jude 3.

2 E re ka o itse se Baebele e se rutang ka loso, ke eng se se ka go thusang go nna o ikanyega fa o patelediwa go nna le seabe mo dingwaong tseo? (Baef. 6:11) O ka kgothatsa jang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o patelediwang go nna le seabe mo dingwaong tse di sa itumediseng Modimo? Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore Jehofa o re thusa jang fa re le mo maemong ao. Mma re utlwe pele gore Baebele ya reng ka loso.

GO DIRAGALANG FA MOTHO A SWA?

3. Maaka a ga Satane a ile a nna le ditlamorago dife?

3 Modimo o ne a sa batle gore batho ba swe. Mme gone, gore Adame le Efa ba se ka ba swa, ba ne ba tshwanetse go ikobela taelo eno ya ga Jehofa: “Fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Gen. 2:16, 17) Satane o ile a baka mathata. O ile a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” Ka maswabi, Efa o ile a mo dumela a bo a ja leungo. Moragonyana monna wa gagwe le ene o ile a le ja. (Gen. 3:4, 6) Seo se ne sa dira gore batho ba nne le boleo e bile ba swe.—Bar. 5:12.

4-5. Satane o sa ntse a tsietsa batho jang gompieno?

 4 Adame le Efa ba ile ba swa fela jaaka Modimo a ne a buile. Mme Satane o ne a tswelela a bua maaka ka loso. Fa nako e ntse e ya, o ne a simolola go bua maaka a mangwe. Mangwe a one ke gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela golo gongwe. Satane o tsieditse batho ba le bantsi ka maaka ao.—1 Tim. 4:1.

5 Ke eng fa Satane a tsieditse batho ba le bantsi jaana? O a itse gore batho ba ikutlwa jang ka loso. Jehofa o re bopetse gore re tshelele ruri, ka jalo, ga re batle go swa. (Mor. 3:11) Re tsaya loso e le mmaba.—1 Bakor. 15:26.

6-7. (a) A Satane o kgonne go tsietsa batho botlhe? Tlhalosa. (b) Boammaaruri jwa Baebele bo re thusa jang gore re se ka ra tshaba baswi?

6 Le fa Satane a tsieditse batho ba le bantsi, rona re itse boammaaruri ka loso. Tota e bile, batho ba le bantsi gompieno ba a itse gore Baebele ya re go diragalang fa motho a swa le gore go na le tsholofelo efe ka baswi. Mo godimo ga moo, ba ruta batho boammaaruri jono. (Mor. 9:5, 10; Dit. 24:15) Boammaaruri jono bo a re gomotsa e bile bo re thusa gore re se ka ra nna le dipelaelo. Ka sekai, ga re tshabe baswi e bile re a itse gore ga ba boge. Re a itse gore ga ba tshele e bile ba ka se utlwise ope botlhoko. Go ntse jaaka e kete ba robetse. (Joh. 11:11-14) Gape re a itse gore baswi ga ba lemoge gore nako e a tsamaya, ka jalo, tota le ba ba nang le dingwagangwaga ba sule, fa ba tsosiwa go tlile go nna jaaka e kete go diragetse ka ponyo ya leitlho.

7 O tshwanetse wa bo o lemoga gore se Baebele e se buang ka baswi se motlhofo e bile se a utlwala. Se farologane thata le maaka a ga Satane a a tlhakanyang tlhogo. Satane ga a tsietse batho fela, gape o gogagoga leina la ga Jehofa mo seretseng. Gore re kgone go bona gore Satane o bakile mathata a a kana kang, mma re arabe dipotso tseno tse tharo: Satane o sentse leina la ga Jehofa jang? O dirile jang gore batho ba se ka ba dumela mo setlhabelong sa ga Keresete? O dirile jang gore batho ba utlwe botlhoko le go feta fa ba tlhokafaletswe?

MAAKA A GA SATANE A BAKILE MATHATA A LE MANTSI

8. Go ya ka Jeremia 19:5, Satane o sentse Modimo leina jang?

8 A gogagoga leina la Modimo mo seretseng. Maaka ao a akaretsa thuto ya gore  baswi ba fisiwa mo molelong wa dihele. Thuto eo e senya Modimo leina jang? E dira gore batho ba akanye gore Modimo o setlhogo jaaka Diabolo. (1 Joh. 4:8) Seno se dira gore o ikutlwe jang? Mme Jehofa ene o ikutlwa jang? Kana gone, Jehofa o tlhoile batho ba ba setlhogo.—Bala Jeremia 19:5.

9. Maaka a ga Satane a dira gore batho ba ikutlwe jang ka setlhabelo sa ga Keresete se go buiwang ka sone mo go Johane 3:16 le 15:13?

9 A dira gore batho ba se ka ba dumela mo setlhabelong sa ga Keresete. (Math. 20:28) Maaka a mangwe a ga Satane ke gore batho ba na le moya o o sa sweng. Fa go ka bo go le jalo, seo se ne se tla raya gore mongwe le mongwe o tla tshelela ruri. Mo godimo ga moo, Keresete o ne a ka se tlhoke go re ntshetsa thekololo. Gopola gore Jehofa o re bontshitse gore o a re rata ka go ntsha morwawe go nna setlhabelo. (Bala Johane 3:16; 15:13.) Akanya fela gore Jehofa le Jesu ba ikutlwa jang ka thuto eno e e dirang gore batho ba akanye gore thekololo ga e tlhokege!

10. Maaka a ga Satane a dira jang gore batho ba utlwe botlhoko le go feta fa ba tlhokafaletswe?

10 A dira gore batho ba utlwe botlhoko le go feta fa ba tlhokafaletswe. Batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke ngwana ka dinako tse dingwe ba bolelelwa gore Modimo o mo tshotse gore e nne moengele kwa legodimong. A seo se gomotsa batsadi kgotsa se oketsa kutlobotlhoko ya bone? Thuto ya maaka ya molelo wa dihele e ne e dirisiwa go buelela ditiro dingwe tsa bosetlhogo tse di neng di dirwa ke dikereke, go akaretsa go fisa batho ba ba neng ba sa dumalane le dilo tse di dirwang mo dikerekeng. Go ya ka buka nngwe, batho bangwe ba ba neng ba fisa batho jalo ba ne ba re ba “ba utlwisa gore go ntse jang kwa diheleng” gore batho bao ba ikwatlhaye pele ba swa. Ba re fa batho ba ikwatlhaile, ga ba kitla ba ya diheleng. Mo dinageng dingwe, batho ba direla baswi dijo kgotsa ba ba ntshetsa ditlhabelo e le go ba tlotla kgotsa ka gonne ba batla gore baswi ba ba segofatse. Ba bangwe ba akanya gore fa ba sa dire jalo, baswi ba tla ba utlwisa botlhoko. Ka maswabi ditumelo tseo tsa maaka ga di ba gomotse. Go na le moo, di dira gore batho ba tshelele mo letshogong.

RE KA EMELA JANG BOAMMAARURI JWA BAEBELE?

11. Ditsala le ba masika ba ka leka jang go re pateletsa go tlola molao wa Modimo?

11 Fa re rata Modimo le Lefoko la gagwe, re tla kgona go ikemela le fa ditsala kgotsa ba masika ba leka go re pateletsa go nna le seabe mo ditirong dingwe tse di direlwang baswi. Ba ka nna ba leka go re tlhabisa ditlhong, gongwe ka go re raya ba re ga re rate motho yo o tlhokafetseng e bile ga re mo tlotle. Kgotsa ba ka nna ba re se re se dirang se tla dira gore motho yo o tlhokafetseng a utlwise batho botlhoko. Re ka emela jang boammaaruri jwa Baebele? Ditemana tse di latelang di ka go thusa jang?

12. Ke dingwao dife tse di sa dumalaneng le Dikwalo?

12 “Itomolole” mo dingwaong le mo meetlong e e sa dumalaneng le Dikwalo. (2 Bakor. 6:17) Kwa dikarolong tsa Caribbean, batho ba le bantsi ba dumela gore fa motho a sena go swa, o a poka a bo a bogisa batho ba ba neng ba sa mo tshware sentle. Buka nngwe ya re sepoko seo se ka nna sa tsosa mmudubudu mo motseng. Mo dinageng dingwe tsa kwa Afrika, go khurumediwa diipone e bile ditshwantsho tsa moswi di lebisiwa kwa leboteng, ka gonne gatwe moswi ga a tshwanela go ipona. Batlhanka  ba ga Jehofa ga ba dumele maaka a ga Satane e bile ga ba tseye karolo mo dingwaong tse di sa dumalaneng le Dikwalo!—1 Bakor. 10:21, 22.

Go dira dipatlisiso le go buisana sentle le ba masika ba e seng Basupi go ka go fokoletsa mathata (Bona serapa 13-14) *

13. Go ya ka Jakobe 1:5, o tshwanetse go dirang fa o sa tlhomamisega gore a sengwe se batho ba tlwaetseng go se dira se dumalana le Dikwalo?

13 Fa o sa tlhomamisega gore a sengwe se batho ba tlwaetseng go se dira se dumalana le dikwalo kgotsa nnyaa, kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne botlhale. (Bala Jakobe 1:5.) Go tswa foo, dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Fa go tlhokega, botsa bagolwane ba phuthego ya lona. Ba ka se go bolelele gore o direng, mme ba tla go thusa gore o bone ditemana dingwe tse di ka go thusang, jaaka tse re buileng ka tsone. Fa o dira jalo, o thapisa ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga,’ mme bokgoni joo bo tla go thusa gore o “farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Baheb. 5:14.

14. Re ka tila jang go kgopisa ba bangwe?

14 “Dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo. Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang [ba bangwe].” (1 Bakor. 10:31, 32) Fa re akanyetsa go tsaya karolo mo meetlong mengwe, re tshwanetse go akanyetsa digakolodi tsa batho ba bangwe, segolobogolo badumedimmogo le rona. Le ka motlha ga re batle go kgopisa ba bangwe. (Mar. 9:42) Mo godimo ga moo, ga re batle go kgopisa batho ba e seng Basupi. Fa re bua le bone re tshwanetse go bontsha gore re a ba tlotla ka gonne seno se galaletsa Jehofa. Ga re a tshwanela go ngangisana le bone kgotsa go kgala dilo tse ba di dumelang. Gopola gore lorato lo maatla, fa re bontsha batho ba ba re ganetsang gore re a ba rata e bile re a ba tlotla, seno se ka ba reba bogale.

15-16. (a) Ke eng fa o tshwanetse go bolelela ba bangwe se o se dumelang? Naya sekai. (b) Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Baroma 1:16?

15 Bolelela batho gore o Mosupi wa ga Jehofa. (Isa. 43:10) Fa mongwe mo lelapeng a tlhokafala, ba masika le baagelani ba ka nna ba galefa fa o sa dire dilo dingwe tse ba di dirang. Mme fa ba setse ba itse gore o Mosupi, go tla nna motlhofo gore o ba tlhalosetse dilo tse o di dumelang. Francisco yo o dulang kwa Mozambique a re: “Fa nna le mosadi wa me e bong Carolina re ne re simolola go ithuta boammaaruri, re ne ra bolelela ba masika a rona gore ga re tlhole re obamela baswi.  Tumelo ya rona e ne ya lekwa fa mogoloe Carolina a ne a tlhokafala. Mo lefelong la rona go tlwaelegile gore setopo se tlhapisiwe, go tswa foo mongwe mo lelapeng yo o neng a atamalane thata le moswi o tshwanetse go ya go robala malatsi a le mararo kwa metsi ao a tshololetsweng teng. Go dumelwa gore seno se tla itumedisa motho yo o suleng. Ba lelapa la ga Carolina ba ne ba re ke ene a tshwanetseng go dira jalo.”

16 Francisco le mosadi wa gagwe ba ile ba dirang? Francisco a re: “Re ne ra gana go dira se ba se batlang ka gonne re rata Jehofa e bile re batla go mo itumedisa. Ba lelapa la ga Carolina ba ne ba galefa. Ba ne ba re ga re tlotle moswi e bile ga ba kitla ba tlhola ba re etela kgotsa ba re thusa. E re ka re ne re ba tlhaloseditse se re se dumelang, ga re a ka ra bua sepe le bone ba sa ntse ba galefile. Bangwe ba masika ba ne ba re buelela, ba re re setse re tlhalositse se re se dumelang. Fa nako e ntse e ya, ba lelapa la ga Carolina ba ne ba wela makgwafo mme re ne ra kgona go agisana. Tota e bile, bangwe ba bone ba kile ba re kopa dikgatiso tsa Baebele.” E kete ka metlha re ka tswelela re ikanyega ka gonne re itse se Baebele e se rutang ka loso.—Bala Baroma 1:16.

GOMOTSA BA BA TLHOKAFALETSWENG

Ditsala tsa boammaaruri di gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng e bile di ba ema nokeng (Bona serapa 17-19) *

17. Ke eng se se ka re thusang go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng?

17 Fa mongwe mo phuthegong a tlhokafaletswe, re tshwanetse go leka go nna “molekane wa boammaaruri . . . , morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Dia. 17:17) Re ka nna tsala ya boammaaruri jang segolobogolo fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yoo a patelediwa go nna le seabe mo dingwaong tse di sa dumalaneng le dikwalo? Mma re tlotle ka ditemana tse pedi tse di ka re thusang go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng.

18. Ke eng fa Jesu a ne a lela, mme re ka ithuta eng mo go ene?

18 “Lelang le batho ba ba lelang.” (Bar. 12:15) Re ka nna ra tswa re sa itse gore re reng fa re gomotsa ba ba tlhokafaletsweng.  Mme gone, fa ba re bona re lela ba tla lemoga gore re a ba rata. Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro a sena go tlhokafala, Marea, Maratha le batho ba bangwe ba ile ba lela. Jesu o ile a goroga morago ga malatsi a le manê mme le ene o ne a “tsholola dikeledi” le fa gone a ne a itse gore o tlile go mo tsosa. (Joh. 11:17, 33-35) Seno se ne se bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang ka loso. Gape se ne se bontsha gore Jesu o rata Marea le Maratha mme ga go pelaelo gore ba ile ba gomotsega. Ka tsela e e tshwanang, fa re bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata, ba tla bona gore ba na le ditsala tse di ba emang nokeng.

19. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Moreri 3:7 fa re gomotsa mongwe yo o tlhokafaletsweng?

19 “Nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:7) Gape re ka gomotsa ba ba tlhokafaletsweng ka go ba reetsa. Fa o gomotsa mongwe, mo letle gore a bue mme o se ka wa kgopisega fa a ipuela fela. (Jobe 6:2, 3) A ka tswa a gateletswe mo maikutlong ka gonne ba masika ba e seng Basupi ba mo pateletsa go dira dilo dingwe tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Ka jalo, rapela le ene. Kopa “Moutlwi wa thapelo” gore a mo neye maatla le gore a mo thuse go akanya sentle. (Pes. 65:2) Fa go kgonega, mmalele Baebele. Gape o ka mmalela sengwe mo dikgatisong tsa rona, jaaka setlhogo se se kgothatsang se se buang ka botshelo jwa mongwe.

20. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Re a itumela go itse gore go diregang fa batho ba swa le go itse gore ba tla tsosiwa mo nakong e e tlang. (Joh. 5:28, 29) Ka jalo, a re dire sotlhe se re ka se kgonang go emela boammaaruri le go bo ruta ba bangwe. Mo setlhogong se se latelang re tla tlotla ka tsela e nngwe gape e Satane a e dirisang go thibela batho go itse boammaaruri—bodimona. Re tla ithuta gore ke eng fa re tshwanetse go tila meetlo le boitlosobodutu jo bo amanang le bodimona.

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

^ ser. 5 Satane le madimona a gagwe ba tsieditse batho ba le bantsi ka go ba ruta maaka ka boemo jwa baswi. Maaka ao a dirile gore batho ba dire dingwao di le dintsi tse di sa dumalaneng le Baebele. Setlhogo seno se tla go thusa gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa, fa batho ba bangwe ba leka go go gatelela gore o nne le seabe mo dingwaong tseo.

^ ser. 55 SETSHWANTSHO: Basupi ba gomotsa mongwe wa losika yo o tlhokafaletsweng.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Mosupi o dira dipatlisiso ka dilo dingwe tse di dirwang kwa diphitlhong tse Jehofa a sa di amogeleng, moragonyana o tlhalosetsa ba losika se a se dumelang.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Bagolwane ba gomotsa mokaulengwe yo o tlhokafaletsweng.